Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ditlhare Tse di Tshelang Nako e Telele

Ditlhare Tse di Tshelang Nako e Telele

Ditlhare Tse di Tshelang Nako e Telele

Lekgotlho le ka tswa le sa lebege e le lefelo le le tshwanelang le o ka agang ntlo ya gago mo go lone, segolobogolo fa le le kwa godimo mo thabeng. Le fa go ntse jalo, le fa go bonala go le kotsi go dira jalo, ditlhare dingwe tse di golang mo dithabeng di itsetsepela ka thata mo makgotlhong, di itshokela mariga a a tsididi le komelelo ya selemo.

GANTSI ditlhare tseno tse di nonofileng ga di ditona jaaka tse dingwe tsa losika lwa tsone tse di golang mo nageng e e senang dithaba. Dikutu tsa tsone di ka nna tsa bo di kokoropane di tshopagane e bile di sa golela kwa godimo. Di bopiwa le go pomiwa ke maemo a bosa a a thata le mmu o o seng montsi o di golelang mo go one.

E re ka di gola mo mafelong a a seng mantle gotlhelele mo lefatsheng, o ka nna wa akanya gore ditlhare tseno di tshela nako e khutshwane fela. Mme tota di tshela nako e telele. Bangwe ba bolela gore setlhare sa phaene sa bristlecone se se bidiwang Methusela, se se mo bogodimong jwa dimetara di le 3 000 kwa White Mountains, kwa California, se na le dingwaga di le 4 700. The Guinness Book of Records 1997 e bolela gore setlhare seno ke sone se segolo ka dingwaga go feta tsotlhe mo polaneteng. Edmund Schulman, yo o ileng a ithuta ka ditlhare tseno tsa bogologolo, o ile a tlhalosa jaana: “Go bonala setlhare sa phaene sa bristlecone . . . se kgona go tshela ka ntlha ya mathata a sone. Ditlhare tsotlhe tse di tshedileng nako e telele go feta tse dingwe kwa White Mountains di fitlhelwa mo nageng e e omileng, e e matlapa e e bogodimo jwa dimetara di ka nna 3 000.” Schulman gape o ne a lemoga gore ditlhare tse di tshedileng nako e telele tsa mefuta e mengwe ya phaene le tsone di fitlhelwa mo maemong a a seng mantle jalo.

Le fa di tshwanetse go itshokela maemo a a seng monate, ditlhare tseno di solegelwa molemo thata ke dilo tse pedi tse di nang le tsone. Felo fa di melang gone, koo ditlhare di katoganeng teng, go di sireletsa kgatlhanong le melelo ya naga, selo se segolo se se tshosetsang ditlhare tse di godileng. Medi ya tsone le yone e dira gore di itsetsepele thata mo mmung o o matlapa mo e leng gore di ka ntshiwa ke thoromo ya lefatshe fela.

Mo Baebeleng batlhanka ba Modimo ba ba ikanyegang ba tshwantshiwa le ditlhare. (Pesalema 1:1-3; Jeremia 17:7, 8) Le bone ba ka lebana le mathata ka ntlha ya maemo a ba iphitlhelang ba le mo go one. Pogiso, botsogo jo bo bokoa kana lehuma le le tseneletseng di ka leka tumelo ya bone thata, segolobogolo fa diteko tseo di nnela ruri. Le fa go ntse jalo, Mmopi wa bone, yo o tlhodileng ditlhare tse di ka emelanang le mathata sentle jaana, o tlhomamisetsa baobamedi ba gagwe gore o tla ba ema nokeng. Baebele e solofetsa batho ba ba emang ba nitame jaana: “O tla lo nitamisa, o tla lo nonotsha.”—1 Petere 5:9, 10.

Lediri la Segerika le gantsi le ranolwang e le “go itshoka” mo Baebeleng le raya ‘go itsetsepela, go nitama kana go sa ineele.’ Fela jaaka ditlhare tse di golang mo dithabeng, go nna le medi e e nonofileng ke sone selo sa botlhokwa. Bakeresete bone ba tlhoka go itsetsepela ka medi mo go Jesu Keresete gore ba tle ba eme ba nitame. Paulo o ne a kwala jaana: “E re ka lo amogetse Keresete Jesu Morena, tswelelang lo tsamaya lo le seoposengwe le ene, lo namile medi e bile lo agiwa mo go ene gape lo tsepamisiwa mo tumelong, fela jaaka lo ne lwa rutwa, lo penologa ka tumelo mo go ntshiweng ga ditebogo.”—Bakolosa 2:6, 7.

Paulo o ne a tlhaloganya botlhokwa jwa go nna le medi e e nonofileng ya semoya. Ene ka boene o ne a lwantshana le “mutlwa mo nameng,” mme o ne a itshokela go bogisiwa mo go setlhogo mo bodireding jotlhe jwa gagwe. (2 Bakorintha 11:23-27; 12:7) Mme gone o ne a lemoga gore o ne a ka tswelela ka maatla a Modimo. O ne a akgela jaana: “Mo dilong tsotlhe ke na le nonofo ka ntlha ya yo o nnayang maatla.”—Bafilipi 4:13.

Jaaka sekai sa ga Paulo se bontsha, gore Bakeresete ba itshoke ka botlalo ga go a ikaega ka maemo a a monate. Fela jaaka ditlhare tse di golang mo dithabeng tse di itshokelang ditsuatsue ka makgolokgolo a dingwaga, le rona re ka nitama fa re namile medi mo go Keresete le go ikanya maatla a re a newang ke Modimo. Mo godimo ga moo, fa re itshoka go fitlha kwa bokhutlong, re na le tsholofelo ya go bona go diragadiwa ga tsholofetso e nngwe ya Modimo: “Fela jaaka malatsi a setlhare a ntse, malatsi a batho ba me a tla nna fela jalo.”—Isaia 65:22; Mathaio 24:13.