Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Tlhokomela Masiela le Batlholagadi mo Pitlaganong ya Bone

Tlhokomela Masiela le Batlholagadi mo Pitlaganong ya Bone

Tlhokomela Masiela le Batlholagadi mo Pitlaganong ya Bone

Ga go thata go lemoga gore re tshela mo lefatsheng le le se nang lorato. Fa moaposetoloi Paulo a bua ka mofuta wa batho ba ba tla nnang gone mo “metlheng ya bofelo,” o ne a kwala jaana: “Go tla nna le dinako tsa mathata tse go leng boima go lebana le tsone. Gonne batho ba tla nna baithati, . . . [ba se na] lorato lwa tlholego.” (2 Timotheo 3:1-3) A bo mafoko ao a le boammaaruri jang ne!

TSELA e batho ba itshwarang ka yone mo motlheng wa rona e dirile gore ba le bantsi ba tlhoke lorato. Batho ga ba tlhole ba kgathalela ba bangwe, mo mabakeng a mangwe ga ba kgathalele le e leng ba malapa a bone tota.

Seno se ama batho ba le bantsi ka tsela e e sa siamang, ba ba sotlegang ka ntlha ya maemo a a farologaneng. Palo ya batlholagadi le ya masiela e nna e oketsega ka ntlha ya dintwa, masetlapelo a tlholego le go fuduga ga batho ka ntlha ya go senka botshabelo. (Moreri 3:19) Pego ya United Nations Children’s Fund e bega gore “[bana] ba ba fetang milione o le 1 ba nnile masiela kana ba kgaoganngwa le malapa a bone ka ntlha ya ntwa.” Gape go na le palo e kgolo ya bommè ba ba seng mo lenyalong, ba ba tlogetsweng kana ba ba tlhadilweng ba ba lebaneng le tiro e e bokete ya go tshela le go godisa malapa a bone ba le bosi. Bothata jono bo gakadiwa ke go bo dinaga tse dingwe di na le mathata a a masisi a ikonomi, a a dirang gore bontsi jwa baagi ba tsone ba tshelele mo lehumeng le legolo.

Ka ntlha ya seno, a go na le tsholofelo epe ka ba ba mo pitlaganong eno? Go boga ga batlholagadi le masiela go ka kokobediwa jang? A bothata jono bo tla tsamaya bo fedisiwa?

Tlhokomelo e e Lorato mo Metlheng ya Baebele

Go tlhokomela batlholagadi le masiela ka dilo tsa senama le tsa semoya ga e bolo go nna karolo e e botlhokwa mo kobamelong ya Modimo. Fa Baiseraele ba ne ba roba mabele kana maungo, ba ne ba sa tshwanela go phutha se se setseng mo masimong, ba se ronopa. Maronopo a ne a tshwanetse go tlogelelwa “moagi wa moeng, mosimane yo o se nang rre le motlholagadi.” (Duteronome 24:19-21) Molao wa ga Moshe o ne o laela jaana: “Lo se ka lwa bogisa motlholagadi ope kgotsa mosimane yo o se nang rre.” (Ekesodo 22:22, 23) Batlholagadi le masiela ba go buiwang ka bone mo Baebeleng ba ne ba emela sentle batho ba ba neng ba humanegile, e re ka fa go tlhokafala monna yo o nyetseng le rre kana batsadi boobabedi, ba ba setseng ba lelapa ba ne ba ka sala ba le bosi e bile ba sotlega. Tlhogo ya lotso e bong Jobe o ne a re: “Ke ne ke tle ke namole yo o bogisiwang a goa a kopa thuso, le mosimane yo o se nang rraagwe le ope fela yo o se nang mothusi.” —Jobe 29:12.

Fa phuthego ya Bokeresete e ne e sa ntse e simologa, go tlhokomela ba ba bogisiwang le ba ba neng ba tlhoka tota ka ntlha ya go latlhegelwa ke batsadi kana monna, e ne e le karolo e e botlhokwa ya kobamelo ya boammaaruri. E re ka morutwa Jakobe a ne a amegile thata ka batho ba ba ntseng jalo o ne a kwala jaana: “Mofuta wa kobamelo o o phepa le o o sa leswafalang go ya ka pono ya Modimo wa rona le Rara ke ono: go tlhokomela masiela le batlholagadi mo pitlaganong ya bone, le motho go ipoloka a se na selabe se se tswang mo lefatsheng.” —Jakobe 1:27.

