Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Nna le Seabe mo Boipelong Jwa go Aba!

Nna le Seabe mo Boipelong Jwa go Aba!

Nna le Seabe mo Boipelong Jwa go Aba!

“Go na le boitumelo jo bogolo mo go abeng go na le jo bo leng gone mo go amogeleng.”—DITIRO 20:35.

1. Jehofa o bontsha jang boipelo jwa go aba?

BOIPELO jwa go itse boammaaruri le masego a gone ke dimpho tse di botlhokwa tse di tswang mo Modimong. Batho ba ba itseng Jehofa ba na le mabaka a mantsi a go ipela. Mme gone, le fa gone go itumedisa go abelwa mpho, go abela ba bangwe le gone go a itumedisa. Jehofa ke Moabi wa “mpho nngwe le nngwe e e molemo le neo nngwe le nngwe e e itekanetseng,” mme e bile ke “Modimo yo o itumetseng.” (Jakobe 1:17; 1 Timotheo 1:11) O ruta batho botlhe ba ba reetsang dithuto tsa gagwe tse di molemo e bile o itumedisiwa ke boikobo jwa batho ba a ba rutang, fela jaaka batsadi ba itumela fa bana ba bone ba reetsa thuto ya bone e e lorato.—Diane 27:11.

2. (a) Jesu o ile a reng ka kgang ya go aba? (b) Ke boipelo bofe jo re nnang le jone fa re ruta batho ba bangwe boammaaruri jwa Baebele?

2 Jesu le ene fa a ne a le mo lefatsheng o ne a itumela fa a bona batho ba amogela thuto ya gagwe. Moaposetoloi Paulo o ile a nopola Jesu a re: “Go na le boitumelo jo bogolo mo go abeng go na le jo bo leng gone mo go amogeleng.” (Ditiro 20:35) Boipelo jo re nnang le jone fa re ruta batho ba bangwe boammaaruri jwa Baebele ga se fela jwa gore re kgotsofalela gore motho mongwe o amogetse dithuto tsa bodumedi jwa rona. Go na le moo, boipelo jwa rona ke jwa go itse gore re abela motho sengwe sa botlhokwa le se se nnelang ruri. Fa re abela batho dilo tsa semoya, re ba thusa go solegelwa molemo ka namana gone jaanong le ka bosakhutleng.—1 Timotheo 4:8.

Go Aba go Dira Gore re Itumele

3. (a) Moaposetoloi Paulo le Johane ba ile ba tlhalosa jang boipelo jwa bone mo go thuseng batho ba bangwe semoyeng? (b) Ke eng fa go ruta bana ba rona boammaaruri jwa Baebele e le tsela ya go bontsha fa re ba rata?

3 Ee, Bakeresete le bone ba itumelela go aba dimpho tsa semoya fela jaaka Jehofa le Jesu. Moaposetoloi Paulo o ile a itumelela go itse gore o ne a thusitse batho ba bangwe go ithuta boammaaruri jwa Lefoko la Modimo. O ile a kwalela phuthego ya Thesalonika jaana: “Tsholofelo ya rona ke eng kgotsa boipelo kgotsa serwalo sa boitumelo—aitsane, tota e bile a ga se lona?—fa pele ga Morena wa rona Jesu mo go nneng gone ga gagwe? Eleruri lo kgalalelo ya rona le boipelo jwa rona.” (1 Bathesalonika 2:19, 20) Moaposetoloi Johane le ene o ne a kwala jaana fa a ne a bua ka bana ba gagwe ba semoya: “Ga go na lebaka le legolo la go leboga le ke nang le lone go feta dilo tseno, gore ke bo ke ntse ke utlwa gore bana ba me ba tswelela ba tsamaya mo boammaaruring.” (3 Johane 4) Gape, akanya ka boipelo jo re nnang le jone ka go thusa bana ba rona ka namana go nna bana ba rona ba semoya! Go godisetsa bana “mo kotlhaong le mo taolong ya mogopolo ya ga Jehofa” ke tsela e nngwe e batsadi ba ka bontshang lorato ka yone. (Baefeso 6:4) Ka go dira jalo, batsadi ba bontsha gore ba amega thata ka bana ba bone. Fa bana ba reetsa, batsadi ba tla itumela thata le go kgotsofala tota.

