Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Gatela Pele go ya Phenyong ya Makgaolakgang!

Go Gatela Pele go ya Phenyong ya Makgaolakgang!

Go Gatela Pele go ya Phenyong ya Makgaolakgang!

“Bona! pitse e tshweu; mme yo o e pagameng o ne a tshotse bora; a newa serwalo, mme a tsamaya a fenya a ba a digela phenyo ya gagwe.”—TSHENOLO 6:2.

1. Johane o ne a bona ditiragalo dife tsa mo isagweng mo ponatshegelong?

KA TLHOTLHELETSO ya Modimo moaposetoloi Johane o ne a kgona go bonela isagwe pele ka dingwaga di le 1 800 mme a tlhalosa go tlhongwa ga ga Keresete go nna Kgosi. Johane o ne a tlhoka tumelo gore a dumele se a neng a se bona mo ponatshegelong. Rona gompieno re na le bosupi jo bo bonalang sentle jwa gore go tlhongwa gono ga ga Jesu Keresete mo bogosing go diragetse ka 1914. Re kgona go mmona ka matlho a tumelo, “a tsamaya a fenya a ba a digela phenyo ya gagwe.”

2. Diabolo o ne a tsibogela jang go tlhongwa ga Bogosi, mme seno ke bosupi jwa eng?

2 Fa Bogosi bo sena go tlhongwa, Satane o ne a lelekwa kwa legodimong, e leng se se neng sa dira gore a lwe le go galefa thata, mme gone, seo se ne sa se ka sa mo thusa go atlega ka gope. (Tshenolo 12:7-12) Go galefa ga gagwe go ile ga dira gore maemo mo lefatsheng a nne maswe le go feta. Go bonala setšhaba sa batho se tlhatlhamologa. Basupi ba ga Jehofa ba tsaya seno e le bosupi jo bo bonalang sentle jwa gore Kgosi ya bone e gatela pele go “digela phenyo ya gagwe.”

Go Dirwa Setšhaba sa Lefatshe le Lesha

3, 4. (a) Ke diphetogo dife tse di neng tsa dirwa mo phuthegong ya Bokeresete fa e sa le Bogosi bo tlhongwa, mme ke eng fa di ne di tlhokega? (b) Go ya kafa Isaia a ileng a bolelela pele ka teng, melemo ya diphetogo tseno e nnile efe?

3 Fa Bogosi bo sena go tlhongwa, nako e ne e fitlhile ya gore phuthego ya Bokeresete e tsosolosiwe—e na le maikarabelo a mantsinyana a Bogosi—gore e tshwane thata le phuthego ya Bokeresete ya lekgolo la ntlha la dingwaga. Ka gone, mo dimakasineng tsa June 1 le 15, 1938, Tora ya Tebelo e ne ya sekaseka kafa phuthego ya Bokeresete e tshwanetseng ya dira dilo ka teng. Moragonyana makasine wa December 15, 1971, o ne wa tlhalosa Setlhopha se se Laolang sa segompieno sentle mo setlhogong se se reng “Setlhopha se se Laolang se Farologana le Lekgotla la Semolao.” Ka 1972, go ne ga tlhongwa ditlhopha tsa bagolwane go thusa le go kaela diphuthego tsa mafelo a bone.

4 Go busediwa ga thulaganyo e e tshwanetseng ya bolebedi go ile ga nonotsha phuthego ya Bokeresete fela thata. Selo se sengwe se se neng sa thusa e ne e le dithulaganyo tse di dirilweng ke Setlhopha se se Laolang go ruta bagolwane ditiro tsa bone, go akaretsa le go ba thapisetsa tiro ya boatlhodi. Diphetogo tseo tse di neng tsa dirwa kgato ka kgato tse di amanang le phuthego ya Modimo ya mo lefatsheng le matswela a a molemo a di nnileng le one di ne tsa bolelelwa pele mo go Isaia 60:17: “Mo boemong jwa kgotlho ke tla tlisa gouta, mme mo boemong jwa tshipi ke tla tlisa selefera, mme mo boemong jwa logong, kgotlho, mme mo boemong jwa maje, tshipi; ke tla tlhoma kagiso go nna balebedi ba gago le tshiamo go nna baabi ba gago ba tiro.” Diphetogo tseno tse di molemo di bontsha gore Modimo o segofatsa batho ba ka tlhagafalo ba emang Bogosi jwa gagwe nokeng phatlalatsa e bile o a ba amogela.

