Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Nonotsha Tsela e o Ikanyang Jehofa ka Yone

Nonotsha Tsela e o Ikanyang Jehofa ka Yone

Nonotsha Tsela e o Ikanyang Jehofa ka Yone

Go rerwa lemena le le setlhogo. Badiredibagolo botlhe ba ile ba kopana mme ba akantshitse gore go tlhongwe molao o mosha. Ba batla gore e nne molato o ka one motho a ka otlhaiwang ka loso fa a ka inaakanya le kobamelo e Puso e sa e dumeleleng.

A SENO se utlwala se tlwaelegile? Hisitori e na le dikai tse dintsi tsa batho ba ba ileng ba rera bosenyi ka molao. Tiragalo e e fa godimo e ne ya direga kwa Mmusomogolong wa Peresia mo motlheng wa ga moporofeti Daniele. Molao o Kgosi Dario a ileng a o tlhoma, o ne o bolela jaana: “Le fa e le mang yo o lopang mo modimong ope fela kgotsa mo mothong mo malatsing a le masome a mararo fa e se mo [kgosing] o tshwanetse go latlhelwa mo mongobong wa ditau.”—Daniele 6:7-9.

Daniele o ne a tla dira eng fa a tshosediwa ka loso? A o ne a tla tswelela a ikanya Modimo wa gagwe e bong Jehofa, kana a o ne a tla ineela a bo a dira jaaka kgosi e laetse? Pego e re bolelela jaana: “Daniele, fela fa a sena go itse gore mokwalo o ne o beilwe leina, a tsena mo ntlong ya gagwe, mme a buletswe difensetere tsa ntlwana ya gagwe e e kwa borulelong ntlheng ya Jerusalema, o ne a khubama ka mangole gararo mo letsatsing a rapela e bile a isa pako fa pele ga Modimo wa gagwe, fela jaaka a ne a ntse a dira jalo ka metlha pele ga seno.” (Daniele 6:10) Karolo e e setseng ya pego e itsege sentle. Daniele o ne a latlhelwa mo mongobong wa ditau ka ntlha ya tumelo ya gagwe, mme le fa go ntse jalo, Jehofa o ne a “thiba melomo ya ditau” mme a namola motlhanka wa gagwe yo o ikanyegang.—Bahebera 11:33; Daniele 6:16-22.

Nako ya go Itlhatlhoba

Gompieno, batlhanka ba ga Jehofa ba tshela mo lefatsheng le le diphatsa, go na le dilo tse dintsi tse di tshosetsang boitekanelo jwa bone ka namana le jwa bomoya jwa bone. Ka sekai, mo ntweng e e setlhogo ya letlhoo la bomorafe mo dinageng dingwe, go ile ga bolawa Basupi ba le bantsi. Kwa mafelong a mangwe, batlhanka ba ga Jehofa ba lebana le tlhaelo ya dijo, mathata a tsa madi, masetlapelo a tlholego, bolwetse jo bo masisi le maemo a mangwe a a boitshegang. Mo godimo ga moo, ba tshwanelwa ke go itshokela pogiso, go gatelelwa kwa tirong, le dithaelo tse di farologaneng tsa go dira se se sa siamang, tse tsotlhe e leng dilo tse di bayang bomoya jwa bone mo kotsing. Ebu, Moganetsi yo Mogolo e bong Satane, o ikemiseditse go senya batlhanka ba ga Jehofa ka tsela nngwe le nngwe e go bonalang e ka atlega.—1 Petere 5:8.

