Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Thuso ya go Tlhaloganya Baebele

Thuso ya go Tlhaloganya Baebele

Thuso ya go Tlhaloganya Baebele

BAEBELE ke buka e e sa tshwaneng le epe. Bakwadi ba yone ba bolela gore ba tlhotlheleditswe ke Modimo, mme se se kwadilweng mo go yone se neela bosupi jo bontsi jo bo bontshang gore seo se boammaaruri. (2 Timotheo 3:16) Gareng ga tse dingwe, Baebele e bontsha gore re tswa kae, ke ka ntlha yang fa re le mono le gore re ya kae. Tota ke buka e re tshwanetseng go e sekaseka!

Gongwe o kile wa leka go bala Baebele mme wa fitlhela gore go thata go e tlhaloganya. Gongwe ga o itse gore o ka bona kae dikarabo tsa dipotso tsa gago. Fa e le gore go ntse jalo, ga se wena fela. Boemo jwa gago bo tshwana le jwa monna mongwe wa lekgolo la ntlha la dingwaga. O ne a tsamaya ka kara go tswa kwa Jerusalema a ya kwa nagagaeng ya gagwe kwa Ethiopia. Modiredimogolo yono wa kwa Ethiopia o ne a balela kwa godimo go tswa mo bukeng ya Baebele ya Isaia, e e neng e kwadilwe dingwaga tse di fetang makgolo a supa pele ga foo.

A sa lebelela, o ne a dumedisiwa ke monna mongwe yo o neng a taboga go bapa le kara ya gagwe. Monna yono e ne e le Filipi, morutwa wa ga Jesu, mme o ne a botsa Moethiopia jaana: “A tota o itse se o se balang?” Moethiopia o ne a araba jaana: “Tota, nka tlhaloganya jang, fa mongwe a sa nkaele?” Go tswa foo o ne a kopa Filipi gore a tsene mo kareng. Filipi o ne a tlhalosa temana e monna yono a neng a ntse a e bala mme a mmolelela “dikgang tse di molemo kaga Jesu.”—Ditiro 8:30-35.

Fela jaaka Filipi a ile a thusa Moethiopia go tlhaloganya Lefoko la Modimo bogologolo, Basupi ba ga Jehofa ba thusa batho go tlhaloganya Baebele gompieno. Ba tla itumelela go go thusa le wena. Gantsi, go botoka go ithuta Baebele ka go latela thulaganyo, o simolola ka dithuto tsa konokono tsa Dikwalo. (Bahebera 6:1) Fa o ntse o gatela pele, o tla kgona go bona le se moaposetoloi Paulo a neng a re ke “dijo tse di tiileng”—e leng dithuto tse di boteng tsa boammaaruri. (Bahebera 5:14) Le mororo o tla bo o ithuta Baebele, dikgatiso tse dingwe—tse di re thusang go ithuta Baebele—di ka go thusa go bona le go tlhaloganya ditemana tsa Baebele tse di buang ka dikgang tse di farologaneng.

Gantsi go ka rulaganngwa gore o tshwarelwe thuto ka nako e e go siametseng le mo lefelong le le go tshwanelang. Ba bangwe e bile ba ithuta ka thelefouno. Thuto ga e tshwarwe ka thulaganyo ya tlelase; ke thulaganyo ya motho ka namana e e diretsweng go go thusa go ya ka maemo a gago ka namana, go akaretsa le tsela e o godileng ka yone le thutego ya gago. Ga o tlhoke go duelela thuto e e ntseng jalo ya Baebele. (Mathaio 10:8) Ga go na ditlhatlhobo tse di kwalwang e bile o ka se ka wa dirwa gore o ikutlwe o tlhabiwa ke ditlhong. Dipotso tsa gago di tla arabiwa mme o tla ithuta gore o ka atamelana jang le Modimo. Gone mme, ke eng fa o tshwanetse go ithuta Baebele? Akanya ka mabaka mangwe a a tla dirang gore go ithuta ga gago Baebele go oketse boitumelo mo botshelong jwa gago.