Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Ithuta Baebele—A go Ka go Tswela Mosola?

Go Ithuta Baebele—A go Ka go Tswela Mosola?

Go Ithuta Baebele—A go Ka go Tswela Mosola?

“E SE ka ya balwa moruti a seyo.” Tlhagiso eno e tlhaga mo masimologong a Dibaebele dingwe tsa Bakatoliki. Kay Murdy wa Setheo sa Baebele sa Katoliki kwa Los Angeles o bolela jaana: “Jaaka Bakatoliki ga se gantsi re ileng ra balelwa Baebele, mme dilo di a fetoga.” O akgela ka go re fa Bakatoliki ba setse ba lemoga kafa Dikwalo Tse di Boitshepo di ka amang matshelo a bone ka gone, “ba tshwarwa ke tlala le lenyora la go itse Baebele ka bobone.”

Malebana le phetogo eno, makasine wa U.S. Catholic o nopola motsamaisi mongwe wa dithuto tsa bodumedi yo o neng a re Bakatoliki ba ba nnang gone mo ditlhopheng tsa go ithuta Baebele ba na le boikutlo jwa gore “jaaka Bakatoliki ba timilwe sengwe le gore go na le khumo e ntsi mo Baebeleng. Ba batla go ipalela mangwe a mahumo a ba akanyang gore ba a timilwe.”

Le fa kgang e ka tswa e le eng, go na le “khumo” efe e moithuti wa Baebele a ka e bonang? Akanya ka seno: A o ka rata go itse gore o ka dirisana jang le ditlhobaelo tsa botshelo jwa letsatsi le letsatsi? O ka boloka jang kagiso mo lelapeng? Ke ka ntlha yang fa batho ba na le mekgwa e e maswe jaana le e e sa amogelweng mo setšhabeng? Ke ka ntlha yang fa go na le thubakanyo mo basheng ba gompieno? Dikarabo tse di ka ikanngwang tsa dipotso tseno le tse dingwe tse di raraaneng di ka bonwa mo Lefokong la Modimo, Baebele, mme ruri di tla nna “khumo,” e seng mo Bakatoliking kana mo Baporotesetanteng fela mme le mo Babudeng, Bahindu, Bamoseleme, Ba-Shinto le e leng mo bathong ba ba sa dumeleng mo Modimong le ba ba dumelang gore Modimo ke masaitseweng. Go ya kafa mopesalema a ileng a tlhalosa ka teng, ‘Lefoko la Modimo e ne e le lobone lwa lonao lwa gagwe, le lesedi la tsela ya gagwe.’ Le ka nna jalo le mo go wena.—Pesalema 119:105.