Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Ipela le go Leboga Le fa Ke Utlwisitswe Botlhoko ke go Swelwa

Go Ipela le go Leboga Le fa Ke Utlwisitswe Botlhoko ke go Swelwa

Kgang ya Botshelo

Go Ipela le go Leboga Le fa Ke Utlwisitswe Botlhoko ke go Swelwa

JAAKA GO BOLETSE NANCY E. PORTER

E ne e le June 5, 1947, mo maitsiboeng a a bothitho kwa Bahamas, ditlhaketlhake tse di mo lobopong lwa borwabotlhaba jwa United States. Modiredimogolo wa ofisi ya tsa batswakwa o ne a re etela re sa lebelela nna le monna wa me e bong George. O ne a re naya lekwalo le le neng le bolela gore ga re tlhole re batlega mo ditlhaketlhakeng tseno le gore re “tswe mo koloning gone jaanong jaana!”

NNA le George re ne re le barongwa ba ntlha ba Basupi ba ga Jehofa go tla mo Nassau, e leng toropo e kgolo go gaisa tsotlhe mo Bahamas. Fa re sena go aloga mo setlhopheng sa borobedi sa Gileade, sekolo sa barongwa sa kwa New York, re ne ra abelwa go tla mono. Re ne re dirile eng go bo re ka lelekwa botlhoko jalo morago ga go nna dikgwedi di le tharo fela? Mme go tlile jang gore ke bo ke sa ntse ke le mono morago ga dingwaga tse 50?

Go Thapisediwa Bodiredi

Rre e bong Harry Kilner o ile a nna le tlhotlheletso e kgolo thata mo tseleng ya botshelo e ke e tlhophileng. O ile a ntlhomela sekao se se molemo thata, a itima dilo di le dintsi gore e nne mongwe wa Basupi ba ga Jehofa. Le fa a ne a se na botsogo jo bontle go le kalo, o ne a rera mo e batlang e le mafelobeke mangwe le mangwe, ka tlhagafalo a dira gore dilo tsa Bogosi e nne tsone tse di tlang pele. (Mathaio 6:33) Re ne re humanegile thata mme gone lebenkele la gagwe la ditlhako e ne e le boremelelo jwa dilo tsa semoya kwa Lethbridge, Alberta, Canada, ka bo1930. Ke sa ntse ke gopola ditiragalo tsa nako eo sentle gore kwa legaeng la rona, re ne re tle re etelwe ke badiredi ba nako e e tletseng ba Basupi ba ga Jehofa ba ba bidiwang babulatsela, mme ba ne ba re tlotlela maitemogelo.

Ke ne ka simolola go nna mmulatsela ka 1943 gaufi le Fort Macleod le Claresholm, Alberta. Ka nako eo tiro ya rona ya go rera e ne e thibetswe kwa Canada ka ntlha ya go senngwa leina ke baganetsi ka nako ya Ntwa ya Lefatshe II. Tshimo ya rona e ne e namile sekgala sa dikilometara di le 50 mo matlhakoreng oomabedi, mme e re ka re ne re sa le basha e bile re le matlhagatlhaga, re ne re sa ipone tsapa go tsamaya ka dibaesekele kgotsa ka maoto go ya kwa metseng e mennye le kwa dipolasing tsa kgaolo eo. Ka nako eo, ke ne ka nna le tshono ya go etela baalogi bangwe ba Gileade mme maitemogelo a bone a ne a ntlhotlheletsa go nna le keletso ya go nna morongwa.

Ka 1945 re ne ra nyalana le George Porter, yo o neng a tswa kwa Saskatchewan, Canada. Batsadi ba gagwe ba ne ba sa bolo go nna Basupi ba ba tlhagafetseng fa e sa le go tloga ka 1916, mme le ene o ne a tlhophile bodiredi jwa nako e e tletseng go nna tiro ya gagwe ya botshelo jotlhe. Kabelo ya ntlha e re neng ra e newa e ne e le motse o montle wa Lynn Valley kwa North Vancouver, kwa Canada. Go ise go ye kae morago ga foo, re ne ra lalediwa go ya kwa Gileade.

