Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A o Na le Moya O o Sa Sweng?

A o Na le Moya O o Sa Sweng?

A o Na le Moya O o Sa Sweng?

MOAPOSETOLOI PAULO o ne a kwala jaana: “Lokwalo lotlhe lo tlhotlheleditswe ke Modimo e bile lo tswela mosola mo go ruteng, mo go kgalemeleng, mo go tlhamalatseng dilo, mo go otlhayeng ka tshiamo.” (2 Timotheo 3:16) Ee, Baebele ke buka ya boammaaruri e e tswang mo Modimong wa boammaaruri e bong Jehofa.—Pesalema 83:18.

E re ka Jehofa e le Mmopi wa dilo tsotlhe, go akaretsa le batho, o itse sentle gore go diragala eng fa re swa. (Bahebera 3:4; Tshenolo 4:11) Mme mo Lefokong la gagwe le le tlhotlheleditsweng e leng Baebele, o re file dikarabo tsa boammaaruri le tse di kgotsofatsang tsa dipotso tse di malebana le botshelo morago ga loso.

Moya (Spirit) ke Eng?

Mo Baebeleng, mafoko a a ranotsweng e le “moya [spirit]” totatota a raya “mohemo.” Le fa go ntse jalo, seno ga se kaye go hema fela. Ka sekai, mokwadi wa Baebele e bong Jakobe o bolela jaana: “Mmele kwantle ga moya [spirit] o sule.” (Jakobe 2:26) Ka gone, moya (spirit) ke selo se se nayang mmele botshelo.

Maatla ano a a nayang botshelo e ka se ka ya nna mohemo fela kana moya o o tsenang mo makgwafong. Ka ntlha yang? Ka gonne, fa motho a emisa go hema, disele tsa mmele wa gagwe di tswelela di tshela ka nakwana—“ka metsotso e sekae” go ya ka The World Book Encyclopedia. Ka ntlha ya seno, maiteko a go rudisa motho a ka atlega. Mme fa go sa tlhole go na le maatla a botshelo mo diseleng tsa mmele wa gagwe, maiteko ape a go busetsa botshelo mo go ene ke a lefela. Ga go na mohemo ope kana moya ope o o ka kgonang go tsosolosa le e leng sele e le nngwe fela. Ka gone, moya, ke maatla a botshelo a a sa bonaleng—maatla a botshelo a a dirang gore disele di nne di tshela le motho a nne a ntse a tshela. Maatla ano a botshelo a bolokwa a ntse a dira ka go hema.—Jobe 34:14, 15.

A moya oo o dira fela mo bathong? Baebele e re thusa gore re dire tshwetso e e utlwalang mo kgannyeng eno. Kgosi Solomone yo o botlhale o ne a dumela gore batho le diphologolo “tsotlhe di na le moya o le mongwe fela,” mme a botsa jaana: “Ke mang yo o itseng moya [spirit] wa bomorwa batho, gore a o ka ne o tlhatlogela kwa godimo; le moya [spirit] wa phologolo, gore a o ka ne o fologela kwa tlase mo mmung?” (Moreri 3:19-21) Ka jalo go tlhalosiwa fa diphologolo le batho ba na le moya (spirit). Go ka nna jang jalo?

Moya (spirit) ono, kana maatla a botshelo, a ka tshwantshiwa le tsela e motlakase o tsamayang ka yone mo motšhining kana mo sedirisiweng sa motlakase. Motlakase ono o o sa bonaleng o ka dirisiwa go dira ditiro tse di farologaneng, go ikaegile ka mofuta wa sedirisiwa se o se nayang maatla. Ka sekai, go ka dirwa gore setofo sa motlakase se gotetse, khomputara e ntshe tshedimosetso mme thelebishene e bontshe ditshwantsho le go ntsha modumo. Le fa go ntse jalo, motlakase ono ga o ke o fetofetoga go nna sebopego sa sedirisiwa se o se nayang maatla. O nna e ntse e le maatla fela. Ka tsela e e tshwanang, maatla a botshelo ga a tseye popego epe ya dibopiwa tse a di nayang botshelo. Ga a na botho le bokgoni jwa go akanya. Batho le diphologolo ba na le “moya o le mongwe fela.” (Moreri 3:19) Ka jalo, fa motho a swa, moya (spirit) wa gagwe ga o tswelele o tshela kwa lefelong le lengwe e le sebopiwa sa moya.

Mme he, baswi ba mo boemong bofe? Mme go diragala eng ka moya (spirit) fa motho a swa?

