Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Itumelele Kitso Kaga Jehofa

Itumelele Kitso Kaga Jehofa

Itumelele Kitso Kaga Jehofa

“Go itumela ba ba utlwang lefoko la Modimo e bile ba le boloka!”—LUKE 11:28.

1. Jehofa o simolotse leng go buisana le batho?

JEHOFA o rata batho mme o amega thata ka bone. Ka gone, ga go gakgamatse go bo a buisana le bone. O simolotse go nna a buisana jalo le bone go tloga kwa tshimong ya Edene. Go ya ka Genesise 3:8, nako nngwe “mo e ka nnang ka nako ya go foka ga phefonyana ya letsatsi leo,” Adame le Efa ba ne “ba utlwa lentswe la ga Jehofa Modimo.” Batho bangwe ba akanya gore seno se bolela gore Jehofa o ne a tlwaetse go buisana le Adame ka nako eno, gongwe letsatsi lengwe le lengwe. E ka ne seno se boammaaruri kana nnyaa, Baebele e bontsha sentle gore Modimo o ne a se ka a ipha fela nako ya go neela motho wa ntlha ditaelo, mme gape o ne a ipha le ya go mo ruta se a neng a tlhoka go se itse gore a diragatse maikarabelo a gagwe.—Genesise 1:28-30.

2. Go ne ga tla jang gore banyalani ba ntlha ba se ke ba tlhola ba bona kaelo ya ga Jehofa, mme go ne ga felela ka eng?

2 Jehofa o ne a abela Adame le Efa botshelo, a ba abela gore ba buse diphologolo le go laola lefatshe lotlhe. O ne a ba beetse thibelo e le nngwe fela—ba ne ba sa tshwanela go ja mo setlhareng sa kitso ya molemo le bosula. Adame le Efa ba ne ba tlola taelo ya Modimo ka ntlha ya go tlhotlhelediwa ke Satane. (Genesise 2:16, 17; 3:1-6) Ba ne ba tlhopha go itaola, ba itirela tshwetso ya gore se se siameng le se se sa siamang ke sefe. Ka go dira jalo, ba ne ba dira boeleele jwa gore ba se tlhole ba bona kaelo ya Mmopi wa bone yo o lorato. Matswela a go dira jalo e ne ya nna a a botlhoko mo go bone le mo baneng ba bone ba ba neng ba ise ba tsholwe ka nako eo. Adame le Efa ba ne ba tsofala mme kgabagare ba swa ba se na tsholofelo epe ya go tsosiwa. Bana ba bone ba ne ba rua boleo le matswela a jone e leng loso.—Baroma 5:12.

3. Ke eng fa Jehofa a ile a buisana le Kaine, mme Kaine o ile a arabela jang?

3 Jehofa o ile a tswelela a buisana le batho le fa a ile a tsuologelwa kwa Edene. Kaine, morwa wa leitibolo wa ga Adame le Efa o ne a le mo kotsing ya go fenngwa ke boleo. Jehofa o ne a mo tlhagisa gore o ne a itsenya mo mathateng mme a mo gakolola gore a ‘simolole go dira molemo.’ Kaine o ne a gana kgakololo eno e e lorato mme a bolaya monnawe. (Genesise 4:3-8) Ka gone, batho ba bararo ba ntlha go nna gone mo lefatsheng ba ile ba gana kaelo e e tlhamaletseng e e tswang mo go ene yo o neng a ba neile botshelo, Modimo yo o neelang batho ba gagwe ditaelo gore ba solegelwe molemo ka namana. (Isaia 48:17) Ruri seno se tshwanetse sa bo se ile sa swabisa Jehofa tota!

Jehofa o Itshenolela Banna ba Bogologolo

4. Jehofa o ne a tshepa eng malebana le bana ba ga Adame, mme o ne a bolela molaetsa ofe wa tsholofelo a akantse ka seno?

