Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Aga Lelapa le le Nonofileng Semoyeng

Go Aga Lelapa le le Nonofileng Semoyeng

Go Aga Lelapa le le Nonofileng Semoyeng

“Tswelelang lo ba godisetsa mo kotlhaong le mo taolong ya mogopolo ya ga Jehofa.”—BAEFESO 6:4.

1. Boikaelelo jwa Modimo e ne e le eng ka lelapa, mme go ne ga direga eng mo boemong jwa seo?

“ATANG lo ntsifale lo tlatse lefatshe.” (Genesise 1:28) Fa Jehofa Modimo a ne a raya Adame le Efa mafoko ano, o ne a simolola thulaganyo ya lelapa. (Baefeso 3:14, 15) Fa banyalani bao ba ntlha ba ne ba akanya ka isagwe, ba ne ba ka bona lefatshe le tletse ka bana ba bone—le ba masika a bone ba ba itekanetseng ba ba tshelang ka boitumelo mo lefatsheng la paradaise e bile ba direla Mmopi wa bone yo Mogolo ka kutlwano. Le fa go ntse jalo, Adame le Efa ba ile ba leofa, mme lefatshe le ne la se ka la tlala ka batho ba ba siameng ba ba boifang Modimo. (Baroma 5:12) Go na le moo, botshelo jwa lelapa bo ile jwa senyega, mme ga anama letlhoo, thubakanyo le go tlhoka “lorato lwa tlholego” segolobogolo ‘mo metlheng eno ya bofelo.’—2 Timotheo 3:1-5; Genesise 4:8, 23; 6:5, 11, 12.

2. Bana ba ga Adame ba ne ba ka kgona go dira eng, mme go ne go tla tlhokega eng gore ba nne le malapa a a nonofileng semoyeng?

2 Adame le Efa ba ne ba bopilwe mo setshwanong sa Modimo. Le mororo jaanong Adame a ne a leofile, Jehofa o ne a mo letla go nna le bana. (Genesise 1:27; 5:1-4) Fela jaaka rraabone, bana ba ga Adame ba ne ba ka kgona go nna le boitsholo jo bo siameng le go ithuta go farologanya se se siameng le se se sa siamang. Ba ne ba ka rutwa gore ba ka obamela Mmopi wa bone jang le botlhokwa jwa go mo rata ka pelo yotlhe, ka moya otlhe, ka tlhaloganyo yotlhe le ka nonofo yotlhe. (Mareko 12:30; Johane 4:24; Jakobe 1:27) Mo godimo ga moo, ba ne ba ka thapisiwa go ‘dira tshiamiso le go rata bopelonomi le go nna boingotlo fa ba tsamaya le Modimo.’ (Mika 6:8) Le fa go ntse jalo, e re ka e le baleofi, ba ne ba tla tshwanelwa ke go nna kelotlhoko thata gore ba age malapa a a nonofileng semoyeng.

Ithekeleng Nako

3. Batsadi ba ka ‘ithekela nako’ jang go godisa bana gore e nne Bakeresete?

3 Mo dinakong tseno tsa mathata, go tshwanetse ga dirwa maiteko a magolo gore bana ba nne ‘ba ba ratang Jehofa’ mme eleruri ba ‘tlhoe se se bosula.’ (Pesalema 97:10) Batsadi ba ba botlhale ba tla ‘ithekela nako’ go dira tiro eno e e thata. (Baefeso 5:15-17) Fa o le motsadi, o ka dira seno jang? Sa ntlha, ela tlhoko “dilo tse di botlhokwa thata,” go akaretsa go ruta le go thapisa bana ba gago. (Bafilipi 1:10, 11) Sa bobedi, tshela botshelo jo bo motlhofo. Go ka nna ga tlhokega gore o kgaphele kwa thoko ditiro tse di seng botlhokwa go le kalo. Kgotsa o ka tlhoka go itima dithoto dingwe tse di sa tlhokegeng tse di ka go jelang nako. Jaaka motsadi wa Mokeresete le ka motlha ga o kitla o ikwatlhaela maiteko a o a dirileng go godisa bana ba gago gore ba nne ba ba boifang Modimo.—Diane 29:15, 17.

