Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

‘Bonang! Boidiidi jo Bogolo!’

‘Bonang! Boidiidi jo Bogolo!’

Lo Eme lo Feletse Le ka Go Tlhatswega Pelo mo go Nitameng

‘Bonang! Boidiidi jo Bogolo!’

KE KGANG e e ileng ya tlhakanya batlhanka ba ga Jehofa tlhogo ka dingwaga di le dintsi. Ga go bolo go dirwa maiteko a go e rarabolola ka Dikwalo. Kgang eno e ile ya dira gore go nne le metlotlo e mentsi. Mme kgabagare go ile ga bonwa karabo e e tswang mo Baebeleng, mme e ile ya kgatlha bareetsi thata kwa kopanong ya kgaolo kwa Washington, D.C., ka ngwaga wa 1935.

Dipuisano tseno tsotlhe di nnile teng ka ntlha ya kgang e le nngwe: “Matshwititshwiti a magolo” (King James Version), kana “boidiidi jo bogolo” (Thanolo ya Lefatshe le Lesha) jo bo umakiwang mo go Tshenolo 7:9 ke bomang? A setlhopha seno sa badumedi se tla tshela kwa legodimong?

Kgang E e Sa Bolong go Nna Teng

Go tloga ka nako ya ga moaposetoloi Johane go fitlha mo motlheng wa rona, Bakeresete ba ile ba tlhakanngwa tlhogo ke gore “matshwitshwiti a magolo” ano ke bomang. Baithuti ba Baebele ba ne ba tsaya gore boidiidi jo bogolo ke setlhopha sa bobedi sa selegodimo, setlhopha se se neng se na le kitso ya boammaaruri jwa Baebele mme se sa dire maiteko ape a go e anamisa.

Le fa go ntse jalo, go ne go na le ditsala dingwe tsa Bakeresete ba ba tloditsweng tse di neng tsa simolola go tlhoafalela tiro ya go rera. Ba ne ba se na keletso epe ya go ya legodimong. Ebu, tsholofelo ya bone e ne e tsamaisana le puo ya phatlalatsa e e reng “Dimilione Tse di Tshelang Jaanong Ga di Kitla di Swa,” e e neng ya neelwa thata ke batho ba ga Jehofa go tloga ka 1918 go ya go 1922. Batho ba ba ntseng jalo ba ne ba tla segofadiwa ka botshelo jo bo sa khutleng mo lefatsheng.

Tora ya Tebelo ya October 15, 1923, e ne ya bua ka setshwantsho sa ga Jesu sa dinku le dipodi mme ya bolela jaana: “Dinku di emela batho ba ditšhaba tsotlhe, e seng ba ba tloditsweng ka moya mme gone e le ba ba ratang tshiamo, ba mo megopolong ya bone ba tsayang Jesu Keresete e le Morena mme ba lebeletse e bile ba solofetse go bona maemo a a botoka mo pusong ya gagwe.”—Mathaio 25:31-46.

Matlhasedi a Lesedi a a Oketsegileng

Ka ngwaga wa 1931, Buka ya Ntlha ya Vindication, e ne ya sekaseka Esekiele kgaolo 9 mme ya tlhalosa gore ba ba tshwailweng mo diphatleng go falola bofelo jwa lefatshe leno ke dinku tsa setshwantsho sa ga Jesu. Buka ya Boraro ya Vindication, (e e gatisitsweng ka 1932), e ne ya tlhalosa boikutlo jo bo siameng jwa monna yo e neng e se Moiseraele e bong Jehonadabe, yo o neng a palama kara ya Kgosi e e tloditsweng ya Iseraele e bong Jehu mme a tsamaya le ene go ya go bona tlhoafalo ya ga Jehu fa a bolaya baobamedi ba maaka. (2 Dikgosi 10:15-28) Buka eo e ne ya bolela jaana: “Jehonadabe o ne a emela kana a tshwantshetsa setlhopha sa batho ba ba mo lefatsheng [ba ba] sa tsamaisaneng le phuthego ya ga Satane, ba ba ratang tshiamo, mme e le ba ka nako ya Aramagedona, Morena a tla ba bolokang mo pitlaganong eo, mme a ba neye botshelo jo bo sa khutleng mo lefatsheng. Bano ba bopa setlhopha sa ‘dinku.’”

