Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Baheshemone Le se Ba se Tlogetseng

Baheshemone Le se Ba se Tlogetseng

Baheshemone Le se Ba se Tlogetseng

FA Jesu a ne a le mo lefatsheng, Tumelo ya Sejuda e ne e kgaogane ka makoko, otlhe a kgaratlhela go nna le tlhotlheletso mo bathong. Jono ke boemo jo bo tlhalosiwang mo dipegong tsa Diefangele mmogo le mo makwalong a a kwadilweng ke rahisitori wa Mojuda wa lekgolo la ntlha la dingwaga e bong Josephus.

Bafarasai le Basadukai ba tlhalosiwa fano e le batho ba ba nang le tlhotlheletso e kgolo thata, mo ba kgonang go tlhotlheletsa batho gore ba se ka ba amogela Jesu e le Mesia. (Mathaio 15:1, 2; 16:1; Johane 11:47, 48; 12:42, 43) Le fa go ntse jalo, ditlhopha tseno tse pedi tse di nang le tlhotlheletso e kgolo jaana ga di umakiwe gope mo Dikwalong Tsa Sehebera.

Josephus o simolola go umaka Basadukai le Bafarasai fa a kwala ka ditiragalo tsa lekgolo la bobedi la dingwaga B.C.E. Mo nakong eno Bajuda ba le bantsi ba ne ba simolola go ineela mo Tsamaisong ya Segerika, mo setsong le mo filosofing ya Segerika. Kgogakgogano e e neng e le fa gare Tsamaiso ya Segerika le Tumelo ya Sejuda e ne ya ya magoletsa fa babusi ba Ba-Seleucus ba ne ba lweswafatsa tempele kwa Jerusalema, ba e neela Zeus. Moeteledipele mongwe yo o matlhagatlhaga wa Mojuda, e bong Judah Maccabee, wa lelapa le le itsiweng e le Baheshemone, o ne a etelela mophato wa marabele pele o o neng wa golola tempele mo diatleng tsa Bagerika. *

Mo dingwageng tse di neng tsa latela morago ga go tsuologa le go fenya ga Bamakabise, go ne ga nna le tlwaelo ya go tlhama makoko a a gaisanang ka megopolo e e rileng, lengwe le lengwe la one le gaisana le le lengwe le batla go latelwa ke Bajuda ba bantsi. Mme ke ka ntlha yang fa go ile ga nna le tlwaelo eno? Ke ka ntlha yang fa Tumelo ya Sejuda e ile ya nna le dikgaogano jaana? Go bona karabo, a re sekasekeng hisitori ya Baheshemone.

Go Oketsega ga Boipuso Le go Sa Utlwane

Morago ga gore Judah Maccabee a fitlhelele mokgele wa gagwe wa bodumedi wa go busetsa kobamelo mo tempeleng ya ga Jehofa, o ne a fetogela mo dipolotiking. Ka ntlha ya seo, Bajuda ba le bantsi ba ile ba tlogela go mo sala morago. Le fa go ntse jalo, o ne a tswelela go lwa le babusi ba Ba-Seleucus, a dira tumalano le Roma, mme a batla go tlhoma Puso e e ipusang ya Bajuda. Fa Judah a sena go swa mo ntweng, barwarraagwe e bong Jonathan le Simon ba ne ba tswelela ka ntwa eo. Mo tshimologong babusi ba Ba-Seleucus ba ne ba ganetsa Bamakabise ka bogale. Mme fa nako e ntse e ya, babusi bao ba ne ba simolola go dumelela dilo dingwe tsa bopolotiki, ba letla barwa bano ba Baheshemone go nna le boipuso go sekae.

