Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

O ka Ikanya Ditekanyetso Tsa ga Mang?

O ka Ikanya Ditekanyetso Tsa ga Mang?

O ka Ikanya Ditekanyetso Tsa ga Mang?

Moeng yo e neng e le la ntlha a etela Afrika o ne a kgatlhwa ke go bona monna mongwe a eme a tlhamaletse fa thoko ga tsela. O ne a tlhokomela gore morago ga metsotso mengwe le mengwe e sekae, monna yono o ne a goga dinao tsa gagwe a bo a sutela go sekaenyana kwa thoko a ntse a eme a tlhamaletse jalo. Moeng yono o ne a lemoga moragonyana gore ke ka ntlha yang fa monna yono a ne a suta ka tsela eo. Totatota, o ne a leka go nna a le mo moriting wa pale ya mogala. Moriti wa teng o ne o ntse o suta ka bonya fa letsatsi la motshegare le ntse le suta mo le neng le le gone.

JAAKA moriti o o dirwang ke letsatsi, ditiro tsa batho le ditekanyetso le tsone di nna di ntse di suta le go fetoga jalo. Go farologana le seo, Jehofa Modimo, “Rara wa masedi a selegodimo,” ga a fetoge. Morutwa Jakobe o ne a kwala jaana ka ene: “Mo go ene ga go na go fetofetoga ga go menoga ga moriti.” (Jakobe 1:17) Moporofeti wa Mohebera e bong Malaki o ne a kwala se Modimo ka boene a se boletseng: “Ke nna Jehofa; ga ke a fetoga.” (Malaki 3:6) Modimo o ne a bolelela setšhaba sa Iseraele mo motlheng wa ga Isaia jaana: “Ke ntse ke le ene Yoo go fitlha botsofeng jwa motho; mme ke tla nna ke sikere go fitlha botlhogoputsweng jwa motho. Ruri ke tla tsaya kgato.” (Isaia 46:4) Ka jalo, go feta ga nako ga go fetole tsela e re tshwanetseng go ikanya ditsholofetso tsa Mothatayotlhe ka yone.

Thuto E re E Ithutang mo Molaong

Fela jaaka ditsholofelo tsa ga Jehofa di ikanyega e bile di sa fetoge, go ntse jalo le ka ditekanyetso tsa gagwe tsa se se siameng le se se sa siamang. A o ne o ka ikanya morekisi yo o dirisang dilekanyabokete tse pedi, tse se le sosi fela mo go tsone e leng sone se se siameng? Le e seng. Ka tsela e e tshwanang “sekale se se tsietsang ke selo se se makgapha mo go Jehofa, mme selekanyabokete se se feletseng sa leje se a mo ipedisa.” (Diane 11:1; 20:10) Mo Molaong o Jehofa a ileng a o naya Baiseraele, o ne a akaretsa taelo eno: “Lo se ka lwa dira ka go tlhoka tshiamiso fa lo atlhola, fa lo lekanya, fa lo lekanya bokete kgotsa fa lo lekanya diedi. Lo nne le dikale tse di tlhomameng, dilekanya bokete tse di tlhomameng, ifa e e tlhomameng le hine e e tlhomameng. Ke nna Jehofa Modimo wa lona, yo o lo ntshitseng kwa lefatsheng la Egepeto.”—Lefitiko 19:35, 36.

Go utlwa ga Baiseraele taolo eo go ile ga dira gore ba amogelwe ke Modimo le gore ba nne le dithoto tse dintsi. Ka tsela e e tshwanang, go latela ditekanyetso tsa ga Jehofa tse di sa fetogeng, e seng fela mo dilekanyong mme le mo dikarolong tsotlhe tsa botshelo, go tla dira gore moobamedi yo o mo ikanyang a nne le masego. Modimo o bolela jaana: “Nna Jehofa, ke Modimo wa gago, Yo ke go rutang gore o solegelwe molemo, Yo ke dirang gore o gate mo tseleng e o tshwanetseng wa tsamaya mo go yone.”—Isaia 48:17.

Ke Eng fa Gompieno Ditekanyetso di Senyega?

