Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Fenya Dilo Tse di go Kgoreletsang Go Gatela Pele!

Fenya Dilo Tse di go Kgoreletsang Go Gatela Pele!

Fenya Dilo Tse di go Kgoreletsang Go Gatela Pele!

KARA ya gago e mo dikereng, le enjene e a duma, mme e gana go ya kwa pele. A go na le bothata jo bo tlhokang makheneke? Nnyaa, go na le leje fela le lekima fa pele ga leotwana le lengwe. Gore koloi e tsamaye o tlhoka fela go tlosa leje leo.

Ka tsela e e tshwanang, bangwe ba ba ithutang Baebele le Basupi ba ga Jehofa ba na le dikgoreletsi tse di ka ba thibelang go gatela pele semoyeng. Ka sekai, Jesu o ne a tlhagisa gore dilo tse di jaaka “tlhobaelo ya tsamaiso eno ya dilo le maatla a a tsietsang a dikhumo” di ka ‘hupetsa lefoko’ la boammaaruri mme tsa le kgoreletsa go gola.—Mathaio 13:22.

Ba bangwe bone ba ka kgorelediwa go gatela pele ke mekgwa kgotsa makoa a ba sa leng ba nna nao. Monna mongwe wa kwa Japane yo o bidiwang Yutaka o ne a rata molaetsa wa Baebele, mme o ne a na le bothata jo bogolo jwa go betšha. O ne a lekile gangwe le gape gore a fenye mokgwa ono o o maswe mme o ne a paletswe. Go tshwakgoga mo ga gagwe go ne go dirile gore a latlhegelwe ke madi a mantsi, a latlhegelwe ke matlo a mararo, a se ka a tlhola a tlotliwa ke lelapa la gagwe a bo a felelwe ke seriti ka boene. A o ne a ka tlosa sekgoreletsi seno mme a nne Mokeresete?

Kgotsa o akanye ka mosadi mongwe yo o bidiwang Keiko. Baebele e ne e mo thusitse gore a latlhe mekgwa e e bosula e e jaaka kobamelo ya medingwana, boitsholo jo bo sa siamang le go bolelela pele ka masego. Le fa go ntse jalo, Keiko o dumela jaana: “Sekgoreletsi sa me se segolo e ne e le go goga motsoko. Ke ne ka leka go tlogela gantsintsi mme ka palelwa.”

Le wena o ka tswa o na le sengwe se se lebegang e le sekgoreletsi se se sa suteng se se go thibelang go gatela pele. Le fa e ka tswa e le eng, tlhomamisega gore o ka se fenya ka thuso ya Modimo.

Gakologelwa kgakololo e Jesu a neng a e naya barutwa ba gagwe fa ba sena go palelwa ke go ntsha ledimona mo monneng yo o neng a na le bolwetse jwa go wa. Fa Jesu a sena go kgona se se neng se ba paletse, o ne a raya barutwa ba gagwe a re: “Fa lo na le tumelo ya bogolo jwa tlhaka ya mosetara, lo tla raya thaba eno lo re, ‘Fuduga fano o ye fale,’ mme e tla fuduga, ga go na sepe se se tla nnang se sa kgonege mo go lona.” (Mathaio 17:14-20; Mareko 9:17-29) Ee, bothata jo bo ka lebegang e kete ke thaba e e boitshegang mo go rona, Mmopi wa rona yo o maatla otlhe o bona e le nnye e bile e se sepe.—Genesise 18:14; Mareko 10:27.

Go Lemoga Dikgoreletsi Tsa Kgatelopele

Gore o fenye dikgoreletsi, o tshwanetse wa di lemoga. O ka dira seo jang? Ka dinako tse dingwe leloko la phuthego, e ka tswa e le mogolwane kgotsa mongwe yo o go rutang Baebele, a ka go lemotsha sengwe. Mo boemong jwa go gana kgakololo e e ntseng jalo e e lorato, o tshwanetse gore ka boikokobetso o ‘reetse kotlhao mme o tlhalefe.’ (Diane 8:33) Ka dinako tse dingwe, o ka lemoga makoa a gago ka go ithuta Baebele. Ee, lefoko la Modimo “le a tshela e bile le naya maatla.” (Bahebera 4:12) Go bala Baebele le dikgatiso tse di theilweng mo Baebeleng go ka senola dikakanyo, maikutlo le maitlhomo a gago a a kwa tengteng. Go go thusa go bona gore o tlhaela ditekanyetso tse di kwa godimo tsa ga Jehofa go le kana kang. Go senola le go bontsha dilo tse di ka kgoreletsang kgatelopele ya gago ya semoya.—Jakobe 1:23-25.

