Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Boipobolo jo bo Isang Phodisong

Boipobolo jo bo Isang Phodisong

Boipobolo jo bo Isang Phodisong

“FA KE ne ke didimala marapo a me a ne a lapa ka ntlha ya go fegelwa ga me letsatsi lotlhe. Gonne motshegare le bosigo seatla sa gago se ne se le boima mo go nna. Bongola jwa botshelo jwa me bo fetotswe jaaka fa go le mogote o o babolang wa selemo.” (Pesalema 32:3, 4) Mafoko ao a a amang maikutlo a ka tswa a ne a bontsha botlhoko jo bogolo jwa mo maikutlong jo bo neng bo utlwiwa ke Kgosi Dafide wa Iseraele wa bogologolo, botlhoko jo a neng a bo itliseditse ka go bipa go na le go ipobola boleo jo bo masisi.

Dafide e ne e le monna yo o nang le bokgoni jo bo tlhomologileng. E ne e le motlhabani yo o pelokgale, e le mmusi yo o setswerere, e le mmoki e bile e le setshameki sa mmino. Le fa go ntse jalo, o ne a ikaega e seng ka bokgoni jwa gagwe, mme ka Modimo wa gagwe. (1 Samuele 17:45, 46) O ne a tlhalosiwa e le monna yo pelo ya gagwe e neng e “feletse mo go Jehofa.” (1 Dikgosi 11:4) Mme boleo bongwe jo a ileng a bo dira bo ne bo le maswe thata mme a ka tswa a ne a bua ka jone mo go Pesalema 32. Re ka ithuta mo gontsi ka go sekaseka maemo a a dirileng gore a leofe. Re tla lemoga dikotsi tse re tshwanetseng go di tila re bo re bone botlhokwa jwa go ipobola maleo gore re baakanye kamano ya rona le Modimo.

Kgosi e e Ikanyegang E ne Ya Leofa

Setšhaba sa Baiseraele se ne se le mo ntweng le Baamone mme Dafide ene o ne a le kwa Jerusalema. Maitseboa mangwe fa a ntse a tsamatsamaya mo godimo ga borulelo jwa ntlo ya gagwe ya segosi, o ne a bona mosadi yo montle a tlhapa mo ntlong e e fa gaufi. O ne a palelwa ke go ikgapa mme a simolola go mo eletsa ka go fisega. Fa a utlwa gore ke Bathesheba, mosadi wa ga Uria, mongwe wa masole a gagwe, Dafide o ne a mmitsa mme a dira boaka le ene. Moragonyana Bathesheba o ne a romelela Dafide molaetsa wa gore o imile.—2 Samuele 11:1-5.

Dafide o ne a le mo mathateng. Fa boleo jwa bone bo ne bo ka itsiwe, ba ne ba tla tshwanelwa ke go bolawa boobabedi. (Lefitiko 20:10) Ka jalo, o ne a loga leano. O ne a busa monna wa ga Bathesheba e bong Uria kwa ntweng. Fa Dafide a sena go botsolotsa Uria thata ka ntwa, o ne a mo laela gore a ye gae. Dafide o ne a solofetse gore seno se ne se tla dira gore go lebege e kete Uria ke ene rraagwe ngwana wa ga Bathesheba.—2 Samuele 11:6-9.

Uria ga a ka a ya kwa mosading wa gagwe, mme seno sa swabisa Dafide thata. Uria o ne a mo raya a re ga go a siama gore a boele gae fa masole a mangwe a kgaratlha kwa ntweng. Fa masole a Iseraele a ne a tshwaregile mo ntweng, banna ba ne ba sa tlhakanele dikobo, le e leng le basadi ba bone tota. Ba ne ba tshwanetse go ipoloka ba le phepa go ya ka molao. (1 Samuele 21:5) Dafide o ne a laletsa Uria gore a tle go ja le ene mme a dira gore a tagwe, mme le foo o ne a gana go boela gae kwa mosading wa gagwe. Boikanyegi jwa ga Uria bo ne jwa dira gore boleo jo bo maswe jwa ga Dafide bo nne maswe le go feta.—2 Samuele 11:10-13.

