Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Baka Jehofa ka Ntlha ya Ditiro Tsa Gagwe Tse Dikgolo!

Baka Jehofa ka Ntlha ya Ditiro Tsa Gagwe Tse Dikgolo!

Baka Jehofa ka Ntlha ya Ditiro Tsa Gagwe Tse Dikgolo!

“Moya wa me o godisa Jehofa . . . ka gonne Yo o maatla o ntiretse ditiro tse dikgolo.”—LUKE 1:46-49.

1. Re baka Jehofa ka ntlha ya ditiro dife tse dikgolo?

JEHOFA o tshwanelwa ke go bakwa ka ntlha ya ditiro tsa gagwe tse dikgolo. Fa moporofeti Moshe a ne a gakologelwa go gololwa ga Iseraele kwa Egepeto, o ile a re: “Matlho a lona ke one a neng a bona ditiro tsotlhe tse dikgolo tsa ga Jehofa.” (Duteronome 11:1-7) Marea wa kgarebana le ene o ne a bua jaana fa moengele Gabariele a ne a mo itsise gore o ne a tlile go tshola Jesu: “Moya wa me o godisa Jehofa . . . gonne Yo o maatla o ntiretse ditiro tse dikgolo.” (Luke 1:46-49) Rona Basupi ba ga Jehofa re mmakela ditiro tse dikgolo tse di jaaka go golola Baiseraele mo bokgobeng jwa Egepeto le go imiwa ga Morwawe yo o rategang ka kgakgamatso.

2. (a) “Boikaelelo jo bo sa feleng” jwa Modimo bo kaya eng mo bathong ba ba mo ikobelang? (b) Johane o ne a diragalelwa ke eng kwa setlhaketlhakeng sa Patamose?

2 Bontsi jwa ditiro tse dikgolo tsa ga Jehofa di ile tsa amanngwa le “boikaelelo jo bo sa feleng” jwa gagwe jwa gore o tla segofatsa batho ba ba mo ikobelang ka Mesia le puso ya gagwe ya Bogosi. (Baefeso 3:8-13) Boikaelelo joo bo ne bo ntse bo diragadiwa kgato ka kgato fa moaposetoloi Johane yo o tsofetseng a ne a letlwa go tlhodumela ka kgoro e e neng e butswe kwa legodimong mo ponatshegelong. O ne a utlwa lentswe le e keteng la terompeta le re: “Tlhatlogela kwano, mme ke tla go bontsha dilo tse di tla diragalang.” (Tshenolo 4:1) Fa Johane a ne a isitswe botshwarwa kwa setlhaketlhakeng sa Patamose ke puso ya Roma “ka ntlha ya go bua ka Modimo le go naya bosupi ka Jesu,” o ne a newa “tshenolo ka Jesu Keresete.” Se moaposetoloi a ileng a se bona le go se utlwa se ne sa senola dilo di le dintsi kaga boikaelelo jwa Modimo jo bo nnetseng ruri, e leng se se nayang Bakeresete ba boammaaruri lesedi la semoya le kgothatso e e tshwanelang.—Tshenolo 1:1, 9, 10.

3. Bagolwane ba ba 24 ba ba bonweng ke Johane mo ponatshegelong ba emela bomang?

3 Ka kgoro eo e e bulegileng kwa legodimong, Johane o ne a bona bagolwane ba ba 24 ba le mo ditulong tsa bogosi mme ba rwesitswe dirwalo tsa bogosi jaaka dikgosi. Ba ile ba wela fa pele ga Modimo mme ba re: “O a tshwanela, Jehofa, wena Modimo wa rona, go amogela kgalalelo le tlotlo le maatla, ka gonne o bopile dilo tsotlhe, mme ka ntlha ya thato ya gago di ne tsa nna gone e bile di ne tsa bopiwa.” (Tshenolo 4:11) Bagolwane bao ba emela Bakeresete botlhe ba ba tloditsweng ba ba tsoseditsweng mo maemong a a kwa godimo a Modimo a ba a solofeditseng. Ba tlhotlheletsega go baka Jehofa ka ntlha ya dilo tse dikgolo tse a di dirileng mo popong. Le rona re kgatlhiwa thata ke go bona bosupi jwa ga Jehofa jwa “maatla a gagwe a a sa feleng le Bomodimo.” (Baroma 1:20) Fa re ntse re ithuta thata ka Jehofa re tla lemoga mabaka a mantsi a go mo galaletsa ka ntlha ya ditiro tsa gagwe tse dikgolo.

