Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Nnang Barobi ba ba Itumetseng!

Nnang Barobi ba ba Itumetseng!

Nnang Barobi ba ba Itumetseng!

“Thobo e kgolo, mme badiri ba babotlana. Jalo, kopang Mong wa thobo gore a romele badiri mo thobong ya gagwe.”—MATHAIO 9:37, 38.

1. Ke eng se se re thusang go nna re dira thato ya Modimo?

FA RE gopola letsatsi le re kolobeditsweng ka lone go nna mongwe wa batlhanka ba ga Jehofa, e ka ne e le dingwaga di sekae kana tse dintsi tse di fetileng, go ka nna ga bonala e kete go diregile maabane fela jaana. Re ne ra simolola go tsaya go baka Jehofa e le sone selo sa konokono mo botshelong jwa rona jwa go ineela mo go ene. Fa re ntse re ithekela nako e e re tshwanetseng ya go thusa batho ba bangwe go utlwa molaetsa wa Bogosi gongwe le go o amogela, re ne ra simolola go amega thata ka go direla Jehofa ka boipelo. (Baefeso 5:15, 16) Go fitlha jaanong, re lemogile gore nako e tsamaya ka bofefo fa re nna re tshwaregile, ‘re nna le mo gontsi go go dira mo tirong ya Morena.’ (1 Bakorintha 15:58) Le fa re lebana le mathata, re nonotshiwa ke boipelo jwa go dira thato ya ga Jehofa.—Nehemia 8:10.

2. Ke eng se se dirang gore re ipelele tiro ya rona ya thobo ya tshwantshetso?

2 Rona Bakeresete re barobi ka tsela ya tshwantshetso. Jesu Keresete o ile a tshwantsha go phuthwa ga batho gore ba bone botshelo jo bosakhutleng le thobo. (Johane 4:35-38) E re ka re nna le seabe mo tirong eo ya thobo, go tla re kgothatsa fa re sekaseka boipelo jwa barobi ba Bakeresete ba pele. Re tla sekaseka dilo tse tharo tse di dirang gore re ipelele tiro ya gompieno ya thobo. Dilo tseo ke (1) molaetsa wa rona wa tsholofelo, (2) katlego ya tiro ya rona ya go senka, le (3) go nna ga rona le moya wa kagiso mo tirong ya thobo.

Go Romelwa go Nna Barobi

3. Balatedi ba pele ba ga Jesu ba ile ba nna le boipelo ka tsela efe?

3 A bo botshelo jwa barobi ba pele—segolobogolo baaposetoloi ba ga Jesu ba ba ikanyegang ba ba 11—bo ile jwa fetoga thata jang ne ka 33 C.E. fa ba ne ba ya kwa thabeng ya Galalea go ya go kopana le Keresete yo o tsositsweng! (Mathaio 28:16) ‘Bakaulengwe ba ba fetang makgolo a matlhano’ ba ka tswa ba ne ba le gone ka nako eo. (1 Bakorintha 15:6) Ba ne ba nna ba gopotse tiro e Jesu a neng a ba neile yone. O ne a ba reile a re: “Tsamayang mme lo dire batho ba ditšhaba tsotlhe barutwa, lo ba kolobetse mo leineng la Rara le la Morwa le la moya o o boitshepo, lo ba rute go boloka dilo tsotlhe tse ke di lo laetseng.” (Mathaio 28:19, 20) Le fa ba ne ba bogisiwa setlhogo, ba ne ba nna le boipelo jo bogolo mo tirong ya thobo fa ba ntse ba bona diphuthego tsa balatedi ba ga Keresete di ntse di tlhongwa mo mafelong a mantsi. Fa go ntse go ya, ‘dikgang tse di molemo di ne tsa rerwa mo popong yotlhe e e kafa tlase ga legodimo.’—Bakolosa 1:23; Ditiro 1:8; 16:5.