Le fa Baheshemone ba ne ba tswa mo losikeng lwa seperesiti, go ne go ise go nne le ope wa bone yo o kileng a nna moperesiti yo mogolo. Bajuda ba le bantsi ba ne ba dumela gore maemo ano a ne a tshwanetse go tsewa ke mongwe wa baperesiti ba losika lwa ga Sadoke, yo Solomone a ileng a mo tlhoma go nna moperesiti yo mogolo. (1 Dikgosi 2:35; Esekiele 43:19) Jonathan o ne a dirisa ntwa le botswerere go tlhotlheletsa Ba-Seleucus go mo tlhoma go nna moperesiti yo mogolo. Mme morago ga loso lwa ga Jonathan, mogoloe e bong Simon o ne a kgona go dira se se fetang seo. Ka September 140 B.C.E., taelo e e botlhokwa e ne ya ntshiwa kwa Jerusalema e kwadilwe mo matlapanakwalelong a kgotlho ka mokwalo wa Segerika: “Kgosi Demetrius [mmusi wa Mogerika wa Mo-Seleucus] o mo tlhomile [Simon] go nna moperesiti yo mogolo, o mo dirile nngwe ya Ditsala tsa gagwe, e bile o mo tlotlomaditse thata. . . . Bajuda le baperesiti ba bone ba dumetse gore Simon e nne moeteledipele wa bone le moperesiti wa bone yo mogolo go ya goile, go fitlhela go ka tsoga moperesiti yo o ikanyegang.”—1 Maccabees 14:38-41 (buka ya hisitori e e fitlhelwang mo Apocrypha).

Boemo jwa ga Simon jwa go nna mmusi le moperesiti yo mogolo—ene le ditlogolwana tsa gagwe—bo ne bo dumeletswe e seng fela ke taelo ya naga e sele ya Ba-Seleucus mme le ke “Phuthego e Kgolo” ya batho ba gagwe ka namana. Seno e ne e le phetogo ya botlhokwa. Go ntse fela jaaka rahisitori Emil Schürer a tlhalosa gore, e rile fela fa Baheshemone ba sena go tlhoma puso ya sepolotiki, “selo se ba neng ba tshwenyegile thata ka sone e ne e sa tlhole e le go diragatsa Torah [Molao wa Sejuda] mme e le go boloka le go oketsa maatla a bone a sepolotiki.” Le fa go ntse jalo, Simon o ne a dirisa sereto sa “ethnarch,” kana “moeteledipele wa batho” go na le go dirisa sa “kgosi” ka gonne a ne a sa batle go kgopisa Bajuda.

Ga se batho botlhe ba ba neng ba itumeletse go bo Baheshemone ba ne ba tsere taolo ya bodumedi mmogo le ya bopolotiki. Go ya ka bakanoki ba le bantsi, setšhaba sa Ba-Qumran se ne sa tlhongwa ka yone nako e. Mongwe wa baperesiti ba losika lwa ga Sadoke, yo go dumelwang gore go umakiwa ene mo dikwalong tsa Qumran e le “Moruti wa Tshiamo,” o ne a tswa mo Jerusalema mme a etelela setlhopha sa marabele pele go tsena mo Sekakeng sa Judea go ralala Lewatle le le Suleng. Mongwe wa Memeno ya Lewatle le le Suleng, e e tlhalosang ka buka ya Habakuke, o nyatsa “Moperesiti yo o Bosula yo o neng a bidiwa ka leina la boammaaruri mo tshimologong, mme ya re fa a busa Iseraele pelo ya gagwe ya ikgogomosa.” Bakanoki ba le bantsi ba dumela gore tlhaloso eno e e newang ke lekoko leno ya “Moperesiti yo o Bosula” yo o busang, e ka tshwanela Jonathan kana Simon.

Simon o ne a tswelela ka letsholo la gagwe la ntwa gore a kgone go oketsa kgaolo e a neng a e laola. Le fa go ntse jalo, puso ya gagwe e ne ya fela ka tshoganyetso fa mogwe wa gagwe, Ptolemy, a ne a mo lobela dintsi ene le barwa ba gagwe ba babedi fa ba ne ba le mo moketeng gaufi le Jeriko. Maiteko ano a go menola puso ga a ka a atlega. John Hyrcanus, yo e neng e le morwa yo o setseng wa ga Simon, o ne a tlhagisiwa gore batho ba ne ba batla go mo lobela dintsi. O ne a tshwara batho ba ba neng ba batla go mmolaya mme a tsaya maemo a go nna moeteledipele le moperesiti yo mogolo mo boemong jwa ga rraagwe.