Ka sekai, a re re moithuti wa Baebele o ntse a na le mokgwa wa go akanya thata ka boitsholo jo bo sa siamang. A ka tswa a bona go dira jalo go se kotsi ka gope, a ntsha mabaka a gore tota ga a dire sepe se se phoso. Fa a ntse a ithuta, o bona mafoko a Jakobe 1:14, 15: “Mongwe le mongwe o lekwa ka go gogelwa a ba a hepisiwa ke keletso ya gagwe. Go tswa foo keletso, fa e sena go emera, e tshola boleo; boleo le jone, fa bo sena go diragadiwa, bo tsala loso.” Jaanong o bona kafa go tswelela pele a le mo tseleng eno tota go ka thibelang kgatelopele ya gagwe ka teng! A ka tlosa sekgoreletsi seno jang?—Mareko 7:21-23.

Go Fenya Dikgoreletsi

Gongwe moithuti a ka thusiwa ke Mokeresete mongwe yo o godileng gore a dire patlisiso e e oketsegileng mo Lefokong la Modimo, a dirisa Watch Tower Publications Index. * Ka sekai, setlhogwana se se reng “Thoughts [Dikakanyo],” se isa mmadi kwa dikgatisong tse di farologaneng tse di buang ka go fenya dikakanyo tse di kotsi. Dikgatiso tseno di gatelela ditemana dingwe tse di thusang tsa Baebele, tse di jaaka Bafilipi 4:8, e e reng: “Dilo le fa e le dife tse di boammaaruri, dilo le fa e le dife tse di tsewang ka masisi, dilo le fa e le dife tse di siameng, dilo le fa e le dife tse di itshekileng, dilo le fa e le dife tse di rategang, dilo le fa e le dife tse di buiwang molemo, le fa e le molemo ofe o o gone le selo le fa e le sefe se se tshwanelwang ke pako se se gone, tswelelang lo akanya ka dilo tseno.” Ee, dikakanyo tsa boitsholo jo bo sa siamang di tshwanetse tsa emisediwa ka dikakanyo tse di phepa, tse di agang!

Fa moithuti a ntse a dira patlisiso, ga go na pelaelo gore o tla bona melaometheo e mengwe ya Baebele e e tla mo thusang go tila go etegetsa bothata jwa gagwe. Ka sekai, Diane 6:27 le Mathaio 5:28 e tlhagisa gore re se ka ra fepa megopolo ya rona ka dilo tse di tsosang keletso ya tlhakanelodikobo. Mopesalema o ne a rapela jaana: “Dira gore matlho a me a fete a sa bona se se se nang mosola.” (Pesalema 119:37) Gone ke boammaaruri gore go bala ditemana tseno tsa Baebele fela ga go a lekana. Monna yo o botlhale a re: “Pelo ya mosiami e a tlhatlhanya.” (Diane 15:28) Fa moithuti a tlhatlhanya, e seng fela ka se Modimo a se laelang mme le ka gore ke ka ntlha yang a laela jalo, a ka tlhaloganya sentle botlhale le tekatekano ya ditsela tsa ga Jehofa.

Labofelo, yo o lekang go fenya sekgoreletsi seno se se mo thibelang go gatela pele o tshwanetse a kopa thuso ya ga Jehofa ka kgololesego. Aitsane, Modimo o itse popego ya rona sentle, gore ga re a itekanela, re dirilwe ka lorole. (Pesalema 103:14) Fa re rapela Modimo re sa kgaotse gore a re thuse, e bile re leka ka natla gore re se ka ra akanya thata ka boitsholo jo bo sa siamang, kgabagare re tla nna le matswela a a itumedisang tota—segakolodi se se phepa, se se sa imelwang.—Bahebera 9:14.