4 Le fa Jehofa a ne a ka nna a fedisa go tlhola a buisana le batho, o ile a se ka a dira jalo. O ne a tshepa gore bangwe ba bana ba ga Adame ba ne ba tla sekegela kaelo ya Gagwe tsebe ka botlhale. Ka sekai, fa Jehofa a ne a itsise kotlhao ya ga Adame le Efa, o ne a bolelela pele go tla ga “losika” lo lo neng lo tla ganetsa Noga, e leng Satane Diabolo. Fa go ntse go ya, Satane o ne a tla gobadiwa mo tlhogong gore a bo a swe. (Genesise 3:15) Boporofeti jono e ne e le molaetsa o o itumedisang wa tsholofelo mo go “ba ba utlwang lefoko la Modimo e bile ba le boloka!”—Luke 11:28.

5, 6. Jehofa o ne a buisana le batho ba gagwe ka ditsela dife pele ga lekgolo la ntlha la dingwaga C.E., mme seno se ne sa ba solegela molemo jang?

5 Jehofa o ile a itsise banna ba bogologolo ba ba ikanyegang thato ya gagwe, ba ba jaaka Noa, Aborahame, Isake, Jakobe le Jobe. (Genesise 6:13; Ekesodo 33:1; Jobe 38:1-3) Moragonyana, o ne a dirisa Moshe go tlhomela setšhaba sa Iseraele thulaganyo yotlhe ya melao. Molao wa ga Moshe o ne wa ba solegela molemo ka ditsela tse dintsi. Ka go o ikobela, Baiseraele ba ne ba tlhaolega mo ditšhabeng tsotlhe tse dingwe jaaka batho ba ba kgethegileng ba Modimo. Modimo o ne a tlhomamisetsa Baiseraele gore fa ba ne ba ka ikobela Molao, o ne a tla ba segofatsa e seng fela ka dithoto, mme gape le ka dilo tsa semoya, a ba dira gore ba nne bogosi jwa boperesiti, setšhaba se se boitshepo. Molao o ile wa ba wa ba tlhomela ditaelo tse di amanang le dijo le boitekanelo e le gore ba nne le botsogo jo bo molemo. Le fa go ntse jalo, gape Jehofa o ile a ba tlhagisa ka matswela a a botlhoko a a neng a tla ba tlhagela fa ba sa mo ikobele.—Ekesodo 19:5, 6; Duteronome 28:1-68.

6 Fa nako e ntse e ya, lenaane la dibuka tsa Baebele le ne la okediwa ka dibuka tse dingwe tse di tlhotlheleditsweng. Dipego tsa ditiragalo di ne di tlhalosa kafa Jehofa a ileng a dirisana ka teng le ditšhaba le batho. Dibuka tsa poko di ne di tlhalosa dinonofo tsa gagwe ka tsela e e molemo. Dibuka tsa boporofeti di ne di bolelela pele tsela e thato ya ga Jehofa e neng e tlile go diragadiwa ka yone mo isagweng. Banna ba ba ikanyegang ba bogologolo ba ne ba ithuta dikwalo tse di tlhotlheleditsweng tseno ka kelotlhoko le go di dirisa. Mongwe wa bone o ne a kwala jaana: “Lefoko la gago ke lobone lwa lonao lwa me, le lesedi la tsela ya me.” (Pesalema 119:105) Ba ba neng ba iketleeleditse go reetsa, Jehofa o ne a ba abela thuto le tshedimosetso.