4. Balatedi ba ga Keresete ba ne ba romelwa mo maemong a a ntseng jang?

4 Fa Jesu a sa ntse a simolola bodiredi jwa gagwe kwa Galalea, o ile a phutha baaposetoloi ba gagwe ba ba 12 mme segolobogolo a ba romela gore ba bolele jaana: “Bogosi jwa magodimo bo atametse.” (Mathaio 10:1-7) Ene ka boene o ne “a bolola a etela metse [ya Galalea] yotlhe le metsana, a ruta mo disinagogeng tsa bone e bile a rera dikgang tse di molemo tsa bogosi e bile a alafa bolwetse jwa mofuta mongwe le mongwe le bokoa jwa mofuta mongwe le mongwe.” Jesu o ne a tlhomogela batho pelo “ka gonne ba ne ba sotlegile e bile ba gasame jaaka dinku tse di se nang modisa.” (Mathaio 9:35, 36) Ka ntlha ya go amiwa thata ke seo, o ne a raya barutwa ba gagwe jaana: “Ee, thobo e kgolo, mme badiri ba babotlana. Jalo, kopang Mong wa thobo [Jehofa Modimo] gore a romele badiri mo thobong ya gagwe.” (Mathaio 9:37, 38) Ka nako ya fa Jesu a ne a saletswe ke dikgwedi di le thataro fela tsa bodiredi jwa gagwe mo lefatsheng, o ne a bona fa Judea le yone e tlhoka barobi fela jalo. (Luke 10:2) Mo makgetlong oomabedi, o ne a romela balatedi ba gagwe go nna barobi.—Mathaio 10:5; Luke 10:3.

Molaetsa wa Rona wa Tsholofelo

5. Re bolela molaetsa wa mofuta ofe?

5 Rona batlhanka ba ga Jehofa ba gompieno, re itumelela go amogela taletso ya gore re nne barobi. Selo sengwe se se dirang gore re itumelele seno thata ke gore re isetsa batho ba ba hutsafetseng le ba ba tshwenyegileng thata molaetsa wa tsholofelo. Jaaka barutwa ba ga Jesu ba lekgolo la ntlha la dingwaga, a bo re na le tshiamelo e kgolo jang ne go itsise dikgang tse di molemo—molaetsa wa tsholofelo ya boammaaruri—mo bathong ‘ba ba sotlegileng e bile ba gasame jaaka dinku tse di se nang modisa’!

6. Baaposetoloi ba ile ba nna le seabe mo tirong efe mo lekgolong la ntlha la dingwaga?

6 Fa lekgolo la ntlha la dingwaga le setse le le mo bogareng, moaposetoloi Paulo o ne a semeletse ka tiro ya go rera dikgang tse di molemo. Mme ruri tiro ya gagwe ya thobo e ne e na le matswela ka gonne fa a ne a kwalela Bakeresete ba Bakorintha mo e ka nnang ka 55 C.E., o ne a re: “Bakaulengwe, ke lo itsise dikgang tse di molemo tse ke neng ka di lo bolelela, tse gape lo neng lwa di amogela, tse gape lo emeng mo go tsone.” (1 Bakorintha 15:1) Baaposetoloi le Bakeresete ba bangwe ba pele ba ne ba dira ka natla mo thobong. Le fa Baebele e sa re bolelele gore ke baaposetoloi ba le kae ba ba neng ba falola ditiragalo tse di boitshegang tse di neng tsa felela ka go senngwa ga Jerusalema ka 70 C.E., se re se itseng ke gore, moaposetoloi Johane o ne a sa ntse a rera dingwaga di le 25 morago ga foo.—Tshenolo 1:9.

7, 8. Ke molaetsa ofe wa tsholofelo o batlhanka ba ga Jehofa ba ntseng ba o bolela ka potlako go feta lefa e le leng pele?

7 Go tswa foo go ne ga latela makgolo a dingwaga a kgatelelo ya baruti ba Labokeresete, “monna yo o se nang molao” wa motlhanogi. (2 Bathesalonika 2:3) Le fa go ntse jalo, fa lekgolo la bo19 la dingwaga le ela go fela, batho ba ba neng ba batla go dumalanya botshelo jwa bone le Bokeresete jwa ntlhantlha ba ne ba amogela molaetsa wa tsholofelo, ba itsise batho ka Bogosi. Tota e bile, go tloga fela ka kgatiso ya ntlha ya makasine ono (ka July 1879), setlhogo sa makasine ono se ne sa akaretsa mafoko a a reng “E Itsise ka go Nna Gone ga ga Keresete,” “E Itsise ka Bogosi Jwa ga Keresete” kana “E Itsise ka Bogosi Jwa ga Jehofa.”