Ke ile ka buisana le baalogi ba ditheo tse di farologaneng tsa bodumedi mo dingwageng tse di fetileng mme ke bone kafa thuto ya bodumedi e ba e rutilweng e ileng ya dira gore ba sale ba se na tumelo ka teng mo Modimong le mo Lefokong la gagwe, Baebele. Go farologana le moo, dilo tse re di ithutileng kwa Gileade di ile tsa nonotsha bokgoni jwa rona jwa go akanya mme se se botlhokwa le go feta, di ile tsa nonotsha tumelo ya rona mo go Jehofa Modimo le mo Lefokong la gagwe. Baithutikarona ba ne ba romelwa kwa China, Singapore, India, dinaga tsa Afrika, Amerika Borwa le kwa mafelong a mangwe. Ke sa ntse ke gopola boitumelo jo re neng ra nna le jone fa re ne re utlwa gore re abetswe go ya kwa ditlhaketlhakeng tsa boboatsatsi tsa Bahamas.

Se se Re Thusitseng go Nna

Fa re bapisa loeto lwa rona lwa go tla Bahamas le maeto a a neng a tsewa ke baithutikarona, lwa rona lo ne lo le lokhutshwane. Go ise go ye kae re ne re itumelela maemo a bosa a a bothitho, loapi lo lo phepa, metsi a a phepa, dikago tsa dipone tsa mebalabala le dibaesekele tse dintsintsi. Le fa go ntse jalo, sengwe sa dilo tsa ntlha tse di neng tsa nkgatlha thata e ne e le setlhotshwana sa Basupi ba batlhano ba ba neng ba tlile go re kgatlhantsha fa seketswana sa rona se goroga. Go ise go ye kae, re ne ra lemoga gore setso sa mono se farologane thata le se re se tlwaetseng. Ka sekai, monna wa me o ne a kopiwa gore a kgaotse go tlhola a mpitsa sweetheart fa re na le batho, ka gonne gantsi lefoko leno le dirisiwa go bitsa dinyatsi.

Go ise go fete nako e telele ke fa baruti ba re latofatsa ka maaka ba re re Makomonise, go bonala e le ka gonne ba ne ba sa rate go bo re etela batho ka kgololesego. Seno se ne sa dira gore re newe taelo ya gore re tswe mo nageng. Le fa go ntse jalo, ka yone nako eo Basupi—ba ka nako eo ba neng ba sa fete 20 mo ditlhaketlhakeng tseno—ba ne ba kopa dikete tsa batho go saena lekwalo la kopo ya gore re letlwe go nna. Ka gone, taelo ya gore re lelekwe e ne ya fetolwa.

Go ya Tshimong e Ntšha

Boammaaruri jwa Baebele bo ne jwa mela ka bonako mo dipelong tsa batho ba ba ratang Modimo, ka gone go ne ga romelwa barongwa ba Gileade ba ba oketsegileng mo Bahamas. Mme ka 1950, go ne ga tlhongwa ofisi ya lekala. Dingwaga di le lesome moragonyana, Milton Henschel, yo e leng leloko la badiredi ba ntlokgolo kwa Brooklyn, New York, o ne a etela Bahamas mme a botsa barongwa gore a ga go bape ba ba ka ratang go ya go simolola tiro ya go rera kwa setlhaketlhakeng se sengwe sa Bahamas. Nna le George re ne ra ithaopa, mme ka gone ra simolola se se neng sa feleletsa e le botshelo jwa rona jwa dingwaga tse 11 kwa Long Island.

