Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

“A Tota Modimo o Atlholela Batho go Sha Kwa Diheleng?”

“A Tota Modimo o Atlholela Batho go Sha Kwa Diheleng?”

“A Tota Modimo o Atlholela Batho go Sha Kwa Diheleng?”

“A lo ithutela boruti?”

Joel le Carl ba ne ba bodiwa potso eno ba sa lebelela. Makawana a mabedi ano—baithaopi ba ba dirang kwa ntlokgolo ya Basupi ba ga Jehofa kwa Brooklyn, kwa New York—ba ne ba ntse ba shebasheba dibuka mo lebenkeleng la dibuka. Fa Joel a ntse a sekaseka dikhonkhodense dingwe tsa Baebele, Carl o ne a mo tlotlela ka kgang e a neng a e tlotla le motho mongwe mo bodireding. Monna mongwe yo o neng a eme gaufi foo o ne a tlhotlheletsega go ba atamela e re ka a ne a utlwile bontlhanngwe jwa motlotlo wa bone.

Le fa go ntse jalo, e ne e se fela gore monna yono o ne a batla go itse gore a makawana ano a ithutela boruti, go ne go na le sengwe gape se o neng a amegile ka sone. O ne a tlhalosa jaana: “Ke Mojuda, mme ditsala tsa me tsa Bakeresete di mpoleletse gore ke tlile go sha kwa diheleng ka gonne Bajuda ba ganne Jesu. Selo seno se ntshwenya thata. Kotlhao e e ntseng jalo e e tswang mo Modimong yo o lorato e bonala e sa tshwanela. A tota Modimo o atlholela batho go sha kwa diheleng?”

Joel le Carl ba ile ba bolelela monna yo o tlhoafetseng yono gore bone e ne e le baithuti ba ba tlhoafetseng ba Baebele. Ba ile ba mmontsha go tswa mo Dikwalong gore baswi ga ba utlwe sepe mme ba ithobaletse mo losong ba letile tsogo ya baswi. Ka gone, ga ba tlhokofadiwe ka tsela epe kana go utlwa botlhoko bope mo molelong wa dihele. (Pesalema 146:3, 4; Moreri 9:5, 10; Daniele 12:13; Johane 11:11-14, 23-26) Fa ba fetsa go tlotla le monna yono ka metsotso e le 45, o ne a naya Joel le Carl aterese ya gagwe mme a kopa tshedimosetso e e oketsegileng ka kgang eo.

Fa e le gore dihele ke lefelo la tlhokofatso ya molelo, a go ne go ka bo go na le mongwe yo o ikopelang go ya teng? Mme gone, fa tlhogo ya lotso e bong Jobe a ne a batla go tswa mo pitlaganong ya gagwe, o ne a kopa jaana: “Ke mang yo o tla nkabelang seno, gore o ntshireletse kwa diheleng, o bo o mphitlhe go fitlha bogale jwa gago bo fela?” (Jobe 14:13, Douay Version) Ga go na pelaelo gore Jobe o ne a sa dumele gore dihele ke lefelo la tlhokofatso. Go na le moo, o ne a batla tshireletso gone. Loso ke boemo jwa go sa tshele mme dihele tse Baebele e di umakang ke lebitla le le tlwaelegileng.

Fa o rata go bona tshedimosetso e e oketsegileng malebana le gore go diragala eng ka rona fa re swa le gore go na le tsholofelo efe morago ga foo, o lalediwa ka lorato gore o amogele thuso e e latelang.