8 Bogosi jwa Modimo jwa selegodimo jo bo eteletsweng pele ke Jesu Keresete bo ne jwa tlhongwa ka 1914, mme gone jaanong re bolela molaetsa wa tsholofelo ka potlako go feta le fa e le leng pele. Ka ntlhayang? Ka gonne sengwe sa dilo tse di molemo tse puso ya Bogosi e tla tlogang e di dira ke go fedisa tsamaiso ya dilo e e boikepo ya gone jaanong. (Daniele 2:44) A go na le molaetsa mongwe o o botoka go feta oo? Mme a go na le boipelo bope jo re neng re ka nna le jone jo bo fetang go nna ga rona le seabe mo go itsiseng Bogosi pele ga “pitlagano e kgolo” e tla?—Mathaio 24:21; Mareko 13:10.

Go Senka ka Katlego

9. Ke taelo efe e Jesu a neng a e naya balatedi ba gagwe, mme batho ba ile ba tsibogela molaetsa wa Bogosi jang?

9 Selo se sengwe se se dirang gore re itumelele tiro eno ya go roba ke katlego e re nnang le yone fa re ntse re senka batho ba ba tla fetogang barutwa le go re thusa mo thobong. Bogologolo kwa ka 31-32 C.E., Jesu o ile a laela barutwa ba gagwe jaana: “Mo motseng le fa e le ofe o lo tsenang mo go one kgotsa motsana, batlisisang gore ke mang mo go one yo o tshwanetseng.” (Mathaio 10:11) Ga se batho botlhe ba ba neng ba tshwanela, jaaka fa ba ne ba itshupa ka tsela e ba neng ba tsibogela molaetsa wa Bogosi ka yone. Le fa go ntse jalo, barutwa ba ga Jesu ba ne ba rera dikgang tse di molemo ka tlhoafalo gongwe le gongwe kwa batho ba neng ba le gone.

10. Paulo o ne a dira jang tiro ya go senka ba ba tshwanelang?

10 Morago ga loso lwa ga Jesu le tsogo ya gagwe, tiro ya go senka ba ba tshwanelang e ne ya tswelela ka tlhagafalo e kgolo. Paulo o ne a bontshana mabaka le Bajuda mo sinagogeng ya bone le batho ba ba neng ba le kwa marekisetsong kwa Athena. Fa a ne a neela bosupi kwa Areopago mo motseng oo wa Bagerika, “banna bangwe ba [ne ba] ikopanya le ene mme ba nna badumedi, ba mo gare ga bone gape go neng go na le Dionisio, moatlhodi wa kgotlatshekelo ya Areopago, le mosadi yo o neng a bidiwa Damarise, le ba bangwe mo godimo ga bone.” Gongwe le gongwe kwa Paulo a neng a ya gone, o ne a tlhoma sekao le mo go rereng “phatlalatsa le ka ntlo le ntlo.”—Ditiro 17:17, 34; 20:20.

11. Go ne ga dirisiwa mokgwa ofe wa go dira tiro ya bodiredi dingwaga tse di fetileng?

11 Fa lekgolo la bo19 la dingwaga le fela, Bakeresete ba ba tloditsweng ba ne ba nna le seabe ka bopelokgale mo tirong ya go senka batho ba ba tshwanelang. Zion’s Watch Tower ya July/August 1881 e ne ya bua jaana mo setlhogong se se reng “Go Tlolediwa go Rera”: “Tiro ya go rera dikgang tse di molemo . . . e fitlhelela ‘batho ba ba pelonolo’—batho ba ba iketleeleditseng go utlwa e bile ba kgona go utlwa, e le gore mo gare ga bone go tswe mmele wa ga Keresete, baruaboswa le ene.” Gantsi barobi ba Modimo ba ne ba kopana le batho fa ba tswa mo ditirelong tsa dikereke tsa bone mme ba ba neele dipampitshana tse di nang le molaetsa wa Dikwalo o o diretsweng gore ba ba tshwanelang ba o tsibogele ka tsela e e molemo. Fa go sena go lemogiwa kafa mokgwa ono wa go neela bosupi o nang le matswela ka teng, Tora ya Tebelo ya May 15, 1903, e ne ya kgothaletsa barobi go aba dipampitshana “ka ntlo le ntlo, mo dithapameng tsa Sontaga.”