Fa re lebane le maemo a a ntseng jalo, re ka dira eng? Le fa gone e le ga tlholego go boifa fa botshelo jwa motho bo le mo kotsing, re ka nna re gakologetswe mafoko ano a a gomotsang a ga moaposetoloi Paulo: “[Jehofa] o rile: ‘Ruri ga ke na ke go tlogela ka gope le fa e le go go latlha ka gope.’ Gore re tle re nne le bopelokgale jo bogolo mme re re: ‘Jehofa ke mothusi wa me; ga ke na ke boifa. Motho o ka ntirang?’” (Bahebera 13:5, 6) Re ka tlhomamisega gore Jehofa o ikutlwa jalo le ka batlhanka ba gagwe gompieno. Le fa go ntse jalo, go itse tsholofetso ya ga Jehofa go farologane thata le go tlhomamisega gore o tla re lwela. Ka jalo go botlhokwa thata gore re tlhatlhobe motheo o re theileng go ikanya ga rona Jehofa mo go one le gore re dire gotlhe mo re ka go kgonang go nonotsha le go boloka go mo ikanya goo. Fa re dira jalo, “kagiso ya Modimo e e gaisang kakanyo yotlhe e tla disa dipelo tsa [rona] le maatla a [rona] a mogopolo ka Keresete Jesu.” (Bafilipi 4:7) Mme fa diteko di tla, re tla kgona go akanya sentle le go lebana le tsone ka tsela e e botlhale.

Lebaka la go Ikanya Jehofa

Ruri re na le mabaka a mantsi a go ikanya Mmopi wa rona e leng Jehofa. La ntlha la one ke boammaaruri jwa gore Jehofa ke Modimo yo o lorato yo o amegang tota ka batlhanka ba gagwe. Go na le makgetlo a mantsi a a kwadilweng mo Baebeleng a a bolelang ka go amega ka tsela e e lorato ga ga Jehofa ka batlhanka ba gagwe. Fa Moshe a ne a tlhalosa tsela e Jehofa a neng a dirisana le batho ba gagwe e leng Iseraele ka yone, o ne a kwala jaana: “O ne a mo fitlhela mo lefatsheng le e leng naga fela, le mo sekakeng se se lolea, se se bokolelang. A simolola go mo dikanyetsa, go mo tlhokomela, go mo sireletsa jaaka thaka ya leitlho la gagwe.” (Duteronome 32:10) Mo motlheng wa segompieno, Jehofa o ntse a tswelela a tlhokomela batlhanka ba gagwe thata, ba le setlhopha le e leng motho ka bongwe. Ka sekai, fa Basupi bangwe ba ne ba tlhaelelwa dijo thata ka nako ya ntwa ya selegae kwa Bosnia, Jehofa o ne a tlhomamisa gore ba bona dilo tse ba di tlhokang thata ka thuso ya maiteko a bopelokgale a bakaulengwe ba bone go tswa kwa Croatia le Austria, ba ba ileng ba tsenya matshelo a bone mo kotsing ka go tsamaya mo mafelong a a kotsi thata go tlisetsa bakaulengwe ba bone dithoto tsa namolo. *

E re ka Jehofa Modimo e le Mothatayotlhe, ga go na pelaelo gore o kgona go sireletsa batlhanka ba gagwe mo maemong le fa e le afe. (Isaia 33:22; Tshenolo 4:8) Mme tota le fa Jehofa a letla bangwe ba batlhanka ba gagwe gore ba nne ba ikanyega go fitlha kwa losong, o sa ntse a ba tshegetsa le go ba thusa go boloka bothokgami jwa bone, a dira gore ba kgone go nna ba nitame, ba itumetse e bile ba ritibetse go fitlha kwa bofelong. Ka jalo re ka nna le tsholofelo eno e e tshwanang le ya mopesalema: “Modimo ke botshabelo le nonofo ya rona, thuso e e motlhofo go bonwa mo matshwenyegong. Ke gone ka moo re se kitlang re boifa, le fa lefatshe le fetoga le fa dithaba di reketlela mo pelong ya lewatle le legolo.”—Pesalema 46:1, 2.

Baebele gape e senola gore Jehofa ke Modimo wa boammaaruri. Se se raya gore o diragatsa ditsholofetso tsa gagwe ka metlha. Tota e bile, Baebele e mo tlhalosa e le Modimo “yo a ka se kang a aka.” (Tito 1:2) E re ka Jehofa a ile a bontsha gangwe le gape gore o ikemiseditse go sireletsa le go boloka batlhanka ba gagwe, re ka tlhomamisega ka botlalo gore ga se fela gore o kgona go diragatsa ditsholofetso tsa gagwe mme gape o ikemiseditse go di diragatsa.—Jobe 42:2.

