Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

Mo go 2 Petere 3:13 ke ka ntlha yang fa Thanolo ya Lefatshe le Lesha e bua ka “magodimo a masha [mo bontsing] le lefatshe le lesha,” mme mo go Tshenolo 21:1 e bolelela pele ka “legodimo le lesha [mo bongweng] le lefatshe le lesha”?

Seno tota se amana le thutapuo ya dipuo tsa ntlhantlha. Ga go bonale go na le bokao bongwe jo bo kgethegileng fa go tla mo go se dipolelwana tseno di se bolelang.

Sekaseka pele Dikwalo Tsa Sehebera. Mo mokwalong wa puo ya ntlha, lefoko la Sehebera sha·maʹyim le le ranolwang e le “(ma)legodimo,” le mo bontsing ka dinako tsotlhe. Bontsi jwa lone go bonala bo bontsha, e seng bogolo jwa tlotlomalo, mme bo bontsha kgopolo ya bontsi jo bo kayang “bogolo jwa lefelo,” kana kgopolo ya “selo se se feletseng se se nang le dikarolo tse dintsintsi tse di farologaneng.” Seo se a utlwala ka gonne magodimo a mmatota a phuthologela kgakalakgakala le lefatshe mo dintlheng tsotlhe mme a akaretsa dibilione tsa dinaledi. Fa mo Sehebereng sha·maʹyim e tla morago ga lebopitlhopho, mo e ka nnang ka metlha Thanolo ya Lefatshe le Lesha e e ranola ka go re “magodimo,” jaaka mo go Isaia 66:22. Fa sha·maʹyim e tlhaga kwantle ga lebopitlhopho, e ka kwalwa mo bongweng (“legodimo,” jaaka mo go Genesise 1:8; 14:19, 22; Pesalema 69:34) kana mo bontsing (“magodimo,” jaaka mo go Genesise 49:25; Baatlhodi 5:4; Jobe 9:8; Isaia 65:17).

Mo go Isaia 65:17 le mo go 66:22, lefoko la Sehebera la magodimo le mo bontsing mme tsela e e tlhophilweng go le ranola mo makgetlong oomabedi ke “magodimo a masha le lefatshe le lesha.”

Lefoko la Segerika ou·ra·nosʹ le raya “legodimo,” mme fa le le mo bontsing e le ou·ra·noiʹ le raya “magodimo.” Se se gakgamatsang ke gore baranodi ba Septuagint ya Segerika ba ile ba le dirisa le le mo bongweng mo go Isaia 65:17 le mo go 66:22.

Mme go tweng ka makgetlo a mabedi a mafoko “legodimo [kana magodimo] le lesha le lefatshe le lesha” a tlhagang gone mo Dikwalong Tsa Bokeresete Tsa Segerika?

Mo go 2 Petere 3:13, moaposetoloi o ne a dirisa lefoko la Segerika le le mo bontsing. Pele fela ga moo (ditemana 7, 10, 12), o ne a bua ka “magodimo” a a boikepo a gone jaanong, a dirisa bontsi. Ka jalo o ne a dirisa one mokgwa oo wa go dirisa bontsi mo go temana 13. Mo godimo ga moo, go bonala a ne a nopola go tswa mo go Isaia 65:17 ya ntlhantlha, koo Sehebera se leng mo bontsing, fela jaaka mo go 2 Petere 2:22 a ile a nopola mo mokwalong wa Sehebera mo go Diane 26:11. Ka jalo Petere o ne a lebisitse go “magodimo a masha [bontsi] le lefatshe le lesha tse re di letetseng go ya ka tsholofetso ya gagwe.”

Mme go farologana le seo go se kae, go bonala mo go Tshenolo 21:1, moaposetoloi Johane a ne a dirisa thanolo e e mo go Isaia 65:17 mo go Septuagint, e jaaka go tlhalositswe e neng e na le lefoko la Segerika la “legodimo” le le mo bongweng. Ka jalo, se Johane a neng a se kwala e ne e le: “Ka bona legodimo [bongwe] le lesha le lefatshe le lesha; gonne legodimo la pele le lefatshe la pele di ne di fetile.”

Ano ke mabaka a thutapuo a a amanang le tsela ya go ranola. Re tshwanetse go umaka gape gore ga go bonale go na le pharologanyo mo bokaong fa motho a bala kana a bua ka “magodimo a masha” kana “legodimo le lesha.” Tsela e dipolelwana tseno di dirisiwang ka yone e a tshwana.

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 31]

Stars: Frank Zullo