12. Re ile ra oketsa jang matswela a tiro ya rona ya go rera? Tshwantsha.

12 Mo dingwageng tsa bosheng jaana, re ile ra oketsa bodiredi jwa rona ka go ikgolaganya le batho kwa mafelong a mangwe e seng fela mo magaeng a bone. Seno se itshupile se na le matswela a a molemo mo dinageng tse maemo a tsone a ikonomi le go rata boitapoloso ga batho ba tsone go dirang gore ba se ka ba nna gone mo magaeng fa re ba etela. Fa Mosupi mongwe wa kwa Engelane le mopati wa gagwe ba ne ba lemoga baeti ba tswa ka dibese morago ga go iketla mo lobopong lwa lewatle, ba ne ba ipeta pelo go tsena mo dibeseng mme ba abele bapalami dikhopi tsa Tora ya Tebelo le Tsogang! Mo kgweding e le nngwe fela ba ne ba tsamaisa dikhopi di le 229. Ba bega jaana: “Ga re tshabe go neela bosupi mo lobopong lwa lewatle, mo tshimong ya kgwebo, kana kgwetlho epe fela e re ka lebanang le yone ka gonne re a itse gore ka metlha Jehofa o na le rona.” Ba ne ba simolola go nna le batho ba ba ba isetsang dimakasine ka metlha, ba simolola thuto ya Baebele, mme boobabedi ba nnile le seabe mo tirelong ya bobulatsela jo bo thusang.

13. Ke diphetogo dife tse gone jaanong go tlhokegang gore di dirwe mo mafelong mangwe mo bodireding jwa rona?

13 Fa tiro ya go senka ba ba tshwanelang e ntse e tswelela, kwa mafelong mangwe go ka nna ga tlhokega gore go rulaganngwe bodiredi jwa rona sesha. Le fa ka tlwaelo Basupi ba bantsi ba ile ba nna le seabe mo tirong ya go rera ka ntlo le ntlo mo mesong ya Sontaga, kwa mafelong mangwe ba ile ba lemoga gore ga ba nne le matswela a a molemo fa ba etela batho go sa le mo mosong ka gonne beng ba matlo ka ba tswa ba sa ntse ba robetse. Basupi ba le bantsi ba fetotse dithulaganyo tsa bone ka go dira tiro ya go senka batho moragonyana mo letsatsing, gongwe morago ga dipokano tsa Bokeresete. Mme ruri tiro eno ya go senka e itshupile e na le matswela. Ngogola palo ya baboledi ba Bogosi mo lefatsheng lotlhe e ne ya oketsega ka diperesente di le 2,3. Seno se tlotlomatsa Mong wa thobo mme se dira gore re ipele.

Boloka Moya wa Kagiso mo Thobong

14. Re bolela molaetsa wa rona re na le boikutlo bofe, mme ka ntlha yang?

14 Lebaka le lengwe le le dirang gore re ipele le amana le moya wa kagiso o re dirang tiro ya thobo ka one. Jesu o ile a re: “Fa lo tsena mo ntlong, dumedisang ba ntlo eo; mme fa ntlo eo e tshwanetse, a kagiso e lo e e eleletsang e nne mo go yone.” (Mathaio 10:12, 13) Tsela ya Sehebera ya go dumedisa le lefoko la Segerika sa Baebele le le tsamaelanang le tumediso eo ka bobedi di naya mogopolo wa go re ‘A dilo di go tsamaele sentle.’ Boikutlo jono bo laola tsela e re buisanang le batho ka yone fa re rera dikgang tse di molemo. Re nna re solofetse gore ba tla tsibogela molaetsa wa Bogosi ka tsela e e molemo. Ba ba dirang jalo ba ka solofela go letlana le Modimo fa ba ikwatlhaela maleo a bone mme ba sokologa ba bo ba dira thato ya gagwe. Mme gape, go nna le kagiso le Modimo go ka dira gore motho a bone botshelo jo bo sa khutleng.—Johane 17:3; Ditiro 3:19; 13:38, 48; 2 Bakorintha 5:18-20.

15. Re boloka boikutlo jwa kagiso jang fa batho ba tsibogela tiro ya rona ya go rera ka tsela e e sa itumediseng?

15 Re ka boloka jang moya wa kagiso fa batho ba sa tsibogele molaetsa wa rona ka tsela e e molemo? Jesu o ile a laela jaana: “Fa [ntlo eo] e sa tshwanela, a kagiso e e tswang mo go lona e boele mo go lona.” (Mathaio 10:13) Pego ya ga Luke e e malebana le go romelwa ga barutwa ba ba 70 e akaretsa mafoko ano a ga Jesu: “Fa tsala ya kagiso e le gone, kagiso ya lona e tla nna mo go ene. Mme fa e seyo, e tla boela mo go lona.” (Luke 10:6) Fa re bua le batho ka dikgang tse di molemo, re dira jalo ka maikutlo a a siameng le ka moya wa kagiso. Fa mong wa ntlo a sa kgatlhege, a ngongorega kana a bua mafoko a a sa itumediseng, seo se tla dira gore molaetsa wa rona wa kagiso o ‘boele mo go rona.’ Mme ga go sepe sa dilo tseno se se re amogang moya wa rona wa kagiso, o e leng leungo la moya o o boitshepo wa ga Jehofa.—Bagalatia 5:22, 23.