4. Lelapa le ka bolokwa jang le le seoposengwe?

4 Go ipha nako le bana ba gago, segolobogolo fa go remeletse thata mo dilong tsa semoya, go botlhokwa thata e bile ke tsela e e molemo go gaisa tsotlhe e e ka bolokang lelapa le le seoposengwe. Mme gone, o se akanye gore seno se tla itiragalela fela. Rulaganyetsang dinako tse lo tla di fetsang lo le mmogo. Seno ga se bolele go iphitlhela fela lo le mo ntlong e le nngwe mme mongwe le mongwe a itirela sa gagwe. Bana ba gola sentle fa mongwe le mongwe wa bone a neelwa tlhokomelo letsatsi le letsatsi. Ba tshwanetse go bontshiwa lorato le go tlhokomelwa. Tota le pele banyalani ba dira tshwetso ya go nna le bana, ba tshwanetse go akanyetsa boikarabelo jono jo bo masisi. (Luke 14:28) Fa ba dira jalo ga ba ne ba leba go godisa bana e le tiro e e lapisang. Go na le moo, ba tla go tsaya e le tshiamelo e e molemo.—Genesise 33:5; Pesalema 127:3.

Ba Rute ka Lefoko le ka Sekao

5. (a) Go ruta bana go rata Jehofa go simolola ka eng? (b) Batsadi ba neelwa kgakololo efe mo go Duteronome 6:5-7?

5 Pele ga o ruta bana go rata Jehofa o tshwanetse wa bo o mo rata wena ka bowena. Fa o rata Modimo ka lorato lo logolo, o tla tlhotlheletsega go ikobela ditaelo tsotlhe tsa gagwe ka boikanyegi. Seno se akaretsa go godisetsa bana “mo kotlhaong le mo taolong ya mogopolo ya ga Jehofa.” (Baefeso 6:4) Modimo o laela batsadi go tlhomela bana ba bone sekao, go buisana le bone le go ba ruta. Duteronome 6:5-7 ya re: “O rate Jehofa Modimo wa gago ka pelo yotlhe ya gago le ka moya otlhe wa gago le ka maatla otlhe a gago. Mme mafoko ano a ke a go laolelang gompieno a nne mo pelong ya gago; o a jalele kwa teng mo go morwao o bo o bue ka one fa o ntse mo ntlong ya gago le fa o tsamaya mo tseleng le fa o rapama le fa o tsoga.” Ka go nna o ba gakolola gangwe le gape le go boaboeletsa kgakololo, o ka kgona go nwetsa ditaelo tsa Modimo mo baneng ba gago. Ka gone bana ba gago ba tla lemoga gore o rata Jehofa mme le bone ba tla tlhotlheletsega go atamalana thata le ene.—Diane 20:7.

6. Batsadi ba ka sola molemo jang tshono ya gore bana ba bone ba ithute go tswa mo sekaong sa bone?

6 Bana ba rata go ithuta. Ba tsebe ntlha e bile ba kelotlhoko mme ba bonako go etsa sekao sa gago. Fa ba lemoga gore ga o rate dikhumo, seno se ba thusa go ithuta go latela kgakololo ya ga Jesu. O ba ruta gore ba se ka ba tlhobaela ka dikhumo go na le moo ba ‘batle pele bogosi jwa Modimo.’ (Mathaio 6:25-33) Go tlotla le bone ka tsela e e molemo e e agang, o tlotla ka boammaaruri jwa Baebele, phuthego ya Modimo le ka bagolwane ba ba tlhomilweng, o ruta bana go tlotla Jehofa le go anaanela dithulaganyo tsa gagwe tsa semoya. E re ka bana ba le bonako go lemoga fa dilo di sa dirwe sentle, thuto e o ba rutang yone ka molomo e tshwanetse go tsamaelana le boitshwaro le boikutlo jo bo bontshang gore eleruri o anaanela dilo tsa semoya thata. A bo e le selo se se molemo jang ne fa sekao se sentle sa batsadi se feleletsa se dirile gore bana ba bone ba rate Jehofa ka pelo yotlhe!—Diane 23:24, 25.

7, 8. Ke sekai sefe se se bontshang botlhokwa jwa go thapisa bana ba sa ntse ba le babotlana, mme katlego eo e ka thuso ya ga mang?

7 Sekai se se bontshang molemo wa go ruta bana go tloga ba sa le babotlana re se bona go tswa kwa Venezuela. (2 Timotheo 3:15) Ke sa banyalani ba basha, e bong Félix le Mayerlín. Ke badiredi ba babulatsela. Fa morwa wa bone e bong Felito a ne a tsholwa, ba ne ba tlhagafalela go dira sotlhe se ba ka se kgonang go mo godisa gore e nne moobamedi wa boammaaruri wa ga Jehofa. Mayerlín o ne a simolola go balela Felito Buka ya Me ya Dipolelo Tsa Bibela, e e gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa. Go tloga Felito a sa le mmotlana, go ne go bonala a kgona go lemoga Moshe le batho ba bangwe ba ba tshwantshitsweng mo bukeng eno.