Bolelang Ditiro Tsa ga Jehofa Tse di Tshwanelwang ke Pako!

4, 5. Neela dikai tsa kafa Dafide a ileng a baka Jehofa ka teng.

4 Mopesalema Dafide o ne a baka Modimo ka ntlha ya ditiro tsa Gagwe tse dikgolo. Ka sekai, Dafide o ile a opela jaana: “Leletsang Jehofa, yo o nnang mo Siona, pina; bolelang ditiro tsa gagwe mo ditšhabeng. Nkutlwele botlhoko, wena Jehofa; bona kafa ba ba ntlhoileng ba mpogisang ka teng, wena yo o ntsholetsang go tswa mo dikgorong tsa loso, gore ke tle ke bolele ditiro tsa gago tsotlhe tse di tshwanelwang ke pako mo dikgorong tsa ga morwadia Siona.” (Pesalema 9:11, 13, 14) Morago ga gore Dafide a neye Solomone polane ya kago ya tempele, o ne a baka Modimo le go mo galaletsa ka go re: “Bogolo le thata le bontle le tlotlomalo le seriti ke tsa gago wena Jehofa . . . Bogosi ke jwa gago, wena Jehofa, wena yo o itsholetsang jaaka tlhogo ya botlhe. . . . Mme jaanong, wena Modimo wa rona, re a go leboga e bile re baka leina la gago le lentle.”—1 Ditiragalo 29:10-13.

5 Dikwalo gangwe le gape di a re laletsa—ee, di re kgothaletsa—go baka Modimo fela jaaka Dafide. Buka ya Dipesalema e na le mafoko a le mantsi a go baka Modimo, mme mo e ka nnang halofo ya dipina tseno di amanngwa le Dafide. Ka metlha o ne a baka Jehofa le go mo leboga. (Pesalema 69:30) Mo godimo ga moo, go tloga bogologolo go ntse go dirisiwa mafoko a a tlhotlheleditsweng ke Modimo a Dafide le ba bangwe ba ileng ba a tlhama go baka Jehofa ka one.

6. Dipesalema tse di tlhotlheleditsweng di ka re thusa jang?

6 A bo Dipesalema di le molemo jang ne mo baobameding ba ga Jehofa! Fa re batla go leboga Modimo ka ntlha ya ditiro tsotlhe tse dikgolo tse a re diretseng tsone, re ka akanya ka mafoko a a molemo a a fitlhelwang mo Dipesalemeng. Ka sekai, fa re tsoga mo mosong, re ka nna re tlhotlheletsega go bua mafoko a a tshwanang le ano: “Go molemo go ntshetsa Jehofa ditebogo le go leletsa leina la gago pina, wena Mogodimodimo; go bolela kaga bopelonomi jwa gago jwa lorato mo mosong le kaga boikanyegi jwa gago mo masigong, . . . gonne o dirile gore ke ipele, wena Jehofa, ka ntlha ya tiro ya gago; ke goa ka boipelo ka ntlha ya ditiro tsa diatla tsa gago.” (Pesalema 92:1-4) Fa re fenya sengwe se se kgoreletsang go gola ga rona mo semoyeng, re ka nna ra rata go bontsha boipelo joo le ditebogo ka go rapela, fela jaaka mopesalema a ile a dira fa a ne a opela jaana: “Tlang re goeleng kwa go Jehofa ka boipelo! A re goeleng ka phenyo kwa Lefikeng la rona la poloko. A re tleng fa pele ga gagwe ka namana re ntsha ditebogo; a re goeleng kwa go ene ka phenyo ka dipina.”—Pesalema 95:1, 2.

7. (a) Ke eng se o se etseng tlhoko ka bontsi jwa dipina tse di opelwang ke Bakeresete? (b) Ke lebaka lefe le lengwe le le tshwanetseng la dira gore re fitlhe go sa le gale mo dipokanong le go nna go fitlha di fela?