Baebele e tlhalosa lebaka la go bo gompieno ditekanyetso di senyega. Buka ya bofelo ya Baebele e leng Tshenolo, e tlhalosa ka ntwa kwa legodimong, e ditlamorago tsa yone di ileng tsa ama batho botlhe go fitlha le gompieno. Moaposetoloi Johane o ile a kwala jaana: “Ga tsoga ntwa kwa legodimong: Mikaele le baengele ba gagwe ba tlhabana le kgogela, le kgogela le baengele ba yone ba tlhabana mme ya se ka ya fenya, le gone ba se ka ba tlhola ba bonelwa bonno kwa legodimong. Jalo kgogela e kgolo ya piriganyediwa kwa tlase, noga ya kwa tshimologong, e e bidiwang Diabolo le Satane, yo o tsietsang lefatshe lotlhe le le nang le banni; ya piriganyediwa kwa tlase kwa lefatsheng, le baengele ba yone ba piriganyediwa kwa tlase le yone.”—Tshenolo 12:7-9.

Ditlamorago tse di ileng tsa latela morago ga ntwa eo e nnile dife? Johane o ne a tswelela jaana: “Ka lebaka leno itumeleng, lona magodimo le lona ba lo agileng mo go one! A bo go latlhega lefatshe le lewatle, ka gonne Diabolo o fologetse kwa go lona, a le bogale jo bogolo, ka a itse gore o na le lobaka lo lokhutshwane lwa nako.”—Tshenolo 12:12.

‘Go latlhega ga lefatshe’ go ile ga diragala fa Ntwa ya Lefatshe I e tsoga ka 1914 mme ya fedisa motlha wa ditekanyetso tse di farologaneng thata le tse di leng teng gompieno. Mokwalahisitori e bong Barbara Tuchman o bolela jaana: “Ntwa e Kgolo ya 1914-18 e ntse jaaka motlha wa lefatshe le le babotsweng, o o farologanyang motlha oo le wa rona. Ka go bolaya batho ba le bantsi ba ba ka bong ba ile ba nna mosola mo dingwageng tse di neng tsa latela, ka go senya ditumelo, go fetola dipono le go tlogela mabadi a a sa alafegeng a go swabisiwa, e ile ya dira gore go nne le phatlha e kgolo e e bonalang le ya megopolo mo gare ga metlha e mebedi eno.” Mokwalahisitori yo mongwe e bong Eric Hobsbawm o dumela jaana: “Fa e sa le ka 1914, go ile ga nna le go itlhokomolosiwa go go bonalang ga ditekanyetso tse ka nako eo di neng di tsewa e le tse di tlwaelegileng mo dinageng tse di tlhabologileng . . . Ga go motlhofo go tlhaloganya selekanyo, se ka maswabi se ntseng se golela pele, sa go boela mo go se bagologolwane ba rona ba lekgolo la bolesomerobongwe la dingwaga ba ka bong ba rile ke ditekanyetso tsa batho ba ba sa tlhabologang.”

Mo bukeng ya gagwe ya Humanity—A Moral History of the Twentieth Century, mokwadi Jonathan Glover o bolela jaana: “Karolo e le nngwe ya motlha wa rona ke go nyelela ga molao wa boitsholo.” Le fa gone a na le dipelaelo ka molao wa boitsholo o o tswang kwa motsweding o o kwa ntle, ka ntlha ya go fokotsega ga bodumedi kwa dinageng tsa Bophirima, o tlhagisa jaana: “Rona ba re sa dumeleng mo molaong wa boitsholo wa bodumedi re sa ntse re tshwanelwa ke go tshwenyega ka ntlha ya go nyelela ga one.”

Go fela ga boikanyegi gompieno—e ka tswa e le mo kgwebong, mo dipolotiking kana mo bodumeding kana le e leng mo dikamanong tsa botho le tsa lelapa—le ditlamorago tse di utlwisang botlhoko tsa gone, ke karolo ya maano a a boikepo a ga Diabolo a go dira gore baagi ba lefatshe ba nne mo tatlhegong. Satane o ikaeletse go lwa ntwa ya gagwe go fitlha kwa bofelong le go dira gore botlhe ba ba lekang go tshela ka ditekanyetso tsa Modimo ba tle go fedisiwa le ene.—Tshenolo 12:17.

