Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A Ruri o Itshokela ba Bangwe?

A Ruri o Itshokela ba Bangwe?

A Ruri o Itshokela ba Bangwe?

A O KILE wa ikutlwa o galefile ka gonne mongwe a sa itshwara sentle? A o itlhaganelela go tsaya kgato fa ditsala tsa gago tse o di ratang thata di simolola go nna le mekgwa e e sa siamang?

Ka dinako tse dingwe go a tlhokega gore go tsewe kgato ka bonako e bile e le e e gagametseng go thibela boleo bongwe jo bo masisi gore bo se ka jwa anama. Ka sekai, fa ka lonyatso bangwe ba ne ba dirile phoso e e neng e tlile go leswafatsa Baiseraele mo lekgolong la bo15 la dingwaga B.C.E., setlogolwana sa ga Arone e bong Finease o ne a tsaya kgato ka bonako go tlosa se se sa siamang. Jehofa Modimo o ne a itumelela se a se dirileng, a bo a re: “Finease . . . o busitse tšhakgalo ya me mo go bomorwa Iseraele ka go sa letle gotlhelele gore ke pataganngwe le ope mo gare ga bone.”—Dipalo 25:1-11.

Finease o ne a tsaya kgato e e tshwanetseng go dira gore leswe le se ka la anama. Mme jaanong go tweng fa re galefela ba bangwe ka tsela e e feteletseng fela ka gonne ba re foseditse? Fa re ne re ka dira dilo ka mafega kana re se na lebaka le le utlwalang la go tsaya kgato, seno se ne se tla bo se sa reye gore re lwela se se siameng, go na le moo se ne se tla bo se raya gore ga re kgone go itshokela batho ba bangwe—ga re kgone go amogela gore ba bangwe ga ba a itekanela. Ke eng se se ka re thusang go fema serai seno?

‘Jehofa o Itshwarela Tlolo ya Gago Yotlhe’

Jehofa ke “Modimo yo o lefufa (yo o tlhoafetseng); Modimo yo o sa letleng go pataganngwa le ope.” (Ekesodo 20:5, ntlhanyana e e kwa tlase go NW) E re ka e le Mmopi, o na le tshwanelo ya go batla gore re ineele mo go ene fela. (Tshenolo 4:11) Le fa go ntse jalo, Jehofa o kgona go itshokela makoa a batho. Ka gone mopesalema Dafide o ne a opela jaana ka ene: “Jehofa o kutlwelobotlhoko e bile o pelontle, o bonya go galefa e bile o na le bopelonomi jo bogolo jwa lorato. Ga a kitla a nna a latofatsa ka bosakhutleng . . . Ga a re direla kafa maleong a rona; le gone ga a re tlisetsa se se re tshwanelang kafa ditlolong tsa rona.” Ee, fa re ikwatlhaya, Modimo ‘o itshwarela tlolo ya rona yotlhe.’—Pesalema 103:3, 8-10.

E re ka Jehofa a tlhaloganya gore batho ba na le boleo, ga ‘a nne a latofatsa’ badirabosula ba ba ikwatlhayang. (Pesalema 51:5; Baroma 5:12) Tota e bile, o ikaeletse go tlosa boleo le bosaitekanelang. Go fitlha seo se diragala ka botlalo, go na le gore Modimo a re direle “se se re tshwanetseng,” o re itshwarela ka bopelontle ka ntlha ya setlhabelo sa thekololo sa ga Jesu Keresete. Fa Jehofa a ka bo a sa utlwele botlhoko fa go tshwanela, ga go na ope wa rona yo o neng a ka kaiwa a tshwanelwa ke go falola. (Pesalema 130:3) A bo re ka leboga jang ne go bo Rraarona wa selegodimo, yo go tshwanelang gore a bo a batla boineelo jo bo feletseng, e bo e le Modimo yo o kutlwelobotlhoko!

Go Tlhokega Tekatekano

E re ka Morena Molaodimogolo wa lobopo a bontsha go itshoka fa a dirisana le batho ba ba sa itekanelang, a le rona ga re a tshwanela go dira fela jalo? Go itshokela ba bangwe go ka tlhalosiwa e le boikutlo jwa go nna pelotelele le maikutlo a ba bangwe kgotsa le mekgwa ya bone. A rona re na le boikutlo jo bo ntseng jalo—boikutlo jwa go nna pelotelele le go iphapaanya fa ba bangwe ba bua kana ba dira dilo tse e seng boleo jo bo masisi mme gongwe rona re di bona di sa tshwanela?

Mme gone gape ga re a tshwanela go itshokela sengwe le sengwe fela. Ka sekai, dilo di senyega fela thata fa baeteledipele ba bodumedi ba letlelela baruti ba ba nnelang go robala le basimane le basetsana. Mmegadikgang mongwe wa kwa Ireland o ne a bega jaana: “Baeteledipele ba kereke ba ne ba tsaya fela gore se moruti yo o molato yono a se dirileng bana e ne e le go leofanyana fela ga nako eo, mme ba mo fudusetsa fela [kwa lefelong le lengwe].”