7 Gantsi re baka Jehofa ka go tsholetsa mantswe a rona fa re opela kwa dipokanong tsa phuthego, kwa dikopanong tse dinnye le tse dikgolo. O ka tswa o etse tlhoko gore bontsi jwa dipina tseno di theilwe mo megopolong e e tlhotlheleditsweng ya buka ya Dipesalema. A bo go itumedisa jang ne go bo re na le motlobo wa segompieno wa dipina tse di monate tse di bakang Jehofa! Go opelela Modimo dipako ke lebaka le lengwe le le molemo le le tshwanetseng la dira gore re batle go fitlha go sa le gale mo dipokanong tsa rona le go nna go fitlha di fela, ka go dira jalo re nna le seabe le badumedikarona mo go bakeng Jehofa ka pina le thapelo.

“Bakang Jah!”

8. Lefoko “Halelujah,” le akaretsa eng, mme gantsi le ranolwa jang?

8 Go baka Jehofa go a akarediwa mo lefokong “Halelujah,” le e leng leadingwa la lefoko la Sehebera le mo e ka nnang ka metlha le ranolwang e le “Bakang Jah.” Ka sekai, mo go Pesalema 135:1-3, re lalediwa jaana ka lorato: “Bakang Jah! Bakang leina la ga Jehofa, isang pako, lona batlhanka ba ga Jehofa, lona ba lo emeng mo ntlong ya ga Jehofa, mo malwapeng a ntlo ya Modimo wa rona. Bakang Jah, gonne Jehofa o molemo. Leletsang leina la gagwe pina, gonne go a itumedisa.”

9. Ke eng se se re tlhotlheletsang go baka Jehofa?

9 Fa re ntse re akanya ka ditiro tse di gakgamatsang tsa Modimo tsa popo le dilo tsotlhe tse a re diretseng tsone, kanaanelo e e tswang pelong e re tlhotlheletsa go mmaka. Fa re akanya ka dilo tse di gakgamatsang tse Jehofa a di diretseng batho ba gagwe mo nakong e e fetileng, dipelo tsa rona di re tlhotlheletsa go mo galaletsa. Mme fa re ntse re tlhatlhanya ka dilo tse dikgolo tse Jehofa a re solofetsang gore o tlile go di dira, re senka ditsela tse ka tsone re ka mmakang le go mo leboga ka tsone.

10, 11. Go nna gone ga rona go re naya jang lebaka la gore re bake Modimo?

10 Go nna gone ga rona go re naya lebaka le le utlwalang la go baka Jah. Dafide o ile a opela jaana: “Ke tla go baka [Jehofa] ka gonne ke dirilwe ka tsela e e boitshegang e e gakgamatsang. Ditiro tsa gago di a gakgamatsa, jaaka moya wa me o lemoga sentle.” (Pesalema 139:14) Ee, re “dirilwe ka tsela e e gakgamatsang” e bile re na le dimpho tse di botlhokwatlhokwa tse di jaaka go bona, go utlwa le go kgona go akanya. Ka gone, a ga re a tshwanela go tshela ka tsela e e tla bakang Modiri wa rona? Paulo o ile a bua sone seo fa a ne a kwala jaana: “E ka ne lo a ja kgotsa lo a nwa kgotsa lo dira sepe fela, dirang dilo tsotlhe kgalaletsong ya Modimo.”—1 Bakorintha 10:31.

11 Re tla dira dilo tsotlhe tse di tla galaletsang Jehofa fa e le gore ruri re a mo rata. Jesu o ile a re taelo ya ntlhantlha ke: “O rate Jehofa Modimo wa gago ka pelo yotlhe ya gago le ka moya otlhe wa gago le ka mogopolo otlhe wa gago le ka nonofo yotlhe ya gago.” (Mareko 12:30; Duteronome 6:5) Ruri re tshwanetse go rata Jehofa le go mmaka ka go bo e le Modiri wa rona le Monei wa “mpho nngwe le nngwe e e molemo le neo nngwe le nngwe e e itekanetseng.” (Jakobe 1:17; Isaia 51:13; Ditiro 17:28) Kana e bile, kgono ya rona ya go akanya, nonofo ya rona ya semoya le nonofo ya rona ya mmele—dinonofo tsotlhe tsa rona le bokgoni—di tswa kwa go Jehofa. Re tshwanetse go mo rata le go mmaka ka gonne e le Mmopi wa rona.