5. (a) Satane o ile a tsibogela jang tsela e Jehofa a ileng a segofatsa batho ba Gagwe ka yone? (b) Go dumalana le Bafilipi 1:7, batho ba ga Jehofa ba tsibogetse jang kgalefo ya ga Satane?

5 Satane o ile a se ka a tlhokomologa tsela e e lorato e Modimo a ileng a tlhokomela batho ba gagwe ka yone le kaelo e a ileng a ba naya yone morago ga gore Bogosi bo tlhongwe. Ka sekai, ka 1931 setlhotshwana seno sa Bakeresete se ile sa dira gore go itsege gore ga se Baithuti ba Baebele fela. Go ya ka Isaia 43:10, e ne e le Basupi ba ga Jehofa! E ka ne e le ka kwelano fela kana nnyaa, Diabolo o ile a ba tlhasela ka dipogiso tse di setlhogo mo lefatsheng lotlhe. Tota le mo dinageng tse di itsegeng ka go nna le kgololesego ya bodumedi, tse di jaaka United States, Canada le Jeremane, gangwe le gape Basupi ba ile ba patelesega go lwa dintwa tsa semolao gore ba nne le kgololesego ya kobamelo. Ka 1988, ke fa Kgotlatshekelokgolo ya United States e setse e sekasekile dikgetsi di le 71 tse di amanang le Basupi ba ga Jehofa, mme nngwetharong ya tsone e le tse ba ileng ba di fenya. Gompieno mo lefatsheng lotlhe, dintwa tsa semolao di sa ntse di tsweletse mo e leng gore, fela jaaka mo lekgolong la ntlha la dingwaga, ba ‘sireletsa le go tlhomamisa dikgang tse di molemo semolao.’—Bafilipi 1:7.

6. A dithibelo le go ilediwa ga tiro ya batho ba ga Jehofa go ile ga ba thibela gore ba se ka ba gatela pele? Tshwantsha.

6 Ka bo1930, mo malatsing a a neng a lebisa kwa Ntweng ya Lefatshe II, dipuso tsa bokgokgontshi di ile tsa thibela kana tsa iletsa tiro ya Basupi ba ga Jehofa kwa Jeremane, Spain le Japane fa re umaka dinaga tse tharo fela. Mme ka ngwaga wa 2000, dinaga tseno tse tharo fela di ne di na le baboledi ba Bogosi jwa Modimo ba ka tshwara 500 000. Eo e ne e le palo e e batlang e lekana le palogotlhe ya Basupi mo lefatsheng lotlhe ka 1936 e menagane ga lesome! Ga go pelaelo gore dithibelo le go ilediwa ga tiro ga go ka ke ga thibela batho ba ga Jehofa go gatela pele ba eteletswe pele ke Moeteledipele wa bone yo o fenyang e bong Jesu Keresete.

7. Ke tiragalo efe e e kgethegileng e e neng ya direga ka 1958, mme ke phetogo efe e kgolo e e neng ya direga fa e sa le ka nako eo?

7 A bo kgatelopele eno e ile ya bonala thata jang fa ka 1958, go ne go tshwarwa kopano e kgolo go gaisa tsotlhe tse Basupi ba ga Jehofa ba kileng ba nna le tsone, e leng Kopano ya Ditšhabatšhaba ya Thato ya Modimo kwa New York City, e e neng ya nna le tlhora ya ba ba 253 922 ba ba neng ba le gone. Ka 1970 tiro ya bone e ne e letleletswe gape kwa dinageng tse tharo tse di umakilweng fa godimo, kwantle fela ga kwa nageng e ka nako eo e neng e bidiwa Jeremane Botlhaba. Mme gone Basupi ba ne ba sa ntse ba thibetswe kwa nageng e kgolo ya Soviet Union le kwa dinageng tse di tsalanang le yone tsa Warsaw Pact. Gompieno, kwa dinageng tseno tse pele e neng e le tsa Bokomonisi, go na le Basupi ba ba ka tshwarang halofo ya milione.