“O Tla Boela mo Leroleng”

Fa motho wa ntlha e bong Adame, a tlola taolo ya Modimo ka boomo, O ne a mo raya a re: “O tla ja dijo ka mofufutso wa sefatlhego sa gago go fitlha o boela mo mmung, gonne o ntshitswe mo go one. Gonne o lorole mme o tla boela mo loroleng.” (Genesise 3:19) Adame o ne a le kae pele ga Jehofa a mmopa go tswa mo loroleng? Ebu, o ne a se gope! O ne a sa tshele. Ka gone fa Jehofa Modimo a ne a raya Adame a re o tla “boela mo mmung,” o ne a raya gore Adame o tla swa mme a bo a boela a nna karolo ya mmu. Adame o ne a se kitla a fetogela mo lefelong la moya. Fa Adame a swa, o ne a tla boela gape mo boemong jole jwa go se tlhole a tshela. Kotlhao ya gagwe e ne e le loso—go se tshele—e seng go fetela kwa lefelong le lengwe.—Baroma 6:23.

Go tweng ka ba bangwe ba ba suleng? Boemo jwa baswi bo tlhalosiwa sentle mo go Moreri 9:5, 10, moo re balang jaana: “Baswi ga ba itse sepe . . . Ga go na tiro, le fa e le maano, le fa e le kitso le fa e le botlhale mo lebitleng.” (Moffatt) Ka jalo, loso, ke boemo jwa go sa nne gone. Mopesalema o ne a kwala a bolela gore fa motho a swa, “moya [spirit] wa gagwe o a tswa, mme a boele mo mmung wa gagwe; mo letsatsing leo dikakanyo tsa gagwe di a nyelela.”—Pesalema 146:4.

Ga go na pelaelo gore baswi ga ba tshele. Ga ba itse sepe. Ga ba kgone go go bona, go go utlwa kana go bua le wena. E bile ba ka se ka ba go thusa kana ba go gobatsa. Tota e bile ga o tlhoke go boifa baswi. Mme gone, moya (spirit) ‘o tswa’ jang mo mothong fa a swa?

Moya (Spirit) o “Boela Kwa Modimong wa Boammaaruri”

Baebele e bolela gore fa motho a swa, “moya [spirit] o boela kwa Modimong wa boammaaruri yo a o abileng.” (Moreri 12:7) A seno se bolela gore moya o tswa ka tsela ya mmatota o ralala lefaufau o ya kwa Modimong? Le e seng! Tsela e Baebele e dirisang lefoko “boela” ka yone ga e bolele gore selo se tshwanetse go tswa mo lefelong lengwe go ya go le lengwe. Ka sekai, Baiseraele ba ba sa ikanyegeng ba ne ba bolelelwa jaana: “‘Boelang mo go nna, mme ke tla boela mo go lona,’ go buile Jehofa wa masomosomo.” (Malaki 3:7) Go ‘boela’ ga Baiseraele mo go Jehofa go ne go raya gore ba fetoge mo ditseleng tsa bone tse di sa siamang mme ba boe ba latele tsela e e siameng ya Modimo. Mme go ‘boela’ ga ga Jehofa mo go Iseraele go ne go raya go boa a amogela batho ba gagwe gape. Mo makgetlong ano oomabedi, “go boela” go ne go akaretsa boikutlo, e seng go suta ga mmatota mo lefelong lengwe go ya go le lengwe.

Ka tsela e e tshwanang, fa motho a swa moya ga o tloge ka tsela ya mmatota go tswa mo lefatsheng o ya kwa legodimong “go boela” kwa Modimong. Fa maatla a botshelo a tswile mo mothong, ke Modimo fela yo a ka kgonang go a busetsa mo go ene. Ka gone moya (spirit) “o boela mo Modimong wa boammaaruri” ka tsela ya gore tsholofelo epe ya gore motho yono o tla boa a tshela mo isagweng e ikaegile gotlhelele ka Modimo.

Ka sekai, akanya ka se Dikwalo di se bolelang ka loso lwa ga Jesu Keresete. Mokwadi wa Efangele e bong Luke o bolela jaana: “Jesu a bitsa ka lentswe le le kwa godimo a re: ‘Rara, ke neela moya [spirit] wa me mo diatleng tsa gago.’ Fa a sena go bua jalo, a swa.” (Luke 23:46) Fa moya wa ga Jesu o tswa mo go ene, ga wa ka wa ya legodimong ka tsela ya mmatota. Jesu o ne a se ka a tsosiwa mo baswing pele ga letsatsi la boraro mme o ne a tlhatlogela kwa legodimong malatsi a le 40 moragonyana ga foo. (Ditiro 1:3, 9) Le fa go ntse jalo, ka nako ya fa Jesu a swa, o ne a tlogela moya (spirit) wa gagwe mo diatleng tsa ga Rraagwe, a na le tsholofelo e feletseng ya gore Jehofa o tla kgona go dira gore a tshele gape.

