Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Origen—Dithuto Tsa Gagwe di Ile Tsa Ama Kereke Jang?

Origen—Dithuto Tsa Gagwe di Ile Tsa Ama Kereke Jang?

Origen—Dithuto Tsa Gagwe di Ile Tsa Ama Kereke Jang?

Jerome yo e neng e le moranodi wa Baebele ya Selatini ya Vulgate, o ne a akgola moithutabodumedi wa lekgolo la boraro la dingwaga e bong Origen jaana: “Moeteledipele wa Kereke yo mogolo go ba gaisa botlhe morago ga Baaposetoloi.” Mme ga se batho botlhe ba ba neng ba tseela Origen kwa godimo jalo. Ba bangwe ba ne ba mo tsaya e le motho yo o bosula yo o neng a simolola boikeodi. Go ya ka mafoko a mokwadi wa lekgolo la bo17 la dingwaga, batshwayadiphoso ba ga Origen ba ne ba bolela jaana: “Dithuto tsa gagwe ka kakaretso ga di utlwale e bile di a senya, ke botlhole jo bo bolayang jwa Sekanoga, jo a ileng a bo kgwela mo lefatsheng.” Tota e bile, Origen o ne a atlholwa e le moikeodi makgolo a dingwaga a le mararo morago ga loso lwa gagwe.

KE ENG se se ileng sa dira gore Origen a tlotliwe a bo a ilwe? O ne a tlhotlheletsa thuto ya kereke ka tsela efe?

Go Tlhoafalela Kereke

Origen o ne a tsholwa mo e ka nnang ka 185 C.E., kwa motseng wa Egepeto e leng Alexandria. O ne a rutilwe padi ya Segerika thata, mme rraagwe e bong Leonides, o ne a mo pateletsa gore a dire maiteko a a tshwanang go ithuta Dikwalo. Fa Origen a ne a le dingwaga di le 17, mmusimogolo wa Roma o ne a tlhoma molao o o laelang gore ke tlolomolao gore motho a fetole bodumedi jwa gagwe. Rraagwe Origen o ne a latlhelwa mo kgolegelong ka gonne o ne a nna Mokeresete. E re ka Origen a ne a tletse tlhoafalo ya bosha, o ne a ititaya sehuba gore o tla ya kgolegelong le rraagwe le go nna moswelatumelo. Fa mmaagwe Origen o bona seno, o ne a fitlha diaparo tsa gagwe go mo thibela gore a se ka a tswa mo gae. Origen o ne a kwalela rraagwe lekwalo a mo kopa jaana: “Nna kelotlhoko gore o se ka wa fetola mogopolo wa gago ka ntlha ya rona.” Leonides o ne a se ka a ineela mme a bolawa, a tlogela lelapa la gagwe le humanegile. Mme Origen o ne a setse a tsweletse pele thata ka dithuto tsa gagwe mo e leng gore o ne a kgona go tlamela mmaagwe le bomonnawe ba barataro ka go nna morutisi wa padi ya Segerika.

Boikaelelo jwa mmusimogolo e ne e le go thibela go anama ga Bokeresete. E re ka molao wa gagwe o ne o sa ame baithuti fela mme o ama le barutisi, batlhatlhaledi botlhe ba bodumedi jwa Bokeresete ba ile ba tshaba kwa Alexandria. Fa batho ba e seng Bakeresete ba ba batlang go rutiwa Dikwalo ba kopa Origen yo mmotlana gore a ba thuse, o ne a amogela tiro eo e le kabelo e e tswang go Modimo. Ba le bantsi ba baithuti ba gagwe ba ile ba swela tumelo, bangwe ba bone ba ile ba swa ba ise ba fetse le dithuto tsa bone. Origen o ne a itsenya mo kotsing e kgolo ka gore a kgothatse baithuti ba gagwe phatlalatsa, go sa kgathalesege gore a ba fa pele ga moatlhodi, kwa kgolegelong kana ba tloga ba bolawa. Mokwalahisitori wa lekgolo la bonè la dingwaga e bong Eusebius o bega gore fa ba ne ba ya go bolawa, Origen o ne a “ba dumedisa ka bopelokgale jo bogolo ka go ba atla.”