Mo godimo ga go umaka masiela le batlholagadi, Jakobe o ne a bontsha gore o kgatlhegela thata le ba ba neng ba humanegile le ba ba neng ba sotlega. (Jakobe 2:5, 6, 15, 16) Moaposetoloi Paulo le ene o ne a akanyetsa ka tsela e e ntseng jalo. Fa ene le Barenabase ba ne ba fiwa kabelo ya bone ya go rera, go ‘gopola bahumanegi’ e ne e le nngwe ya ditaelo tse ba neng ba di amogela. Paulo o ne a ka bua jaana ka segakolodi se se siameng: “Selo seno le sone ke lekile ka tlhoafalo go se dira.” (Bagalatia 2:9, 10) Pego ya ditiro tsa phuthego ya Bokeresete moragonyana fela fa e sena go tlhomiwa e ne e re: “Go ne go se na ope yo o tlhokang mo go bone . . . Go tswa foo go abelwe mongwe le mongwe, go ya fela kafa a tlhokang ka gone.” (Ditiro 4:34, 35) Ee, thulaganyo e e simologileng kwa Iseraele wa bogologolo ya go tlhokomela masiela, batlholagadi le ba ba tlhokang e ile ya fetisediwa mo phuthegong ya Bokeresete.

Mme gone, thuso e e neng e neelwa e ne e lekanyeditswe e bile e le fela se diphuthego di neng di kgona go se dira. Madi a ne a sa dirisiwe botlhaswa e bile ba ba neng ba thusiwa ba ne ba tlhoka tota. Ga go Mokeresete ope yo o neng a tla dirisa thulaganyo eno go itsholegela molemo go sa tshwanela e bile phuthego e ne e sa tshwanela go rwesiwa morwalo o o sa tlhokegeng. Seno se ne se bonala sentle mo ditaelong tse Paulo a neng a di kwala mo go 1 Timotheo 5:3-16. Foo re bona gore fa ba masika a batho ba ba tlhokang ba ne ba kgona go ba thusa, ke bone ba ba neng ba tshwanetse go sikara maikarabelo ao. Batlholagadi ba ba neng ba tlhoka ba ne ba tshwanetse go fitlhelela dilo dingwe gore ba tshwanelegele thuso eo. Seno sotlhe se bontsha thulaganyo e e molemo e Jehofa a e dirisang go tlhokomela ba ba tlhokang. Le fa go ntse jalo, gape go bontsha gore go tshwanetse ga bontshiwa tekatekano gore ope a se ka a dirisa thulaganyo eno go itsholegela molemo a sa tshwanela.—2 Bathesalonika 3:10-12.

Go Tlhokomela Masiela le Batlholagadi Gompieno

Melaometheo e e neng e latelwa ke batlhanka ba Modimo mo nakong e e fetileng e sa ntse e dira mo diphuthegong tsa Basupi ba ga Jehofa fa go tla mo kgannyeng ya go amega ka ba ba mo pitlaganong le go ba thusa. Lorato lwa bokaulengwe ke letshwao le le ba tlhaolang, fela jaaka Jesu a ile a bolela jaana: “Botlhe ba tla itse gore lo barutwa ba me ka seno, fa lo ratana.” (Johane 13:35) Fa bangwe ba tlhoka kana ba welwa ke masetlapelo kana ba amiwa ke ntwa kana dikgaogano tsa selegae, bakaulengwe botlhe ba boditšhabatšhaba ba tlhagafalela go batla kafa ba ka ba thusang ka dilo tsa semoya le tsa senama ka gone. A re sekaseke ditiragalo dingwe tsa segompieno tse di bontshang gore go dirwang mo kgannyeng eno.