Mokgele o o Molemo mo Barobing

16, 17. (a) Mokgele wa rona ke eng fa re dira maeto a go boela? (b) Re ka thusa jang batho ba ba nang le dipotso tsa Baebele?

16 Rona barobi re itumelela go nna le seabe mo tirong ya go phutha batho ba ba tla bonang botshelo jo bo sa khutleng. Mme a bo re nna le boipelo jo bogolo jang ne fa motho yo re mo rerelang a arabela ka tsela e e molemo, a batla go ithuta go le gontsi, e bile a itshupa e le “tsala ya kagiso”! Gongwe o na le dipotso tse dintsi tsa Baebele mme re fitlhela go sa kgonege gore re di arabe tsotlhe mo loetong lo le longwe. E re ka go ka nna ga se ka ga nna molemo go nna lobaka lo loleele mo loetong lwa ntlha, ke eng se re ka se dirang? Re ka ipeela mokgele o o tshwanang le o o neng wa akantshiwa dingwaga di ka nna 60 tse di fetileng.

17 “Basupi botlhe ba ga Jehofa ba tshwanetse go ipaakanyetsa go bontsha batho kafa thuto e tshwarwang ka teng.” Mafoko ao a tlhaga mo setlhogong sa boraro sa motseletsele wa ditaelo tsa bukana ya Model Study e e neng ya gatisiwa go tloga ka 1937 go fitlha ka 1941. E ne ya tswelela e re: “Baboledi botlhe [ba Bogosi] ba tshwanetse go dira ka tlhoafalo go thusa batho ba ba amogelegang ba ba bontshang go kgatlhegela molaetsa wa Bogosi ka tsela epe fela e ba ka kgonang go ba thusa ka yone. Go tshwanetse ga dirwa dipoelo [maeto a go boela] mo bathong bano, go arabiwa dipotso tsa bone tse di farologaneng . . . , mme go tswa foo ba bo ba bontshiwa kafa thuto e tshwarwang ka teng . . . ka bonako jo bo ka kgonegang.” Ee, mokgele wa rona fa re dira maeto a go boela ke go simolola thuto ya legae ya Baebele mme re bo re e tshwara ka metlha. * Go nna botsalano le go amega ka lorato ka motho yo o kgatlhegang go tshwanetse ga re tlhotlheletsa gore re ipaakanyetse thuto sentle le go e tshwara ka tsela e e molemo.

18. Re ka thusa jang batho ba basha go nna barutwa ba ga Jesu Keresete?

18 Ka thuso ya buka ya Kitso E E Isang Botshelong Jo bo Sa Khutleng le diboroutšhara tse di jaaka ya Modimo o Batla Gore re Direng?, re ka kgona go tshwara dithuto tsa Baebele tse di molemo mme ka gone ra nna le seabe mo go thuseng batho ba ba kgatlhegang gore ba nne barutwa. Fa re ntse re etsa Morutisi yo Mogolo, Jesu Keresete, go ka direga gore baithuti bao ba Baebele le bone ba ithute go tswa mo sekaong sa rona sa kagiso, boipelo le tlhoafalo, le mo tseleng e re tlotlang melao ya ga Jehofa le ditaelo tsa gagwe ka yone. Fa re thusa batho ba basha ka dikarabo tsa dipotso tsa bone, a gape re ba thuseng go kgona go araba dipotso tse batho ba ka ba botsang tsone. (2 Timotheo 2:1, 2; 1 Petere 2:21) Jaaka barobi ba tshwantshetso, ruri re ka itumelela gore mo ngwageng o o fetileng wa tirelo, go ile ga tshwarwa palogare ya dithuto tsa Baebele di le 4 766 631. Re nna le boitumelo jo bo kgethegileng fa e le gore re bangwe ba barobi ba ba nnang le seabe ka namana mo tirong eno ya go tshwara dithuto tsa Baebele.