4. Ke tiragalo efe e e bontshang boipelo jwa go aba dilo tsa semoya?

4 Dell ke modiredi wa mmulatsela wa ka metlha e bile ke mmè wa bana ba batlhano. A re: “Ke tlhaloganya mafoko a ga moaposetoloi Johane sentle ka gonne ke itumetse thata ka go bo bana ba me ba banè ‘ba tsamaya mo boammaaruring.’ Ke a itse gore go dira gore Jehofa a tlotlwe le gore a galalediwe fa malapa a le seoposengwe mo kobamelong ya boammaaruri, ka gone ke ikutlwa ke kgotsofetse thata fa ke bona tsela e a segofatsang maiteko a me ka yone a go jala boammaaruri mo baneng ba me. Tebelelo e e itumedisang ya go tshela le lelapa la me ka bosakhutleng mo Paradaiseng e dira gore ke nne le tsholofelo e bile e ntlhotlheletsa gore ke itshoke le fa ke lebana le mathata le dikgoreletsi.” Ka maswabi, mongwe wa bomorwadie Dell o ne a kgaolwa mo phuthegong ka ntlha ya go tshela ka tsela e e seng ya Bokeresete. Le fa go ntse jalo, Dell o dira ka natla go nna a na le maikutlo a a siameng. A re: “Ke solofela gore letsatsi lengwe morwadiake o tla boela mo go Jehofa ka boikokobetso le ka pelo yotlhe. Mme gone ke leboga Modimo go bo bontsi jwa bana ba me ba tswelela ba mo direla ka boikanyegi. Ruri ke nonotshitswe thata ke boipelo jo ke nang le jone.”—Nehemia 8:10.

Go Itirela Ditsala Tse di Nnetseng Ruri

5. Fa re ntse re dira ka natla mo tirong ya go dira barutwa, ke kitso efe e e dirang gore re nne re kgotsofetse?

5 Jesu o ne a laela balatedi ba gagwe go dira batho barutwa ba Bakeresete le go ba ruta ka Jehofa le dilo tse a di batlang. (Mathaio 28:19, 20) Jehofa le Jesu ba ile ba nna pelotshweu go thusa batho go itse boammaaruri. Ka gone, fa re ntse re dira ka natla mo tirong ya go dira barutwa, re kgotsofadiwa ke go itse gore re etsa sekao sa ga Jehofa le sa ga Jesu, fela jaaka Bakeresete ba pele. (1 Bakorintha 11:1) Ka jalo fa re dirisana mmogo le Modimo Mothatayotlhe le Morwawe yo o rategang, re dira gore botshelo jwa rona bo nne le bokao jwa mmatota. A bo re le lesego jang ne go bo re le bangwe ba “badirimmogo le Modimo”! (1 Bakorintha 3:9) Mme a ga se selo se se itumedisang go bo le baengele ba nna le seabe mo tirong eno ya go rera dikgang tse di molemo?—Tshenolo 14:6, 7.

6. Fa re abela ba bangwe dilo tsa semoya re nna ditsala tsa bomang?

6 Tota e bile, fa re nna le seabe mo tirong eno ya go aba dilo tsa semoya, ga re ne re nna badirimmogo fela le Modimo—re ka kgona go nna le botsala jo bo nnelang ruri le ene. Aborahame o ne a bidiwa tsala ya ga Jehofa ka ntlha ya tumelo ya gagwe. (Jakobe 2:23) Fa re ntse re lwela go dira thato ya Modimo, le rona re ka nna ditsala tsa Modimo. Fa re dira jalo, gape re tla nna ditsala tsa ga Jesu. O ne a raya barutwa ba gagwe a re: “Ke lo biditse ditsala, ka gonne dilo tsotlhe tse ke di utlwileng mo go Rre ke lo di itsisitse.” (Johane 15:15) Batho ba le bantsi ba itumelela go nna ditsala tsa batho ba ba tlotlegang kana ba maemo, mme rona re ka nna ditsala tsa batho ba babedi ba bagolo go gaisa botlhe mo lobopong!

