Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Dira Gore Mekgwa e o Nnang le Yone e go Solegele Molemo

Dira Gore Mekgwa e o Nnang le Yone e go Solegele Molemo

Dira Gore Mekgwa e o Nnang le Yone e go Solegele Molemo

MONNA yono o ne a nnile kwa motsethokong wa Athens dingwaga di le 12. Letsatsi le letsatsi fa a ya gae a tswa tirong, o ne a tsamaya ka tsela e le nngwe fela. Ke fa a tla fudugela kwa motsethokong o mongwe kwa ntlheng e nngwe ya toropo. Letsatsi lengwe fa a tswa tirong, o ne a le lebisa gae. O tswa go lemoga fa a le mo lefelong le a neng a nna mo go lone pele gore o ne a tsere tsela e sele. Ka ntlha ya go tlwaela, o ne a ile kwa legaeng la gagwe la pele!

Ke gone ka moo go a tleng go twe fa e se mokgwa ke molao ka gonne mokgwa o tlhotlheletsa matshelo a rona ka ditsela tse di maatla. Ka tsela eno, mekgwa e ka tshwantshiwa le molelo. Molelo o ka tlisa lesedi le le tlhokegang fa go le lefifi, e bile o ka re thutafatsa mmele le go re omosetsa dijo. Mme gape molelo e ka nna mmaba yo o bogale yo o bolayang batho le go senya dithoto. Go ntse jalo le ka mekgwa. Fa e dirisiwa sentle, e ka nna molemo tota. Mme gape e ka senya.

Mo kgannyeng ya monna yo o umakilweng kwa tshimologong, go tlwaela go ne ga mo senyetsa nako fela, ka gonne o ne a diiwa ke pharakano ya dikoloi mo toropong. Fa go tliwa mo dilong tse di botlhokwa thata, mekgwa e ka re atswa ka katlego kgotsa ya felela ka masetlapelo. Ela tlhoko dikai tsa mmatota di le mmalwa tse di mo Baebeleng tse di bontshang kafa mekgwa e ka re thusang kgotsa ya re kgoreletsa ka teng mo go direleng Modimo le mo kamanong ya rona le ene.

Dikao Tsa mo Baebeleng Tsa Mekgwa e Mentle Le e E Bosula

Noa, Jobe le Daniele botlhe ba ne ba itumelela go nna le botsalano le Modimo. Baebele e ba baka “ka ntlha ya tshiamo ya bone.” (Esekiele 14:14) Matshelo a banna bano botlhe ba bararo a ne a bontsha sentle gore ba na le mekgwa e mentle.

Noa o ne a laelwa gore a age areka, sekepe se setelele go feta lebala la kgwele ya dinao e bile se le bogodimo jo bo fetang jwa kago ya matlhatlaganyane a le matlhano. Tiro e kgolo jalo e ka bo e ile ya tshosa moagi ope fela wa dikepe wa metlha ya bogologolo. Noa le maloko a a supa a lelapa la gagwe ba ne ba aga areka ba sa thusiwe ke didirisiwa tsa segompieno. Mo godimo ga moo, Noa o ne a tswelela pele a rerela batho ba motlha wa gagwe. Re ka tlhomamisega gore gape o ne a tlhokomela ba lelapa la gagwe ka dilo tse ba di tlhokang semoyeng le mo mmeleng. (2 Petere 2:5) Gore Noa a fitlhelele sotlhe seno, o tshwanetse a bo a ne a na le mekgwa e mentle ya go bereka. Mo godimo ga moo, go ne ga kwalwa ka Noa mo hisitoring ya Baebele go twe ke motho yo o neng a “tsamaya le Modimo wa boammaaruri. . . . Noa a dira kafa go sotlhe se Jehofa a neng a se mo laetse.” (Genesise 6:9, 22; 7:5) E re ka a ne a tlhalosiwa “a se na molato” mo Baebeleng, o tshwanetse a bo a ile a tswelela pele a tsamaya le Modimo morago ga Morwalela tota le fa batho ba sena go tsuologela Jehofa kwa Babele. Eleruri, Noa o ne a tswelela a tsamaya le Modimo go ya go fitlha a swa a na le dingwaga di le 950.—Genesise 9:29.