A go tsaya fela motho yo o ntseng jalo o mo fudusetsa kwa lefelong le lengwe ke sekao se sentle sa go itshokela ba bangwe ka tshwanelo? Le e seng! A re re setlhopha sa dingaka se ne se letlelela ngaka nngwe e e sa direng tiro ya yone sentle go tswelela pele e ara batho, ba nna ba e fudusa fela go tswa kwa kokelong e nngwe go ya go e nngwe, le mororo a ntse a bolaya kana a golafatsa balwetse. Go nna le boikutlo jo bo sa tshwanelang jwa go re mme gone re tla swa mmogo mo bongakeng go ka nna ga dira gore dingaka tse dingwe di nne di mo “itshokele” fela ka tsela eo. Mme go tweng ka ba ba bolailweng kana ba golafatswa ke go latlhelela dilo fela ga gagwe, kana ke ditiro tsa gagwe tsa tlolomolao?

Gape go na le kotsi ya go sa batle go itshokela diphoso tsa ba bangwe. Fa Jesu a ne a le mo lefatsheng, Bajuda bangwe ba ba neng ba itsege e le Batlhagafalelasejuda ba ne ba batla go dirisa sekai sa ga Finease ka tsela e e sa tshwanelang go leka go bontsha gore ga go na molato ope ka ditiro tsa bone. Kgato nngwe ya go feteletsa dilo e Batlhagafalelasejuda bangwe ba neng ba e tsaya e ne e le “go tlhakatlhakana le boidiidi jwa batho kwa Jerusalema ka nako ya meletlo le ka dinako tse dingwe tse di tshwanang le tseo ba bo ba tlhaba baba ba bone ka dithipa ba sa ba bone.”

Jaaka Bakeresete, rona re ka se ka le ka motlha ra dira se Batlhagafalelasejuda ba se dirileng gore fa batho ba re kgopisa re bo re ba tlhasela ka tsela ya mmatota. A mme selekanyo se se rileng sa go sa itshokele ba bangwe se dira gore re dirise ditsela tse dingwe go tlhasela batho ba re sa ba rateng—gongwe ka go ba bua maswe? Fa tota re itshokela ba bangwe, ga re na go dirisa puo e e ntseng jalo e e utlwisang botlhoko.

Bafarasai ba lekgolo la ntlha la dingwaga e ne e le setlhopha se sengwe se se neng se sa itshokele ba bangwe. Ba ne ba nnela go kgala ba bangwe ba sa fetse e bile ba sa amogele gore batho ga ba a itekanela. Bafarasai ba ba boikgogomoso ba ne ba lebela batho ba ba tlwaelegileng kwa tlase, ba ba bitsa “batho ba ba hutsegileng.” (Johane 7:49) Go a utlwala go bo Jesu a ile a kgala banna bao ba ba neng ba ipona e le basiami a re: “A bo go latlhega lona, bakwadi le Bafarasai, baitimokanyi! ka gonne lo ntsha nngwesomeng ya minte le dile le kumina, mme lo itlhokomolositse dilo tse di bokete segolo tsa Molao, e leng, tshiamiso le kutlwelobotlhoko le boikanyegi. Dilo tseno go ne go patelesega gore di dirwe, le fa go ntse jalo go sa tlhokomologiwe dilo tse dingwe.”—Mathaio 23:23.

Fa Jesu a ne a bua jaana, o ne a sa reye gore ga go botlhokwa go boloka Molao wa ga Moshe. O ne a bontsha fela gore dilo tse di “bokete segolo,” kana tse di botlhokwa thata tsa Molao di ne di tlhoka gore motho a o dirise ka tekatekano le kutlwelobotlhoko. A bo Jesu le barutwa ba gagwe ba ne ba farologane thata jang ne le Bafarasai le Batlhagafalelasejuda ba ba neng ba sa itshokele ba bangwe!

Jehofa Modimo le Jesu Keresete ga ba mpampetse bosula. Go ise go ye kae, ‘go tla ipusolosediwa mo go bao ba sa itseng Modimo le ba ba sa reetseng dikgang tse di molemo.’ (2 Bathesalonika 1:6-10) Le fa go ntse jalo, le mororo Jesu a tlhoafaletse tshiamo, ga a ke a tlhoka go supa bopelotelele, kutlwelobotlhoko le go amega ka lorato jaaka Rraagwe wa selegodimo a dira ka botlhe ba ba batlang go dira se se siameng. (Isaia 42:1-3; Mathaio 11:28-30; 12:18-21) A bo Jesu a re tlhometse sekao se se molemo jang ne!

