Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

“Boitshepo jwa Maitshepo” bo ile jwa tlodiwa leng jaaka go boleletswe pele mo go Daniele 9:24?

Daniele 9:24-27 ke boporofeti jo bo malebana le go tlhaga ga “Mesia Moeteledipele”—Keresete. Ka jalo, go tlodiwa ga “Boitshepo jwa Maitshepo,” go go boleletsweng pele, ga go reye go tlodiwa ga phaposi ya Boitshepo jwa Maitshepo ya tempele kwa Jerusalema. Go na le moo, polelwana “Boitshepo jwa Maitshepo” fano e kaya lefelo la Modimo le le boitshepo la kwa legodimong—Boitshepo jwa Maitshepo a selegodimo—mo tempeleng e kgolo ya semoya ya ga Jehofa. *Bahebera 8:1-5; 9:2-10, 23.

Tempele ya Modimo ya semoya e ile ya simolola go dira leng? Akanya ka se se ileng sa diragala fa Jesu a ne a itlhagisa gore a kolobediwe ka 29 C.E. Go tloga ka nako eo ya botshelo jwa gagwe, Jesu o ne a diragatsa mafoko a Pesalema 40:6-8. Moragonyana moaposetoloi Paulo o ne a bontsha gore Jesu o ne a rapela Modimo jaana: “O ne o sa batle setlhabelo le tshupelo, mme o ne wa mpaakanyetsa mmele.” (Bahebera 10:5) Jesu o ne a itse gore Modimo “o ne a sa batle” gore ditlhabelo tsa diphologolo di tswelele di ntshiwa kwa tempeleng ya Jerusalema. Go na le moo, Jehofa o ne a baakanyeditse Jesu mmele o o itekanetseng wa motho gore a o ntshe go nna setlhabelo. Fa Jesu a ne a tlhalosa keletso ya gagwe e e tswang pelong, o ne a tswelela jaana: “Bona! Ke tlile (mo momenong wa buka go kwadilwe kaga me) go dira thato ya gago, wena Modimo.” (Bahebera 10:7) Mme Jehofa o ne a arabela jang? Efangele ya ga Mathaio e bolela jaana: “Fa Jesu a sena go kolobediwa ka yone nako eo a tlhatloga a tswa mo metsing; mme, bona! magodimo a bulega, mme a bona moya wa Modimo o tla mo go ene o fologa jaaka lephoi. Bona! Gape, ga nna lentswe le tswa kwa magodimong le le neng le re: ‘Yono ke Morwaake, moratwa, yo ke mo amogetseng.’”—Mathaio 3:16, 17.

Go amogela ga ga Jehofa Modimo mmele wa ga Jesu o a o ntshitseng go nna setlhabelo go ne go raya gore jaanong go ne go na le sebeso se segolwane go feta sebeso sa mmatota se se neng se le mo tempeleng ya Jerusalema. E ne e le sebeso sa “thato” ya Modimo kana thulaganyo ya go amogela botshelo jwa ga Jesu jwa motho go nna setlhabelo. (Bahebera 10:10) Go tlodiwa ga ga Jesu ka moya o o boitshepo go ne go raya gore jaanong Modimo o dirisa thulaganyo ya gagwe yotlhe ya tempele ya semoya. * Ka jalo, ka nako ya fa Jesu a ne a kolobediwa, boago jwa Modimo jwa selegodimo bo ne jwa tlodiwa, kana jwa tlhophiwa go nna “Boitshepo jwa Maitshepo” mo thulaganyong e kgolo ya tempele ya semoya.

[Dintlha tse di kwa tlase]

^ ser. 3 Go sekaseka dikarolo tse di farologaneng tsa tempele ya Modimo ya semoya, bona ditsebe 14-19 tsa Tora ya Tebelo ya July 1, 1996.

^ ser. 5 Go ile ga buiwa ka seno mo tsebeng ya 195 ya buka ya Ela Tlhoko Boporofeti Jwa ga Daniele!

[Setshwantsho mo go tsebe 27]

“Boitshepo Jwa Maitshepo” bo ile jwa tlodiwa fa Jesu a ne a kolobediwa