Koketsego e Kgolwane le Kgatelelo

Mo tshimologong, John Hyrcanus o ne a tshosediwa thata ke mephato ya Basiria, mme ka 129 B.C.E., puso ya losika lwa Ba-Seleucus e ne ya fenngwa mo ntweng e e botlhokwa le Ba-Parthia. Fa a bua ka tsela e ntwa eno e neng ya ama Ba-Seleucus ka teng, mokanoki wa Mojuda e bong Menahem Stern o ne a kwala jaana: “Mo e batlileng e le thulaganyo yotlhe ya bogosi e ne ya phutlhama.” Ka jalo, Hyrcanus o ne a “kgona go busetsa boipuso jo bo feletseng jwa sepolotiki jwa Judea le go simolola go atolosa melelwane ya gagwe go ya dintlheng tse di farologaneng.” Mme ruri o ne a e atolosa.

E re ka jaanong Hyrcanus a ne a sa tshosediwe ke Basiria ka gope, o ne a simolola go tlhasela mafelo a a kwa ntle ga Judea, a dira gore a nne mo taolong ya gagwe. Banni ba teng ba ne ba tshwanetse go fetogela mo Tumelong ya Sejuda go seng jalo metse ya bone e ne e tla ripitlwa. Letsholo lengwe le le tshwanang le leo le ne le le kgatlhanong le Baidumea (Baedoma). Stern o ne a akgela jaana ka ga seno: “Tsela e Baidumea ba sokolotsweng ka yone e ne e le la ntlha e direga, e re ka go ne ga sokololwa setšhaba sotlhe e seng batho ba le mmalwa fela.” Samarea e ne e le lengwe la mafelo a a neng a gapiwa, koo Hyrcanus a neng a senya tempele ya Samarea teng e e neng e le mo Thabeng ya Gerisime. Rahisitori e bong Solomon Grayzel o ne a kwala jaana, a tlhalosa kafa go neng go gakgamatsa ka gone go bo babusi ba losika lwa Baheshemone ba ne ba sokolola batho ka go ba patelela: “Yono e ne e le setlogolo sa ga Mattathias [rraagwe Judah Maccabee] yo o neng a roba one molaomotheo—kgololesego ya bodumedi—o kokomana e e fetileng e neng e o sireletsa thata jaana.”

Go Tsoga Bafarasai le Basadukai

Ke fela fa a kwala ka puso ya ga Hyrcanus mo Josephus a buang ka tlhotlheletso e e oketsegang ya Bafarasai le Basadukai. (Josephus o ne a umakile Bafarasai ba ba neng ba tshela ka nako ya puso ya ga Jonathan.) Ga a bue gore ba simologile kae. Bakanoki bangwe ba ba tsaya e le setlhopha se se duleng go Ba-Hasidim, lekoko la baruti le le neng le ema Judah Maccabee nokeng mo mekgeleng ya gagwe ya bodumedi mme ba ile ba mo tlogela fa a simolola go nna le mekgele ya sepolotiki.

Leina Bafarasai gantsi le amanngwa le lefoko la Sehebera le le rayang “ba ba tlhaotsweng,” le fa gone bangwe ba le leba e le le le rayang “batlhalosi.” Bafarasai e ne e le bakanoki ba ba neng ba tswa mo bathong ba ba tlwaelegileng, e seng mo losikeng lo lo kgethegileng. Ba ne ba itlhaola mo go itshekologeng go ya ka moetlo ka go tlhoma filosofi ya boineelo jo bo kgethegileng, ba dirisa melao ya tempele e e malebana le go nna boitshepo ga baperesiti mo maemong otlhe fela a botshelo. Bafarasai ba ne ba simolola mokgwa o mosha wa go tlhalosa Dikwalo le kgopolo e moragonyana e neng ya itsiwe e le molao o o sa kwalwang. Ka nako ya puso ya ga Simon ba ne ba nna le tlhotlheletso e kgolo fa bangwe ba bone ba ne ba tlhongwa go nna maloko a Gerousia (lekgotla la banna ba bagolwane), e morago e neng ya itsiwe e le Sanehederine.