Matswela a boleo jwa ga Dafide a ne a simolola go mo tsenya mo mathateng a magolo le go feta. Ka go tlhoka kgoro ya botso o ne a bona go le tharabololo e le nngwe fela. O ne a busetsa Uria gape kwa ntweng mme a mo tshwarisa lekwalo le lekhutshwane le a le kwaletseng mojenerale wa sesole, Joabe. Maikaelelo a molaetsa ono o mokhutshwane a ne a phepafetse: “Bayang Uria kwa pele ga ditlhaselo tsa tlhabano tse di boima go feta tsotlhe, mme lona lo boe kafa morago ga gagwe, mme a tlhabiwe a swe.” Ka molaetsa oo fela, go ne go lebega kgosi e e maatla eno e sutlhile motlhala mme e rulagantse gore Uria a ye go bolawa.—2 Samuele 11:14-17.

Ka bonakonyana fela fa nako ya ga Bathesheba ya go hutsafalela monna wa gagwe e sena go feta, Dafide o ne a mo nyala. Nako e ne ya feta mme ngwana wa bone a tsholwa. Mo go sotlhe seno, Dafide o ne a nna a didimetse fela ka maleo a gagwe. Gongwe o ne a leka go itlhatswa pelo gore se a neng a se dirile se siame. A Uria o ne a sa swa ka tlotlo mo ntweng fela jaaka ba bangwe? Gape, a o ne a sa tlhoka kutlo mo kgosing ya gagwe fa a ne a gana go ya kwa mosading wa gagwe? ‘Pelo e e boferefere’ e tla ntsha mabaka a mantsi fela go leka go buelela boleo.—Jeremia 17:9; 2 Samuele 11:25.

Dikgato Tse di Phoso Tse di Feletseng ka Boleo

Go ne go ka direga jang gore Dafide, yo o neng a rata tshiamo, a dire boaka le go bolaya motho? Go bonala gore peo ya boleo jwa gagwe e ne e jetswe mo lobakeng lo lo rileng. Re ka nna ra ipotsa gore ke ka ntlha yang fa Dafide a ne a se kwa banna ba gagwe ba leng teng, a ba ema nokeng mo ntweng ya bone kgatlhanong le baba ba ga Jehofa. Go na le moo Dafide o ne a iketlile mo ntlong ya gagwe ya segosi, koo dilo tse di neng di diragala kwa ntweng di neng di le kgakala thata le mogopolo wa gagwe gore di ka mo lebatsa keletso ya gagwe e e bosula ya go eletsa mosadi wa lesole le le ikanyegang. Gompieno, Bakeresete ba boammaaruri ba ka sirelediwa ke go tlhagafala mo ditirong tsa semoya le diphuthego tsa bone le go nna le seabe ka metlha mo tirong ya go rera.—1 Timotheo 6:12.

Kgosi ya Moiseraele e ne e laetswe gore e kwalolole Molao mme e o bale letsatsi le letsatsi. Baebele e ntsha lebaka la go dira jalo: “Gore a ithute go boifa Jehofa Modimo wa gagwe gore a boloke mafoko otlhe a molao ono le melawana eno ka go e dira; gore pelo ya gagwe e se ka ya ikgodisetsa bomorwarraagwe le gore a se ka a fapoga taelo a ya kafa mojeng kgotsa kafa molemeng.” (Duteronome 17:18-20) Go ka direga gore Dafide o ne a sa latele molao oo ka nako ya fa a ne a dira maleo a a masisi ano. Go ithuta le go tlhatlhanya ka Lefoko la Modimo ka metlha ruri go tla re sireletsa gore re se ka ra dira se se sa siamang mo dinakong tseno tse di boima.—Diane 2:10-12.