Ditsela Tsa go Nonotsha go mo Ikanya ga Rona

Le mororo re na le mabaka a mantsi a go ikanya Jehofa, ga re a tshwanela go itlhokomolosa botlhokwa jwa kgang eno. Seno ke ka gonne lefatshe ka kakaretso ga le ikanye Modimo mme go ka nna motlhofo gore boikutlo jo bo ntseng jalo bo koafatse tsela e re ikanyang Jehofa ka yone. Ka jalo, re tshwanetse go dira maiteko a magolo go nonotsha le go boloka tsela eo e re mo ikanyang ka yone. Jehofa ka metlha o tlhokomela seno, mme o re file dilo tse di ka re thusang go dira jalo.

Sa ntlha, o re file Lefoko la gagwe le le kwadilweng e leng Baebele, le mo go lone go kwadilweng ditiro tse dintsi tse di maatla tse a di diretseng batlhanka ba gagwe. Akanya fela, o ka ikanya motho go le kana kang fa e le gore o itse leina la gagwe fela? Gongwe o tla mo ikanya go le gonnye thata, fa e le gore tota o tla mo ikanya. O tshwanetse gore o itse ditsela tsa gagwe le ditiro tsa gagwe gore o tle o mo ikanye, a ga go jalo? Fa re ntse re bala le go tlhatlhanya ka dipego tse di ntseng jalo tsa Baebele, kitso ya rona ka Jehofa le ka ditsela tsa gagwe tse di gakgamatsang e a gola, mme re kgona go lemoga thata kafa a ikanyegang ka teng. Ka gone go mo ikanya ga rona go a nonofa. Mopesalema o ne a tlhoma sekao se sentle fa a ne a rapela Modimo jaana ka tlhoafalo: “Ke tla gakologelwa ditiro tsa ga Jah; gonne ke tla gakologelwa tiro ya gago e e gakgamatsang ya bogologolo. Mme ruri ke tla tlhatlhanya ka tiro yotlhe ya gago, ke tla akanya ka ditiro tsa gago.”—Pesalema 77:11, 12.

Mo godimo ga Baebele, re bona dijo tse dintsi tsa semoya go tswa mo dikgatisong tsa Baebele tse di gatisitsweng ke phuthego ya ga Jehofa. Gareng ga dilo tse di tlhagang mo dikgatisong tseno, gantsi go na le dipego tse di amang maikutlo tsa batlhanka ba Modimo ba motlha wa rona, tse di bontshang kafa Jehofa a ileng a ba thusa ka teng le kafa a ileng a ba golola ka teng fa ba ne ba le mo mathateng. Ka sekai, Martin Poetzinger, yo moragonyana a ileng a nna leloko la Setlhopha se se Laolang sa Basupi ba ga Jehofa, o ne a lwala thata fa a ntse a le mmulatsela kwa mafelong a Yuropa kgakala le naga ya gaabo. O ne a se na madi, mme go se na ngaka epe e e neng e batla go mo tlhatlhoba. Mme gone, Jehofa ga a ka a mo latlha. Kgabagare, go ile ga buiwa le mookamedi wa dingaka tsa kokelo ya lefelo leo. Monna yono yo o pelonomi, yo o neng a dumela thata mo Baebeleng, o ne a tlhokomela Mokaulengwe Poetzinger jaaka morwawe, a dira jalo kwantle ga go mo duedisa. Go bala ka dikgang tse di ntseng jalo tsa batho ba bangwe tota go ka nonotsha tsela e re ikanyang Rraarona wa selegodimo ka yone.