8. Matswela a go bo Jehofa a ile a segofatsa batho ba gagwe e ile ya nna afe, mme Tora ya Tebelo e ile ya bua eng ka seno ka 1950?

8 Basupi ba ga Jehofa ba ile ba segofadiwa ka go oketsega ka gonne ba ile ba tswelela pele ba ‘batla pele bogosi le tshiamo [ya Modimo].’ (Mathaio 6:33) Boporofeti jono jwa ga Isaia bo ile jwa diragadiwa ka tsela ya mmatota: “Yo monnye o tla nna sekete, le yo mmotlana o tla nna setšhaba se se thata. Nna, Jehofa, ke tla go akofisa mo motlheng wa gone.” (Isaia 60:22) Mme koketsego eno e sa ntse e tswelela. Morago fela jaana mo dingwageng tse di lesome tse di fetileng, babueledi ba ba tlhagafetseng ba Bogosi ba ile ba oketsega ka palo e e fetang ba le 1 750 000. Batho bano ba ile ba ithaopela go nna karolo ya setlhopha se ka 1950 Tora ya Tebelo e ileng ya akgela jaana ka sone: “Gone jaanong Modimo o baakanya setšhaba sa lefatshe le lesha. . . . Setlhopha seno sa konokono se tla falola Haramagedona, . . . go nna bone batho ba ntlha mo ‘lefatsheng le lesha‘ . . . , ba rulagantswe ka tsela ya puso ya Modimo e re ka e le bone ba ba tla bong ba itse dithulaganyo tsa phuthego.” Setlhogo seo se ile sa konela jaana: “Ka gone, a rotlhe re gateleng pele mmogo re le setšhaba sa lefatshe le lesha!”

9. Dilo tse Basupi ba ga Jehofa ba ileng ba di ithuta go ralala dingwaga di ile tsa nna mosola jang?

9 Kafa letlhakoreng le lengwe, setšhaba seno sa lefatshe le lesha se se ntseng se oketsega se bapetse kitso e gompieno e leng botlhokwa thata mme gongwe e bile e tlile go nna jalo ka nako ya fa go baakanngwa dilo morago ga Haramagedona. Ka sekai, Basupi ba ithutile go rulaganyetsa dikopano tse dikgolo, go dira dithulaganyo tsa ka potlako tsa namolo le go aga dikago ka bonako. Dilo tseno di dirile gore batho ba le bantsi ba kgatlhiwe ke Basupi ba ga Jehofa le go ba tlotla.

Go Baakanya Maikutlo a a Phoso

10, 11. Bontsha kafa maikutlo a a phoso ka Basupi ba ga Jehofa a ileng a baakanngwa ka teng.

10 Le fa go ntse jalo, go sa ntse go na le batho ba ba latofatsang Basupi ba ga Jehofa ka gore ga ba tsamaisane le batho ba bangwe. Seno se bakwa segolobogolo ke go bo Basupi ba latela se Baebele e se bolelang malebana le dilo tse di jaaka go tshelwa madi, boitlhaodi, go goga motsoko le boitsholo. Mme gone, batho ba le bantsi ba simolola go lemoga gore Basupi ba nepile. Ka sekai, ngaka nngwe kwa Poland e ile ya founela ofisi ya botsamaisi ya Basupi ba ga Jehofa e bolela gore ene le badirikaene kwa bookelong ba feditse diura di le mmalwa ba ganetsana ka kgang ya go tshelwa madi. Kgang eno e ne e tsositswe ke setlhogo se se neng se tlhagile mo lekwalodikgannyeng la letsatsi leo la Dziennik Zachodni. Ngaka eno e ile ya re: “Nna ka bonna ke swabisiwa ke go bo madi a sa dirisiwe sentle mo go tsa kalafi. Seno se tshwanetse go fetolwa, mme ke itumelela gore mongwe o ile a tsosa kgang eno. Nka rata go amogela tshedimosetso e e oketsegileng.”