A go na le tsela, tharabololo ya go fenya mokgwa o o renang ono wa go sa ikanyege? Moaposetoloi Petere o araba jaana: “Go na le magodimo a masha le lefatshe le lesha tse re di letetseng go ya ka tsholofetso ya [Modimo], mme ruri go tla nna tshiamo mo go tsone.” (2 Petere 3:13) Re ka ikanya tsholofetso eo ka gonne ga se fela gore Modimo o na le maatla a go diragatsa maikaelelo a gagwe mme gape o tlhomamisa gore a tla diragadiwa. Malebana le ‘lefoko lepe fela le le tswang mo molomong wa gagwe’ Jehofa o bolela jaana: “Ga le kitla le boela mo go nna le se na matswela, ruri le tla dira selo se se intumedisang, ruri le tla atlega mo go se ke le rometseng kwa go sone.” A tsholofetso e e ikanyegang ruri!—Isaia 55:11; Tshenolo 21:4, 5.

Go Tshela ka Ditekanyetso Tsa Modimo

Mo lefatsheng leno le ditekanyetso tsa lone di sa tlhomamang e bile di senyegang, Basupi ba ga Jehofa ba leka go tshela ka ditekanyetso tsa boitshwaro tse di mo Baebeleng. Ka ntlha ya seo, ba farologane le bontsi, mme gantsi seno se ile sa dira gore batho ba bangwe ba ba ele tlhoko le go ba sotla.

Kwa kopanong nngwe ya kgaolo ya Basupi ba ga Jehofa kwa Lontone, mmueledi mongwe o ne a bodiwa ke mmegadikgang wa thelebishene gore a tota Basupi ba ga Jehofa ke Bakeresete. O ne a araba jaana: “Ee, re Bakeresete tota ka gonne re etsa sekao sa ga Jesu. Go tletse bopelotshetlha mo lefatsheng, mme rona re tlhoma megopolo ya rona mo go Jesu Keresete gore ke ene tsela, boammaaruri le botshelo. Re dumela gore ke Morwa Modimo, e seng karolo ya Tharonngwe, ka jalo, tsela e re tlhaloganyang Baebele ka yone e farologane le bodumedi jo bo tlwaelegileng.”

Fa potsolotso eo e ne e gasiwa mo seteisheneng sa thelebishene sa BBC, mmegadikgang o ne a konela thulaganyo eo ka go bolela jaana: “Ke ithutile go le gontsi thata malebana le lebaka la go bo Basupi ba ga Jehofa ba tla go kokota mo mabating a rona. Ga ke akanye gore nkile ka bona batho ba le 25 000 ba apere sentle jaana e bile ba itshwere sentle botlhe ba le mo lefelong le le lengwe ka nako e e tshwanang.” A bosupi jo bo molemo ruri jo bo tswang mo mothong o sele o o etseng tlhoko botlhale jwa go ikobela ditekanyetso tsa Modimo tse di sa fetogeng!

Le fa batho bangwe ba ka tswa ba sa utlwane le kgopolo ya go tshela ka ditekanyetso tse ba sa di itirelang, re go kgothaletsa gore o sekaseke Baebele ya gago mme o ithute gore ditekanyetso tsa Modimo ke eng. Mme o se ka wa kgotsofalela go okola fela fa godimo. Latela kgakololo eno ya ga moaposetoloi Paulo: “Tlogelang go bopega jaaka tsamaiso eno ya dilo, mme lo fetolwe ka go fetola megopolo ya lona, gore lo iponele se thato ya Modimo e e molemo le e e amogelesegang le e e itekanetseng e leng sone.” (Baroma 12:2) Etela Holo ya Bogosi e e mo motseng wa lona, mme o itlwaelanye le Basupi ba teng. O tla bona gore ke batho fela ba ba tlwaelegileng ba ba ikanyang ditsholofetso tsa Baebele e bile ke batho ba ba supang gore ba ikanya Modimo ka go leka go tshela ka ditekanyetso tsa gagwe.

Go latela ditekanyetso tsa Modimo tse di sa fetogeng le tse di ikanyegang mo botshelong jwa gago tota go tla go tlisetsa masego. Sekegela tsebe taletso eno e e tswang go Modimo ka boene: “Fa fela o ne o ka tlhwaela ditaolo tsa me tsebe! Foo kagiso ya gago e ne e tla nna fela jaaka noka, le tshiamo ya gago jaaka makhubu a lewatle.”—Isaia 48:18.

[Ditshwantsho mo go tsebe 5]

Gompieno ga go na boikanyegi mo kgwebong, mo dipolotiking, mo bodumeding le mo dikamanong tsa lelapa