Origen o ne a galefisa batho ba bantsi ba e neng e se Bakeresete, ba ba neng ba mo latofatsa gore ke ene a dirileng gore ditsala tsa bone di sokologe le go swa. Gantsi o ne a tle a falole ka lesoba la mogodu mo go tlhaselweng ke segopa le polao e e setlhogo. Le mororo Origen a ne a patelesega go nna a fuduga go tswa mo ntlong e nngwe go ya go e nngwe gore a tle a tshabele batho ba ba mmatlang, ga a ka a tlogela go ruta. Demetrius, e bong mobishopo wa kwa Alexandria o ne a kgatlhwa ke bopelokgale le boineelo joo. Ka gone, fa Origen a ne a le dingwaga di le 18 fela, Demetrius o ne a mo tlhoma go nna tlhogo ya sekolo se se rutang bodumedi kwa Alexandria.

Kgabagare, Origen o ne a nna mokanoki yo o tumileng le mokwadi wa dibuka tse dintsi. Bangwe ba re o ne a kwala dibuka di le 6 000, le fa gone seno e ka tswa e le go feteletsa dilo. O tumile thata ka Hexapla ya gagwe, e leng kgatiso e kgolo ya dibolumo di le 50 tsa Dikwalo Tsa Sehebera. Origen o ne a rulaganya Hexapla ka dikholomo di le thataro tse di bapileng tse di nang le: (1) mokwalo wa Sehebera le wa Searamaika, (2) mokwalo o o ranoletsweng mo Segerikeng ka go dirisa maadingwa, (3) thanolo ya Segerika ya ga Aquila, (4) thanolo ya Segerika ya ga Symmachus, (5) Septuagint ya Segerika, e Origen a neng a e tlhabolola gore e dumalane thata le mokwalo wa Sehebera le (6) thanolo ya ga Theodotion ya Segerika. Mokanoki wa Baebele e bong John Hort o ne a kwala jaana: “Ka go kopanya mekwalo eno, Origen o ne a batla go tlhalosa bokao jwa ditemana tse dintsi tse di neng di ka akabatsa kana tsa timetsa mmadi wa Mogerika fa a tshotse Septuagint fela.”

‘Go ya Ka Kwa ga Dilo Tse di Kwadilweng’

Le fa go ntse jalo, boemo jo bo tlhakatlhakaneng jwa bodumedi mo lekgolong la boraro la dingwaga bo ile jwa ama thata tsela e Origen a ileng a ruta Dikwalo ka yone. Le mororo Labokeresete e ne e sa ntse e simologa, e ne e setse e tladikilwe ke ditumelo tse e seng tsa dikwalo, mme dikereke tsa yone tse di gasaganeng di ne di ruta dithuto tse di farologaneng.

Origen o ne a amogela dingwe tsa dithuto tseno tse e seng tsa dikwalo, mme a di bitsa dithuto tsa baaposetoloi. Mme le fa go ntse jalo o ne a sa tshabe go fopholetsa ka dipotso tse dingwe. Ka nako eo bontsi jwa baithuti ba gagwe ba ne ba mekamekana le dithuto tse dingwe tsa filosofi. Ka maiteko a go ba thusa, Origen o ne a dira patlisiso ka kelotlhoko ka mefuta e e farologaneng ya filosofi e e neng e tlhotlheletsa megopolo ya baithuti ba gagwe ba basha. O ne a dira matsapa a go naya baithuti ba gagwe dikarabo tse di kgotsofatsang tsa dipotso tsa bone tsa filosofi.

Fa Origen a ne a leka go dira gore Baebele e dumalane le filosofi, o ne a ikaegile thata ka mokgwa wa go tlhalosa Dikwalo a dirisa ditshwantsho. O ne a akanya gore Dikwalo ka metlha di na le bokao jwa semoya mme ga go bolele gore di na le bokao jwa mmatota. Jaaka mokanoki mongwe a ile a bolela, seno se ile sa dira gore Origen “a kgone go tsenya megopolo le fa e le efe e e seng ya Baebele mo teng ga Baebele e le megopolo e e tsamaisanang le thulaganyo ya gagwe ya thutabodumedi, le fa a ne a ipolela gore ke (mme ga go na pelaelo gore o ne a ipona e le) moranodi yo o tlhoafetseng thata le yo o ikanyegang wa kgopolo ya Baebele.”

