Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

O ‘Itshokile go ya Bokhutlong’

O ‘Itshokile go ya Bokhutlong’

O ‘Itshokile go ya Bokhutlong’

MO BIDIONG ya 1993 e e neng ya bontshiwa maloko a masha a badiri ba ntlokgolo ya Basupi ba ga Jehofa, Lyman Alexander Swingle o ne a bolela jaana fa a tlhalosa kafa a ikutlwang ka teng ka go direla Jehofa: “O swe o rwele ditlhako tsa gago!” *

Mokaulengwe Swingle wa dingwaga di le 90 o ne a dira sone se a neng a kgothaletsa ba bangwe go se dira. O ne a ‘itshoka go ya bokhutlong.’ (Mathaio 24:13) Le fa gone a ne a lwala, ka Laboraro, March 7, o ne a nna teng kwa pokanong ya Setlhopha se se Laolang sa Basupi ba ga Jehofa se a neng a le leloko la sone. Ka Labobedi o o latelang boemo jwa gagwe bo ne jwa nna maswe le go feta, mme ka 4:26 a.m., ka March 14, ngaka ya gagwe e ne ya tlhalosa fa a sule.

Lyman Swingle o ne a simolola tirelo ya gagwe kwa ntlokgolo ya lefatshe lotlhe ya Basupi ba ga Jehofa kwa Brooklyn, kwa New York, ka April 5, 1930. O ne a direla koo ka dingwaga tse di ka nnang 71. La ntlha Mokaulengwe Swingle o ne a abelwa go direla mo lephateng le le rokang dibuka, go tswa foo a ya kwa bogatisetsong mme gape a thusa ka go dira enke. Totatota, Mokaulengwe Swingle o berekile mo lephateng la go dira enke dingwaga tse di ka nnang 25. O ne a direla gape e le leloko la bakwaledi ba ntlokgolo ka dingwaga di le 20. Mo dingwageng tse 17 tsa bofelo tsa botshelo jwa gagwe, o ne a direla kwa Ofising ya Motshwaramatlotlo.

Mokaulengwe Swingle e ne e le mmoledi yo o pelokgale wa Bogosi jwa Modimo. Mo dingwageng tsa gagwe tsa ntlha kwa Brooklyn, ene le motho yo a neng a nna le ene e bong Arthur Wrosley, ba ne ba tle ba tsamaye ka nngwe ya mekoro ya Basupi go ralala Noka ya Hudson. Ba ne ba dirisa mafelobeke a bone ka go dirisa digodisamantswe go anamisa molaetsa wa Bogosi mo bathong ba ba nnang mo losing lwa noka eno.

Mokaulengwe Swingle o ne a tsholwa ka November 6, 1910, kwa Lincoln, kwa Nebraska, mme le fa go ntse jalo lelapa la gaabo le ile la fudugela kwa Salt Lake City kwa Utah, ka bonako morago ga foo. Fa ba ntse ba le koo, ka 1913, batsadi ba gagwe ba ne ba nna Baithuti ba Baebele, e leng tsela e Basupi ba ga Jehofa ba neng ba bidiwa ka yone ka nako eo. Go ralala dingwaga, lelapa la booraSwingle le ne le amogela dibui di le dintsi tse di etileng go tswa kwa ntlokgolo ya Basupi kwa Brooklyn mme banna bano ba ne ba nna le tlhotlheletso e e molemo mo go Lyman. Ka 1923, fa a ne a le dingwaga di le 12, o ne a kolobediwa go bontsha boineelo jwa gagwe go Modimo.

Morago ga gore Mokaulengwe Lyman a direle dingwaga di le 26 kwa Brooklyn e le monna yo o sa nyalang, botshelo jwa gagwe bo ne jwa itumedisa thata fa a ne a nyala Crystal Zircher ka June 8, 1956. Ba ne ba sa kgaogane, ba ne ba dira mmogo mo bodireding go fitlha Crystal a swa ka 1998. Mo e ka nnang dingwaga di le tharo pelenyana ga foo, Crystal o ne a itewa ke seterouku se se ileng sa dira gore a golafale thata. Go tshwarega ga Mokaulengwe Lyman letsatsi le letsatsi ka go mo tlhokomela e ne e le sekao sa boineelo jo bo neng bo ama botlhe ba ba neng ba mo itse, segolobogolo ba ba neng ba bona Mokaulengwe Lyman a ntse a kgorometsa setulo sa maotwana ka lorato mo bophaphathong jwa tsela fa Crystal a ntse a tsamaisetsa batho ba ba fetang dimakasine tsa Tora ya Tebelo le Tsogang!

Mokaulengwe Swingle e ne e le monna yo o tlhamaletseng le yo o lorato yo a neng a dira gore batho ba ba neng ba mo itse ba mo rate. Fela jaaka rraagwe le mmaagwe, le ene o ne a na le tsholofelo e e theilweng mo Baebeleng ya go ya go tshela le Jesu Keresete kwa Bogosing jwa selegodimo, e leng tsholofelo e re tlhomamisegang gore o setse a e bone jaanong.—1 Bathesalonika 4:15-18; Tshenolo 14:13.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 2 Se se raya gore motho o tshwanetse go swa a le matlhagatlhaga mo tirong ya gagwe.

[Setshwantsho mo go tsebe 31]

Mokaulengwe Swingle o ne a direla mo lephateng la enke ka dingwaga tse di ka nnang 25

[Setshwantsho mo go tsebe 31]

Lyman le Crystal ba ne ba sa kgaogane