Nako ya Gore Modimo a Letlelele Pogo e Tloga e Fela
Nako ya Gore Modimo a Letlelele Pogo e Tloga e Fela
GONGWE le gongwe kwa o lebang teng, batho ba a boga. Batho ba bangwe ba ipogisa ka bobone. Ba tsenwa ke malwetse a a tshelanwang ka tlhakanelodikobo kgotsa ba utlwa matswela a go dirisa diokobatsi kana bojalwa e se kafa tshwanelong, kgotsa a go goga. Kana ba ka nna le mathata a botsogo ka ntlha ya go sa je sentle. Le fa go ntse jalo, pogo e ntsi e bakwa ke dilo kgotsa ditiragalo tse motho fela a ka se kang a di laola: ntwa, dikgotlhang tsa ditso, bokebekwa, lehuma, leuba, bolwetse. Selo se sengwe gape se tota batho ba ka se kang ba se laola ke go boga ka ntlha ya botsofe le loso.
Baebele e re tlhomamisetsa gore “Modimo ke lorato.” (1 Johane 4:8) Ke ka ntlha yang he, fa Modimo yo o lorato a ile a letla pogo eno yotlhe gore e tswelele ka makgolokgolo a mantsi jaana a dingwaga? O tla siamisa dilo leng? Go araba dipotso tseo, re tshwanetse ra tlhatlhoba boikaelelo jwa Modimo ka batho. Seno se tla re thusa go tlhaloganya gore ke ka ntlha yang fa Modimo a letleletse pogo le gore o tla dira eng ka yone.
Mpho ya go Itlhophela
Fa Modimo a ne a bopa motho wa ntlha, ga a ka a dira mmele fela o o nang le boboko. Mo godimo ga moo, Modimo ga a ka a bopa Adame le Efa gore e nne diroboto tse Genesise 1:31) Ee, “tiro ya gagwe e itekanetse.” (Duteronome 32:4) Rotlhe re anaanela mpho eno ya go itlhophela ka gonne ga re batle gore sengwe le sengwe se re se akanyang le se re se dirang e bo e le se re se laetsweng go se na sepe se re se itlhophelang.
di sa ikakanyetseng. O ne a ba naya maatla a go itlhophela. Mme e ne e le mpho e e molemo tota, ka gonne “Modimo [o ne] a bona sengwe le sengwe se a se dirileng mme, bona! se bo se le molemo tota.” (Le fa go ntse jalo, a mpho e e molemo ya go itlhophela e ne e tla dirisiwa fela kwantle ga ditekanyetso? Mo ditaelong tse di neetsweng Bakeresete ba bogologolo, Lefoko la Modimo le arabela jaana: “Nnang jaaka batho ba ba gololesegileng, mme le fa go ntse jalo lo tshola kgololesego ya lona, e seng jaaka sesiro sa bosula, mme jaaka batlhanka ba Modimo.” (1 Petere 2:16) Go tshwanetse ga nna le ditekanyetso, gore batho botlhe ba solegelwe molemo. Ka gone mpho ya go itlhophela e ne e tla kaelwa ka taolo ya molao. E seng jalo go ne go tla nna le tlhakatlhakano.
Molao wa ga Mang?
Ke molao wa ga mang o o neng o tla laola gore kgololesego e tshwanetse ya felela kae? Karabo ya potso eno e amana le lebaka la konokono la go bo Modimo a letleletse pogo. E re ka Modimo a bopile batho, o itse botoka gore ke melao efe e ba tlhokang go e ikobela gore ba solegelwe molemo bone mmogo le batho ba bangwe. Baebele e tlhalosa jaana: “Nna Jehofa, ke Modimo wa gago, Yo ke go rutang gore o solegelwe molemo, Yo ke dirang gore o gate mo tseleng e o tshwanetseng wa tsamaya mo go yone.”—Isaia 48:17.