Lekwalo lengwe le Origen a neng a le kwalela mongwe wa baithuti ba gagwe le re thusa go bona tsela ya gagwe ya go akanya. Origen o ne a tlhalosa gore Baiseraele ba ne ba direla tempele ya ga Jehofa dijana ka gouta ya Egepeto. Mo go seno o ne a bona se se tshegetsang ditlhaloso tsa gagwe tsa go dirisa ditshwantsho ka ntlha ya go bo a dirisa filosofi ya Segerika go ruta Bokeresete. O ne a kwala jaana: “A bo dilo tse di neng di tswa kwa Egepeto di ne di solegela bana ba Iseraele molemo jang ne, tse Baegepeto ba neng ba sa di dirise sentle, e le tse Bahebera ba ba neng ba kaelwa ke botlhale jwa Modimo, ba neng ba di dirisetsa tirelo ya Modimo.” Ka tsela eo Origen o ne a kgothaletsa moithuti wa gagwe gore “a ntshe mo filosofing ya Bagerika sengwe se se tla mo thusang go ithuta kana go baakanyetsa Bokeresete.”

Mokgwa ono o o feteletseng wa go tlhalosa Baebele o ile wa dira gore go nne thata go farologanya thuto ya Bokeresete le filosofi ya Segerika. Ka sekai, mo bukeng ya gagwe ya On First Principles, Origen o tlhalosa Jesu e le ‘Morwa yo o tsetsweng a le esi, yo o ileng a tsholwa a se na tshimologo epe.’ Mme o ne a oketsa jaana: ‘Tshimologo ya gagwe e nnetse ruri e bile ke ya bosakhutleng. Ga a ka a dirwa Morwa ka gore a fiwe moya wa botshelo, e seng ka tsela epe e e bonalang, go na le moo o dirilwe jalo ke Modimo ka boene.’

Origen ga a tsaya kgopolo eno mo Baebeleng, ka gonne Dikwalo di ruta gore Morwa wa ga Jehofa yo o tsetsweng a le esi ke “leitibolo la popo yotlhe” le “tshimologo ya popo ya Modimo.” (Bakolosa 1:15; Tshenolo 3:14) Go ya ka mokwalahisitori wa bodumedi e bong Augustus Neander, Origen o ile a tsaya kgopolo eno ya “bosenangtshimologo” mo “thutong ya gagwe ya filosofi kwa sekolong sa ga Plato.” Ka gone, Origen o ne a tlola molaomotheo ono wa konokono wa Dikwalo: “Lo se ka lwa ya ka kwa ga dilo tse di kwadilweng.”—1 Bakorintha 4:6.

O Atlhotswe Gore ke Moikeodi

Mo dingwageng tsa fa Origen a ne a simolola go ruta, Sinoto ya kwa Alexandria e ne ya mo tseela boruti jwa gagwe. Gongwe seno se ile sa direga ka go bo mobishopo Demetrius a ne a fufegela go tuma ga ga Origen. Origen o ne a fudugela kwa Palesetina, koo go tlotliwa ga gagwe jaaka mofemedi yo o ikanyegang wa thuto ya Bokeresete go neng ga gola thata gone, le koo a neng a tswelela pele e le moruti teng. Tota e bile, fa “boikeodi” bo ne bo simologa kwa Botlhaba, batho ba ne ba batla thuso ya gagwe gore a fetole megopolo ya babishopo ba ba neng ba dira diphoso gore ba boele mo thutong ya motheo. Fa Origen a sena go swa ka 254 C.E., o ile a nyadiwa fela thata. Ka ntlha yang?

