Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Pokano ya Ngwaga le Ngwaga ka October 6, 2001

Pokano ya Ngwaga le Ngwaga ka October 6, 2001

Pokano ya Ngwaga le Ngwaga ka October 6, 2001

POKANO YA NGWAGA LE NGWAGA ya maloko a Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania e tla tshwarwa ka October 6, 2001, kwa Holong ya Dikopano ya Basupi ba ga Jehofa, e e kwa 2932 Kennedy Boulevard, Jersey City, New Jersey. Pokano ya ntlha e e leng ya maloko fela e tla simolola ka 9:15 a.m., mme e latelwe ke pokano ya botlhe ya ngwaga le ngwaga ka 10:00 a.m.

Maloko a lekgotla a tshwanetse go itsise Ofisi ya Mokwaledi gone jaanong fa e le gore diaterese tsa one tsa poso di ile tsa fetoga mo ngwageng o o fetileng e le gore makwalo a a tlwaelegileng a kitsiso le diforomo tsa kemedi di fitlhe kwa go bone ka July.

Diforomo tsa kemedi, tse di tlileng go romelwa kwa malokong mmogo le kitsiso ya pokano ya ngwaga le ngwaga, di tshwanetse go busiwa gore di goroge kwa Ofising ya Mokwaledi pele ga August 1. Leloko lengwe le lengwe le tshwanetse go tlatsa foromo ya lone ya kemedi le go e romela ka bonako, le bolele gore a le tla kgona go nna teng ka namana kwa pokanong kana le ka se kgone. Tshedimosetso e e kwadilweng mo foromong nngwe le nngwe e tshwanetse ya bolela seno ka tlhomamo, e re ka e tla dirisiwa fa go tlhatlhobiwa gore ke bomang ba ba tla bong ba le teng ka namana.

Go solofetswe gore thulaganyo yotlhe, go akaretsa le pokano ya semolao ya kgwebo le dipego, e tla fela ka 1:00 p.m. kana ka bonako fela morago ga foo. Ga go ne go nna le thulaganyo ya thapama. E re ka go tla bo go se na manno a mantsi, go tla tsena fela ba ba tshotseng dithekete. Ga go ne go nna le dithulaganyo dipe tsa go golaganya pokano ya ngwaga le ngwaga le diholo tse dingwe ka mogala.