Mo godimo ga moo, molao wa bofelo mo Melaong e e Lesome o laela jaana: “O se ka wa eletsa mosadi wa mongwe ka wena.” (Ekesodo 20:17) Ka nako eno Dafide o ne a setse a na le basadi ba le mmalwa le bagadingwana. (2 Samuele 3:2-5) Mme seo ga se a ka sa dira gore a tlhoke go eletsa mosadi yo mongwe yo montle. Pego eno e re gakolola bomasisi jwa mafoko ano a ga Jesu: “Mongwe le mongwe yo o nnang a lebile mosadi mo a nnang le kgotelo ka ntlha ya gagwe, o setse a dirile boaka le ene mo pelong ya gagwe.” (Mathaio 5:28) Go na le gore re akanye ka dikeletso tse di ntseng jalo tse di sa siamang, a re nneng bonako go di ntsha mo megopolong le mo dipelong tsa rona.

Boikwatlhao le Kutlwelobotlhoko

Pego e e sa fitlheng sepe ya Baebele ka boleo jwa ga Dafide tota ga e a kwalelwa gore e kgotsofatse dikeletso tse di sa siamang tsa motho. Pego eno e re naya sebaka sa gore re bone nngwe ya dinonofo tse di maatla le tse di amang maikutlo tsa ga Jehofa—boutlwelobotlhoko jwa gagwe.—Ekesodo 34:6, 7.

Fa Bathesheba a sena go tshola ngwana wa mosimane, Jehofa o ne a romela moporofeti Nathane gore a ye go bua le Dafide. Seno e ne e le letshwao la kutlwelobotlhoko. Fa go ne go sa buiwa le Dafide e bile a ile a itidimalela fela, go ka direga gore o ne a ka tswelela fela mo tseleng ya boleo. (Bahebera 3:13) Se se itumedisang ke gore, Dafide o ne a amogela boutlwelobotlhoko jwa Modimo. Mafoko a a phepafetseng a ga Nathane wa setswerere a ne a ama segakolodi sa ga Dafide mme o ne a dumela ka boikokobetso gore o ne a leofetse Modimo. E bile gone, Pesalema 51, e e buang ka ga boleo jwa ga Dafide le Bathesheba, e ne ya tlhamiwa fa a sena go ikwatlhaya le go ipobola boleo jwa gagwe jo bo maswe. A le ka motlha re se ka ra letla gore dipelo tsa rona di thatafale fa re fekeeditswe ke boleo jo bo masisi.—2 Samuele 12:1-13.

Dafide o ne a itshwarelwa mme ga a ka a tlogelwa fela a sa otlhaelwe boleo jwa gagwe jo bo masisi kgotsa a sa utlwe ditlamorago tsa jone. (Diane 6:27) O ne a ka tlogelwa jang? Fa Jehofa a ne a ka itlhokomolosa gotlhe fela, melaometheo ya gagwe e ne e ka nyadiwa. O ne a tla bo a sa thuse sepe fela jaaka Moperesiti yo Mogolo Eli, yo o neng a kgalemela bomorwawe ba ba bosula ka bonolo fela mme a ba lesa gore ba tswelele ka ditiro tsa bone tse di sa siamang. (1 Samuele 2:22-25) Le fa go ntse jalo, Jehofa ga a kganele motho yo o ikotlhayang go bona bopelonomi jwa Gagwe jwa lorato. Boutlwelobotlhoko jwa gagwe, fela jaaka metsi a a tsididi a a lapolosang, bo tla thusa motho yo o leofileng go itshokela matswela a boleo jwa gagwe. Tsela e e lorato e Modimo a itshwarelang ka yone le bokopano jo bo agang jwa baobamedimmogo bo ka dira gore motho a boele a nonofe gape semoyeng. Ee, ka thekololo ya ga Keresete, motho yo o ikwatlhayang a ka ikutlwela “dikhumo tsa bopelonomi jwa [Modimo] jo bo sa re tshwanelang.”—Baefeso 1:7.