Selo se sengwe se se botlhokwa thata se Jehofa a re thusang go nonotsha go mo ikanya ga rona ka sone ke tshiamelo e e botlhokwa ya thapelo. Moaposetoloi Paulo o re bolelela jaana ka lorato: “Lo se ka lwa tlhobaela ka sepe, mme mo go sengwe le sengwe ka thapelo le mokokotlelo mmogo le go ntshiwa ga ditebogo a dikopo tsa lona di itsisiwe Modimo.” (Bafilipi 4:6) “Sengwe le sengwe” se ka akaretsa maikutlo a rona, dilo tse re di tlhokang, tse re di boifang le ditlhobaelo tsa rona. Fa re rapela gangwe le gape e bile e le go tswa pelong, go ikanya ga rona Jehofa go tla nonofa le go feta.

Fa Jesu Keresete a ne a le mo lefatsheng, ka dinako tse dingwe o ne a ya kwa lefelong le le kwa thoko a le nosi go ya go rapela gore a se kgorelediwe ke sepe. (Mathaio 14:23; Mareko 1:35) O ile a ba a rapela Rraagwe bosigo jotlhe pele ga a dira ditshwetso tse di masisi. (Luke 6:12, 13) Ga go gakgamatse go bo go ikanya Jehofa ga ga Jesu go ne go nonofile thata jaana mo e leng gore o ne a kgona go itshokela teko e e setlhogo e go seng motho ope yo o kileng a lebana nayo. Mafoko a gagwe a bofelo fa a le mo thupeng ya tlhokofatso e ne e le a a reng: “Rara, ke neela moya wa me mo diatleng tsa gago.” Mafoko ao a supa gore tsela e a neng a ikanya Rraagwe ka yone e ne ya se ka ya fokotsega go fitlha kwa bofelong, le fa gone Jehofa a ile a se ka a tsaya kgato ya go mmoloka.—Luke 23:46.

Tsela e nngwe gape e re ka nonotshang go ikanya Jehofa ga rona ka yone ke ka go kopanela ka metlha le ba ba mo ikanyang ka pelo yotlhe. Jehofa o ne a laela batho ba gagwe gore ba phuthege ka metlha gore ba ithute go le gontsi ka ga gagwe le go kgothatsana. (Duteronome 31:12; Bahebera 10:24, 25) Go kopana mmogo jalo go nonotsha tsela e ba ikanyang Jehofa ka yone, go dira gore ba kgone go itshokela diteko tse di masisi tsa tumelo. Kwa nageng nngwe ya Afrika koo tiro ya go rera e neng e thibetswe gone, Basupi ba ga Jehofa ba ne ba sa sirelediwe ke mapodise, ba sa fiwe makwalo a mesepele, ditifikeite tsa lenyalo, kalafi ya kokelo le ditiro. Fa go ne go nna le ntwa ya selegae mo go lengwe la mafelo ano, maloko a le 39 a phuthego e e gaufi, go akaretsa le bana, a ne a nna mo e ka nnang dikgwedi di le nnè kafa tlase ga borogo jo bo kwa tlase mo sekakeng, gore ba tle ba falole go hulwa mo toropong ya bone. Mo maemong a a boima ao, go sekaseka temana ya Baebele letsatsi le letsatsi le dipokano tse dingwe go ne ga ba nonotsha thata. Ka tsela eo ba ne ba kgona go itshokela tiragalo eo e e botlhoko ba nonofile semoyeng. Tiragalo eno e supa kafa go kopana ka metlha le batho ba ga Jehofa go leng botlhokwa ka teng.