Lesedi le Phatsimela Pele

7. Le fa Jesu a ne a dira dikgakgamatso, o ne a itsege thatathata ka eng, mme ka ntlha yang?

7 Mo lekgolong la ntlha la dingwaga, ditlhopha tsa bodumedi tsa Bajuda di ne di okeditse Molao ka dingwao tsa batho. Molao o ne wa se ka wa dirisiwa sentle, mme mo boemong jwa gore o sedimosetse batho, o ne wa nna mokgweleo ka ntlha ya dingwao tseo. (Mathaio 23:2-4) Le fa go ntse jalo, ka 29 C.E., Jesu o ne a iponatsha e le Mesia. Tiro ya gagwe e ne e se fela go ntsha botshelo jwa gagwe mo boemong jwa batho mme gape e ne e le go tla go “supa kaga boammaaruri.” Le fa a ne a dira dikgakgamatso, o ne a itsege thatathata e le “Moruti.” Se a neng a se ruta se ne se ntse jaaka lesedi le le phatsimang mo lefifing la semoya le le neng le bipile megopolo ya batho. Jesu ka boene o ne a nepile fa a re: “Ke nna lesedi la lefatshe.”—Johane 8:12; 11:28; 18:37.

8. Ke dibuka dife tse di tlhotlheleditsweng tse di neng tsa kwalwa mo lekgolong la ntlha la dingwaga C.E., mme di ne tsa solegela Bakeresete molemo jang?

8 Moragonyana go ne ga okediwa ka Diefangele, dipego tse nnè tse di kwadilweng kaga botshelo jwa ga Jesu, le buka ya Ditiro, e leng ditiragalo tsa go anama ga Bokeresete morago ga loso lwa ga Jesu. Gape go ne go na le makwalo a a tlhotlheleditsweng a a kwadilweng ke barutwa ba ga Jesu le buka ya boporofeti ya Tshenolo. Dikwalo tseno, go akaretsa le Dikwalo Tsa Sehebera, di ne tsa dira gore lenaane la dibuka tsa Baebele le felele. Ka thuso ya laeborari eno e e tlhotlheleditsweng, Bakeresete ‘le baitshepi botlhe ba ne ba ka kgona go tshwara ka botlalo ka mogopolo se e leng bophara le boleele le bogodimo le boteng’ jwa boammaaruri. (Baefeso 3:14-18) Ba ne ba ka kgona go nna le “mogopolo wa ga Keresete.” (1 Bakorintha 2:16) Le fa go ntse jalo, Bakeresete bao ba pele ba ne ba sa tlhaloganye ka botlalo sengwe le sengwe se se malebana le maikaelelo a ga Jehofa. Moaposetoloi Paulo o ile a kwalela Bakeresetekaene jaana: “Mo nakong eno re bona ka tsela e e letobo ka seipone sa tshipi.” (1 Bakorintha 13:12) Seipone se se ntseng jalo se ne se tla senola fela dintlhanyana di sekae e seng dintlha tsotlhe. Go ne go sa ntse go tla tla nako ya go tlhaloganya Lefoko la Modimo ka botlalo.

9. Ke lesedi lefe le le ileng la nna gone mo ‘motlheng wa bokhutlo’?

9 Gompieno re tshela mo nakong e e bidiwang ‘metlha ya bofelo,’ motlha o o lemotshegang ka “dinako tsa mathata tse go leng boima go lebana le tsone.” (2 Timotheo 3:1) Moporofeti Daniele o ne a bolelela pele gore mo motlheng ono “kitso ya boammaaruri e [ne e] tla nna ntsi.” (Daniele 12:4) Ka gone, Jehofa, Yo Mogolo yo o Buisanang le rona, o thusitse batho ba ba dipelo di ikanyegang go tlhaloganya Lefoko la gagwe. Gone jaanong matshwititshwiti a batho ba a itse gore Keresete Jesu o ne a tlhongwa mo bogosing kwa magodimong a a sa bonaleng ka 1914. Gape ba a itse gore o tla tloga a fedisa boikepo jotlhe mme a fetole lefatshe leno go nna paradaise ya lefatshe lotlhe. Gone jaanong ntlha eno e e botlhokwa ya dikgang tse di molemo tsa Bogosi e rerwa mo lefatsheng lotlhe.—Mathaio 24:14.