“Pelo e e Itshekileng” le “Moya o Mosha”

Fa Dafide a sena go ipobola, ga a ka a ineela gore a nne le boikutlo jo bo sa siamang jwa go tlhoka mosola. Mafoko a gagwe a a mo dipesalemeng a a buang ka ga go ipobola a bontsha kafa a ileng a wela makgwafo ka gone a ba a iketleeletsa go direla Modimo ka boikanyego. Ka sekai, sekaseka Pesalema 32. Mo go temana 1, re bala jaana: “Go itumela yo go tlhanoga ga gagwe go itshwaretsweng, yo boleo jwa gagwe bo bipilweng.” Go sa kgathalesege gore motho o dirile boleo jo bo masisi go le kana kang, o ka nna le diphelelo tse di itumedisang fa a ikotlhaya ka bopeloephepa. Tsela nngwe e motho a ka bontshang ka yone gore o peloephepa, ke ka go sikara maikarabelo a ditiro tsa gagwe, jaaka Dafide a ile a dira. (2 Samuele 12:13) Ga a ka a leka go itlhatswa fa pele ga Jehofa kgotsa go leka go pega batho ba bangwe molato. Temana ya 5 ya re: “La bofelo ke ne ka ipolela boleo jwa me mo go wena, mme ka se ka ka bipa tlolo ya me. Ke ne ka re: ‘Ke tla ipolela ditlolo tsa me mo go Jehofa.’ Mme o ne wa itshwarela tlolo ya maleo a me.” Go ipobola ka tsela ya boammaaruri go dira gore motho a gololesege, gore a se ka a tlhola a tshwenngwa ke segakolodi ka ntlha ya diphoso tsa nako e e fetileng.

Fa Dafide a sena go rapela Jehofa gore a mo itshwarele, o ne a kopa jaana: “Bopa pelo e e itshekileng mo go nna, tlhe Modimo, mme o tsenye moya o mosha mo teng ga me, o o nitameng.” (Pesalema 51:10) Go kopa “pelo e e itshekileng” le “moya o mosha” go bontsha gore Dafide o ne a lemoga ditshekamelo tsa go batla go dira boleo tse di mo go ene le gore o ne a tlhoka thuso ya Modimo go itshekisa pelo ya gagwe le gore a dire maiteko a masha gape. Go na le gore a ikutlwele botlhoko, o ne a iketleeleditse go tswelela a direla Modimo. O ne a rapela jaana: “Jehofa, e kete o ka bula dipounama tseno tsa me, gore molomo wa me o bolele pako ya gago.”—Pesalema 51:15.

Jehofa o ne a itshwara jang ka ntlha ya boikwatlhao jo bo tswang pelong jwa ga Dafide le go iketleetsa ga gagwe go mo direla? O ne a tlhomamisetsa Dafide jaana go tswa pelong: “Ke tla dira gore o nne le temogo ke bo ke go rute tsela e o tshwanetseng go tsamaya mo go yone. Ke tla naya kgakololo ke go beile leitlho.” (Pesalema 32:8) Seno se tlhomamisa gore Jehofa o amega ka namana ka maikutlo a motho yo o ikwatlhayang le ka dilo tse a di tlhokang. Jehofa o ne a tsaya dikgato tsa go naya Dafide temogo e e oketsegileng, gore a kgone go bona ka kwa ga dilo. Fa a lebane le thaelo mo nakong e e tlang, o ne a tla kgona go lemoga gore ditiro tsa gagwe di ne di tla felela jang le gore di ne di tla ama ba bangwe jang, mme o ne a tla kgona go dira ka botlhale.

Ditiragalo tseno mo botshelong jwa ga Dafide di dira jaaka kgothatso mo go botlhe ba ba ileng ba wela mo boleong jo bo masisi. Ka go ipobola maleo le go bontsha gore re tota re ikwatlhaya, re ka boa gape ra nna le letlotlo la rona le le botlhokwa thata, kamano ya rona le Jehofa Modimo. Botlhoko le ditlhong tsa nakwana tse re ka tshwanelwang ke go di itshokela di botoka thata go na le tlalelo e re nnang le yone ka ntlha ya go didimala fela, kana diphelelo tse di maswe tsa go itetla gore re tswelele mo tseleng ya botsuolodi. (Pesalema 32:9) Go na le moo, Modimo yo o lorato yo o kutlwelobotlhoko, “Rara wa mautlwelobotlhoko a manana le Modimo wa kgomotso yotlhe,” a ka re itshwarela.—2 Bakorintha 1:3.

[Setshwantsho mo go tsebe 31]

Dafide o ne a solofetse go falola ditlamorago tsa boleo jwa gagwe ka go rulaganya gore Uria a bolawe