Sa bofelo, go nonotsha tsela e re ikanyang Jehofa ka yone, re tshwanetse go nna re le matlhagatlhaga mo tirong ya go rera ka Bogosi, ka metlha re iketleeditse go bolelela ba bangwe dikgang tse di molemo. Seno se ile sa supiwa ke tiragalo e e amang maikutlo e e neng ya diragalela mmoledi yo mosha yo o tlhoafetseng kwa Canada yo o neng a lwala bolwetse jo bo bolayang jwa lukemia. Le mororo a ne a lwala thata jalo, o ne a batla go nna mmulatsela wa ka metlha, e leng modiredi wa nako e e tletseng. Ka nako nngwe fa a ne a le botoka go sekae, o ne a nonofa ka tsela e e lekaneng go ka nna le seabe mo bodireding ka sebaka sa kgwedi e le mmulatsela yo o thusang. Morago ga foo, boemo jwa gagwe bo ile jwa nna maswe le go feta mme o ne a swa dikgwedi di sekae moragonyana. Le fa go ntse jalo, o ne a nna a nonofile mo semoyeng go fitlha kwa bofelong, go ikanya Jehofa ga gagwe ga go ise go ke go reketle le ka motlha. Mmaagwe o gakologelwa jaana: “O ne a amegile thata ka batho ba bangwe go na le ka ga gagwe, go ya fela kwa bokhutlong. O ne a tle a ba kgothaletse gore ba ithute Baebele, a ba bolelela gore, ‘Re tla nna mmogo kwa Paradaiseng.’”

Go Supa Gore re Ikanya Jehofa

“Jaaka mmele kwantle ga moya o sule, jalo le tumelo kwantle ga ditiro e sule.” (Jakobe 2:26) Se Jakobe a ileng a se bolela ka ga tumelo mo Modimong ke se se ka bolelwang le ka ga go Mo ikanya. Le fa re ka tswa re bolela gore re ikanya Modimo go le kana kang, ga go kaye sepe fa re sa supe go mo ikanya goo ka ditiro. Aborahame o ne a ikanya Jehofa ka botlalo mme o ne a bontsha go mo ikanya ka go ikobela ditaelo tsa gagwe kwantle ga go belaela, tota le go ya bokgakaleng jwa gore a ikemisetse go ntsha morwawe e bong, Isake setlhabelo. Ka gonne Aborahame a ile a ikanya Jehofa thata le go mo ikobela, o ne a itsege e le tsala ya gagwe.—Bahebera 11:8-10, 17-19; Jakobe 2:23.

Rona ga re tlhoke go leta go fitlha re lekwa ka tsela e e botlhoko pele ga re bontsha kafa re ikanyang Jehofa ka gone. Jesu o ne a raya barutwa ba gagwe jaana: “Motho yo o ikanyegang mo go se sebotlana thata o ikanyega le mo go se segolo, le motho yo o sa siamang mo go se sebotlana thata ga a a siama le mo go se segolo.” (Luke 16:10) Re tshwanetse go ithuta go ikanya Jehofa mo go sengwe le sengwe se re se dirang letsatsi le letsatsi, re mo ikobela le mo dilong tse di bonalang di sa re sepe. Fa re lemoga melemo e re tla e bonang ka ntlha ya go nna kutlo jalo, go ikanya Rraarona wa selegodimo go tla nonofa, go re thusa gore re lebane le diteko tse di kgolwane kana tse di tshosang thata.

Fa lefatshe le ntse le atamela bofelo jwa lone jo bo utlwisang botlhoko, batho ba ga Jehofa ba lebana le diteko le dikotsi tse di oketsegileng. (Ditiro 14:22; 2 Timotheo 3:12) Fa re leka go ikanya Jehofa thata le ka botlalo gone jaanong, re ka lebelela go falolela mo lefatsheng la gagwe le lesha le a le solofeditseng—e ka tswa e le ka go falola pitlagano e kgolo kana ka go tsosiwa mo baswing. (2 Petere 3:13) E kete le ka motlha re ka se letle gore go se ikanye Jehofa go senye botsala jwa rona jo bo botlhokwa le ene. Ka jalo, se se ileng sa bolelwa ka Daniele fa a sena go gololwa mo mongobong wa ditau se ka bolelwa le ka rona: “Ga se ka ga fitlhelwa a utlwile botlhoko gope, ka gonne o ne a ikantse Modimo wa gagwe.”—Daniele 6:23.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 9 Go bona dintlha tse di feletseng, bona Tora ya Tebelo, ya November 1, 1994, ditsebe 23-7.

[Setshwantsho mo go tsebe 9]

Go bala ka dipego tsa batlhanka ba ba ikanyegang ba ga Jehofa, ba ba jaaka Martin Poetzinger go nonotsha tumelo