Setlhaketlhake seno, se e leng sengwe sa tse dintsi tse di bopang Bahamas, se boleele jwa dikilometara tse 140 le bophara jwa dikilometara tse 6, mme ka nako eo, se ne se se na ditoropo tse di tlwaelegileng. Motsemogolo wa teng, e leng, Clarence Town, o ne o na le magae a ka nna 50. Botshelo jwa teng bo ne bo sa tlhabologa le e seng—go se na motlakase, metsi a dithepe, kana dilo tsa go apeela mo ntlong kana diphaepe tsa metsi. Ka jalo re ne ra tshwanelwa ke go itlwaetsa botshelo joo jwa setlhaketlhake se se kwa thokothoko. Batho ba teng ba rata matsogo thata. Re ne ra ithuta gore fa re dumedisa re se ka ra botsa motho gore “O tsogile jang?” ka gonne o ne a tla araba ka go lotolotsa kgang e telele ya botsogo jwa gagwe.

Gantsi tiro ya rona ya go rera e ne e akaretsa go etela batho mo matlwaneng a bone a boapeelo ka gonne batho ba teng ba rata go nna mo matlwaneng a a kwantle a boapeelo a a ruletsweng ka bojang le a a nang le leiso la dikgong. Bontsi jwa batho mo motseng e ne e le balemi kana batshwaraditlhapi ba ba humanegileng mme gone ba le pelonomi. Bontsi jwa bone ba ne ba rata bodumedi e bile ba rata tumelobotlhodi. Gantsi dilo tse di diregang tse di sa tlwaelegang di ne di tsewa di supa sengwe.

Baruti ba ne ba se ke ba ipona tsapa go tsena mo matlong a batho ba sa lalediwa ba tla go gagola dikgatiso tsa Baebele tse re neng re ba tlogeletse tsone. Ka gone ba ne ba tle ba tshose batho ba ba boi mme gone e ne e se botlhe ba ba neng ba ba boifa. Ka sekai, mosadimogolo mongwe yo o pelokgale wa dingwaga tse 70 o ne a se ka a letla go tshosediwa. O ne a batla go tlhaloganya Baebele mme kgabagare a nna Mosupi ene le batho ba bangwe ba le mmalwa. Fa re ntse re kopana le batho ba ba oketsegileng ba ba kgatlhegang, George o ne a tshwanelwa ke go kgweetsa sekgala sa dikilometara di ka nna 300 ka boSontaga, a thusa batho bao go tla dipokanong.

Mo dikgweding tsa ntlha tsa fa go ne go ise go nne le Basupi ba bangwe, nna le George re ne re inonotsha semoyeng ka go tshwara dipokano tsotlhe tsa Bokeresete ka metlha. Mo godimo ga moo, re ne ra latela thulaganyo e e gagametseng ya go ithuta thuto ya Tora ya Tebelo Mantaga mongwe le mongwe le go bala Baebele. Gape re ne re bala dimakasine tsotlhe tsa Tora ya Tebelo le Tsogang! ka bonako fela fa di sena go goroga.

Rre o ne a tlhokafala fa re sa ntse re le kwa Long Island. Mo selemong se se latelang, ka 1963, re ne ra dira dithulaganyo tsa gore Mmè a tle go nna gaufi le rona. Le mororo a ne a setse a godile thata, o ne a kgona go tlwaela botshelo jwa kwa Long Island mme a nna gone go fitlha a tlhokafala ka 1971. Gompieno, Long Island e na le phuthego e bile e na le Holo ya Bogosi e ntšha.

Kgwetlho e e Botlhoko

Ka 1980, George o ile a lemoga gore botsogo jwa gagwe bo ne bo simolola go koafala thata. Mahutsana a botshelo jwa me a ne a simolola jalo—ke bona mogatsake yo ke mo ratang, yo e neng e le modirikanna e bile e le tsala a tsenwa ke bolwetse jwa Alzheimer. Botho jwa gagwe bo ne jwa fetoga gotlhelele. Karolo ya bofelo e e neng e le botlhoko go gaisa e ne ya tsaya dingwaga di le nnè pele ga loso lwa gagwe ka 1987. O ne a tle a tsamaye le nna go ya bodireding le dipokanong fa a kgona, le fa gone ka dinako tse dintsi maiteko ao a ne a dira gore ke lele. Ke ile ka gomodiwa thata ke lorato lo logolo lwa bakaulengwe ba rona ba Bakeresete le fa gone ke sa ntse ke mo tlhoafalela thata.