Josephus o anela gore John Hyrcanus la ntlha e ne e le moithuti wa Bafarasai e bile a ba ema nokeng. Le fa go ntse jalo, ka nako e e rileng, Bafarasai ba ile ba mo kgalemelela go bo a sa tlogele go nna moperesiti yo mogolo. Seno se ile sa baka kgaogano e e maswe mo gare ga bone. Hyrcanus o ne a dira gore melao ya bodumedi ya Bafarasai e se ka ya nna ka fa molaong. Go ba otlhaya le e leng go feta, o ne a nna mo letlhakoreng la baganetsi ba bodumedi ba Bafarasai e leng Basadukai.

Go ka direga gore leina Basadukai le amana le Moperesiti yo Mogolo Sadoke, yo ditlogolwana tsa gagwe di ileng tsa tsaya boemo jwa boperesiti go tswa nakong ya ga Solomone. Le fa go ntse jalo, ga se Basadukai botlhe ba ba neng ba tswa mo losikeng lono. Go ya ka Josephus, Basadukai e ne e le banna ba ba tlotlegang le ba ba humileng mo setšhabeng mme ba ne ba sa engwe nokeng ke batho ba bantsi. Moporofesa Schiffman o akgela jaana: “Bontsi jwa bone . . . go bonala e ne e le baperesiti kana batho ba ba ileng ba nyala mo malapeng a baperesiti ba bagolo.” Ka jalo ba ne ba sa bolo go nna le dikamano le ba ba nang le taolo. Ka jalo, seabe se segolo se Bafarasai ba neng ba na le sone mo botshelong jwa batho le kgopolo ya Bafarasai ya go fetisetsa boitshepo jwa boperesiti mo bathong botlhe e ne e lebiwa e le matshosetsi a a neng a tla koafatsa taolo e e tlwaelegileng ya Basadukai. Mme jaanong, mo dingwageng tsa bofelo tsa puso ya ga Hyrcanus, Basadukai ba ne ba bona taolo gape.

Bopolotiki bo a Oketsega, Boineelo bo a Fokotsega

Morwa wa leitibolo wa ga Hyrcanus, e bong Aristobulus, o ne a busa ngwaga o le mongwe fela pele a swa. O ne a tsweletsa pele molao wa go sokolola ka go patelela ka go o dirisa mo go Baiturea a ba a dira gore Galalea e e kwa godingwana e nne mo tlase ga taolo ya Baheshemone. Mme puso ya losika lwa Baheshemone e ne ya fitlhelela maatla a yone a magolo fa go busa morwarraagwe e bong Alexander Jannaeus, yo o neng a busa go tloga ka 103-76 B.C.E.

Alexander Jannaeus o ne a tlogela tsela ya pele ya go dira dilo mme a itlhoma go nna moperesiti yo mogolo le kgosi. Dikgotlhang fa gare ga Baheshemone le Bafarasai di ne tsa gola, tsa ba tsa felela ka ntwa ya selegae mo go ileng ga swa Bajuda ba le 50 000. Morago ga go emisa botsuolodi, ka go latela tlwaelo ya dikgosi tsa baheitane, Jannaeus o ne a dira gore batsuolodi ba le 800 ba kalediwe. Ba lebane le loso jalo, basadi ba bone le bana ba ne ba bolawa fa pele ga matlho a bone, fa Jannaeus ene a ne a keteka phatlalatsa le bagadingwana ba gagwe. *

Le fa Jannaeus a ne a tlhoile Bafarasai, e ne e le radipolotiki yo o dirang dilo ka botlhale. O ne a bona gore batho ba ba neng ba tshegetsa Bafarasai ba ne ba oketsega. Fa a ne a swa, o ne a laela mosadi wa gagwe, Salome Alexandra, gore a buse mmogo le bone. Jannaeus o ne a tlhophile ene mosadi wa gagwe mo boemong jwa bomorwawe go mo tlhatlhama mo bogosing jwa gagwe. Mosadi wa gagwe o ne a iponatsa e le mmusi yo o nang le bokgoni, a dira gore setšhaba se nne le motlha wa kagiso go feta epe fela mo pusong ya Baheshemone (76-67 B.C.E.). Bafasarai ba ne ba busediwa maemo a bone a taolo, mme melao e e neng e thibela taolo ya bone ya sedumedi e ne ya tlosiwa.

