Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Madi Kgotsa Botshelo?

Madi Kgotsa Botshelo?

Madi Kgotsa Botshelo?

Gongwe o kile wa utlwa ka dinokwane tse di bayang tlhobolo mo diphatleng tsa batlhaselwa ba tsone, di ba laela jaana: “Madi kgotsa botshelo!” Gompieno, taelo eno e e tumileng e utlwala mo bothateng jo rotlhe re lebaneng najo—segolobogolo bangwe ba rona ba ba nnang mo dinageng tse di humileng. Le fa go ntse jalo, mo kgannyeng eno, ga se dinokwane tse di laelang batho jalo. Go na le moo, go dirwa ke kgang ya go bo setšhaba se tsaya go nna le madi a mantsi le dithoto e le selo se se botlhokwa thata.

BOIKUTLO jo bo ntseng jalo bo dirile gore go tlhage mathata le matshwenyego a mangwe a masha. Re tshwanetse go batla go nna le madi le dithoto ka go tsaya matsapa a a kana kang? A re ka kgona go kgotsofala fa re na le go sekae fela? A batho ba ikamoga “botshelo jwa mmatota” ka ntlha ya go rata dikhumo? A madi ke tsela ya go bona boitumelo mo botshelong?

Go Rata Madi Bobe

Gareng ga dilo tse batho ba di eletsang le tse ba di ratang thata—e ka tswa e le ka mabaka a a utlwalang kana a a sa utlwaleng—go rata madi go di goga kwa pele. Go farologana le keletso ya tlhakanelodikobo le dijo, go rata madi bobe e ka nna selo se se nnelang ruri. Go bonala fa botsofe bo sa go kokobatse. Gantsi go tsofala go ka dira gore motho a kgatlhegele madi thata kana a tshwenyege thata ka se a ka se rekang.

Go bonala fa bopelotshetlha bo oketsega. Setshameki sengwe se segolo mo baesekopong nngwe e e tumileng se ne sa bolela jaana: “Bopelotshetlha bo a thusa. Bopelotshetlha bo mosola.” Le fa batho ba le bantsi ba ne ba re dingwaga tsa bo1980 ke Motlha wa Bopelotshetlha, se se ileng sa diragala pele ga tsone le morago ga tsone se bontsha gore tsela e batho ba itshwarang ka yone ka ntlha ya madi ga e a fetoga thata go ralala dingwaga.

Se se ka tswang se le sesha ke kgang ya go bo batho ba le bantsi ba bona ditshono tsa go kgotsofatsa keletso ya bone ya go batla go nna le dilo tse dintsi ka bonako. Go bonala fa gantsi bontsi jwa batho ba dirisa maatla a bone go dira le go kgobokanya dithoto tse dintsintsi. O ka tswa o dumela gore go nna le dithoto le go dirisa madi go fetogile selo se se ratwang thata—mme e bile ke selo se se akanyediwang go gaisa tsotlhe mo botshelong.

A mme seno se dira gore batho ba itumele thata? Fa Kgosi Solomone yo o botlhale le yo o humileng thata a ne a araba potso eo, o ne a kwala jaana dingwaga di le 3 000 tse di fetileng: “Morati wa selefera ga a kitla a kgotsofadiwa ke selefera, le fa e le morati ope wa khumo ga a kitla a kgotsofadiwa ke madi a lotseno. Seno le sone ke lefela.” (Moreri 5:10) Dipatlisiso tsa segompieno tsa thutoloago le tsone di konela ka tsela eo e e kgatlhang.

Madi le Boitumelo

Nngwe ya dipatlisiso tse di gakgamatsang thata tse di dirilweng malebana le boitshwaro jwa batho ke gore go kgobokanya madi le dithoto ga go tlisetse motho kgotsofalo le boitumelo jo bo oketsegileng. Se babatlisisi ba bantsi ba se lemogileng ke gore fa motho a setse a fitlhile mo selekanyong se se rileng sa khumo, go kgotsofala ga gagwe ga go ikaege ka gore o na le dithoto tse dintsi go le kana kang.