10. Batho ba ile ba tsibogela kgakololo ya ga Jehofa jang go ralala makgolo a dingwaga?

10 Ee, go ralala hisitori Jehofa o ile a itsise batho mo lefatsheng ka thato le maikaelelo a gagwe. Pego ya Baebele e tlhalosa batho ba bantsi ba ba ileng ba reetsa, ba dirisa botlhale jwa bomodimo, ba bo ba segofalediwa seo. E umaka le ba bangwe ba ba ileng ba tsaya tsela e e phoso ya ga Adame le Efa ka go gana kgakololo e e lorato ya Modimo. Jesu o ne a dira papiso ka kgang eno fa a ne a bua ka ditsela tse pedi tsa tshwantshetso. E nngwe e isa kwa tshenyegong. E kgolo e bile e atlhame mme e latelwa ke batho ba le bantsi ba ba ganang Lefoko la Modimo. Tsela e nngwe yone e isa batho kwa botshelong jo bo sa khutleng. Le fa e le tsela e e pitlaganeng, e latelwa ke batho ba sekae fela ba ba tsayang Baebele go ya ka se e leng sone, Lefoko la Modimo, mme ba tshela tumalanong le yone.—Mathaio 7:13, 14.

Go Anaanela se re Nang Naso

11. Kitso ya rona ya Baebele le go dumela ga rona mo go yone ke bosupi jwa eng?

11 A o mongwe wa ba ba tlhophileng tsela e e yang botshelong? Fa go le jalo, ga go pelaelo gore o tla batla go nna o le mo go yone. O ka dira seo jang? Akanya ka metlha le ka kanaanelo ka masego a o nnileng le one mo botshelong ka ntlha ya go itse boammaaruri jwa Baebele. Yone fela kgang ya gore o ile wa amogela dikgang tse di molemo ke bosupi jwa masego a Modimo. Jesu o ne a bontsha seno fa a ne a rapela Rraagwe ka mafoko ano: “Ke go baka phatlalatsa, Rara, Morena wa legodimo le lefatshe, ka gonne o fitlhetse ba ba botlhale le ba ba bonokopela dilo tseno mme o di senoletse masea.” (Mathaio 11:25) Batshwari ba ditlhapi le bakgethisi ba ne ba tlhaloganya thuto ya ga Jesu fa baeteledipele ba bodumedi ba ba rutegileng thata bone ba ile ba se ka ba e tlhaloganya. Jesu o ile a tswelela a re: “Ga go na motho ope yo o ka tlang mo go nna fa Rara, yo o nthomileng, a sa mo goge.” (Johane 6:44) Fa o itse Baebele, o dumela dithuto tsa yone le go tshela ka tsone, seo ke bosupi jwa gore Jehofa o go gogetse kwa go ene. Ke lebaka la gore re ipele.

12. Baebele e re sedimosetsa ka ditsela dife?

12 Lefoko la Modimo le re tsholetse boammaaruri jo bo gololang e bile le a re sedimosetsa. Batho ba ba tshelang go ya ka kitso ya Baebele ba gololesegile mo ditumelobotlhoding, mo dithutong tsa maaka, le botlhokakitso jo bo aparetseng dimilione tsa batho. Ka sekai, go itse boammaaruri kaga moya go re golola mo poifong epe fela ya gore baswi ba ka re gobatsa kana ya gore baratiwa ba rona ba ba suleng ba a boga. (Esekiele 18:4) Go itse boammaaruri kaga baengele ba ba boikepo go re thusa go tila dikotsi tsa tirisabadimo. Thuto kaga tsogo ya baswi e gomotsa batho ba ba swetsweng ke baratiwa ba bone. (Johane 11:25) Dipolelelopele tsa Baebele di re thusa go lemoga motlha o re leng mo go one mme di re dira gore re tshepe ditsholofetso tsa Modimo kaga isagwe. Gape di nonotsha tsholofelo ya rona ya go tshelela ruri.