11 Mo kokoanong e e neng e tshwerwe ngogola, baokamedi ba tsa kalafi go tswa kwa Canada, Yuropa, Iseraele le United States ba ile ba sekaseka tshedimosetso e e neng e diretswe go thusa dingaka go ara balwetse kwantle ga go ba tshela madi. Go ile ga tlhalosiwa kwa kokoanong eno, e e neng e tshwaretswe kwa Switzerland, gore go farologana le se batho ka bontsi ba se akanyang, totatota palo ya balwetse ba ba swang morago ga go tshelwa madi e feta ya balwetse ba ba sa a tshelweng. Gantsi balwetse ba Basupi ba kgona go tswa mo bookelong ka bonako go feta ba ba tshelwang madi e leng se tota se dirang gore ditshenyegelo tsa kalafi di fokotsege.

12. Neela sekai se se bontshang kafa batho ba ba tlotlegang ba ileng ba akgola boitlhaodi jwa Basupi ba ga Jehofa ka teng malebana le go itlhaola mo dilong tsa dipolotiki.

12 Gape go ilwe ga buiwa dilo tse dintsi tse di molemo ka boitlhaodi jwa Basupi ba ga Jehofa jwa pele ga Ntwa ya Lefatshe II le morago ga yone fa ba ne ba tlhaselwa thata ke Banasi. Bidio ya Jehovah’s Witnesses Stand Firm Against Nazi Assault, e e dirilweng ke Basupi ba ga Jehofa e bile ka tshwanelo e ileng ya tshamekwa la ntlha kwa kampeng ya pogisetso ya Ravensbrück kwa Jeremane ka November 6, 1996, e ile ya dira gore batho ba bue dilo tse dintsi tse di molemo. Fa e ne e bontshiwa ka tsela e e tshwanang kwa kampeng e e itsegeng thata ya pogisetso kwa Bergen-Belsen ka April 18, 1998, motsamaisi wa Setheo sa Dithuto Tsa Sepolotiki kwa Lower Saxony, Dr. Wolfgang Scheel, o ile a re: “Sengwe se se tlhabisang ditlhong thata se se diragetseng mo hisitoring ke gore Basupi ba ga Jehofa ba ile ba gana Bososhiale Jwa Setšhaba ka bopelokgale jo bogolo go feta dikereke tsa Bokeresete. . . . Le fa re ka tswa re akanya eng ka dithuto le tlhagafalo ya bodumedi ya Basupi ba ga Jehofa, tsela e ba ileng ba ema ba tlhomame ka yone ka nako ya puso e e setlhogo ya Banasi e re tlhoka gore re ba tlotle.”

13, 14. (a) Ke eng se se molemo ka Bakeresete ba bogologolo se se ileng sa buiwa ke mongwe yo go neng go sa lebelelwa gore a ka se bua? (b) Umaka dikai tsa ditsela tse di molemo tse go ilweng ga buiwa ka batho ba Modimo ka tsone gompieno.