7. (a) Mosadi mongwe o ne a itirela tsala ya mmatota jang? (b) A go ntse jalo le ka wena?

7 Mo godimo ga moo, fa re thusa batho go itse Modimo, le bone ba nna ditsala tsa rona, e leng se se dirang gore re itumele ka tsela e e kgethegileng. Joan yo o nnang kwa United States o ne a simolola go ithuta Baebele le mosadi mongwe yo o bidiwang Thelma. Le fa lelapa la gaabo Thelma le ile la simolola go mo thibela go ithuta, o ne a itshoka mme a kolobediwa ngwaga morago ga foo. Joan o ne a kwala jaana: “Go amana ga rona ga go a ka ga felela foo; go na le moo, re ne ra nna le botsala jo gone jaanong bo setseng bo na le dingwaga tse 35. Gantsi re ne re ya bodireding le dikopanong mmogo. Kgabagare ke ne ka fudugela kwa legaeng le lesha le le neng la re katoganya ka dikilometara tse 800. Mme gone Thelma o sa ntse a nthomelela makwalo a a lorato le a a amang pelo a mpolelela gore o nkgopotse le go ntebogela go bo ke le tsala ya gagwe e bile ke le sekao mo go ene le go bo ke ile ka mo ruta boammaaruri jwa Baebele. Go nna le tsala e e molemo jalo le e ke e ratang ke tsela e e molemo e maiteko a me a go mo thusa go ithuta ka Jehofa a duetsweng ka yone.”

8. Ke boikutlo bofe jo bo siameng jo bo ka re thusang mo bodireding?

8 Go nna le tsholofelo ya go bona mongwe yo o ka ratang go ithuta boammaaruri go ka re thusa go itshoka le fa bontsi jwa batho ba re kopanang le bone ba sa kgatlhegele Lefoko la ga Jehofa go le kalo. Go se kgatlhege ga bone go ka gwetlha tumelo le boitshoko jwa rona. Le fa go ntse jalo, go nna le maikutlo a a siameng go ka re thusa. Fausto yo o tswang kwa Guatemala, o ne a re: “Fa ke neela batho bosupi, ke akanya ka tsela e go tla nnang molemo ka teng fa go ne go ka direga gore motho yo ke buang le ene a fetoge mokaulengwe kana kgaitsadi wa me wa semoya. Ke nna ke akanya gore bobotlana mongwe wa batho ba ke tla kopanang le bone kgabagare o tla amogela boammaaruri jwa Lefoko la Modimo. Go akanya jalo go a nkgothatsa e bile go dira gore ke itumele thata.”

Go Ipolokela Matlotlo Kwa Legodimong

9. Jesu o ne a reng ka go ipolokela matlotlo kwa legodimong, mme re ka ithuta eng mo go seno?

9 Go dira batho barutwa ga se ka metlha go leng motlhofo, e ka ne e le bana ba rona kana batho ba bangwe. Go ka re tlhoka nako, bopelotelele le boitshoko. Le fa go ntse jalo, se lebale gore batho ba bantsi ba iketleeletsa go dira ka natla go ikgobokanyetsa dikhumo, dilo tse gantsi di sa ba tlisetseng boitumelo e bile e se tse di nnelang ruri. Jesu o ne a raya bareetsi ba gagwe a re go botoka go berekela dilo tsa semoya. O ile a re: “Tlogelang go ipolokela matlotlo mo lefatsheng, mo motoutwane le ruse di jang gone, le mo magodu a thubang gone a ba a utswa. Go na le moo, ipolokeleng matlotlo kwa legodimong, kwa motoutwane le fa e le ruse di sa jeng gone, le kwa magodu a sa thubeng gone a ba a utswa.” (Mathaio 6:19, 20) Ka go gagamalela mekgele ya semoya—e e akaretsang go nna le seabe mo tirong e e botlhokwatlhokwa ya go dira batho barutwa—re ka nna le kgotsofalo ya go itse gore re dira thato ya Modimo le gore o tla re duela. Moaposetoloi Paulo o ile a kwala jaana: “Modimo ga a tshiamololo mo a ka lebalang tiro ya lona le lorato lo lo le bontshitseng leina la gagwe.”—Bahebera 6:10.