Go phepafetse gore ntlha ya botlhokwa ke eno: Batho ba ne ba sa bopelwa gore ba itshelele kwantle ga Modimo. O ba dirile ka tsela ya gore ba kgone go atlega le go itumela fela fa ba ikobela melao ya gagwe e e siameng. Moporofeti wa Modimo Jeremia o ne a re: “Ke itse sentle, tlhe Jehofa, gore tsela ya motho wa mo lefatsheng ga se ya gagwe. Ga se ga motho yo o tsamayang ka dinao go kaela dikgato tsa gagwe.”—Jeremia 10:23.
Modimo o ne a dira gore batho ba laolwe ke melao ya gagwe ya fisikisi e e jaaka molao wa maatlakgogedi. Ka tsela e e tshwanang, o ne a dira gore batho ba laolwe ke melao ya gagwe ya boitsholo, e e diretsweng gore e bope setšhaba se se utlwanang. Go a utlwala he, go bo Lefoko la Modimo le re kgothatsa jaana: “Ikanye Jehofa ka pelo ya gago yotlhe mme o se ka wa ikaega ka tlhaloganyo ya gago.”—Diane 3:5.
Ka gone, lelapa la batho le ne le ka se ka la atlega go itaola kwantle ga puso ya Modimo. Batho ba ne ba tla leka go itshelela fela kwantle ga gagwe ka go dira ditsamaiso tsa loago, tsa ikonomi, tsa polotiki le tsa bodumedi tse di neng di tla thulana ka botsone, mme ‘motho o ne a tla laola motho yo mongwe go mo utlwisa botlhoko.’—Moreri 8:9.
Go Senyegile fa Kae?
Modimo o ne a dira gore batsadi ba rona ba ntlha, Adame le Efa, ba simolole botshelo jwa bone sentle. Ba ne ba na le mebele le megopolo e e itekanetseng le legae le e leng tshingwana ya paradaise. Fa ba ka bo ba ile ba ineela mo pusong ya Modimo, ba ka bo ba ile ba tswelela pele Genesise 1:27-29; 2:15.
ba itekanetse e bile ba itumetse. Fa nako e ntse e ya ba ka bo ba ile ba nna batsadi ba lelapa lotlhe le le itekanetseng le le itumetseng la batho le le nnang mo lefatsheng la paradaise. Modimo o ne a ikaeletse seo ka lelapa la batho.—Le fa go ntse jalo, bagologolwane ba rona ba ntlhantlha ga ba a ka ba dirisa mpho ya bone ya go itlhophela sentle. Ba ne ba akanya ka phoso gore ba ne ba ka atlega fa ba itshelela fela kwantle ga Modimo. Ba ne ba itlhophela ka bobone go tlola melelwane ya melao ya gagwe. (Genesise, kgaolo 3) E re ka ba ne ba ganne puso ya gagwe, o ne a sa tlhole a patelesega go ba boloka ba itekanetse. ‘Bone ka bobone ba dirile bosula, ba se ka ba tswelela e le bana ba gagwe, mme bogole e ne e le jwa bone.’—Duteronome 32:5.
Go tloga ka nako e ba neng ba tlhoka go utlwa Modimo ka yone, Adame le Efa ba ne ba simolola go senyega mo mmeleng le mo mogopolong. Jehofa o na le motswedi wa botshelo. (Pesalema 36:9) Ka jalo banyalani ba ntlha ba ne ba felelwa ke boitekanelo mme kgabagare ba swa ka gonne ba ne ba ikgaoganya le Jehofa. (Genesise 3:19) Go dumalana le melao ya go fetisediwa ga dijini mo baneng, bana ba bone ba ne ba tla nna fela le se batsadi ba bone ba nang le sone. Mme seo e ne e le eng? E ne e le bosaitekanelang le loso. Ka jalo moaposetoloi Paulo o ne a kwala jaana: “Fela jaaka boleo bo ne jwa tsena mo lefatsheng ka motho a le mongwe [Adame] le loso ka boleo, loso lo ne lwa anamela kwa bathong botlhe ka gonne ba leofile botlhe.”—Baroma 5:12.