Ka gone, go latelela dikhumo le madi ka tsela e e sa laolesegeng go dira gore batho ba le bantsi ba sale ba ipotsa gore, ‘Le fa gone go bonala re itumelela dilo tsotlhe tse disha tse re di rekang; ke eng fa morago ga seno sotlhe, re fitlhela gore menate eno ga e oketse kgotsofalo ya rona ka tsela epe?’

Mokwadi Jonathan Freedman mo bukeng ya gagwe ya Happy People, o bolela jaana: “Fa motho a setse a na le lotseno lo lo lekaneng, selekanyo sa madi a a nang nao ga se thuse sepe mo go direng gore a nne le boitumelo. Fa motho a simolola go huma, lotseno lo a nang nalo ga lo amane go le kalo le boitumelo.” Batho ba le bantsi ba lemogile gore se tota se leng botlhokwa gore motho a bone boitumelo ke gore motho a nne le matlotlo a semoya, ditiro tse di mosola mo botshelong le boitsholo jo bo siameng. Selo se sengwe se se botlhokwa ke go nna le botsalano jo bo molemo le batho ba bangwe le go se nne le dikgotlhang le dikgoreletsi tse di ka re thibelang go itumelela dilo tse re nang natso.

Batho ba le bantsi ba bona fa se se bakang bontsi jwa mathata a gone jaanong a loago e le kgang ya go bo batho ba leka go dirisa khumo ya dithoto go rarabolola se tota e leng mathata a maikutlo. Baakgedi bangwe ba loago ba bua ka boikutlo jo bo anameng jwa go tlhoka tsholofelo le go sa kgotsofale. Ba lemogile le gore batho ba bantsi ba ba humileng ba rata go ya kwa baalafing kana go batla thuso ya bagakolodi ba bodumedi, ya makoko a a belaetsang le ditlhopha tse di ipolelang gore di alafa batho. Seno se supa gore dikhumo di ka se ka tsa kgona go dira gore motho a nne le boitumelo jwa mmatota mo botshelong.

Go nna le Maatla le go Tlhoka Maatla ga Madi

Gone ke boammaaruri gore madi a na le maatla. A ka reka matlo a mantle, diaparo tsa maemo a a kwa godimo le fanitšhara ya manobonobo. Gape a ka dira gore motho a tseelwe kwa godimo, go dirwe se a se batlang, a forwe, le e leng go nna le ditsala di le mmalwa tsa nakwana le tse di batlang a di direla molemo mongwe. Mme ke tsone dilo tseo fela tse maatla a madi a kgonang go di dira. Madi ga a kgone go reka dilo tse re di tlhokang thata—lorato lwa tsala ya boammaaruri, go ritibala maikutlo, kgomotsonyana e e tswang pelong e o e tlhokang ka nako ya fa o swetswe. Mme mo bathong ba ba anaanelang botsalano jwa bone le Mmopi, madi a ka se ka a ba thusa gore ba amogelwe ke Modimo.

Kgosi Solomone yo o neng a na le dilo tsotlhe tse dintle tse madi a neng a ka kgona go di reka mo motlheng wa gagwe, o ne a lemoga gore go ikanya dithoto ga go dire gore motho a nne le boitumelo jo bo nnelang ruri. (Moreri 5:12-15) Madi a ka latlhega fa dibanka di phutlhama kana fa ditlhwatlhwa di tlhatloga. Ditsha le matlo di ka nna tsa senngwa ke sefefo se segolo. Le fa gone dithulaganyo tsa inshorense di duelela bontlhanngwe jwa dithoto tse di senyegileng ga di kgone go duelela ditatlhegelo tsa maikutlo. Ditoko le dibonto di ka fokotsega boleng ka ponyo ya leitlho fa ikonomi e phutlhama. Tota le tiro e e duelang thata e ka nna ya bo e le teng gompieno mme ka moso e bo e seyo.

Ka gone, re ka leba jang madi ka tsela e e tshwanetseng? Madi kana dithoto di tshwanetse go nna le seabe sefe mo botshelong jwa rona? Tsweetswee tswelela pele o sekaseka kgang eno go bona gore o ka nna jang le sengwe se se botlhokwa tota—“botshelo jwa mmatota.”

[Ditshwantsho mo go tsebe 4]

Dithoto ga di lere boitumelo jo bo nnelang ruri