8 Fa Felito a sa le mmotlana o ne a simolola go neela bosupi a le nosi. O ne a diragatsa keletso ya gagwe ya go nna mmoledi wa Bogosi mme moragonyana a kolobediwa. Fa go ntse go ya Felito o ne a nna mmulatsela wa ka metlha. Batsadi ba gagwe ba re: “Fa re ntse re lebile morwa wa rona a gatela pele, re ile ra lemoga gore e ne e le ka thuso ya ga Jehofa le thuto ya gagwe.”

Thusa Bana go Gola Semoyeng

9. Ke eng fa re tshwanetse go lebogela dithuto tsa semoya tse re di abelwang ke setlhopha sa motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale?

9 Go na le dimakasine tse dintsintsi, dibuka di le makgolokgolo le mafelo a le diketekete mo Internet Web a a neelang batho kgakololo malebana le go godisa bana. Gantsi “tshedimosetso ya teng e a ganetsana,” go rialo kgatiso e e kgethegileng ya Newsweek e e buang ka bana. “Go swabisa thata go bona gore le e leng yone tshedimosetso e o akanyang gore o ka e ikanya e nna yone e e feleletsang e le phoso tota.” A bo re leboga jang ne go bo Jehofa a re neile ditaelo tse dintsi tse di rutang malapa le go a thusa go gola sentle semoyeng! A o sola molemo dithulaganyo tsotlhe tse re di filweng ke setlhopha sa motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale?—Mathaio 24:45-47.

10. Thuto e e molemo ya lelapa ya Baebele e solegela batsadi le bana molemo jang?

10 Selo sengwe se se botlhokwa thata ke go nna le thuto ya lelapa ya Baebele ya ka metlha e e tshwarwang ka maikutlo a a ritibetseng. Go tlhokega gore e baakanyediwe sentle gore e nne e e rutang, e e itumedisang le e e kgothatsang. Batsadi ba ka kgona go lemoga se se mo dipelong le mo megopolong ya bana ba bone fa ba fata bana maikutlo. Tsela nngwe e lo ka lemogang fa thuto ya lona ya lelapa e le molemo ka yone ke go leba gore a botlhe mo lelapeng ba e tlhoafalela.

11. (a) Batsadi ba ka thusa bana ba bone go itlhomela mekgele efe? (b) Go ne ga diregang fa mosetsana mongwe wa Mojapane a ne a gagamalela mokgele o a o ipeetseng?

11 Mekgele ya semoya le yone e thusa malapa gore e nne a a nonofileng mo semoyeng mme batsadi ba tshwanetse go thusa bana ba bone go itlhomela mekgele eno. Mekgele e e siameng e akaretsa go bala Baebele letsatsi le letsatsi, go nna mmoledi wa ka metlha wa dikgang tse di molemo le go gatela pele go fitlha ba ineela le go kolobediwa. Mekgele e mengwe e ka akaretsa tirelo ya nako e e tletseng ka go nna mmulatsela, modiredi wa Bethele kana morongwa. Fa mosetsana mongwe wa Mojapane, e bong Ayumi a sa le mo sekolong se se potlana, o ne a ipeela mokgele wa go neela mongwe le mongwe mo tlelaseng bosupi. O ne a kopa gore a letlwe go baya dikgatiso dingwe tsa Baebele mo laeboraring e le gore a ngoke kgatlhego ya morutabana le baithutikaene. Seno se ne sa felela ka gore a nne le batho ba le 13 ba a neng a ithuta Baebele le bone mo dingwageng tse thataro fa a le mo sekolong se se potlana. Mongwe wa baithuti bao ba a neng a ithuta Baebele le bone le bangwe mo lelapeng la moithuti yono ba ne ba nna Bakeresete ba ba kolobeditsweng.