Kgang ya Konokono—Bolaodi
Fa Adame le Efa ba ne ba tsuologela Modimo, ba ne ba gwetlha bolaodi jwa gagwe, ke gore, tshwanelo ya gagwe ya go busa. Jehofa o ne a ka ba senya, a simolola sesha ka banyalani ba bangwe, mme seo se ka bo se sa rarabolola kgang ya gore puso e e tshwanetseng batho ke efe. Fa batho ba ne ba ka newa nako ya go aga ditšhaba tsa bone go ya ka megopolo ya bone, ba ne ba tla supa sentle gore a go ipusa fela kwantle ga Modimo go ka tsamaya go atlega.
Dikete tsa dingwaga tsa hisitori ya motho di senola eng? Mo makgolong ao otlhe a dingwaga, batho ba ile ba leka mefuta e mentsi ya ditsamaiso tsa loago, tsa ikonomi, tsa sepolotiki le tsa bodumedi. Le fa go ntse jalo, boikepo le pogo di ntse di tsweletse. E bile tota, ‘batho ba ba boikepo ba sulafaletse pele,’ bogolo jang mo motlheng wa rona.—2 Timotheo 3:13.
Go ne ga fitlhelelwa dilo tse dikgolo tota mo saenseng le mo madirelong mo lekgolong la bo20 la dingwaga. Mme gape go ne ga nna le pogo e e fetang yotlhe e e kileng ya direga mo hisitoring yotlhe ya losika lwa motho. Mme le fa go ka dirwa dikgatelopele le fa e le dife tsa kalafi, molao wa Modimo o sa ntse o dira: Batho ba ba kgaoganeng le Modimo—motswedi wa botshelo—ba a lwala, ba a tsofala e bile ba a swa. A bo go supilwe ka phepafalo jang ne gore batho ba ka se ka ba ‘kaela dikgato tsa bone’!
Bolaodi Jwa Modimo bo Bolelwa ka Tlhomamo
Tekeletso eno ya go itshelela kwantle ga Modimo e e feletseng ka botlhoko, e bontshitse sentle gore puso ya batho kwantle ga gagwe e ka se ka ya atlega le ka motlha. Puso ya Modimo ke yone fela e ka lereng boitumelo, kutlwano, botsogo jo bontle le botshelo. Mo godimo ga moo, Lefoko la ga Jehofa Modimo le le sa foseng, Baebele e e Boitshepo, le bontsha gore re tshela mo “metlheng ya bofelo” ya puso ya batho ba ipusa kwantle ga Modimo. (2 Timotheo 3:1-5) Go setse go le gaufi gore Jehofa a kgaotse go dumelela seno le bokebekwa le pogo.
Modimo o tla tloga a tsenelela mo dikgannyeng tsa batho. Dikwalo di re bolelela jaana: “Mo metlheng ya dikgosi tseo [dipuso tsa batho tse di leng teng gone jaanong] Modimo wa legodimo o tla tlhoma bogosi [kwa legodimong] jo bo se kitlang bo senngwa le ka motlha. Mme bogosi joo ga bo kitla bo fetisediwa mo bathong bape ba bangwe [batho ga ba ne ba tlhola ba busa lefatshe]. Bo tla thubaganya bo fedisa magosi ano otlhe [dipuso tse di busang gone jaanong], mme bo tla ema ka bosakhutleng.”—Daniele 2:44.
