Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

‘Lebogang Basupi ba ga Jehofa ka Ntlha ya Kgololesego ya Bodumedi’

‘Lebogang Basupi ba ga Jehofa ka Ntlha ya Kgololesego ya Bodumedi’

‘Lebogang Basupi ba ga Jehofa ka Ntlha ya Kgololesego ya Bodumedi’

SETLHOGO sengwe sa lokwalodikgang lwa USA Today, se bolela jaana: “Pele ga o ka leleka Basupi ba ga Jehofa, ema o akanye ka tsela e e setlhogo e ba ileng ba bogisiwa ka yone maloba jaana, le tsela e kgolo e ba ileng ba thusa ka yone mo kgololesegong e rotlhe re nang nayo ya First Amendment [Mametlelelo ya Ntlha].” Basupi ba ga Jehofa ba ile ba bogisiwa kwa United States go ralala dingwaga tsa bo1940, sengwe sa dilo tse ba neng ba di bogisediwa, e ne e le ka go bo ba ne ba gana go dumedisa folaga.—Ekesodo 20:4, 5.

Dikgetsi tse di ka nnang 30 tse di amang Basupi ba ga Jehofa di ile tsa isiwa Kgotlatshekelokgolo ya United States mo nakong ya dingwaga di le tlhano gareng ga 1938 le 1943. Setlhogo seo se bolela jaana: “Basupi ba ile ba tsosa dikgang tsa botlhokwa tse di amang Mametlelelo ya Ntlha thata jaana mo e leng gore Moatlhodi Harlan Fiske Stone wa kgotlatshekelokgolo o ne a kwala jaana, ‘Basupi ba ga Jehofa ba tshwanetse go newa tlotlo ya semolao fa re akanya kafa ba thusang ka teng mo go rarabololeng mathata a semolao a kgololesego ya setšhaba.’”

Ka jalo, go ya kwa bofelong setlhogo seno se ne sa bolela jaana: “Ditumelo tsotlhe di tshwanetse go leboga Basupi ba ga Jehofa ka ntlha ya kgololesego e kgolo ya [bodumedi] e e leng teng.”