Pedro ga a gakologelwe go le gontsi ka mmaagwe yo a neng a tlhokafala fa a ne a na le ngwaga le sephatlo fela. Fa Pedro a ne a na le dingwaga di le tlhano, rraagwe le ene o ne a tlhokafala. Ka jalo Pedro o ne a sala a le nosi le barwarraagwe. Basupi ba ga Jehofa ba ne ba setse ba etela rraabone, ka jalo Pedro le bomogoloe botlhe ba ne ba simolola go tshwarelwa thuto ya legae ya Baebele.

Pedro o anela jaana: “Mo bekeng e e latelang fela, re ne ra simolola go ya dipokanong. Fa re ntse re kopanela le bakaulengwe, re ne re kgona go utlwa tsela e ba neng ba re rata ka yone. Phuthego e ne e le botshabelo mo go nna ka gonne bakaulengwe le bokgaitsadi ba ne ba nthata e bile ba amega ka nna, fela jaaka e kete e ne e le batsadi ba me.” Pedro o gakologelwa gore mongwe wa bagolwane ba Bakeresete o ne a tle a mo laletse kwa ntlong ya gagwe. Fa Pedro a le koo o ne a kgona go tlotla le go itlosa bodutu le lelapa. “Eno ke megopolo e ke sa batleng go e lebala,” go bolela jalo Pedro yo o simolotseng go rera ka ga tumelo ya gagwe a na le dingwaga di le 11 mme a kolobediwa a na le tse 15. E re ka bomogoloe ba ne ba thusiwa ke ba ba mo phuthegong, le bone ba ne ba gatela pele semoyeng.

Gape go na le kgang ya ga David. Ene le kgaitsadie wa lewelana ba ne ba latlhiwa ke batsadi ba bone fa ba ne ba kgaogana. Ba ne ba godisiwa ke rremogolo le mmèmogoloabone le mmangwaneabo. “Fa re sena go gola le go tlhaloganya boemo jwa rona, re ne ra welwa ke boikutlo jwa go sa babalesega le kutlobotlhoko. Re ne ra tlhoka sengwe se re neng re ka ikaega ka sone. Mmangwane o ne a nna mongwe wa Basupi ba ga Jehofa mme ka ntlha ya seno re ne ra rutiwa boammaaruri jwa Baebele. Bakaulengwe ba ne ba re bontsha lorato le go nna ditsala tsa rona. Ba ne ba re kgatlhegela thata ba bo ba re kgothatsa gore re fitlhelele mekgele le go tswelela re direla Jehofa. Fa ke ne ke na le dingwaga di ka nna lesome, motlhanka mongwe wa bodiredi o ne a tle a ntseye mo gae gore ke nne le seabe mo bodireding jwa tshimo. Mokaulengwe yo mongwe o ne a duelela ditshenyegelo tsa me fa ke ya dikopanong. Yo mongwe o ne a ba a nthusa gore ke kgone go ntsha meneelo kwa Holong ya Bogosi.”

David o ne a kolobediwa a na le dingwaga di le 17, mme moragonyana o ne a simolola go direla kwa ofising ya lekala la Basupi ba ga Jehofa kwa Mexico. Le gone jaanong o dumela jaana: “Go na le bagolwane ba le mmalwa ba ba nthutang dilo tse dintsi le go nnaya kaelo e e tlhokegang. Ka tsela eno ke kgona go fenya boikutlo jwa go sa babalesega le go jewa ke bodutu.”

Abel, yo e leng mogolwane mo phuthegong nngwe kwa Mexico e go nang le batlholagadi ba le mmalwa ba ba tlhokang go thusiwa mo go yone, o tlhalosa jaana: “Ke dumela gore tsela e kgolo e batlholagadi ba tlhokang go thusiwa ka yone ke go engwa nokeng mo maikutlong. Ka dinako dingwe ba na le go gatelelwa mo maikutlong; ba jewa ke bodutu. Ka jalo, go botlhokwa thata go ba ema nokeng, go ba reetsa. Rona [bagolwane ba phuthego] re ba etela ka metlha. Go botlhokwa go beela nako kwa thoko go reetsa mathata a bone. Seno se dira gore ba ikutlwe ba gomotsegile semoyeng.” Le fa go ntse jalo, ka dinako tse dingwe ba tlhoka go thusiwa le ka madi. Abel o ne a bua jaana nakonyana e e fetileng: “Gone jaanong re agela kgaitsadi mongwe yo e leng motlholagadi ntlo. Re fetsa Matlhatso mangwe le dithapama dingwe mo gare ga beke re bereka mo ntlong ya gagwe.”