Itshokelaneng ka Bopelotelele

Le fa gone re tlhagafaletse thata go dira se se siameng, a re diriseng kgakololo eno ya ga moaposetoloi Paulo: “Tswelelang lo itshokelana e bile lo itshwarelana lo gololesegile fa mongwe a na le lebaka la go ngongorega ka yo mongwe. Le eleng jaaka Jehofa a ne a lo itshwarela a gololesegile, jalo le lona dirang jalo.” (Bakolosa 3:13; Mathaio 6:14, 15) Go itshokela ba bangwe go batla gore re nne pelotelele le ditlhaelo le diphoso tsa ba bangwe mo lefatsheng leno le le sa itekanelang. Ga re a tshwanela go lebelela gore ba bangwe ba dire dilo tse ba ka se kang ba kgona go di dira.—Bafilipi 4:5.

Go itshokela ba bangwe ga go reye gore o amogele se se sa siamang kana o itire yo o sa boneng fa go dirilwe phoso. Tsela nngwe e modumedikarona a akanyang ka yone kana a itshwarang ka yone e ka nna ya bo e sa tsamaisane go le kalo le ditekanyetso tsa ga Jehofa. Le fa gone a ka nna a bo a ise a fapoge mo go maswe jalo gore a ka latlhwa ke Modimo, seno e ka nna ya bo e le sesupo fela sa gore go tshwanetse ga dirwa phetogo nngwe. (Genesise 4:6, 7) A bo e le selo se se lorato jang ne fa ba ba nang le ditshwanelego tsa semoya ba leka go lolamisa motho yo o dirang phoso ka moya o o bonolo! (Bagalatia 6:1) Le fa go ntse jalo, gore o atlege fa o ntse o leka go dira seno, go botlhokwa go dira jalo ka ntlha ya go amega e seng ka moya wa go nyatsa.

“Ka Bonolo le Tlotlo e e Boteng”

Go tweng ka go itshokela batho bao dipono tsa bone tsa bodumedi di farologaneng le tsa rona? “Thuto ya Kakaretso” e e neng ya manegwa kwa Dikolong tsotlhe tsa Setšhaba tsa kwa Ireland ka 1831 e balega jaana: “Jesu Keresete o ne a sa ikaelela gore batho ba patelediwe go amogela bodumedi jwa gagwe ka dikgoka. . . . Go omana le baagelani ba rona le go ba tlhapatsa ga se yone tsela ya go ba bontsha gore re nepile le gore bone ba phoso. Go dira jalo go tla dira fela gore ba bone gore ga re na moya wa Bokeresete.”

Jesu o ne a ruta le go dira dilo ka tsela e e neng e gogela batho kwa Lefokong la Modimo mme le rona re tshwanetse go dira jalo. (Mareko 6:34; Luke 4:22, 32; 1 Petere 2:21) E re ka e ne e le monna yo o itekanetseng yo o nang le temogo e e kgethegileng e a e filweng ke Modimo, o ne a kgona go bona se se mo dipelong. Ka gone, fa go tlhokega Jesu o ne a kgona go kgala baba ba ga Jehofa ka tsela e e botlhoko. (Mathaio 23:13-33) Go dira jalo go ne go sa supe gore ga a kgone go itshokela ba bangwe.

Rona ga re kgone go bona se se mo dipelong jaaka Jesu. Ka gone, re tshwanetse go latela kgakololo eno ya ga moaposetoloi Petere: “Itshepiseng Keresete e le Morena mo dipelong tsa lona, ka metlha lo iketleeleditse go iphemela fa pele ga mongwe le mongwe yo o lo batlang lebaka la tsholofelo e e mo go lona, mme lo dira jalo ka bonolo le tlotlo e e boteng.” (1 Petere 3:15) Jaaka batlhanka ba ga Jehofa, re tshwanetse go femela se re se dumelang ka gonne se theilwe ka tlhomamo mo Lefokong la Modimo. Mme re tshwanetse go dira seno ka tsela e e supang gore re tlotla ba bangwe le seo ba se dumelang go tswa pelong. Paulo o ile a kwala jaana: “A puo ya lona ka metlha e nne ya bopelontle, e lokilwe ka letswai, gore lo itse kafa lo tshwanetseng go naya mongwe le mongwe karabo ka gone.”—Bakolosa 4:6.

Mo Therong ya gagwe e e tumileng ya mo Thabeng, Jesu o ne a bolela jaana: “Dilo tsotlhe tse lo batlang batho ba di lo direla, le lona lo tshwanetse go di ba direla ka tsela e e tshwanang.” (Mathaio 7:12) Ka jalo he, a re itshokelaneng ka bopelotelele mme re tlotle batho bao re ba rerelang dikgang tse di molemo. Fa re tlhoafalela go dira se se siameng e bile gape re itshokela ba bangwe jaaka Baebele e bontsha, re tla itumedisa Jehofa mme ruri re tla nna batho ba ba itshokelang ba bangwe.

[Setshwantsho mo go tsebe 23]

O se ka wa nna le moya wa Bafarasai wa go sa itshokele ba bangwe

[Setshwantsho mo go tsebe 23]

Jesu o ne a bontsha moya wa go itshokela ba bangwe o Rraagwe a neng a na le one. A wena o a o bontsha?