13. Go reetsa Lefoko la Modimo go re solegela molemo jang mo mmeleng?

13 Melaometheo ya bomodimo mo Baebeleng e re ruta go tshela ka tsela e e re solegelang molemo mo mmeleng. Ka sekai, re ithuta go tila ditlwaelo tse di leswafatsang mebele ya rona, tse di jaaka go goga motsoko le diokobatsi tse dingwe. Re tila go nwa bojalwa ka tsela e e feteletseng. (2 Bakorintha 7:1) Go reetsa melao ya Modimo ya boitsholo go re sireletsa mo malwetseng a a tshelanwang ka tlhakanelodikobo. (1 Bakorintha 6:18) Fa re ela tlhoko kgakololo ya Modimo ya gore re tile go rata madi, ga re senye go ritibala ga rona mo maikutlong jaaka batho ba bantsi ba dira ka go gwalalela dikhumo. (1 Timotheo 6:10) O ile wa solegelwa molemo jang mo mmeleng ka ntlha ya go dirisa Lefoko la Modimo mo botshelong jwa gago?

14. Moya o o boitshepo o tlhotlheletsa botshelo jwa rona jang?

14 Fa re tshela go ya ka Lefoko la Modimo re amogela moya o o boitshepo wa ga Jehofa. Re nna le botho jo bo tshwanang le jwa ga Keresete, jo bo bonalang ka dinonofo tse di molemo tse di jaaka kutlwelobotlhoko le bopelotlhomogi. (Baefeso 4:24, 32) Gape moya wa Modimo o dira gore re nne le maungo a one—lorato, boipelo, kagiso, bopelotelele, bopelonomi, molemo, tumelo, bonolo le boikgapo. (Bagalatia 5:22, 23) Dinonofo tseno di dira gore re tshedisane le batho ba bangwe ka tsela e e itumedisang le e e molemo, go akaretsa le ba malapa a rona. Re nna le nonofo e e re thusang go lebana le mathata ka bopelokgale. A o lemoga kafa moya o o boitshepo o tlhotlheletsang botshelo jwa gago ka tsela e e molemo ka teng?

15. Re solegelwa molemo jang fa re ntse re tshela go dumalana le thato ya Modimo?

15 Fa re ntse re dumalanya botshelo jwa rona le thato ya Modimo, re nonotsha botsala jwa rona le Jehofa. Re tlhatswega pelo le e leng go feta gore o a re tlhaloganya e bile o a re rata. Re ithuta go ya ka dilo tse di re diragalelang gore o re ema nokeng mo dinakong tsa mathata. (Pesalema 18:18) Re lemoga gore ruri o reetsa dithapelo tsa rona. (Pesalema 65:2) Re ikaega ka kaelo ya gagwe, re itse sentle gore e tla re solegela molemo. E bile re na le tsholofelo e e molemolemo ya gore mo nakong e e tshwanetseng Modimo o tla dira gore batho ba gagwe ba ba ikanyegang ba itekanele mme a ba abele mpho ya botshelo jo bo sa khutleng. (Baroma 6:23) Morutwa Jakobe o ile a kwala jaana: “Atamelang Modimo, mme o tla lo atamela.” (Jakobe 4:8) A o ile wa utlwa botsala jwa gago le Jehofa bo nonofa fa o ntse o atamalana thata le ene?

Letlotlo le le Seng Kana ka Sepe

16. Bakeresete bangwe ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba ne ba tshwanelwa ke go dira diphetogo dife?

16 Paulo o ile a gakolola Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba ba tloditsweng ka moya gore bangwe ba bone nako nngwe ba kile ba bo ba le bagokafadi, baakafadi, basodoma, magodu, batho ba ba bogagaru, matagwa, bagobolodi le ba ba dikgoka. (1 Bakorintha 6:9-11) Boammaaruri jwa Baebele bo ile jwa dira gore ba dire diphetogo tse dikgolo; ba ne ‘ba tlhapisitswe.’ A ko o leke go akanya fela gore botshelo jwa gago bo ka bo bo ntse jang fa o ka bo o sa itse boammaaruri jono jo bo gololang jo o bo ithutileng mo Baebeleng. Ruri boammaaruri ke letlotlo le le seng kana ka sepe. A bo re itumela thata jang ne gore Jehofa o buisana le rona!

