Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ke Eng Fa o Tshwanetse go Ithuta Baebele?

Ke Eng Fa o Tshwanetse go Ithuta Baebele?

Ke Eng Fa o Tshwanetse go Ithuta Baebele?

BILL o ne a le mosha, a le matlhagatlhaga, a rutegile e bile a humile. Mme le fa go ntse jalo, o ne a sa kgotsofala. O ne a sa itse gore o tshelelang, mme seo se ne se mo tshwenya thata. O ne a sekaseka ditumelo tse di farologaneng ka gonne a ne a batla go itse lebaka la go bo a tshela, mme ga a ka a bona se a neng a se batla. Ka 1991, o ne a kopana le mongwe wa Basupi ba ga Jehofa yo o neng a mo tlogelela buka e e neng e bua ka se Baebele e se bolelang ka bokao jwa botshelo. Go ne ga rulaganngwa thuto ya Baebele gore Bill a kgone go sekaseka kgang eno le tse dingwe.

Bill o gakologelwa jaana: “Re ile ra nna le thuto ya rona ya ntlha mme e re ka re ne re nopola Baebele thata, ke ne ka itse gore ke bone se ke neng ke se batla. Dikarabo tse di tswang mo Baebeleng di ne di itumedisa thata. Morago ga thuto eo, ke ne ka ya kwa dithabeng, ka tswa mo beneng ya me mme ka goa thata ka ntlha ya boitumelo. Ke ne ke itumeletse go bo kgabagare ke bone dikarabo tsa dipotso tsa me.”

Gone ke boammaaruri gore ga se mongwe le mongwe yo o goang jalo ka boitumelo fa a bona boammaaruri jwa Baebele. Le fa go ntse jalo, go utlwa dikarabo tsa dipotso tse di botlhokwa tsa botshelo go itumedisa batho ba le bantsi. Ba ikutlwa jaaka monna wa setshwantsho sa ga Jesu yo o neng a bona letlotlo le le fitlhegileng mo tshimong. Jesu o ne a re: “Ka ntlha ya boipelo jo a nang le jone o a tsamaya a bo a rekisa dilo le fa e le dife tse a nang le tsone mme a reke tshimo eo.”—Mathaio 13:44.

Tsela ya go Bona Botshelo jo bo Nang le Bokao

Bill o ne a akanya ka potso eno e e botlhokwa, Lebaka la go bo botshelo bo le gone ke lefe? Borafilosofi, baithutabodumedi le baitsesaense ba ile ba mekamekana le potso eo ka diketekete tsa dingwaga. Batho ba ba neng ba leka go araba potso eo ba ile ba kwala dibuka di le dintsi. Maiteko a bone e nnile a lefela, mme ba le bantsi ba ile ba swetsa ka gore potso eo e ka se ka ya arabiwa. Le fa go ntse jalo, go na le karabo. Le mororo karabo eo e le boteng, ga e a raraana. E tlhalosiwa mo Baebeleng. Tsela ya go bona botshelo jo bo itumetseng, jo bo nang le bokao ke eno: Re tshwanetse go nna le botsalano jo bo tshwanetseng le Jehofa, Mmopi wa rona le Rraarona wa selegodimo. Re ka dira seo jang?

Go na le dilo tse pedi tse di bonalang di ikganetsa tse di ka thusang motho go atamela Modimo. Batho ba ba dirang jalo ba a mmoifa e bile ba a mo rata. A re sekaseke dikwalo tse pedi tse di tshegetsang kgang eo. Bogologolo, Kgosi Solomone yo o botlhale o ne a tlhatlhoba batho ka kelotlhoko mme a kwala se a se boneng mo bukeng ya Baebele ya Moreri. Fa a sobokanya dilo tse a di lemogileng, o ne a kwala jaana: “Bokhutlo jwa kgang ke jo, sengwe le sengwe se se setseng se utlwilwe, ke se: Boifa Modimo wa boammaaruri mme o boloke ditaelo tsa gagwe. Gonne seno ke tshwanelo yotlhe ya motho.” (Moreri 12:13) Makgolo a dingwaga moragonyana, fa Jesu a ne a bodiwa gore taelo e kgolo mo Molaong o o neng wa newa Moshe ke efe, o ne a araba jaana: “O rate Jehofa Modimo wa gago ka pelo yotlhe ya gago le ka moya otlhe wa gago le ka mogopolo otlhe wa gago.” (Mathaio 22:37) A go bonala go gakgamatsa go bo re tshwanetse go boifa Modimo le go mo rata? A re tlhatlhobeng botlhokwa jwa go boifa Modimo le go mo rata le kafa dilo tseno di tsamaisanang ka teng go dira gore re nne le botsalano jo bo itumedisang le ene.

Se go Boifa Modimo go se Bolelang

Go botlhokwa gore re boife Modimo ka tsela ya go mo tlotla fa e le gore re batla go mo obamela ka tsela e a e amogelang. Baebele e bolela jaana: “Go boifa Jehofa ke tshimologo ya botlhale.” (Pesalema 111:10) Moaposetoloi Paulo o ne a kwala jaana: “A re tsweleleng re nna le bopelonomi jo bo sa re tshwanelang, jo re ka direlang Modimo tirelo e e boitshepo ka jone ka tsela e e amogelesegang re na le poifo ya bomodimo le tshisimogo.” (Bahebera 12:28) Ka tsela e e tshwanang, moaposetoloi Johane o ne a bona mo ponatshegelong moengele mongwe mo gare ga legodimo a simolola go bolela dikgang tse di molemo ka go bolela jaana: “Boifang Modimo lo bo lo mo neye kgalalelo.”—Tshenolo 14:6, 7.