Sengwe sa dilo tse ke di ratang thata ka lenyalo la me le George ke tsela e e molemo ya go buisana e re neng re na le yone. E re ka jaanong George a tlhokafetse, ke leboga go feta le fa e le leng pele go bo Jehofa a laletsa batlhanka ba gagwe gore ba ‘rapele ka go se kgaotse,’ gore ba ‘nnele ruri mo thapelong,’ le gore ba dirise “mofuta mongwe le mongwe wa thapelo.” (1 Bathesalonika 5:17; Baroma 12:12; Baefeso 6:18) Go kgothatsa tota go itse gore Jehofa o amega ka rona. Ruri ke ikutlwa jaaka mopesalema yo o ileng a opela jaana: “A go bakwe Jehofa, yo o re rwalelang morwalo letsatsi le letsatsi.” (Pesalema 68:19) Go itebanya le letsatsi lengwe le lengwe go ya kafa le tlang ka teng, go amogela ditlhaelo tsa me le go lebogela masego a ke a bonang letsatsi lengwe le lengwe, fela jaaka Jesu a ile a re gakolola, ruri ke tsela e e molemo go gaisa ya go tshela.—Mathaio 6:34.

Maduo a a Itumedisang a Bodiredi

Go nna ke tshwaregile mo bodireding jwa Bokeresete go nthusitse gore ke se nnele go akanya thata ka dilo tse di fetileng. Ka gone ke kgona go fenya maikutlo a a ka dirang gore motho a tshwenyege thata mo maikutlong. Go ruta batho ba bangwe boammaaruri jwa Baebele ke gone go go dirang gore ke nne ke itumetse thata. Go nthusa go nna le thulaganyo e e molemo ya ka metlha ya dilo tsa semoya e e dirang gore botshelo jwa me bo rulagane sentle le go tlhomama.—Bafilipi 3:16.

Nako nngwe ke ne ka founelwa ke mosadi mongwe yo ke neng ka mo rerela molaetsa wa Bogosi dingwaga tse 47 tse di fetileng. E ne e le morwadie motho wa ntlha yo ke neng ka ithuta Baebele le ene fa re ne re goroga mo Bahamas ka 1947. Mmaagwe, rraagwe, bokgaitsadie le mogoloe le bomonnawe le bana le ditlogolwana tsa bone, ba ne ba nna Basupi ba ga Jehofa. Tota e bile, ba lelapa la mosadi yono ba ba fetang 60 ke Basupi. Mme ene ga a ise a ko a amogele boammaaruri jwa Baebele. Mme jaanong o ne kgabagare a iketleeleditse go nna motlhanka wa ga Jehofa Modimo. A bo ke nnile le boipelo jo bogolo jang go bona setlhotshwana se sennye sa Basupi se se neng se le mo Bahamas fa nna le George re goroga se oketsega go fitlha go ba ba fetang 1 400!

Ka dinako tse dingwe batho ba mpotsa gore a ga ke eletse gore nkabo ke na le bana. Ke boammaaruri gore, go nna le bana e ka nna selo se se itumedisang. Le fa go ntse jalo, lorato lo bana ba me ba semoya, ditlogolwana le ditlogotlogolwana di mpontshang lone, go ka direga gore e bo e se lo batsadi botlhe ba lo bontshiwang ke bana ba bone ka namana. Ruri batho ba ba ‘lwelang go dira molemo’ mme ba ‘humile ditiro tse di molemo’ ke batho ba ba itumetseng go gaisa botlhe. (1 Timotheo 6:18) Ke gone ka moo ke nnang ke tshwaregile mo bodireding go ya kafa botsogo jwa me bo ntetlang ka teng.

Letsatsi lengwe fa ke ne ke ile ngakeng ya meno, lekgarebe lengwe le ne la tla kwa go nna mme la re, “Ga o nkitse, mme nna ke a go itse, ke batla go go itsise fela gore ke a go rata.” Go tswa foo o ne a nkitsise gore go tlile jang gore a ithute boammaaruri jwa Baebele le gore o leboga tota go bo rona barongwa re tlile mo Bahamas.