Tswelela Pele o Ipela mo Thobong

19. Ke eng fa go ne go na le mabaka a a molemo a go ipelela thobo ka nako ya bodiredi jwa ga Jesu le moragonyana ga moo?

19 Go ne go na le mabaka a a molemo a go ipelela thobo ka nako ya bodiredi jwa ga Jesu le moragonyana ga moo. Ka nako eo batho ba le bantsi ba ne ba amogela dikgang tse di molemo. Boipelo bo ne jwa nna bogolo thata ka Pentekosete ya 33 C.E., ka gonne ka nako eo batho ba le 3 000 ba ne ba amogela kaelo ya ga Petere, ba abelwa moya o o boitshepo wa ga Jehofa mme ba nna karolo ya setšhaba sa Modimo sa Iseraele wa semoya. Ee ruri, dipalo tsa bone di ne tsa oketsega, le boipelo jwa bone bo ne jwa gola fa “Jehofa a tswelela a ba oketsa letsatsi le letsatsi ka ba ba bolokwang.”—Ditiro 2:37-41, 46, 47; Bagalatia 6:16; 1 Petere 2:9.

20. Ke eng se se dirang gore re nne le boipelo jo bogolo mo tirong ya rona ya thobo?

20 Ka nako eo, boporofeti jono jwa ga Isaia bo ne jwa itshupa bo le boammaaruri: “[Jehofa] o dirile gore setšhaba se nne le batho ba bantsi; o se diretse boipelo jo bogolo. Ba ipedile fa pele ga gago jaaka go ipela ka nako ya thobo, jaaka ba ba ipelang fa ba kgaoganya thopo.” (Isaia 9:3) Le fa gone jaanong re bona ‘setšhaba seo sa batho ba bantsi’ ba batlodiwa se batla se fedile, boipelo jwa rona bo nna bogolo fa re bona palo ya barobi e ntse e oketsega ngwaga le ngwaga.—Pesalema 4:7; Sekarea 8:23; Johane 10:16.

21. Re tlile go sekaseka eng mo setlhogong se se latelang?

21 Ruri re na le mabaka a a utlwalang a go tswelela pele re ipela mo thobong. Molaetsa wa rona wa tsholofelo, go senka ga rona batho ba ba tshwanelang, le boikutlo jwa rona jwa go nna le moya wa kagiso—dilo tseno tsotlhe di dira gore re ipele mo tirong ya rona ya thobo. Le fa go ntse jalo, di dira gore batho ba le bantsi ba se ka ba arabela ka tsela e e molemo. Seno se ne sa diragalela moaposetoloi Johane. O ne a tshwerwe kwa setlhaketlhakeng sa Patamose “ka ntlha ya go bua ka Modimo le go naya bosupi ka Jesu.” (Tshenolo 1:9) Mme gone, re ka boloka jang boipelo jwa rona fa re bogisiwa le go ganediwa? Ke eng se se ka re thusang go itshokela go kgwaralala ga bontsi jwa batho ba re ba rerelang gone jaanong? Setlhogo sa rona se se latelang se tla dirisa Dikwalo go re thusa go araba dipotso tseno.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 17 Sa ntlha go ne go tshwarelwa dithuto mo mafelong a ditlhopha tsa batho ba ba kgatlhegang di neng di ka kopana mmogo mo go one. Le fa go ntse jalo, go ise go ye kae dithuto di ne tsa tshwarelwa batho ka bongwe le malapa.—Bona Basupi ba ga Jehofa—Baboledi ba Bogosi jwa Modimo, tsebe 574, e e gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa.

O ne O Tla Araba Jang?

• Thobo ya tshwantshetso ke eng?

• Re bolela molaetsa wa mofuta ofe?

• Ke eng fa tiro ya rona ya go senka barutwa e atlega?

• Re ipoloka jang re na le moya wa kagiso mo thobong?

• Ke eng fa re nna re itumetse mo thobong?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Ditshwantsho mo go tsebe 12, 13]

Go rera mo lekgolong la ntlha le la bo20 la dingwaga

[Ditshwantsho mo go tsebe 13]

Jaaka Paulo, barobi ba gompieno ba leka go fitlhelela batho gongwe le gongwe

[Setshwantsho mo go tsebe 13]

Bolela dikgang tse di molemo ka boikutlo jo bo siameng