Mekgwa ya ga Jobe e mentle e ne ya mo thusa gore a nne monna yo o ‘se nang molato e bile a thokgame.’ (Jobe 1:1, 8; 2:3) Ka tlwaelo, kgotsa kafa mokgweng, o ne a direla jaaka moperesiti wa lelapa ka go isetsa bana ba gagwe ditlhabelo morago ga mokete mongwe le mongwe wa bone ka gonne gongwe “‘ba leofile le go tlhapatsa Modimo mo pelong ya bone.’ Eo ke tsela e Jobe a neng a dira ka yone ka metlha.” (Jobe 1:5) Mo lelapeng la ga Jobe, ruri mekgwa e e neng e ama kobamelo ya ga Jehofa e tshwanetse ya bo e ne e tlhomologile.

Daniele o ne a direla Jehofa “ka tlhomamo” botshelo jwa gagwe jotlhe jo boleele. (Daniele 6:16, 20) Daniele o ne a na le mekgwa efe e e molemo ya semoya? Selo sa botlhokwa ke gore o ne a rapela Jehofa ka metlha. Le fa kgosi e ne e ntshitse molao o o kganelang mokgwa o, Daniele “o ne a khubama ka mangole gararo mo letsatsing a rapela e bile a isa pako fa pele ga Modimo wa gagwe, fela jaaka a ne a ntse a dira jalo ka metlha pele ga seno.” (Daniele 6:10) O ne a ka se tlogele mokgwa wa gagwe wa go rapela Modimo, tota le fa seo se ne se tsenya botshelo jwa gagwe mo kotsing. Kwantle ga pelaelo mokgwa ono o ne wa nonotsha Daniele jaaka a ile a nna a ikanyega mo Modimong ka tsela e e gakgamatsang botshelo jwa gagwe jotlhe. Daniele gape o tshwanetse a bo a ne a na le mokgwa o montle wa go ithuta le go tlhatlhanya ka ditsholofetso tse dintle tsa Modimo. (Jeremia 25:11, 12; Daniele 9:2) Mekgwa eno e mentle ruri e ne ya mo thusa go itshoka go ya bokhutlong, a taboga lobelo lwa botshelo ka boikanyegi go fitlha kwa bofelong jwa lone.

Go farologana le seo, Dina ene dilo ga di a ka tsa mo tsamaela sentle ka ntlha ya mokgwa mongwe o o maswe. “O ne a tle a tswe a ye go bona bomorwadia lefatshe,” bao ba neng ba sa obamele Jehofa. (Genesise 34:1) Mokgwa ono o o neng o sa lebege o le kotsi o ne wa felela ka masetlapelo. Sa ntlha, o ne a betelelwa ke Shekema, lekawana le le neng le tsewa e le “le le tlotlegang thata mo go botlhe ba ntlo ya ga rraalone.” Go tswa foo bokgaitsadie ba babedi ba ne ba ipusolosetsa mme seo sa felela ka gore ba bolaye banna botlhe ba motse. A diphelelo tse di botlhoko!—Genesise 34:19, 25-29.

Re ka tlhomamisa jang gore mekgwa ya rona e tla re solegela molemo mme e ka se re utlwise botlhoko?

Go Dirisa Mekgwa

“Mekgwa ke sengwe se o se laolelwang,” go ne ga kwala jalo mofilosofi mongwe. Mme tota o ka e laola. Baebele e bontsha sentle gore re ka tlhopha go fetola mekgwa ya rona e e bosula mme re nne le e mentle.

Fa motho a na le mekgwa e mentle, tsela ya botshelo ya Bokeresete e nna le matswela thata e bile go nna motlhofo go e latela. Alex, Mokeresete mongwe yo o tswang kwa Greece, a re: “Mokgwa wa go latela thulaganyo gore ke dire ditiro tse di farologaneng o mpolokela nako ya botlhokwa.” Theophilus, mogolwane mongwe wa Mokeresete, o bontsha fa go nna le thulaganyo e le mokgwa o o mo thusang go nna le matswela. A re: “Ke dumela tota gore ke ne nka se kgone go dira ditiro tsa me tsa Bokeresete sentle fa nka bo ke se na mokgwa wa go rulaganya dilo sentle.”