Ka 1934, Tora ya Tebelo e ne ya tlhalosa sentle gore Bakeresete ba ba nang le tsholofelo ya go tshela mo lefatsheng ba tshwanetse go ineela mo go Jehofa le go kolobediwa. Lesedi le le malebana le setlhopha seno sa mo lefatsheng le ne le phatsimela pele!—Diane 4:18.

Tsela e e Molemo ya go Tlhaloganya Dilo

Lesedi la go tlhaloganya Tshenolo 7:9-17 le ne le tloga le phatsima ka kgalalelo e kgolo. (Pesalema 97:11) Tora ya Tebelo e ne e tlhalositse gore go na le tsholofelo ya gore kopano e e rulaganyeditsweng go tshwarwa ka May 30 go fitlha ka June 3, 1935, kwa Washington, D.C., U.S.A., e tla “gomotsa le go solegela molemo” batho ba ba emelwang ke Jehonadabe thata. Mme go ile ga nna fela jalo!

Mo puong e e amang maikutlo e e buang ka “Bontsintsi jo Bogolo,” e e neng ya neelwa batlakopanong ba ba ka nnang 20 000, J. F. Rutherford o ne a neela bosupi jwa Dikwalo jwa gore “dinku tse dingwe” tsa motlha wa segompieno di tshwana le “boidiidi jo bogolo” jwa Tshenolo 7:9. (Johane 10:16) Mo setlhoeng sa puo eno, sebui se ne sa botsa jaana: “Fa go na le ba ba nang le tsholofelo ya go tshelela ruri mo lefatsheng a ba ka ema tsweetswee?” Fa bontsi jwa bareetsi bo ema, Rutherford o ne a bolela jaana: “Bonang! Bontsintsi jo Bogolo!” Go ne ga nna le tidimalo, morago ga foo ga nna le modumo o mogolo wa boitumelo. Mo letsatsing le le latelang, Basupi ba ga Jehofa ba basha ba le 840 ba ne ba kolobediwa, bontsi jwa bano bo bolela gore ke ba boidiidi jo bogolo.

Ponalo e e Gakgamatsang

Pele ga 1935, palo e e oketsegang ya ba ba neng ba amogela molaetsa wa Baebele le go bontsha tlhoafalo mo tirong ya go rera dikgang tse di molemo ba ne ba rata go tshelela ruri mo lefatsheng la Paradaise. Ba ne ba se na keletso epe ya go ya legodimong, ka gonne Modimo o ne a sa ba naya tsholofelo ya botshelo jwa selegodimo. Go ipolela ga bone gore ke ba boidiidi jo bogolo jwa dinku tse dingwe go ne go supa gore ka 1935 go bidiwa ga Bakeresete ba ba tloditsweng ba ba 144 000 go ne go setse go batla go weditswe.—Tshenolo 7:4.

Fa Ntwa ya Lefatshe II e simologa, Satane Diabolo o ne a dira maiteko a magolo a go emisa go phuthiwa ga ba ba tla bopang boidiidi jo bogolo. Tiro ya go rera ka Bogosi e ne ya thibelwa mo dinageng di le dintsi. Mo dinakong tseo tsa mathata, le pelenyana ga loso lwa gagwe ka January 1942, J. F. Rutherford o ne a akgela jaana: “Go bonala fa ‘bontsintsi jo bogolo’ bo se kitla bo nna bontsi go le kalo.”

Mme ka ntlha ya masego a a tswang kwa Modimong, dilo di ile tsa nna ka tsela e nngwe. ‘Ka go ema ba feletse le ka go tlhatswega pelo go go nitameng,’ batlodiwa le ditsala tsa bone e leng dinku tse dingwe ba ile ba diragatsa thomo ya bone ya go dira barutwa. (Bakolosa 4:12; Mathaio 24:14; 28:19, 20) Mo e ka nnang ka 1946 palo ya Basupi ba ga Jehofa ba ba rerang mo lefatsheng lotlhe e ne e le 176 456—bontsi jwa bone e le boidiidi jo bogolo. Ka 2000, Basupi ba ba fetang 6 000 000 ba ne ba direla Jehofa ka boikanyegi mo dinageng di le 235—boidiidi jo bogolo tota! Mme palo ya bone e ntse e oketsega.