Se Kgobege Marapo

Le fa o ka tswa o sokodisiwa ke bothata le fa e le bofe, ela tlhoko gore ka dinako tse dingwe o ka boela morago. Fa seo se diragala, ke ga tlholego fela go ikutlwa o nyemile moko e bile o kgobegile marapo. Le fa go ntse jalo, gakologelwa mafoko a Bagalatia 6:9: “Jalo a re se leseng go dira se se molemo, gonne re tla roba mo pakeng e e leng yone fa re sa lape.” Batlhanka ba ba ineetseng ba Modimo ba ba jaaka Dafide le Petere ba kile ba palelwa mo go botlhoko. Mme ga ba a ka ba kgobega marapo. Ba ile ba amogela kgakololo ka boikokobetso, ba dira diphetogo tse di tlhokegang mme ba itshupa e le batlhanka ba ba tlhomologileng ba Modimo. (Diane 24:16) Le fa Dafide a ne a dirile diphoso, Jehofa o ne a re ke “monna yo o amogelwang ke pelo ya me, yo o tla dirang dilo tsotlhe tse ke di eletsang.” (Ditiro 13:22) Petere le ene fela jalo o ne a fenya diphoso tsa gagwe mme a nna pilara ya phuthego ya Bokeresete.

Gompieno batho ba le bantsi le bone ba ile ba kgona go fenya dikgoreletsi. Yutaka, yo o umakilweng pelenyana, o ne a dumela go rutiwa Baebele. O anela jaana: “Go tshegediwa le go segofadiwa ke Jehofa mo kgatong nngwe le nngwe e ke neng ke e tsaya go ne ga nthusa gore ke fenye bothata jwa me jwa go betšha. Ke itumelela thata go bona kafa mafoko a ga Jesu a leng boammaaruri ka teng—gore ka tumelo, tota le ‘dithaba’ di ka sutisiwa.” Fa nako e ntse e ya, Yutaka o ne a nna motlhanka wa bodiredi mo phuthegong.

Go tweng ka Keiko, yo o neng a tshwakgotswe ke motsoko? Kgaitsadi yo o neng a ithuta le ene o ne a akantsha gore a bale ditlhogo tse di farologaneng tsa Tsogang! tse di buang ka kgang ya go tshwakgolwa ke motsoko. Keiko o ne a ba a matarisa mafoko a 2 Bakorintha 7:1 mo koloing ya gagwe gore letsatsi le letsatsi a mo gopotse gore a nne a le phepa mo matlhong a ga Jehofa. Le fa go ntse jalo, o ne a sa kgone go tlogela. Keiko o gakologelwa jaana: “Ke ne ke itenegela tota. Ka jalo ke ne ka simolola go ipotsa gore tota ke ne ke batla eng—go direla Jehofa kgotsa go direla Satane?” Fa a sena go dira tshwetso ya gore o batla go direla Jehofa, o ne a rapela ka tlhoafalo gore a thusiwe. O gakologelwa jaana: “Ke ne ka gakgamalela go bona ke kgona go kgaotsa go goga ntle le bothata bope. Ke ikotlhaela fela gore nka bo ke sa le ke tsere kgato eo bogologolo.”

Le wena o ka kgona go fenya dikgoreletsi tse di go thibelang go gatela pele. Fa o ntse o dira gore se o se akanyang, se o se eletsang, se o se buang le se o se dirang se dumalane le melao ya Baebele, o tla utlwa o itlotla e bile o itshepa. Bakaulengwe le bokgaitsadi ba gago ba semoya, mmogo le maloko a lelapa, ba tla itumela e bile ba tla kgothala fa ba ntse ba dirisana le wena. Sa botlhokwa le go feta, o tla nonotsha kamano e o nang nayo le Jehofa Modimo. O ne a solofetsa gore o tla ‘tlosa sekgopi le fa e ka nna sepe mo tseleng ya batho ba gagwe’ gore ba tswe mo taolong ya ga Satane. (Isaia 57:14) Mme o ka tlhomamisega gore fa o dira boiteko jwa go tlosa le go fenya dikgoreletsi tse di go thibelang go gatela pele semoyeng, Jehofa o tla go segofatsa tota.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 12 E gatisitswe ka dipuo di le mmalwa ke Basupi ba ga Jehofa.

[Setshwantsho mo go tsebe 28]

Jesu o ne a solofetsa gore dikgoreletsi tse di ntseng jaaka dithaba di ne di ka fenngwa ka tumelo

[Setshwantsho mo go tsebe 30]

Go bala Baebele go a re nonotsha fa re ntse re leka go fenya makoa a semoya