Jaaka Bakeresete, re rotloediwa gore re “tsweleleng re tsamaya ka thulaganyo ka one mokgwa ono.” (Bafilipi 3:16) Tlwaelo ke “mokgwa wa . . . go dira dilo tse di sa bolong go dirwa mo dipakeng tse di fetileng.” Mekgwa e mentle jalo e re solegela molemo ka gonne ga re tlhoke go senya nako re akanyetsa kgato nngwe le nngwe sentle—re setse re itiretse mokgwa o montle o re tlwaetseng go o latela. Mekgwa e e tseneletseng kgabagare e itlela fela. Fela jaaka mekgwa ya go kgweetsa ka pabalesego e ka kaela mokgweetsi gore a dire ditshwetso ka potlako tse di ka bolokang botshelo fa a lebane le dikotsi mo tseleng, mekgwa e mentle e ka re thusa go dira ditshwetso tse di tshwanetseng ka bonako fa re ntse re tsamaya mo tseleng ya rona ya Bokeresete.

Fela jaaka mokwadi wa Moesemane Jeremy Taylor a kile a e baya: “Mekgwa ke bana ba ditiro.” Fa re na le mekgwa e mentle, re ka dira dilo tse di siameng motlhofo fela. Ka sekai, fa jaaka badiredi ba Bakeresete re na le mokgwa wa go dira tiro ya go rera ka metlha, go nna motlhofo e bile go nna monate go ya mo tirelong ya tshimo. Fa re bala ka baaposetoloi, re utlwa gore “letsatsi lengwe le lengwe mo tempeleng le ka ntlo le ntlo ba tswelela ba sa kgaotse ba ruta e bile ba bolela dikgang tse di molemo kaga Keresete, e bong Jesu.” (Ditiro 5:42; 17:2) Kafa letlhakoreng le lengwe, fa re ya bodireding ka sewelo fela, re ka nna ra ikutlwa re tshaba, re tlhoka nako ya go tlwaela gape pele re ka itshepa mo tirong eno e e botlhokwa ya Bokeresete.

Go ntse jalo le ka dikarolo tse dingwe tsa thulaganyo ya rona ya Bokeresete. Mekgwa e mentle e ka re thusa go ‘bala Lefoko la Modimo motshegare le bosigo’ ka metlha. (Joshua 1:8; Pesalema 1:2) Mokeresete mongwe o na le mokgwa wa go bala Baebele metsotso e le 20 go ya go e le 30 pele a ya go robala bosigo. Tota le fa a lapile thata, o fitlhela gore fa a ka ya go robala a sa bala, ga a kgone go robala sentle. O tshwanetse a tsoga mme a diragatse se a se tlhokang semoyeng. Mokgwa ono o montle gape o mo thusitse gore a kgone go bala Baebele yotlhe gangwe fela ka ngwaga dingwaga di le mmalwa.

Motlhomasekao wa rona, Jesu Keresete, o ne a na le mokgwa wa go nna gone kwa dipokanong tse go neng go tlotliwa ka Baebele kwa go tsone. “Go ya ka mokgwa wa gagwe mo letsatsing la sabata, a tsena mo sinagogeng, a ema ka dinao gore a bale.” (Luke 4:16) Fa e le Joe, mogolwane yo o nang le lelapa le legolo yo o berekang diura tse dintsi ka letsatsi, mokgwa o mo thusitse gore a ikutlwe a tlhoka e bile a eletsa go nna teng kwa dipokanong ka metlha. A re: “Mokgwa ono o a ntshegetsa, o mpha nonofo e ke e tlhokang thata ya semoya gore ke kgone go atlega fa ke lebane le dikgwetlho le mathata.”—Bahebera 10:24, 25.