13 Fa batho ba ba tlotlegang kana fa kgotlatshekelo e sa bone Basupi ba ga Jehofa molato mo kgannyeng nngwe, seo se ka nna sa fokotsa tsela e e sa siamang e Basupi ba lejwang ka yone mme sa dira gore ba lejwe ka tsela e e molemo. Gantsi seno se ba bulela tsela ya go bua le batho ba pele ba neng ba sa batle go ba reetsa. Ka gone, Basupi ba ga Jehofa ba itumelela dikgato tse di ntseng jalo e bile ba di anaanela thata. Seno se re gakolola se se neng sa direga mo lekgolong la ntlha la dingwaga kwa Jerusalema. Fa Sanehederine, kgotlakgolo ya Bajuda, e ne e batla go bolaya Bakeresete ka ntlha ya go rera ga bone ka tlhagafalo, Gamaliele, “yo o rutang Molao yo o tseelwang kwa godimo ke batho botlhe,” o ne a tlhagisa jaana: “Banna ba Iseraele, itlhokomeleng ka ga se lo ikaelelang go se dira mabapi le banna bano. . . . Lo se ka lwa tshwenyana le banna bano, mme ba leseng; (ka gonne, fa leano leno kgotsa tiro eno e tswa mo bathong, e tla senngwa; mme fa e tswa mo Modimong, ga lo na lo kgona go ba fenya;) go seng jalo, gongwe lo tla fitlhelwa lo le ba ba tlhabantshanang le Modimo.”—Ditiro 5:33-39.

14 Fela jaaka Gamaliele, bosheng jaana batho ba ba tlotlegang ba ile ba buelela kgololesego ya bodumedi ya Basupi ba ga Jehofa. Ka sekai, yo e kileng ya bo e le mookamedi wa Setheo sa Ditšhabatšhaba sa Kgololesego ya Bodumedi le Ditumelo o ile a re: “Ga go a siama gore bodumedi bo amogiwe ditshwanelo tsa jone fela ka go bo setšhaba se tsaya dithuto tsa jone e le tse di sa amogelegeng kana fela ka go bo se sa di rate.” Porofesa wa dithuto tsa saense ya bodumedi kwa yunibesithing ya Leipzig o ile a botsa potso eno e e tshwanelang malebana le khomishene ya puso ya Jeremane e e neng e tlhometswe go sekaseka se go tweng ke makoko a bodumedi a a belaetsang: “Ke eng fa go tshwanetse ga sekasekwa fela madumedi a mannye mme go sa sekasekiwe dikereke tse pedi tse dikgolo [Kereke ya Roma ya Katoliki le Kereke ya Lutere]?” Go bona karabo ya potso eno, re tshwanetse go akanyetsa mafoko a a neng a buiwa ke modiredimogolo mongwe wa pele wa Jeremane, yo o ileng a kwala jaana: “Ga go pelaelo gore batho ba ba tlhagafetseng mo kerekeng ba ile ba tlhotlheletsa ka tsela e e bofitlha ditshwetso tsa sepolotiki tse khomishene ya puso e di tsereng.”

Re Senka Thuso mo go Mang?

15, 16. (a) Ke eng fa kgato e e tserweng ke Gamaliele e se kile ya atlega ka botlalo? (b) Ke ka tsela efe batho ba bararo ba ba nang le maemo ba ileng ba se ka ba kgona go thusa Jesu ka botlalo?

15 Se Gamaliele a ileng a se bua se gatelela fela gore tiro e e engwang nokeng ke Modimo e ka se ka ya tlhoka go atlega. Ga go pelaelo gore Bakeresete ba pele ba ile ba solegelwa molemo ke mafoko a gagwe a o neng a a bua le Sanehederine, mme gone ba ile ba se ka ba lebala gore mafoko a ga Jesu a gore balatedi ba gagwe ba ne ba tla bogisiwa le one a ne a le boammaaruri. Kgato e e tserweng ke Gamaliele e ne ya thibela maano a baeteledipele ba bodumedi a go ba bolaya, mme gone seo ga se a ka sa fedisa pogiso gotlhelele, ka gonne re bala jaana: “Foo ba mo tsaya tsia, mme ba bitsa baaposetoloi, ba ba kgwathisa, ba bo ba ba laela gore ba tlogele go bua ka leina la ga Jesu, mme ba ba lesa ba tsamaya.”—Ditiro 5:40.