Fa Salome a swa, bomorwawe e bong Hyrcanus II, yo o neng a kile a nna moperesiti yo mogolo, le Aristobulus II, ba ne ba simolola go lwela taolo. Ka bobedi jwa bone ba ne ba se na temogo ya sepolotiki le ya ntwa e bagologolwane ba bone ba neng ba na le yone e bile go ne go bonala gore boobabedi ba ne ba sa tlhaloganye ka botlalo gore go oketsega ga Baroma mo kgaolong eo morago ga gore puso ya Ba-Seleucus e we gotlhelele, go ne go raya eng. Ka 63 B.C.E ka bobedi jwa bone ba ne ba ya kwa mmusing wa Moroma Pompey fa a ne a le kwa Damaseko go mo kopa gore a tsereganye kgotlhang eno. Mo go one ngwaga oo, Pompey le masole a gagwe ba ne ba gwantela mo Jerusalema mme ba simolola go busa. E ne e le tshimologo ya bokhutlo jwa bogosi jwa Baheshemone. Ka 37 B.C.E., Jerusalema e ne ya gapiwa ke Kgosi Herode yo Mogolo wa Moidumea, yo Senate ya Roma e neng e mo tlhomile go nna “Kgosi ya Judea,” “mothusi le tsala ya batho ba Roma.” Bogosi jwa Baheshemone bo ne bo fedile.

Se se Tlogetsweng ke Baheshemone

Motlha wa Baheshemone, go tloga ka Judah Maccabee go fitlha ka Aristobulus II, o ne wa thaya motheo wa thulaganyo e e kgaoganeng ya bodumedi e e neng e le gone fa Jesu a ne a le mo lefatsheng. Baheshemone ba ne ba simolola ba tlhagafaletse go obamela Modimo, mme seno se ne sa senyega go fitlha e nna go ipatlela dilo ka mabela. Baperesiti ba bone, ba ba neng ba na le sebaka sa go dira batho seoposengwe go latela Molao wa Modimo, ba ne ba gogela setšhaba mo moleteng wa kgogakgogano ya sepolotiki. Mo maemong ano, dipono tse di kgaoganyang tsa bodumedi di ne tsa anama. Baheshemone ba ne ba sa tlhole ba le gone, mme go lwela taolo ya bodumedi fa gare ga Basadukai le Bafarasai le ba bangwe go ne go tla ata mo setšhabeng se jaanong se neng se busiwa ke Herode le Roma.

[Dintlha tse di kwa tlase]

^ ser. 4 Bona setlhogo se se reng “Bamakabise E ne E le Bomang?” mo go Tora ya Tebelo ya November 15, 1998.

^ ser. 22 Momeno wa Lewatle le le Suleng wa “Kakgelo ka Nahume,” o umaka “Tau e e Shakgetseng” e e neng ya “kaletsa banna ba tshela,” mme o ka nna wa bo o bua ka tiragalo e e fa godimo.

[Tšhate mo go tsebe 30]

(Go bona mokwalo o o feletseng, leba kgatiso)

Losika Lwa Segosi Lwa Baheshemone

Judah Maccabee

Jonathan Maccabee

Simon Maccabee

John Hyrcanus

↓ ↓

Aristobulus

Salome Alexandra — o ne a nyalwa ke — Alexander Jannaeus ↓ ↓

Hyrcanus II

Aristobulus II

[Setshwantsho mo go tsebe 27]

Judah Maccabee o ne a batla gore Bajuda ba ipuse

[Motswedi wa Setshwantsho]

The Doré Bible Illustrations/Dover Publications, Inc.

[Setshwantsho mo go tsebe 29]

Baheshemone ba ne ba lwela go godisa taolo mo metseng ya batho ba e seng Bajuda

[Motswedi wa Setshwantsho]

The Doré Bible Illustrations/​Dover Publications, Inc.