Mekgwa e e ntseng jalo e tlhokega tota mo lobelong lwa Bokeresete lwa go batla botshelo. Pego e e tswang kwa nageng e batho ba ga Jehofa ba ntseng ba bogisiwa kwa go yone e ne ya re: “Batho ba ba nang le mekgwa e mentle ya semoya e bile ba anaanela boammaaruri thata ga ba palelwe ke go ema ba nonofile fa go tla diteko, mme ba ba sa yeng dipokanong ka ‘paka e e dumelang,’ ba sa ye tirelong ya tshimo ka metlha e bile ba ineela fa go tla diteko tse e seng tsa sepe gantsi ba a wa fa ba le mo tekong ‘e e keteng molelo.’”—2 Timotheo 4:2.

Tila Mekgwa e e Bosula, Dirisa e Mentle

Go a tle go twe ‘mekgwa fela e motho a tshwanetseng a nna le yone ke e a ka ratang e mo laola.’ Ruri mekgwa e e maswe e laola botlhoko. Le fa go ntse jalo, e ka latlhiwa.

Stella o kile a ne a lebelela thelebishene mo go feteletseng. O dumela jaana: “Mokgwa mongwe le mongwe o o bosula o o kileng wa mphekeetsa, gantsi o a bo o tshegediwa ke lebaka le le ‘seng bosula.’” Go ne go ntse jalo ka mokgwa wa gagwe wa go lebelela thelebishene mo go feteletseng. O ne a ithaya a re o tla e lebelela fela gore a “itlose bodutu go se kae” kgotsa gore a “dire sengwe se se farologaneng.” Mme mokgwa wa gagwe o ne wa mo fekeetsa, wa dira gore a kokomalele thelebishene nako e telele. A re: “Nngwe ya diphelelo tsa mokgwa ono o o bosula ke gore o ne wa ntiya gore ke se ka ka gatela pele semoyeng.” O ne a leka ka natla, mme kgabagare a kgona go fokotsa nako e a neng a e senya a lebeletse thelebishene a ba a simolola go tlhopha se a se lebelelang. Stella a re: “Ka metlha ke leka go ikgopotsa gore ke eng fa ke ne ke batla go latlha mokgwa ono, mme ke ikaega ka Jehofa gore a nthuse go tshegetsa tshwetso ya me.”

Mokeresete mongwe yo o bidiwang Charalambos o bolela mokgwa mongwe o o bosula o o neng wa mo kgoreletsa go gatela pele semoyeng—go beela ditiro ka moso. “E rile ke lemoga gore mokgwa wa go beela ditiro nako e e tlang o ne o le kotsi, ke ne ka simolola go leka go fetola botshelo jwa me. Fa ke tlhoma mekgele, ke ne ke rulaganya gore tota ke tla simolola leng le gone jang go e diragatsa. Go diragatsa ditshwetso tsa me le dithulaganyo tsa me ka metlha ke gone go nthusitseng, mme e sa ntse e le mokgwa o montle go tla go fitlha jaanong.” Eleruri, mekgwa e mentle e tshwanetse ya emisetsa e e bosula.

Ditsala tsa rona le tsone di ka dira gore re nne le mekgwa, e ka tswa e le e mentle kgotsa e e bosula. Mekgwa e mentle e a tshelanwa fela jaaka e e bosula. Fela jaaka “go itlwaelanya le ba ba bosula go senya mekgwa e e molemo,” go itlwaelanya le batho ba ba molemo go ka re naya dikao tsa mekgwa e e siameng e re ka e etsang. (1 Bakorintha 15:33) Se se botlhokwa le go feta, mekgwa e ka nonotsha kgotsa ya koafatsa kamano ya rona le Modimo. Stella a re: “Fa mekgwa ya rona e le mentle, e dira gore go se ka ga nna thata go kgaratlhela go direla Jehofa. Fa e le kotsi, e a re kgoreletsa.”

Nna le mekgwa e mentle, mme o e letle e go kaele. E tla go solegela molemo thata mo botshelong jwa gago.

[Setshwantsho mo go tsebe 19]

Fela jaaka molelo, mekgwa e ka thusa kgotsa ya senya

[Setshwantsho mo go tsebe 21]

Jesu o ne a na le mokgwa wa go nna teng mo sinagogeng ka Sabata a tlile go bala Lefoko la Modimo

[Ditshwantsho mo go tsebe 22]

Mekgwa e mentle ya semoya e nonotsha kamano ya rona le Modimo