10. (a) Ke eng fa Jesu a ile a nna le matlotlo a semoya? (b) Ke eng fa Jesu a ile a iintshetsa setlhabelo, mme seno se ne sa solegela batho ba bangwe molemo o mogolo jang?

10 Fa re dira ka tlhoafalo mo tirong ya go dira barutwa, re ipolokela “matlotlo kwa legodimong,” go ya ka se Jesu a se buileng. Seno se dira gore re nne le boipelo jwa go amogela. Fa re aba ka bopelotshweu, rona ka borona re feleletsa re solegelwa molemo. Jesu ka boene o ile a direla Jehofa ka boikanyegi ka dingwaga di le dimilione di le diketekete. Akanya ka matlotlo a a ikgobokanyeditseng one kwa legodimong! Le fa go ntse jalo, Jesu o ne a se ka a senka dilo tse di solegelang ene fela molemo. Moaposetoloi Paulo o ile a kwala jaana: “[Jesu] o ne a intshetsa maleo a rona gore a tle a re golole mo tsamaisong ya jaanong e e boikepo ya dilo go ya ka thato ya Modimo wa rona le Rara.” (Bagalatia 1:4) Jesu o ne a se ka a iintsha setlhabelo fela mo bodireding jwa gagwe, mme gape o ne a ntsha le botshelo jwa gagwe setlhabelo go nna thekololo e le gore batho ba bangwe ba ke ba bone tshono ya go ipolokela matlotlo kwa legodimong.

11. Ke eng fa dimpho tsa semoya di le botoka go feta tsa dithoto?

11 Fa re ruta batho ba bangwe ka Modimo, re ba thusa go bona kafa le bone ba ka ipolokelang matlotlo a semoya a a sa senyegeng ka teng. Ke mpho efe e kgolo go feta eo e o neng o ka ba abela yone? Fa o abela tsala tshupanako, koloi kgotsa le e leng ntlo e e jang madi a mantsi, ga go pelaelo gore tsala eo e tla e lebogela le go e itumelela thata, e bile o tla itumelela go bo o mo e abetse. Mme mpho eo e tla bo e ntse jang morago ga dingwaga tse 20? Tse 200? Tse 2 000? Ka fa letlhakoreng le lengwe, fa o intsha setlhabelo go thusa mongwe go direla Jehofa, mpho eo e ka mo solegela molemo ka bosakhutleng.

Go Senka Batho ba ba Batlang Boammaaruri

12. Batho ba le bantsi ba ile ba intsha setlhabelo jang gore ba thuse ba bangwe semoyeng?

12 Batho ba ga Jehofa ba ile ba fitlha le kwa dikhutlong tsa lefatshe gore ba nne le seabe mo boipelong jwa go abela batho dilo tsa semoya. Dikete tsa bone di ile tsa tlogela magae le malapa a bone go ya go nna barongwa kwa dinageng tse ba ileng ba tshwanelwa ke go itlwaelanya le puo le dingwao tse disha tsa teng. Ba bangwe ba ile ba fudugela kwa dikgaolong tse di tlhokang baboledi ba bantsi ba Bogosi mo dinageng tsa bone. Ba bangwe bone ba ile ba ithuta puo e sele e le gore ba nne le ditshono tsa go rerela baagi ba ba tswang kwa dinageng di sele ba ba leng mo mafelong a bone. Ka sekai, fa banyalani bangwe ba kwa New Jersey, U.S.A., ba sena go godisa bana ba bone ba babedi ba gone jaanong ba dirang kwa ntlokgolo ya lefatshe lotlhe ya Basupi ba ga Jehofa, ba ne ba nna babulatsela mme ba ithuta Se-China. Mo dingwageng tse tharo ke fa ba ithuta Baebele le batho ba le 74 ba ba buang Se-China ba ba tsenang kwa kholetšheng e e fa gaufi. A o ka kgona go oketsa bodiredi jwa gago ka tsela nngwe e le gore o bone boipelo mo tirong ya go dira batho barutwa?