Go boifa Modimo jalo, go botlhokwa gore motho a nne le botshelo jo bo nang le bokao, ga go tshwane le poifo ya go mo tshoga. Re ka nna ra ikutlwa re tshoga fa re tshosediwa ke sekebekwa se se setlhogo se se kotsi. Mme go boifa Modimo—kana poifomodimo—ke poifo ya go tlotla Mmopi thata le ka tsela e e boteng. Mme gape go akaretsa poifo e e siameng ya go tshaba go kgopisa Modimo ka gonne ke Moatlhodi yo Mogolo le Mothatayotlhe, yo o nang le maatla le tshwanelo ya go otlhaya ba ba sa mo ikobeleng.

Poifo le Lorato di a Tsamaisana

Mme le fa go ntse jalo, Jehofa ga a batle gore batho ba mo direle fela ka go bo ba mo tshaba. Jehofa ke Modimo yo o lorato ka tsela e e tlhomologileng. Moaposetoloi Johane o ne a tlhotlheletsega go kwala jaana: “Modimo ke lorato.” (1 Johane 4:8) Jehofa Modimo o ile a dirisana ka tsela e e lorato le batho, mme o batla gore batho ba tsibogele seo ka go mo rata le bone. Mme gone, lorato lo lo ntseng jalo lo tsamaisana jang le poifo? Dilo tseo tse pedi di a amana. Mopesalema o ne a kwala jaana: “Go atamalana thata le Jehofa ke ga ba ba mmoifang.”—Pesalema 25:14.

Akanya fela ka tsela e ngwana a tlotlang le go boifa rraagwe yo o nonofileng le yo o botlhale ka yone. Mme le fa go ntse jalo, ngwana yoo o tla tsibogela lorato lwa ga rraagwe. Ngwana yoo o tla ikanya rraagwe le go ikaega ka ene gore a mo kaele, a tlhatswegile pelo gore kaelo ya gagwe e tla mo solegela molemo. Le rona fa re rata Jehofa le go mmoifa, re tla ikobela kaelo ya gagwe, mme seno se tla re solegela molemo. Ela tlhoko se Jehofa a neng a se bua ka Baiseraele: “Fa fela ba ne ba ka dira gore pelo eno ya bone e mpoife le go boloka ditaelo tsotlhe tsa me ka metlha, gore dilo di ba tsamaele sentle le bomorwaabone ka bosakhutleng!”—Duteronome 5:29.

Ee, poifomodimo ga e dire gore motho a nne mo bokgobeng, go na le moo e a golola, ga e dire gore motho a hutsafale mme e dira gore a ipele. Isaia o ne a porofeta jaana ka Jesu: “O tla ipelela go boifa Jehofa.” (Isaia 11:3) Mme mopesalema ene o ne a kwala jaana: “Go itumela motho yo o boifang Jehofa, yo o itumedisiwang thata ke ditaelo tsa gagwe.”—Pesalema 112:1.

Ga go pelaelo gore re ka se ka ra kgona go boifa Modimo kana go mo rata fa re sa mo itse. Ke ka lebaka leo go ithuta Baebele go leng botlhokwa jaana. Thuto e e ntseng jalo e tla re thusa go tlhaloganya botho jwa Modimo le go dira gore re lemoge gore go botlhale go latela kaelo ya gagwe. Fa re ntse re atamela Modimo, re batla go dira go rata ga gagwe mme re tlhotlheletsega go boloka ditaelo tsa gagwe, re itse gore di tla re solegela molemo.—1 Johane 5:3.

Go a itumedisa fa motho a itse gore o mo tseleng e e siameng ya botshelo. Go ntse jalo ka Bill, yo o umakilweng kwa tshimologong. Bosheng jaana o ne a bolela jaana: “Mo dingwageng tse robongwe tse di fetileng fa e sa le ke nna le thuto ya me ya ntlha ya Baebele, botsalano jwa me le Jehofa bo ile jwa gola. Boitumelo jole jwa ntlha jo ke ileng ka nna le jone bo ile jwa gola go nna tsela e e itumedisang tota ya botshelo. Ke na le boikutlo jo bo siameng jo bo sa fetogeng ka botshelo. Botshelo jwa me bo tletse ka ditiro tse di botlhokwa, e seng go batla monate fela ke se na boikaelelo. Jehofa o fetogile motho wa mmatota mo go nna, mme ke itse gore o amega tota ka nna.”

Mo setlhogong se se latelang, re tla sekaseka go ya pele kafa kitso ya ga Jehofa e tlisetsang ba ba e dirisang mo matshelong a bone boipelo le melemo ka teng.

[Mafoko a a mo go tsebe 5]

Go atamela Modimo go raya gore re a mo rata le go mmoifa

[Setshwantsho mo go tsebe 6]

Jesu o ne a ipela ka ntlha ya go boifa Jehofa