Kgangkgolo ya Baebele ke go tlotlomadiwa ga bolaodi jwa ga Jehofa Modimo ka Bogosi jwa selegodimo. Jesu o ne a dira gore eno e nne yone thuto ya gagwe ya konokono. O ne a re: “Dikgang tse di molemo tseno tsa bogosi di tla rerwa mo lefatsheng Mathaio 24:14.
lotlhe le le nang le banni gore e nne bosupi mo ditšhabeng tsotlhe; mme go tswa foo bokhutlo bo tla tla.”—Fa puso ya Modimo e busa mo boemong jwa batho, go tla falola mang mme go senngwe mang? Re tlhomamisediwa jaana mo go Diane 2:21, 22: “Bathokgami [ba ba tshegetsang puso ya Modimo] ke bone ba ba tla agang mo lefatsheng, mme ba ba se nang molato ke bone ba ba tla salang mo go lone. Fa e le baikepi bone [ba ba sa tshegetseng puso ya Modimo], ba tla kgaolwa mo lefatsheng.” Mopesalema yo o neng a tlhotlheleditswe ke Modimo o ne a opela jaana: “Mo lobakanyaneng fela, moikepi o tla bo a sa tlhole a le teng . . . Mme ba ba pelonolo ba tla rua lefatshe, ruri ba tla nna le boitumelo jo bogolo mo letlotlong la kagiso. Basiami ba tla rua lefatshe, mme ba tla aga mo go lone ka bosakhutleng.”—Pesalema 37:10, 11, 29.
Lefatshe le Lesha le le Molemolemo
Mo pusong ya Bogosi jwa Modimo, ba ba tla falolang fa tsamaiso eno ya dilo e fela ba tla tsenngwa mo lefatsheng le le phepafaditsweng le le tlositsweng boikepo le pogo. Batho ba tla newa ditaelo tse di tswang kwa Modimong, mme fa nako e ntse e ya “lefatshe le tla tlala kitso ya ga Jehofa jaaka metsi a khurumeditse lewatle.” (Isaia 11:9) Thuto eno e e agang, e e thusang, e tla dira gore go nne le setšhaba se se nang le kagiso tota se se utlwanang. Ka gone, ga go kitla go tlhola go nna le ntwa, polao, thubakanyo, petelelo, bogodu kgotsa tlolomolao epe fela e nngwe.
Batho ba ba kutlo ba ba tla bong ba nna mo lefatsheng la Modimo le lesha ba tla diragalelwa ke dilo tse di molemo tota mo botsogong jwa bone. Go tla phimolwa matswela otlhe a a bosula a go tsuologela taolo ya Modimo. Bosaitekanelang, bolwetse, botsofe le loso di tla bo di fetile. Baebele e re tlhomamisetsa jaana: “Ga go na monni ope yo o tla reng: ‘Ke a bobola.’” Mo godimo ga moo, Dikwalo di solofetsa jaana: “Ka nako eo matlho a difofu a tla bulwa, le ditsebe tsa bosusu di tla thibololwa. Ka nako eo setlhotsa se tla palama fela jaaka kgama e tonanyana, le loleme lwa yo o sa kgoneng go bua lo tla goa ka boitumelo.” (Isaia 33:24; 35:5, 6) A bo go tla itumedisa jang ne go nna le botsogo jo bontle letsatsi le letsatsi—ka bosakhutleng!
Banni ba lefatshe leo le lesha ba tla kaelwa ke Modimo ka lorato gore ba dirise maatla a bone le bokgoni jwa bone go aga paradaise ya lefatshe lotlhe. Lehuma, tlala le go tlhoka magae go tla bo go etse ruri, gonne boporofeti jwa ga Isaia jwa re: “Ruri ba tla aga matlo ba nne mo go one; ruri ba tla jala masimo a mofine ba je maungo a one. Ga ba kitla ba aga mme go nne o sele; ga ba kitla ba jala mme go je o sele.” (Isaia 65:21, 22) Ee ruri, “ba tla nna, mongwe le mongwe kafa tlase ga mofine wa gagwe le kafa tlase ga setlhare sa gagwe sa mofeige, mme go tla bo go se na ope yo o ba boifisang.”—Mika 4:4.