Ee, Modimo a ka kgona go dira gore motho a tshele gape. (Pesalema 104:30) A bo seno se re neela tsholofelo e ntle jang ne!

Tsholofelo e e Tlhomameng

Baebele e bolela jaana: “Nako e etla e mo go yone botlhe ba ba mo mabitleng a kgakologelo ba tla utlwang lentswe la [ga Jesu] ka yone mme ba tla tswa.” (Johane 5:28, 29) Ee, Jesu Keresete o ne a solofetsa gore botlhe ba ba leng mo kgopolong ya ga Jehofa ba tla tsosiwa kana ba boa ba tshela gape. Bangwe ba bone e tla bo e le batho ba ba neng ba tsamaya mo tseleng e e siameng e le batlhanka ba ga Jehofa. Mme go na le dimilione tsa batho ba bangwe ba ba suleng ba ise ba supe gore a ba tla tsamaisana le ditekanyetso tsa Modimo tse di siameng. E ka nna ya bo e le gore ba ne ba sa itse dilo tse Jehofa a di batlang mo go bone kana ba ne ba se na nako e e lekaneng go dira diphetogo tse di tlhokegang. Batho ba ba ntseng jalo le bone ba mo kgopolong ya Modimo mme ba tla tsosiwa, ka gonne Baebele e bolela jaana: “Go tlile go nna le tsogo ya ba ba siameng mmogo le ba ba sa siamang.”—Ditiro 24:15.

Gompieno, lefatshe le tletse ka letlhoo, kgotlhang, thubakanyo le go tsholola madi, kgotlelo le malwetse. Fa baswi ba ne ba ka tsogela mo lefatsheng le le ntseng jalo, kwantle ga pelaelo boitumelo joo ba neng ba tla bo ba na le jone e ne e tla bo e le jwa nakwana. Mme gone, Mmopi o solofeditse gore go ise go ye kae o tla fedisa batho ba gompieno ba lefatshe leno ba ba laolwang ke Satane Diabolo. (Diane 2:21, 22; Daniele 2:44; 1 Johane 5:19) Batho ba ba siameng—“lefatshe le lesha”—e tla bo e le selo sa mmatota se se itumedisang.—2 Petere 3:13.

Ka nako eo “ga go na monni ope yo o tla reng: ‘Ke a bobola.’” (Isaia 33:24) Tota le go boifa loso go tla bo go sa tlhole go le gone, ka gonne Modimo “o tla phimola dikeledi tsotlhe mo matlhong a bone, mme loso lo tla bo lo seyo, le fa e le khutsafalo le fa e le selelo le fa e le botlhoko di tla bo di sa tlhole di le gone. Dilo tsa pele di fetile.” (Tshenolo 21:4) A bo e le tsholofelo e ntle jang ne mo go ba ba leng mo “mabitleng”!

Fa Jehofa a tlosa bosula mo lefatsheng, a ka se ka a senya batho ba ba siameng mmogo le baikepi. (Pesalema 37:10, 11; 145:20) Tota e bile, “boidiidi jo bogolo” jwa batho “[jo bo tswang] mo merafeng yotlhe le ditso le ditšhaba le diteme,” bo tla falola ‘pitlagano e kgolo,’ e e tla senyang lefatshe leno le le boikepo. (Tshenolo 7:9-14) Ka jalo, go tla bo go na le boidiidi jo bogolo jo bo tla amogelang baswi.

A o eletsa go boa o bona baratiwa ba gago gape? A o ka rata go tshelela ruri mo Paradaiseng mo lefatsheng? Fa go ntse jalo o tshwanetse go nna le kitso e e boammaaruri kaga thato ya Modimo le maikaelelo a gagwe. (Johane 17:3) Ke thato ya ga Jehofa gore “batho ba mefuta yotlhe ba bolokwe mme ba tle mo kitsong e e leng yone, ya boammaaruri.”—1 Timotheo 2:3, 4.

[Setshwantsho mo go tsebe 4]

“O lorole mme o tla boela mo loroleng”

[Setshwantsho mo go tsebe 5]

Moya (“spirit”) o ka tshwantshiwa le motlakase

[Setshwantsho mo go tsebe 7]

Tsogo ya baswi e tla lere boitumelo jo bo nnetseng ruri