17. Basupi ba ga Jehofa ba ile ba fepiwa semoyeng jang mo dipokanong tsa Bokeresete?

17 Gape, akanya ka masego a re nang le one ka ntlha ya bokaulengwe jwa rona jwa ditšhabatšhaba! “Motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale” o re abela dijo tsa semoya ka nako e e tshwanetseng, go akaretsa le Dibaebele, dimakasine le dikgatiso tse dingwe ka dipuo tse dintsintsi. (Mathaio 24:45-47) Mo ngwageng wa 2000 Basupi ba ga Jehofa mo dinageng tse dintsi ba ile ba sekaseka dintlhakgolo go tswa mo dibukeng tse robedi tse dikgolo tsa Dikwalo Tsa Sehebera mo dipokanong tsa phuthego. Ba ile ba sekaseka dikgang tse di farologaneng go tswa mo bukeng ya Go Fetolana ka Dikwalo. Ba ne ba sekaseka mo e ka nnang kwatara ya buka ya Monna Yo Mogolo go Gaisa Botlhe Ba Ba Kileng Ba Tshela le mo e batlang e le buka yotlhe ya Ela Tlhoko Boporofeti Jwa ga Daniele! Ba ile ba sekaseka ditlhogo tse dingwe di le 36 tsa makasine wa Tora ya Tebelo mo godimo ga tse 52 tse di ithutiwang. Mo godimo ga moo, batho ba ga Jehofa ba ile ba fepiwa ka dikgatiso tse 12 tsa Tirelo ya Rona ya Bogosi le dipuo tsa phatlalatsa tsa beke le beke tse di buang ka dikgang tse di farologaneng tsa Baebele. A bo re abetswe letlotlo le legolo jang ne la kitso ya semoya!

18. Re thusiwa ka ditsela dife mo phuthegong ya Bokeresete?

18 Mo lefatsheng lotlhe, diphuthego tse di fetang 91 000 di thusa batho le go ba kgothatsa ka thulaganyo ya dipokano le go kopana mmogo. Gape re itumelela go engwa nokeng ke Bakeresetekarona ba ba nonofileng ba ba ratang go re thusa semoyeng. (Baefeso 4:11-13) Ee, re solegetswe molemo thata ke go nna le kitso ya boammaaruri. Go itse Jehofa le go mo direla go itumedisa tota. Mafoko ano a a kwadilweng ke mopesalema a boammaaruri jang ne: “Go itumela setšhaba se Modimo wa sone e leng Jehofa!”—Pesalema 144:15.

A o A Gakologelwa?

• Jehofa o ne a buisana le bomang mo motlheng wa pele ga Bokeresete?

• Lesedi la semoya le ile la phatsimela pele jang mo lekgolong la ntlha la dingwaga? mo motlheng wa segompieno?

• Ke melemo efe e re nnang le yone ka ntlha ya go tshela go ya ka kitso ya ga Jehofa?

• Ke eng fa re tshwanetse go itumelela kitso e re nang le yone ka Modimo?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Ditshwantsho mo go tsebe 8, 9]

Jehofa o ne a itsise Moshe, Noa le Aborahame thato ya gagwe

[Setshwantsho mo go tsebe 9]

Mo motlheng wa rona, Jehofa o dirile gore re nne le tshedimosetso ka Lefoko la gagwe

[Ditshwantsho mo go tsebe 10]

Akanya fela ka masego a re nang le one mo bokaulengweng jwa rona jwa ditšhabatšhaba!