Lefatshe le tla tsibogela tlhokomelo e e lorato ya Modimo le ya batho ba ba kutlo. Dikwalo di re tlhomamisetsa jaana: “Naga le kgaolo e e se nang metsi di tla itumela, le lebala le le sekaka le tla ipela le bo le ntsha dithunya jaaka saferone. . . . Metsi a tla bo a pomponyegile mo nageng, le melatswana e Isaia 35:1, 6) “Go tla nna le dijo tsa ditlhaka di le dintsi mo lefatsheng; go tla penologa mo godimo ga dithaba.”—Pesalema 72:16.
e phothoselang mo lebaleng le le sekaka.” (Go tweng ka dikete tsa dimilione tsa batho ba ba suleng? Ba Modimo a ba gakologelwang ba tla busediwa mo botshelong, gonne “go tlile go nna le tsogo ya ba ba siameng mmogo le ba ba sa siamang.” (Ditiro 24:15) Ee, baswi ba tla busediwa mo botshelong. Ba tla rutiwa dintlha tse dintle tsa boammaaruri malebana le puso ya Modimo mme ba newe sebaka sa go tshelela ruri mo Paradaiseng.—Johane 5:28, 29.
Jehofa Modimo o tla dirisa ditsela tseno go fetola gotlhelele maemo a a botlhoko a pogo, bolwetse le loso a a ntseng a tsentse batho mo bokgobeng ka diketekete tsa dingwaga. Go tla bo go sa tlhole go na le bolwetse! Go sa tlhole go na le bogole! Go sa tlhole go na le loso! Modimo “o tla phimola dikeledi tsotlhe mo matlhong a bone, mme loso lo tla bo lo seyo, le fa e le khutsafalo le fa e le selelo le fa e le botlhoko di tla bo di sa tlhole di le gone. Dilo tsa pele di [tla bo di] fetile.”—Tshenolo 21:3, 4.
Modimo o tla fedisa pogo jalo. O tla senya lefatshe leno le le boikepo a bo a tlisa tsamaiso e ntšha gotlhelele e ‘go tla nnang tshiamo mo go yone.’ (2 Petere 3:13) A bo e le dikgang tse di molemo jang ne! Re tlhoka lefatshe le lesha leo ka bonako tota. Mme ga re ne re tlhoka go leta nako e telele pele re le bona. Ditiragatso tsa boporofeti jwa Baebele di re bontsha gore lefatshe le lesha le fela fa, mme go letlelela pogo ga Modimo go tla tloga go fela.—Mathaio 24:3-14.
[Lebokoso mo go tsebe 8]
Go Palelwa ga Puso ya Motho
Mokanseleri wa pele wa Jeremane e leng Helmut Schmidt o ne a bolela jaana malebana le puso ya motho: “Rona batho . . . re ile ra busa karolo fela ya lefatshe, mme gantsi re sa le buse sentle gotlhelele. . . . Ga re ise re ko re le buse ka kagiso e e feletseng.” Human Development Report 1999 e ne ya re: “Dinaga tsotlhe di bega gore tsamaiso ya tsone ya loago e a senyega, mo go felelang ka kgotlhang ya loago, bokebekwa jo bo oketsegileng, thubakanyo mo malapeng e e ntseng e oketsega. . . . Matshosetsi a lefatshe lotlhe a a oketsega, a feta le bokgoni jwa ditšhaba jwa go a rarabolola, mme a tla ka bofefo mo dinaga tsa boditšhabatšhaba di sa kgoneng go lepalepana le one.”
[Ditshwantsho mo go tsebe 8]
“Ruri ba tla nna le boitumelo jo bogolo mo letlotlong la kagiso.”—Pesalema 37:11
[Metswedi ya Ditshwantsho mo go tsebe 5]
Third from top, mother and child: FAO photo/B. Imevbore; bottom, explosion: U.S. National Archives photo