12. Ke eng se se ka thusang bana go solegelwa molemo thata ke dipokano tsa Bokeresete?

12 Selo se sengwe se se thusang gore lo nonofe semoyeng ke go nna gone ka metlha mo dipokanong. Moaposetoloi Paulo o ile a gakolola badumedi ka ene gore ‘ba se lese go phuthega mmogo ga bone, jaaka bangwe ba na le mokgwa oo.’ A le rona re se nne le mokgwa oo ka gonne bana le bagolo ba solegelwa molemo thata ke go nna gone ka metlha mo dipokanong tsa Bokeresete. (Bahebera 10:24, 25; Duteronome 31:12) Bana ba tshwanetse go rutiwa go reetsa ka tlhoafalo. Gape go botlhokwa gore lo baakanyetse dipokano ka gonne lo ka solegelwa molemo thata fa lo nna le seabe ka botlalo mo go akgeleng. Le fa gone bana ba babotlana ba ka simolola go akgela ka go bua mafoko a se kae kana go bala karolo e nnye ya serapa, go ka nna molemo thata fa bana ba thapisiwa go itshenkela dikarabo le go di bua ka mafoko a bone. A lona batsadi lo tlhoma sekao ka go akgela ka metlha ka tsela e e molemo? Gape go molemo fa mongwe le mongwe mo lelapeng a nna le Baebele ya gagwe, buka ya dipina le kgatiso e go ithutiwang Dikwalo ka yone.

13, 14. (a) Ke eng fa batsadi ba tshwanetse go bereka le bana ba bone mo bodireding? (b) Ke eng se se ka thusang bana go solegelwa molemo ke tirelo ya tshimo le go e itumelela?

13 Batsadi ba ba botlhale ba tla kgothaletsa bana go dirisa matlhagatlhaga a bone a bosha mo go direleng Jehofa, ba ba thusa go dira gore tiro ya go rera e nne botlhokwa thata mo botshelong jwa bone. (Bahebera 13:15) Tsela e le nngwe fela e e ka thusang batsadi go thapisa bana ba bone go nna badiredi ba ba ‘se nang sepe se se ka ba tlhabisang ditlhong, ba tshwara lefoko la boammaaruri sentle,’ ke fa batsadi ba bereka le bone mo bodireding. (2 Timotheo 2:15) Go tweng ka wena? Fa e le gore o motsadi, a o thusa bana ba gago go ipaakanyetsa tirelo ya tshimo? Fa o dira jalo o tla ba thusa gore ba itumelele bodiredi, ba bo rate e bile ba nne le matswela mo go jone.

14 Ke eng fa go le molemo thata gore batsadi ba bereke le bana ba bone mo bodireding? Fa batsadi ba dira jalo, bana ba bone ba tla ba ela tlhoko mme ba tla etsa sekao sa bone se se molemo. Kafa letlhakoreng le lengwe, batsadi ba tla lemoga boikutlo, boitshwaro le bokgoni jwa bana ba bone. Tlhomamisa gore o tsamaya le bana ba gago fa o ya mo dikarolong tse di farologaneng tsa bodiredi. Fa go kgonega, dira gore ngwana mongwe le mongwe a nne le kgetsana ya gagwe ya tshimo mme o mo rute go e boloka e le phepa e bile e lebega sentle. Fa o thapisa bana le go ba kgothatsa ka metlha, seo se tla dira gore ba anaanele bodiredi ka tsela ya mmatota mme ba tla lemoga gore tiro ya go rera ke tsela e ba ka bontshang kafa ba ratang Modimo le moagelani ka teng.—Mathaio 22:37-39; 28:19, 20.

Nnang lo Nonofile Semoyeng

15. E re ka go boloka lelapa le nonofile semoyeng go le botlhokwa thata, dingwe tsa ditsela tsa go dira jalo ke dife?

15 Go botlhokwa go boloka lelapa la lona le nonofile semoyeng. (Pesalema 119:93) Selo sengwe se se ka lo thusang go dira jalo ke fa lo dirisa tshono nngwe le nngwe go tlotla ka dilo tsa semoya. A lo tlotla ka temana ya Baebele ya letsatsi? A lo itlwaeditse go tlotla ka maitemogelo a tirelo ya tshimo kana dintlha tsa makasine wa Tora ya Tebelo le Tsogang! ya bosheng fa lo “tsamaya mo tseleng”? A lo gopola go leboga Jehofa mo thapelong lo mo lebogela go bo a lo abetse botshelo letsatsi lengwe le lengwe le go lebogela dilo tse dintsi tse a re tlamelang ka tsone ‘fa lo rapama le fa lo tsoga’? (Duteronome 6:6-9) Fa bana ba gago ba bona gore o bontsha go rata Modimo mo go sengwe le sengwe se o se dirang, seno se tla ba thusa go dira gore boammaaruri e nne jwa bone.