13. Ke eng se o ka se dirang fa o batla gore bodiredi jwa gago bo nne le matswela?

13 O ka tswa o eletsa thata go nna le motho yo o ithutang Baebele le ene mme o ise o kgone go dira jalo. Mo dinageng dingwe ga go motlhofo go bona batho ba ba kgatlhegang. Batho ba o kopanang le bone ba ka tswa ba sa bontshe go kgatlhegela Baebele. Fa go le jalo, gongwe o ka umaka keletso eno gangwe le gape mo thapelong ya gago, ka go itse gore Jehofa le Jesu Keresete ba kgatlhegela tiro eno thata mme ba ka nna ba go kaela kwa mothong wa sekanku. Kopa dikakantsho mo bathong ba ba nang le maitemogelo mo phuthegong ya lona kana ba ba nang le matswela mo bodireding. Dirisa ka botlalo thapiso le dikakantsho tse re di newang mo dipokanong tsa Bokeresete. Solegelwa molemo ke kgakololo ya balebedi ba ba etang le ya basadi ba bone. Mo godimo ga moo, le ka motlha o se ka wa ineela. Monna yo o botlhale o ile a kwala jaana: “Mo mosong o jale peo ya gago mme o se ka wa letla seatla sa gago gore se ikhutse go fitlha maitseboa; gonne ga o itse kwa seno se tla nnang le katlego teng.” (Moreri 11:6) Fa go sa ntse go le jalo, gopola banna ba ba ikanyegang ba ba jaaka Noa le Jeremia. Le fa e le batho ba le mmalwa fela ba ba ileng ba amogela molaetsa o ba neng ba o rera, bodiredi jwa bone bo ne jwa atlega. Mo godimo ga seno sotlhe, ba ne ba dira gore Jehofa a itumele.

Go Dira Bojotlhe Jo o Ka bo Kgonang

14. Jehofa o leba jang batho ba ba tsofaletseng mo tirelong ya gagwe?

14 E ka nna ya bo e le gore maemo a gago ga a go letle go dira go le gontsi mo bodireding jaaka o batla. Ka sekai, botsofe bo ka go letla go dira go sekae fela mo tirong ya ga Jehofa. Le fa go ntse jalo, gopola se monna yo o botlhale a se kwadileng: “Botlhogoputswa ke serwalo sa bontle fa bo bapalwa ka tsela ya tshiamo.” (Diane 16:31) Jehofa o itumelela go bona motho a feditse botshelo jwa gagwe a mo direla. Mo godimo ga moo, Dikwalo di re: “[Nna Jehofa] ke ntse ke le ene Yoo go fitlha botsofeng jwa motho; mme ke tla nna ke sikere go fitlha botlhogoputsweng jwa motho. Ruri ke tla tsaya kgato, gore ke rwale le gore ke sikare ke bo ke falotse.” (Isaia 46:4) Rraarona yo o lorato wa selegodimo o solofetsa gore o tla nonotsha batho ba gagwe ba ba ikanyegang le go ba ema nokeng.

15. A wa dumela gore Jehofa o tlhaloganya maemo a gago? Ka ntlha yang?

15 Gongwe o itshoketse bolwetse bongwe, go ganediwa ke molekane yo o sa dumeleng, maikarabelo a a boima a lelapa, kana bothata jo bongwe jo bo boima. Jehofa o lemoga ditlhaelo le maemo a rona, mme o re ratela maiteko a re a dirang ka tlhoafalo a go mo direla. Go ntse jalo le fa re ka tswa re dira go le gonnye go feta ba bangwe. (Bagalatia 6:4) Jehofa o a itse gore ga re a itekanela, mme o tekatekano ka se a se lebeletseng mo go rona. (Pesalema 147:11) Fa re dira ka bojotlhe, re ka tlhomamisega gore Modimo o re tsaya re le botlhokwa thata mme ga a kitla a lebala ditiro tsa rona tse di bontshang tumelo.—Luke 21:1-4.