16 Fa Jesu a ne a sekisiwa, Ponto Pilato o ne a leka go mo golola ka a ne a sa bone molato ope mo go ene. Mme o ne a se ka a atlega. (Johane 18:38, 39; 19:4, 6, 12-16) Tota le maloko a mabedi a Sanehederine e bong Nikodemo le Josefa wa Arimathea, ba ba neng ba rata Jesu ba ne ba se ka ba kgona go thibela kgotla eno go tsaya dikgato tse e di tsereng kgatlhanong le Jesu. (Luke 23:50-52; Johane 7:45-52; 19:38-40) Thuso e batho ba ka kgonang go e neela batho ba ga Jehofa fa ba ba buelela—e ka ne e le ka lebaka lepe fela—e lekanyeditswe. Lefatshe le tla tswelela pele le ila balatedi ba boammaaruri ba ga Keresete, fela jaaka le ene ba ne ba mo ila. Jehofa ke ene fela yo o ka ba thusang ka botlalo.—Ditiro 2:24.

17. Basupi ba ga Jehofa ba leba dilo jang ka tekatekano, mme ke eng fa seno se sa koafatse boikaelelo jwa bone jwa go tswelela pele ba rera dikgang tse di molemo?

17 E re ka Basupi ba ga Jehofa ba leba dilo ka tekatekano, ba lebeletse gore pogiso e tla tswelela e le teng. Pogiso eno e tla khutla fela fa tsamaiso ya ga Satane e setse e fedisitswe gotlhelele. Lefa go ntse jalo, pogiso eno, le mororo e sa itumedise, ga e dire gore Basupi ba ikgogone mo go diragatseng tiro ya bone ya go rera ka Bogosi. Ke eng fa e ka dira jalo, e re ka ba engwa nokeng ke Modimo? Ba etsa sekao se se molemo sa Moeteledipele wa bone yo o pelokgale, Jesu Keresete.—Ditiro 5:17-21, 27-32.

18. Ke mathata afe a a sa ntseng a tlile go tlhagela batho ba ga Jehofa, mme gone ba tlhatswegile pelo gore dilo di tla felela jang?

18 Bodumedi jwa boammaaruri bo ne jwa ganediwa thata go tloga fela fa bo ne bo simologa. Gautshwane bo tla tloga bo tlhaselwa setlhogo ke Gogo, Satane mo maemong a gagwe a a maswe a fa e sa le a pirigantswe go tswa kwa legodimong. Mme gone, bodumedi jwa boammaaruri bo tla falola. (Esekiele 38:14-16) ‘Dikgosi tsa lefatshe lotlhe le le nang le banni’ tse di eteletsweng pele ke Satane, “di tla tlhabana le Kwana, mme, ka gonne ke Morena wa barena le Kgosi ya dikgosi, Kwana o tla di fenya.” (Tshenolo 16:14; 17:14) Ee, Kgosi ya rona e gatela pele go ya kwa phenyong ya makgaolakgang mme o tla tloga a “digela phenyo ya gagwe.” A bo e le tshiamelo e kgolo jang ne go tsamaisana le ene, ka go itse gore gautshwane jaana ga go ope yo o tla tlholang a ganetsa baobamedi ba ga Jehofa gape fa ba re: “Modimo o kafa go rona”!—Baroma 8:31; Bafilipi 1:27, 28.

A o Ka Tlhalosa?

• Ke eng se Jehofa a ileng a se dira go nonotsha phuthego ya Bokeresete fa e sa le Bogosi bo tlhongwa?

• Ke eng se Satane a se dirileng go leka go kganela Keresete go wetsa phenyo ya gagwe, mme ga felela ka eng?

• Ke pono efe e e lekalekaneng e re tshwanetseng go nna le yone ka dikgato tse di molemo tse di tsewang ke batho ba e seng Basupi?

• Satane o tla tloga a dira eng, mme seno se tla felela ka eng?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Setshwantsho mo go tsebe 18]

Dikopano ke bosupi jwa gore batho ba ga Jehofa ba gatela pele

[Ditshwantsho mo go tsebe 20]

Boitlhaodi jwa Basupi ka nako ya Ntwa ya Lefatshe II bo sa ntse bo dira gore Jehofa a bakwe