12. O ikutlwa jang ka ditiro tse dikgolo tsa ga Jehofa le mafoko a Pesalema 40:5?

12 Ditiro tse dikgolo tsa ga Jehofa di re naya mabaka a mantsi a go mo rata le go mmaka! Dafide o ile a opela jaana: “O dirile dilo di le dintsi, wena Jehofa Modimo wa me, le eleng ditiro tsa gago tse di gakgamatsang le dikakanyo tsa gago mo go rona. Ga go na ope yo o ka tshwantshiwang le wena. Fa ke ne nka sekamela go di bolela le go bua ka tsone, di dintsi go gaisa ka mo ke ka anelang ka teng.” (Pesalema 40:5) Dafide o ne a sa kgone go anela ditiro tsotlhe tse di gakgamatsang tsa ga Jehofa, mme le rona re ka se kgone. Mme gone, a ka metlha re bakeng Modimo fa re lemotshiwa epe fela ya ditiro tsa gagwe tse dikgolo.

Ditiro Tse di Amanang le Boikaelelo jo bo Nnetseng Ruri Jwa Modimo

13. Tsholofelo ya rona e amana jang le ditiro tse dikgolo tsa Modimo?

13 Tsholofelo ya rona ka isagwe e amana le ditiro tse dikgolo tse di tshwanelwang ke pako tse di amanang le boikaelelo jwa Modimo jo bo nnetseng ruri. Morago ga botsuolodi jwa kwa Edene, Jehofa o ne a neela batho boporofeti jo bo tletseng ka tsholofetso. Fa Modimo a ne a atlhola noga, o ile a re: “Ke tla tsenya bobaba fa gare ga gago le mosadi le fa gare ga losika lwa gago le losika lwa gagwe. O tla go gobatsa mo tlhogong mme wena o tla mo gobatsa mo seretheng.” (Genesise 3:15) Batho ba ba ikanyegang ba ile ba nna ba solofetse mo Losikeng lo lo solofeditsweng lwa mosadi fa Jehofa a sena go dira tiro e kgolo ya go boloka Noa le lelapa la gagwe fa batho ba ba boikepo ba ne ba nyelediwa ka Morwalela wa lefatshe lotlhe. (2 Petere 2:5) Ditsholofetso tsa boporofeti tse Jehofa a neng a di solofetsa banna ba tumelo ba ba jaaka Aborahame le Dafide di ne tsa naya batho lesedi le le oketsegileng malebana le se a neng a tlile go se dira ka Losika lono.—Genesise 22:15-18; 2 Samuele 7:12.

14. Ke sekai sefe se segolo go gaisa tsotlhe se se bontshang kafa Jehofa a direlang batho dilo tse dikgolo ka teng?

14 Tsela e kgolo go gaisa e Jehofa a neng a bontsha go direla batho dilo tse dikgolo ka yone e ne ya nna fa a ne a ntsha Morwawe yo o tsetsweng a le esi—Jesu Keresete, Losika lo lo solofeditsweng—go nna setlhabelo sa thekololo. (Johane 3:16; Ditiro 2:29-36) Thekololo e ne ya neela batho motheo wa go boa ba letlana le Modimo. (Mathaio 20:28; Baroma 5:11) Jehofa o ne a phuthela batho ba ntlha go letlana le ene mo phuthegong ya Bokeresete, e e neng ya thaiwa ka Pentekosete ya 33 C.E. Ka thuso ya moya o o boitshepo ba ne ba rera dikgang tse di molemo gaufi le kgakala, ba bontsha kafa loso le tsogo ya ga Jesu di bulelang batho ba ba kutlo tsela ka teng ya go bona masego a a nnetseng ruri mo pusong ya Bogosi jwa Modimo jwa selegodimo.

