Kgang ya go Boga ga Batho
Kgang ya go Boga ga Batho
“GO RENG MODIMO, GO RENG?” Setlhogo seo se segolo se ne se le mo tsebeng ya ntlha ya lokwalodikgang lo lo anamisiwang thata morago ga thoromo ya lefatshe e e ileng ya senya thata kwa Asia Minor. Setshwantsho se se neng se bapile le sone se ne se bontsha rre yo o fuduegileng maikutlo a tshotse morwadie yo o gobetseng a mo ntsha mo legaeng la bone le le gosomaneng.
Dintwa, mauba, malwetse a leroborobo le masetlapelo a tlholego di ile tsa baka kutlobotlhoko e e seng kana ka sepe, selelo se segolo le dintsho tse dintsintsi. Mo godimo ga moo batho ba boga ka ntlha ya go betelelwa, go sotliwa ga bana le ditiro tse dingwe tsa tlolomolao. Akanya ka palo e kgolo ya batho ba ba gobalang le ba ba swang mo dikotsing. Mme batho ba le dimilione di le diketekete ba mo tlalelong ka ntlha ya bolwetse, botsofe le go swelwa ke baratiwa ba bone.
Mo lekgolong la bo20 la dingwaga batho ba ile ba boga go feta le fa e le leng pele. Go tloga ka 1914 go fitlha ka 1918, Ntwa ya Lefatshe I e ne ya bolaya masole a ka nna dimilione di le lesome. Bakwalahisitori bangwe ba re e bolaile batho ba e seng masole ba palo e e lekanang le yone eo. Ka Ntwa ya Lefatshe II, go ne ga swa batho ba ba neng ba lwa mmogo le batho fela ba le dimilione di le 50, go akaretsa dimilione tsa basadi, bana le banna ba ba godileng ba ba sa kgoneng go iphemela. Mo lekgolong le le fetileng la dingwaga, batho ba bangwe gape ba le dimilione ba ne ba amiwa ke kgailo ya merafe, botsuolodi, dikgotlhang tsa ditso, tlala le leuba. Historical Atlas of the Twentieth Century e fopholetsa gore batho ba feta dimilione di le 180 ba ne ba swa ka ntlha ya “masula ano a magolo.”
Foluu ya kwa Spain ya 1918/19 e ne ya bolaya batho ba le dimilione di le 20. Mo masomeng a mabedi a a fetileng a dingwaga, batho ba ka nna dimilione di le 19 ba ne ba bolawa ke AIDS, mme ba ka nna dimilione di le 35 jaanong ba na le mogare o o e bakang. Bana ba le dimilione ba sala ba se na batsadi—ba bolailwe ke AIDS. Mme masea a palo e e boitshegang a bolawa ke AIDS e e ba tseneng ba sa ntse ba le mo popelong.
Bana ba bogisiwa le ka ditsela tse dingwe gape. Manchester Guardian Weekly ya kwa Engelane e ile ya nopola tshedimosetso e e neetsweng ke United Nations Children’s Fund (UNICEF), kwa bokhutlong jwa 1995 jaana: “Mo dintweng tsa dingwaga tse di lesome tse di fetileng, go bolailwe bana ba le dimilione tse 2, ba le dimilione tse 4-5 ba golafadiwa, ba le dimilione tse 12 ba sala ba se na magae, ba feta milione o le 1 ba nna masiela kgotsa ba kgaoganngwa le batsadi ba bone mme ba le dimilione tse 10 ba tlhakatlhakana mo maikutlong.” Mo godimo ga moo, lefatshe ka bophara bana ba go fopholediwang gore ba ka nna dimilione di le 40 go ya go 50 ba bolawa ka go senngwa ga dimpa—ngwaga le ngwaga!
Go Tweng ka Isagwe?
Batho ba le bantsi ba boifela isagwe. Setlhopha sengwe sa baitsesaense se ne sa re: “Ditiro tsa batho . . . di ka nna tsa fetola tsamaiso ya botshelo mo lefatsheng mo e leng gore le tla palelwa ke go tshegetsa botshelo ka tsela e re e itseng.” Ba ne ba oketsa jaana: “Le gone jaanong, motho a le mongwe mo go ba le batlhano o tshelela mo lehumeng tota a se na dijo tse di lekaneng, mme a le mongwe mo go ba le lesome ga a fepiwe sentle gotlhelele.” Baitsesaense ba ne ba tsaya sebaka seo go “tlhagisa batho botlhe ka se se larileng kwa pele” ba re: “Fa re sa batle batho ba tsena mo dipharagobeng tse di boitshegang e bile re sa batle go bona legae la rona la lefatshe lotlhe mo polaneteng eno le senyegile e bile le se na kafa le ka baakanngwang ka teng, re tshwanetse ra fetola thata tsela e re tlhokomelang lefatshe le botshelo jo bo mo go lone ka yone.”
Ke eng fa Modimo a letleletse pogo e e kanakana le boikepo? O ikaeletse go siamisa dilo jang? Leng?
[Metswedi ya Ditshwantsho mo go tsebe 3]
Top, wheelchair: UN/DPI Photo 186410C by P.S. Sudhakaran; middle, starving children: WHO/OXFAM; bottom, emaciated man: FAO photo/B. Imevbore