16. Ke eng fa go le botlhokwa thata go kgothaletsa bana go itirela dipatlisiso?

16 Ka dinako tse dingwe, bana ba tla tlhoka go neelwa kaelo go lebana le mathata kana maemo mangwe ka katlego. Go na le gore ka metlha o ba bolelele gore ba direng, ke eng fa o sa ba bontshe tsela ya go bona pono ya Modimo mo dilong tse di rileng ka go ba kgothaletsa go itirela dipatlisiso? Go ruta bana go dirisa didirisiwa le dikgatiso tsotlhe tse re di abetsweng ke “motlhanka yo o boikanyego” go tla ba thusa go nna le botsala jo bogolo le Jehofa. (1 Samuele 2:21b) Mme fa ba tlotlela ba bangwe mo lelapeng ka dilo tse ba dirileng dipatlisiso tsa Baebele ka tsone, seo se tla nonotsha bomoya jwa lelapa thata.

Ikaege ka Jehofa ka Botlalo

17. Ke eng fa batsadi ba ba nosi ba sa tshwanela go latlhegelwa ke tsholofelo malebana le go godisa bana ba bone go nna Bakeresete?

17 Go tweng ka malapa a motsadi yo o nosi? Seno se baka mathata a mangwe malebana le go godisa bana. Mme gone lona batsadi ba ba nosi, nametsegang! Lo ka kgona go atlega, jaaka lo ka bona ka batsadi ba le bantsi ba ba nosi ba ba ileng ba ikanya Modimo, ba ba ileng ba dirisa kgakololo ya gagwe ka boikokobetso mme ba godisa bana ba ba molemo ba ba nonofileng semoyeng. (Diane 22:6) Ke boammaaruri gore, Bakeresete ba e leng batsadi ba ba nosi ba tshwanetse go ikaega ka botlalo ka Jehofa. Ba tshwanetse go dumela gore o tla ba thusa.—Pesalema 121:1-3.

18. Batsadi ba tshwanetse go ela tlhoko dilo dife tsa tlhaloganyo le tsa mmele tse bana ba bone ba di tlhokang, mme gone ba tshwanetse go gatelela eng thata?

18 Batsadi ba ba botlhale ba a itse gore ‘go na le nako ya go tshega le nako ya go tlolaka.’ (Moreri 3:1, 4) Go nna le nako ya boiketlo le boitapoloso jo bo molemo go ka thusa ngwana thata gore a agege sentle mo tlhaloganyong le mo mmeleng. Mmino o o molemo segolobogolo go opela dipina tse di bakang Modimo go ka thusa ngwana go nna le maikutlo a a siameng a a tla nnang le seabe se se botlhokwa mo go nonotsheng botsala jwa gagwe le Jehofa. (Bakolosa 3:16) Gape nako ya bosha ke nako ya go ipaakanyetsa go nna mogolo yo o boifang Modimo, e le gore motho a ka tswelela a itumelela botshelo ka bosakhutleng mo lefatsheng la paradaise.—Bagalatia 6:8.

19. Ke eng fa batsadi ba ka ikanya gore Jehofa o tla segofatsa maiteko a bone a go godisa bana?

19 Jehofa o batla gore malapa otlhe a Bakeresete a nonofe semoyeng. Fa ruri re rata Modimo e bile re dira bojotlhe go ikobela Lefoko la gagwe, o tla segofatsa maiteko a rona mme o tla re naya nonofo e e re thusang go latela kaelo ya gagwe e e tlhotlheleditsweng. (Isaia 48:17; Bafilipi 4:13) Se lebale gore tshono e o nang le yone gone jaanong ya go ruta le go thapisa bana ba gago e lekanyeditswe, ga o kitla o tlhola o nna le e nngwe gape. Dira bojotlhe go dirisa kgakololo ya Lefoko la Modimo mme Jehofa o tla segofatsa maiteko a o a dirang go aga lelapa le le nonofileng semoyeng.

Re Ithutile Eng?

• Ke eng fa go ithekela nako go le botlhokwa thata fa o thapisa bana?

• Ke eng fa sekao se se molemo sa batsadi se le botlhokwa?

• Dingwe tsa dilo tse di botlhokwa tse di ka thusang bana go gola semoyeng ke dife?

• Lelapa le ka bolokwa jang le nonofile semoyeng?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Ditshwantsho mo go tsebe 24, 25]

Malapa a a nonofileng semoyeng a ithuta Lefoko la Modimo ka metlha, a nna gone kwa dipokanong tsa Bokeresete le go nna le seabe mmogo mo bodireding