Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

E re ka Jehofa a ikemiseditse go itshwarela maleo mo motheong wa setlhabelo sa thekololo, ke ka ntlha yang fa go tlhokega gore Bakeresete ba ipobole mo banneng ba bagolwane mo phuthegong?

Jaaka go ka lemogiwa mo kgannyeng ya ga Dafide le Bathesheba, Jehofa o ile a itshwarela Dafide maleo a gagwe, le mororo a ne a le maswe jaana, ka go bo Dafide a ne a ikotlhaya go tswa pelong. Fa moporofeti Nathane a ne a bua le ene, Dafide o ne a ipobola jaana a sa fitlhe sepe: “Ke leofetse Jehofa.”––2 Samuele 12:13.

Le fa go ntse jalo, Jehofa ga a amogele boipobolo jo bo tswang pelong jwa moleofi a bo a mo itshwarela fela mme gape ka lorato o naya motho yo o dirileng phoso dilo tse di ka mo thusang gore a boe a nonofe gape semoyeng. Mo kgannyeng ya ga Dafide, thuso e ne ya tla ka moporofeti Nathane. Gompieno mo phuthegong ya Bokeresete, go na le banna ba ba godileng semoyeng, kana bagolwane. Morutwa Jakobe o tlhalosa jaana: “A go na le motho yo o bobolang [semoyeng] mo go lona? A a biletse banna ba bagolwane ba phuthego kwa go ene, mme a ba mo rapelele, ba mo tlotse ka leokwane ka leina la ga Jehofa. Mme thapelo ya tumelo e tla fodisa yo o bokoa, e bile Jehofa o tla mo kakatlolola. Gape, fa a dirile maleo, o tla a itshwarelwa.”––Jakobe 5:14, 15.

Bagolwane ba ba ditswerere ba ka dira go le gontsi go kokobetsa botlhoko jo moleofi yo o ikotlhayang a bo utlwang mo pelong. Ba leka thata go etsa Jehofa fa ba dirisana le ene. Le ka motlha ga ba batle go galefa, le fa gone go ka nna ga tshwanela gore motho a newe kotlhao e e gagametseng. Go na le moo, ka lorato ba leba dilo tse motho a di tlhokang ka yone nako eo. Ba leka ka bopelotelele go baakanya tsela e motho yo o dirileng phoso a akanyang ka yone ba dirisa Lefoko la Modimo. (Bagalatia 6:1) Le fa motho a sa ipobole maleo a gagwe ka boene, a ka nna a tlhotlheletsega go ikotlhaya fa bagolwane ba bua le ene, jaaka Dafide a ile a dira fa Nathane a ne a bua le ene. Ka jalo tsela e bagolwane ba emang motho nokeng ka yone e thusa motho yo o dirileng phoso gore a tile kotsi ya go boeletsa boleo le matswela a a botlhoko a go nna motho yo o dirang boleo a sa kgaotse.––Bahebera 10:26-31.

Gone ga go bonolo go bolelela ba bangwe maleo a a go tlhabisang ditlhong le go kopa go itshwarelwa. Go tlhoka bopelokgale. Le fa go ntse jalo, akanya ka lobakanyana ka kgato e nngwe. Monna mongwe yo o neng a se ka a senola boleo jwa gagwe jo bo masisi mo bagolwaneng ba phuthego o ne a re: “Ke ne ke utlwa botlhoko jo bo sa batleng go fela mo pelong. Ke ne ka oketsa seabe sa me mo tirong ya go rera mme ke ne ka nna ka ikutlwa ke le molato.” O ne a akanya gore go ne go lekane go ipobola mo Modimong ka thapelo, mme go phepafetse gore go ne go sa lekana, ka gonne o ne a nna le maikutlo a a tshwanang le a ga Kgosi Dafide. (Pesalema 51:8, 11) A bo go le botoka jang ne go amogela thuso e e lorato e Jehofa a re nayang yone ka bagolwane!