Fa mogolwane yo mongwe wa phuthego a bua ka maitemogelo a gagwe a go thusa masiela le batlholagadi, o bolela jaana: “Ke dumela gore masiela a tlhoka lorato lwa Bokeresete le e leng go feta batlholagadi. Ke lemogile gore go ka direga gantsi gore ba ikutlwe ba sa batliwe go feta bana ba bangwe le basha ba ba nang le batsadi ba bone boobabedi. Ba tlhoka go bontshiwa lorato lwa bokaulengwe thata. Go molemo go batla go kopana le bone morago ga dipokano le go utlwa gore ba tsogile jang. Go na le mokaulengwe mongwe yo o nyetseng yo o neng a nna lesiela a le mosimanyana. Ka metlha ke mo dumedisa ka lorato kwa dipokanong, mme ene o a ntlamparela fa a mpona. Seno se nonotsha dibofo tsa lorato lwa boammaaruri lwa bokaulengwe.”

Jehofa “O Tla Golola Mohumanegi”

Go ikanya Jehofa go botlhokwa gore motho a kgone go lepalepana le boemo jwa batlholagadi le masiela. Go buiwa jaana ka ene: “Jehofa o disa baagi ba baeng; o namola mosimane yo o se nang rraagwe le motlholagadi.” (Pesalema 146:9) Mathata a a tshwanang le ano a tla rarabololwa fela ke Bogosi jwa Modimo bo eteletswe pele ke Jesu Keresete. Mopesalema o ne a kwala jaana a tlhalosa puso eo ya ga Mesia ka tsela ya boporofeti: “O tla golola mohumanegi yo o goang a kopa thuso, le yo o bogisiwang le ope fela yo o se nang mothusi. O tla utlwela motho wa maemo a a kwa tlase le yo o humanegileng botlhoko, mme meya ya ba ba humanegileng o tla e boloka.” —Pesalema 72:12, 13.

Fa bokhutlo jwa tsamaiso eno ya dilo bo ntse bo atamela, re ka tlhomamisega gore dikgatelelo tse Bakeresete botlhe ba lebaneng le tsone di tla oketsega. (Mathaio 24:9-13) Letsatsi le letsatsi go tlhokega gore Bakeresete ba oketse go kgatlhegelana ga bone le go “[ratana] ka lorato lo logolo.” (1 Petere 4:7-10) Banna ba Bakeresete, segolobogolo bagolwane, ba tshwanetse go amega ka masiela le go a utlwela botlhoko. Mme basadi ba ba godileng mo phuthegong ba ka ema batlholagadi thata nokeng le go ba gomotsa. (Tito 2:3-5) E bile tota, mongwe le mongwe a ka nna le seabe ka go bontsha gore o amega ka ba bangwe ba ba mo pitlaganong.

Bakeresete ba boammaaruri ga ba ‘tswale setswalo sa mapelotlhomogi’ fa ba ‘bona mokaulengwe wa bone a tlhoka.’ Ba lemoga botlhokwa jwa go latela kgakololo eno ya ga moaposetoloi Johane: “Bana ba bannye, a re rateng, e seng ka lefoko le fa e le ka loleme, mme ka tiro le boammaaruri.” (1 Johane 3:17, 18) Ka jalo, a re “tlhokomel[eng] masiela le batlholagadi mo pitlaganong ya bone.” —Jakobe 1:27.

[Mafoko a a mo go tsebe 11]

“A re rateng, e seng ka lefoko le fa e le ka loleme, mme ka tiro le boammaaruri.”1 Johane 3:18

[Ditshwantsho mo go tsebe 10]

Bakeresete ba boammaaruri ba tlhokomela masiela le batlholagadi ka dilo tsa senama, tsa semoya le mo maikutlong