Nako nngwe fa ke ne ke bowa go tswa malatsing a boikhutso, ke ne ka fitlhela rosa e le nngwe e beilwe fa kgorong mo ke nnang teng kwa ofising ya lekala la Basupi ba ga Jehofa mo Nassau. E ne e na le lekwalonyana le le reng, “Re itumelela go bo o boetse gae.” Ke leboga Jehofa ke sa fetse mme go ntira gore ke mo rate go feta fa ke bona mofuta wa batho o Lefoko la gagwe, phuthego le moya wa gagwe o ba tlhagisitseng! Ruri tsela e Jehofa a ntlhokomelang ka yone gantsi ke e bona ka batho ba ke tshelang le bone.

Ke Leboga ke sa Fetse

Ga se gore ka metlha botshelo jwa me bo ile jwa nna motlhofo, tota le gone jaanong ga se gore bo motlhofo. Mme gone go na le dilo tse dintsi tse ke di lebogelang—boipelo mo bodireding, lorato le kamego ya bakaulengwe le bokgaitsadi ba bantsi ba Bakeresete, tsela e e lorato e phuthego ya ga Jehofa e re tlhokomelang ka yone, dithuto tse di molemo tsa boammaaruri jwa Baebele, tsholofelo ya go boa re kopana le baratiwa ba rona fa ba tsosiwa le dingwaga tse di itumedisang tse 42 tse ke di feditseng ke nyalane le motlhanka yo o ikanyegang wa ga Jehofa. Pele ga re nyalana, ke ile ka rapela gore ka metlha ke thuse monna wa me go nna a le mo bodireding jwa nako e e tletseng, jo a neng a bo rata thata. Jehofa o ne a araba thapelo eo ka tsela e e molemo. Ka gone ke batla go leboga Jehofa ka go ikanyega mo go ene ka dinako tsotlhe.

Bahamas ke lefelo le le ratwang thata ke bajanala, ba ba dirisang diketekete tsa diranta go etela kwano le go tla go itumelela mafelo ano a boboatsatsi. E re ka ke tlhophile go direla Jehofa ka tsela epe fela e phuthego ya gagwe e e kaelang, ke ile ka itumelela go tsaya mesepele go tswa mo karolong e nngwe ya ditlhaketlhake tseno go ya kwa go e nngwe, ke bolela dikgang tse di molemo tsa Bogosi jwa Modimo. Mme se se botlhokwa le go feta, ke ile ka itumelela go itse le go anaanela thata batho ba ba molemo le ba ba botsalano ba Bahamas.

Ruri ke leboga batho ba ba neng ba ruta batsadi ba me boammaaruri, ba le bone ba neng ba jala mo mogopolong le mo pelong ya me ke sa le mmotlana keletso e kgolo ya go batla pele Bogosi jwa Modimo. Batlhanka ba babotlana ba ga Jehofa le bone gompieno ba ka bona masego a mantsi fa ba ka tsena ka “kgoro e kgolo” e e ka ba thusang go bona ditshono tse dikgolo tsa go oketsa bodiredi. (1 Bakorintha 16:9) Le wena o tla leboga o sa fetse fa o ka dirisa botshelo jwa gago go tlotla “Modimo wa medimo,” Jehofa.—Duteronome 10:17; Daniele 2:47.

[Setshwantsho mo go tsebe 24]

Re le mo tirong ya mmila kwa Victoria B.C., ka 1944

[Setshwantsho mo go tsebe 24]

Nna le George re ne ra ya Sekolong sa Gileade ka 1946

[Setshwantsho mo go tsebe 25]

Ke na le George fa pele ga legae la barongwa mo Nassau, Bahamas ka 1955

[Setshwantsho mo go tsebe 26]

Legae la barongwa kwa Deadman’s Cay, kwa re neng re direla gone go tloga ka 1961 go ya go 1972