Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A go Na le Botshelo Morago ga Loso?

A go Na le Botshelo Morago ga Loso?

A go Na le Botshelo Morago ga Loso?

TLHOGO ya lotso e bong Jobe o ne a botsa jaana dingwaga tse di ka nnang 3 500 tse di fetileng: “Fa monna yo o nonofileng a swa a o ka tshela gape?” (Jobe 14:14) Potso eno e ile ya tlhakanya batho tlhogo ka diketekete tsa dingwaga. Go ralala dingwaga, batho ba setso sengwe le sengwe ba ile ba sekaseka kgang eno mme ba ile ba tla ka dikgopolo tse di farologaneng.

Batho ba le bantsi ba ba ipitsang Bakeresete ba dumela mo legodimong le mo diheleng. Mo letlhakoreng le lengwe, Bahindu ba dumela mo thutong ya go tsalwa o le setshedi se sesha. Fa Emir Mauawiyah yo e leng mothusi kwa setheong sa bodumedi sa Bomoseleme a akgela ka pono ya Bamoseleme o bolela jaana: “Re dumela gore go tla nna le letsatsi la katlholo morago ga loso, nako ya fa o tla bo o ya fa pele ga Modimo, Ala, e leng selo se se tla bong se tshwana le go tsena mo kgotlatshekelo.” Go ya ka tumelo ya Bomoseleme, ka nako eo, Ala o tla sekaseka botshelo jwa mongwe le mongwe mme a bo a romela motho kwa paradaiseng kana kwa molelong wa dihele.

Kwa Sri Lanka, Babuda le Bakatoliki ba tlogela mabati le difensetere tsa bone di bulegile fa go swa mongwe mo malapeng a bone. Go bonesiwa lebone la lookwane, mme lekase le bewa ka tsela ya gore maoto a moswi a lebe kwa lebating le le kwa pele. Ba dumela gore go dira jaana, go thusa gore moya wa moswi o tswe.

Go ya ka Ronald M. Berndt wa Yunibesithi ya Western Australia, Baaborijene ba kwa Australia ba dumela gore “batho ke dibopiwa tse di nang le moya o o sa sweng.” Baafrika bangwe ba dumela gore morago ga loso batho ba e seng ba maemo ba nna dipoko, mme batho ba maemo ba nna meya ya bagologolwane ba ba tla tlotliwang le ba go tla kopiwang dilo mo go bone ka go bo e le baeteledipele ba setšhaba ba ba sa bonaleng.

Mo dinageng dingwe, ditumelo tse di malebana le boemo jwa baswi ke dingwao tsa lefelo leo di tlhakantswe le Bokeresete. Ka sekai, mo Bakatoliking le Baporotesetanta ba le bantsi ba Afrika Bophirima, go tlwaelegile gore fa mongwe a swa, go khurumediwe diipone gore go se ka ga nna le ope yo o bonang moya wa motho yo o suleng.

Ebu, batho ba araba potso e e reng ‘Go diragala eng ka rona fa re swa?’ ka dikarabo tse di farologaneng thata. Le fa go ntse jalo, kgopolo e le yosi ya konokono ke gore: Go na le sengwe se se sa sweng mo teng ga motho se se tswelelang se tshela morago ga loso. Batho bangwe ba dumela gore “sengwe” seo ke moya. Ka sekai, mo dikarolong dingwe tsa Afrika, le Asia le go ralala dikgaolo tsa Pacific tsa Polynesia, Melanesia le Micronesia, batho ba le bantsi ba dumela gore moya oo ga o swe.

A motho yo o tshelang o na le moya? A tota moya oo o a tswa mo mmeleng fa motho a swa? Fa e le gore go ntse jalo, go diragala eng ka one? Mme go na le tsholofelo efe ka baswi? Dipotso tseno ga di a tshwanela go itlhokomolosiwa. Le fa motho o ka tswa o le wa setso sefe kana bodumedi, loso ke selo sa mmatota se motho a tshwanetseng go lebana le sone. Ka gone dikgang tseno di go ama ka botlalo. Re go kgothaletsa gore o sekaseke kgang eno.