15. Jehofa o ile a tsaya kgato jang ka tsela e e molemo mo motlheng wa rona?

15 Mo motlheng wa rona, Jehofa o tsere kgato e e molemo go phutha Bakeresete ba bofelo ba ba tloditsweng. Diphefo tse di tlisang tshenyo di ntse di emisitswe pele gore masalela a ba ba 144 000 ba ba tla busang le Keresete kwa legodimong a kgone go tshwaiwa. (Tshenolo 7:1-4; 20:6) Modimo o ile a tlhomamisa gore Bakeresete ba ba tloditsweng ba gololwa mo bokgobeng jwa semoya jwa “Babelona o Mogolo,” mmusomogolo wa lefatshe lotlhe wa bodumedi jwa maaka. (Tshenolo 17:1-5) Go gololwa jalo ga masalela a a tloditsweng ka 1919 le go sirelediwa ga bone ke Modimo fa e sa le ka nako eo go ile ga ba thusa go dira eng? Go ba thusitse go atlega mo go neeleng bosupi jwa bofelo pele ga Jehofa a fedisa tsamaiso e e boikepo ya ga Satane mo ‘pitlaganong e kgolo’ e e ntseng e atamela ka bofefo.—Mathaio 24:21; Daniele 12:3; Tshenolo 7:14.

16. Ke eng se se diregang ka ntlha ya tiro ya gompieno ya go rerwa ga Bogosi mo lefatsheng lotlhe?

16 Basupi ba ba tloditsweng ba ga Jehofa ba ile ba etelela pele tiro ya lefatshe lotlhe ya go rera ka Bogosi ka tlhagafalo. Ka ntlha ya seo, gone jaanong palo e e ntseng e oketsega ya “dinku tse dingwe” e nna baobamedi ba ga Jehofa. (Johane 10:16) Re itumelela gore tshono e sa ntse e bulegile ya gore batho ba ba pelonolo ba lefatshe ba kopanele le rona mo go bakeng Jehofa. Batho ba ba tsibogelang taletso ya gore ba ‘tle’ ba tla bolokwa ka nako ya pitlagano e kgolo ka tsholofelo ya gore ba tla baka Jehofa ka bosakhutleng.—Tshenolo 22:17.

Dikete di Thologela mo Kobamelong ya Boammaaruri

17. (a) Jehofa o dira jang dilo tse dikgolo malebana le tiro ya rona ya go rera? (b) Sekarea 8:23 e diragadiwa jang?

17 Gone jaanong Jehofa o dira tiro e kgolo le e e tshwanelwang ke pako malebana le tiro ya rona ya go rera. (Mareko 13:10) Mo dingwageng tsa bosheng jaana, o ile a ‘bula kgoro e kgolo e e isang kwa tirong.’ (1 Bakorintha 16:9) Seno se dirile gore go kgonege gore dikgang tse di molemo di bolelwe mo ditshimong tse dikgolo tse pele baba ba boammaaruri ba neng ba di kgoreletsa mo go tsone. Gone jaanong batho ba le bantsi ba pele ba neng ba le mo lefifing la semoya ba tsibogela taletso ya gore ba obamele Jehofa. Ba diragatsa mafoko ano a boporofeti: “Jehofa wa masomosomo o buile jaana, ‘Go tla diragala mo metlheng eo gore batho ba le lesome ba ba tswang mo dipuong tsotlhe tsa ditšhaba ba tla tshwara, ee, ba tla tshwara ntlha ya seaparo sa monna yo e leng Mojuda, ba re: “Re tla tsamaya le lona, gonne re utlwile gore Modimo o na le lona.”’” (Sekarea 8:23) “Lona” fano ke Bajuda ba semoya, masalela a segompieno a Bakeresete ba ba tloditsweng. E re ka palo lesome e ka emela go felela ga dilo tsa mo lefatsheng, “batho ba le lesome” ba emela “boidiidi jo bogolo” jo bo kopanngwang le “Iseraele wa Modimo” gore e nne “letsomane le le lengwe.” (Tshenolo 7:9, 10; Bagalatia 6:16) A bo e le boipelo jo bogolo jang ne go bona baobamedi ba bantsi jaana ba ga Jehofa Modimo ba mo direla tirelo e e boitshepo mmogo!

18, 19. Ke bosupi bofe jo bo bontshang gore Jehofa o segofatsa tiro ya go rera?