16. Phuthego yotlhe e nna le seabe jang mo go direng motho morutwa?

16 Se lebale le gore, tiro ya go dira batho barutwa ke tiro e e kopanetsweng. Ga go na motho ope yo o ka kgonang go dira motho morutwa a le nosi, fela jaaka lerothodi le le lengwe la pula le sa kgone go godisa semela le le nosi. Ke boammaaruri gore, Mosupi mongwe a ka kopana le motho yo o kgatlhegang mme a mo tshwarele thuto ya Baebele. Mme fa motho yoo yo mosha a tla mo Holong ya Bogosi, phuthego yotlhe e tsenya letsogo mo go mo thuseng go lemoga boammaaruri. Tsela e bakaulengwe ba ratanang ka yone e mmontsha gore ba tlhotlhelediwa ke moya wa Modimo. (1 Bakorintha 14:24, 25) Bana le basha ba akgela dikakgelo tse di tlhotlheletsang, e leng se se bontshang motho yono yo mosha gore basha ba rona ba farologana le basha ba lefatshe. Ba ba lwalang, ba ba koafetseng le bagodi mo phuthegong ba ruta batho ba basha bano se boitshoko e leng sone. Le fa re ka tswa re le bogolo bo kae kana re na le makoa, rotlhe re nna le seabe se se botlhokwa mo go thuseng batho ba basha bano fa go rata boammaaruri jwa Baebele ga bone go ntse go gola mme ba gatela pele go ya kolobetsong. Ura nngwe le nngwe e re e fetsang re le mo bodireding, mo loetong lwa go boela, le fa re tlotla le motho yo o kgatlhegang kwa Holong ya Bogosi, e ka lebega e le nnye thata fa e le nosi fela, mme gone ke karolo ya tiro e kgolo e Jehofa a e dirang.

17, 18. (a) Mo godimo ga go nna le seabe mo tirong ya go dira batho barutwa, re ka nna le seabe jang mo boipelong jwa go aba? (b) Re etsa mang fa re nna le seabe mo boipelong jwa go aba?

17 Ke boammaaruri gore, mo godimo ga go nna le seabe mo tirong e e botlhokwa ya go dira batho barutwa, rona Bakeresete re nna le seabe mo boipelong jwa go aba le ka ditsela tse dingwe. Re ka beela kwa thoko meneelo ya go ema nokeng kobamelo e e itshekileng le go thusa ba ba tlhokang. (Luke 16:9; 1 Bakorintha 16:1, 2) Re ka senka ditshono tsa go bontsha ba bangwe moya wa go amogela baeng. (Baroma 12:13) Re ka kgaratlhela go “[dira] se se molemo mo go botlhe, mme segolobogolo mo go ba ba amanang le rona mo tumelong.” (Bagalatia 6:10) Re ka abela batho ba bangwe le ka ditsela tse dingwe tse di motlhofo le tse di botlhokwa—ka go ba kwalela makwalo, go ba founela, go ba abela mpho, go ba thusa le ka go ba kgothatsa.

18 Fa re aba, re bontsha gore re etsa Rraarona wa selegodimo. Gape re bontsha lorato lwa rona lwa bokaulengwe, lo e leng letshwao le le tlhaolang Bakeresete ba boammaaruri. (Johane 13:35) Go nna re gopola dilo tseno go tla re thusa go nna le seabe mo boipelong jwa go aba.

A o Ka Tlhalosa?

• Jehofa le Jesu ba re tlhometse sekao jang mo go abeng dilo tsa semoya?

• Re ka itirela ditsala tse di nnetseng ruri jang?

• Ke dikgato dife tse re ka di tsayang gore bodiredi jwa rona bo atlege thata?

• Botlhe mo phuthegong ba ka nna le seabe jang mo boipelong jwa go aba?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Ditshwantsho mo go tsebe 13]

Batsadi ba itumela tota e bile ba a kgotsofala fa bana ba bone ba amogela thapiso ya bone

[Setshwantsho mo go tsebe 15]

Fa re dira barutwa re ka itirela ditsala tsa mmatota

[Setshwantsho mo go tsebe 16]

Jehofa o a re sikara fa re tsofetse

[Ditshwantsho mo go tsebe 17]

Re bona boipelo jwa go aba ka ditsela tse di motlhofo mme e le tse di botlhokwa