Fa Bokeresete jo bo tlwaelegileng bo sena go nna bodumedi jo bo tseelwang kwa godimo, se kereke e neng e se amogela e le thuto ya Sejuda se ne se tlhalosiwa ka tsela e e raraaneng thata. Ka gone, baithutabodumedi ba moragonyana ba ne ba se ka ba amogela bontsi jwa dipono tsa ga Origen tse di fopholetsang dilo le tse ka dinako tse dingwe e neng e le filosofi e e sa utlwaleng. Ka gone dithuto tsa gagwe di ile tsa tsosa dikganetsano tse di masisi mo kerekeng. Ka maiteko a go rarabolola dikganetsano tseno le go boloka kutlwano ya kereke, kereke e ile ya atlhola Origen gore ke moikeodi.

E ne e se Origen fela yo o neng a dirile diphoso tseno. Totatota, Baebele e ile ya bolelela pele ka go tswa ga ba le bantsi mo thutong e e itshekileng ya ga Keresete. Botlhanogi jono bo ile jwa ata mo bofelong jwa lekgolo la ntlha la dingwaga, fa baaposetoloi ba ga Jesu ba sena go swa. (2 Bathesalonika 2:6, 7) Kgabagare, batho bangwe ba ba ipitsang Bakeresete ba ne ba itlhoma go nna “bodumedi jwa motheo,” ba bolela fa ba bangwe botlhe e le “baikeodi.” Mme totatota, Labokeresete e ne e fapogile thata mo Bokereseteng.

“Se se Bidiwang ‘Kitso’ Mme e se Yone”

Le mororo Origen a ne a fopholetsa dilo tse dintsi, mekwalo ya gagwe e na le dilo dingwe tse di mosola. Ka sekai, Hexapla e ne ya tlogela leina la Modimo le kwadilwe ka tsela ya lone ya ntlhantlha ka ditlhaka tse nnè tsa Sehebera, tse di bidiwang Tetragrammaton. Seno se neela bosupi jo bo botlhokwa jwa gore Bakeresete ba bogologolo ba ne ba itse e bile ba dirisa leina la Modimo—Jehofa. Le fa go ntse jalo, tlhogo nngwe ya lotso ya lekgolo la botlhano la dingwaga e bong Theophilus o kile a tlhagisa jaana: “Mekwalo ya ga Origen e tshwana le naga ya majang e e nang le mofuta mongwe le mongwe wa dithunya. Fa nka bona sethunya sengwe se sentle foo, ke tla se kgetla; mme fa nka bona sengwe se se bonalang e kete se a tlhaba ke tla se tila jaaka selo se se tlhabang.”

Ka go tlhakanya dithuto tsa Baebele le filosofi ya Segerika, thutabodumedi ya ga Origen e ne ya tlala ka diphoso mme ditlamorago tsa gone e nnile tse di utlwisang botlhoko mo go Labokeresete. Ka sekai, le fa gone bontsi jwa diphopholetso tse di ikelang go sele tsa ga Origen di ne tsa ganwa moragonyana, dipono tsa gagwe malebana le “bosenangtshimologo” jwa ga Keresete di ile tsa thaya motheo wa thuto e e seng ya Baebele ya Tharonngwe. Buka ya The Church of the First Three Centuries e bolela jaana: “Go rata filosofi gono [go go simolotsweng ke Origen] go ne go sa tle go fela ka bonako.” Go ne ga felela ka eng? “Tumelo e e sa raraanang ya Bokeresete e ile ya kgotlelwa mme ga tsenelela diphoso tse di sa feleng mo Kerekeng.”

Origen o ka bo a ile a tsaya kgakololo ya ga moaposetoloi Paulo tsia mme a tila go tsenya letsogo mo botlhanoging jono ka go “furalela dipuo tse di se nang mosola tse di senyang boitsheko jwa se se boitshepo le dikganetso tsa se se bidiwang ‘kitso’ mme e se yone.” Go na le moo, ka go thaya bontsi jwa dithuto tsa gagwe mo ‘kitsong’ e e ntseng jalo, Origen o “fapogile mo tumelong.”—1 Timotheo 6:20, 21; Bakolosa 2:8.

[Setshwantsho mo go tsebe 31]

“Hexapla” ya ga Origen e supa gore leina la Modimo le ne la dirisiwa mo Dikwalong Tsa Bokeresete Tsa Segerika

[Motswedi wa Setshwantsho]

Published by permission of the Syndics of Cambridge University Library, T-S 12.182

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 29]

Culver Pictures