18 Re itumelela gore dikete di le masomesome tsa batho—ee, dikete di le makgolokgolo—di amogela kobamelo ya boammaaruri mo dinageng tse di kileng tsa bo di laolwa ke bodumedi jwa maaka tse go neng go bonala e kete batho ba ka se tsamaye ba amogela dikgang tse di molemo mo go tsone. Leba Yearbook of Jehovah’s Witnesses ya bosheng, mme o ele tlhoko dinaga tse jaanong di begang palo ya baboledi ba Bogosi go tloga ka 100 000 go ya go mo e ka nnang 1 000 000. Jono ke bosupi jo bo nonofileng jwa gore Jehofa o segofatsa tiro ya go rera ka Bogosi.—Diane 10:22.

19 Rona batho ba ga Jehofa, re baka Rraarona wa selegodimo le go mo leboga ka go bo a re thusitse go tshela botshelo jo bo nang le boikaelelo, le go bo a re abetse tiro e e mosola mo tirelong ya gagwe le isagwe e e itumedisang. Re nna re tlhoafaletse go diragadiwa ga ditsholofetso tsotlhe tsa Modimo mme re ikemiseditse go ‘ipoloka mo loratong lwa Modimo, re solofetse botshelo jo bo sa khutleng.’ (Jude 20, 21) A bo go itumedisa jang ne go bona gore jaanong boidiidi jo bogolo jo bo bakang Modimo bo fitlha go 6 000 000! Ka ntlha ya go segofadiwa ke Jehofa, masalela a batlodiwa le ditsala tsa bone tsa dinku tse dingwe ba rulagantswe ka diphuthego di ka nna 91 000 mo dinageng tse 235. Rotlhe re fepiwa sentle semoyeng ka ntlha ya maiteko a bonatla a “motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale.” (Mathaio 24:45) Phuthego e e ntseng e gatela pele e e tsamaisiwang ka tsela ya puso ya Modimo e e nang le balebedi ba ba lorato e okametse tiro ya Bogosi mo diofising tsa makala a le 110 a Basupi ba ga Jehofa. Re a itumela gore Jehofa o tlhotlheleditse batho ba gagwe go mo ‘tlotla ka dilo tsa bone tse di tlhwatlhwakgolo.’ (Diane 3:9, 10) Ka ntlha ya seo, tiro ya rona ya go rera mo lefatsheng lotlhe e tswelela pele, mme go tlhongwa didirisiwa tsa go gatisa, go agiwa magae a Bethele le a barongwa, Diholo Tsa Bogosi le Diholo Tsa Dikopano fa go tlhokega.

20. Go akanya ka ditiro tsa ga Jehofa tse dikgolo le tse di tshwanelwang ke pako go tshwanetse ga re ama jang?

20 Ga re kgone go umaka ditiro tsotlhe tse di tshwanelwang ke pako tsa Rraarona wa selegodimo. Mme gone, a go na le ope yo o ikanyegang yo o ka ikgogonang mo go ikopanyeng le matshwititshwiti a mangwe a batho ba ba bakang Jehofa? Legoka! Ka gone, a botlhe ba ba ratang Modimo ba tlhaeletse jaana ka boipelo: “Bakang Jah! Bakang Jehofa kwa magodimong, mmakeng kwa bogodimong. Mmakeng, lona lotlhe baengele ba gagwe . . . , lona makau le lona makgarebane, lona bannabagolo mmogo le basimane. A ba bake leina la ga Jehofa, gonne leina la gagwe le le losi le kwa bogodimong jo bo sa fitlhelesegeng. Seriti sa gagwe se kwa godimo ga lefatshe le legodimo.” (Pesalema 148:1, 2, 12, 13) Ee, a re bakeng Jehofa ka ntlha ya ditiro tsa gagwe jaanong le ka bosakhutleng!

O ka Araba Jang?

• Dingwe tsa ditiro tsa ga Jehofa tse di tshwanelwang ke pako ke dife?

• Ke eng fa o ikutlwa o tshwanelwa ke go baka Jehofa?

• Tsholofelo ya rona e amana jang le ditiro tse dikgolo tsa Modimo?

• Jehofa o dira jang dilo tse di tshwanelwang ke pako malebana le tiro ya go rera ka Bogosi?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Setshwantsho mo go tsebe 10]

A o kopanela ka pelo yotlhe mo go opeleng dipina tse di bakang Jehofa?

[Setshwantsho mo go tsebe 13]

Re itumelela gore go sa ntse go na le tshono ya gore batho ba ba pelonolo ba kopanele mo go bakeng Jehofa