Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Tshwanelo ya Gago ya go Dumela

Tshwanelo ya Gago ya go Dumela

Tshwanelo ya Gago ya go Dumela

O tshwanetse wa bo o anaanela tshwanelo ya gago ya go dumela se o batlang go se dumela. Mo e ka nnang mongwe le mongwe o ikutlwa jalo. Ka go dirisa tshwanelo eno, baagi ba lefatshe ba le dimilione di le dikete tse thataro ba ile ba simolola ditumelo tse di farologaneng ka tsela e e gakgamatsang. Fela jaaka go na le mebala, dipopego, boleng, ditatso, menko le medumo e e farologaneng e re e fitlhelang mo popong, go farologana ga ditumelo le gone go a kgatlha, go a itumedisa e bile go dira gore re itumelele botshelo. Ebu, go farologana go go ntseng jalo go ka dira gore botshelo bo kgatlhise tota.—Pesalema 104:24.

MME gone, re tshwanetse go nna kelotlhoko. Ditumelo dingwe ga se fela gore di farologane le tse dingwe mme gape di kotsi. Ka sekai, mo tshimologong ya lekgolo la bo20 la dingwaga, batho bangwe ba ne ba dumela gore Bajuda le Ba-Freemason ba ne ba na le maano a go “senya tlhabologo ya Bokeresete le go tlhoma puso ya lefatshe e e tla bong e le mo taolong ya puso ya bone e ba e kopanetseng.” Selo sengwe se se neng sa anamisa tumelo eno e ne e le pampitshana nngwe e e kgatlhanong le Bajuda ya setlhogo se se reng Protocols of the Learned Elders of Zion. Pampitshana eo e ne ya bolela gore maano ao a akaretsa go buelela makgetho a a kwa godimo, go rotloetsa go dirwa ga dibetsa, go kgothaletsa dithulaganyo tsa kgwebo tse di laolwang ke dikhampani tse kgolo e le gore ‘khumo ya Baditšhaba e tle e phutlhamisiwe ka bonako.’ Ditatofatso tseo di ne di akaretsa le gore ba tla fetola thulaganyo ya thuto go ‘dira gore Baditšhaba e nne ditshedi tse di sa kgoneng go ikakanyetsa,’ le e leng go aga le diporo tsa kafa tlase ga lefatshe gore ba kopanye metsemegolo ya bone gore bagolwane ba Bajuda ba tle ba kgone go ‘fenya baganetsi bape ka go ba nyeletsa.’

Mme gone, dilo tseno e ne e le maaka—a a neng a tlhamilwe go tlhotlheletsa moya wa go nna kgatlhanong le Bajuda. Mark Jones wa Musiamo ya Boritane o bolela gore ‘kgang eno e e sa utlwaleng e e itlhametsweng e ile ya anamela go ya kwa moseja go tswa kwa Russia,’ koo e tlhagileng la ntlha gone mo setlhogong sa lokwalodikgang ka 1903. E ile ya fitlha mo lokwalodikgannyeng lwa The Times lwa kwa Lontone ka May 8, 1920. Mo e ka nnang sebaka se se fetang ngwaga moragonyana, The Times e ile ya senola fa lokwalo loo e le maaka. Mo nakong eno yotlhe go ne go bakilwe tshenyo. Jones a re, ‘go thata go thibela maaka a a ntseng jaana.’ Fa batho ba setse ba a amogetse, a jala ditumelo tsa bobaba, tse di botlhole le tse di kotsi—tse gantsi di nang le ditlamorago tse di bosula thata, jaaka ditiragalo tsa lekgolo la bo20 la dingwaga di bontshitse.—Diane 6:16-19.

Tumelo fa e Bapisiwa le Boammaaruri

Gone mme, ga go tlhokege maaka a ka boomo gore go nne le ditumelo tse di phoso. Ka dinako tse dingwe, ke fela gore ga re tlhaloganye dilo sentle. Go na le batho ba le kae ba ba ileng ba swa go sa tshwanela ka go bo ba dirile dilo tse ba neng ba dumela gore di siame? Mme gape, gantsi re dumela selo ka go bo re batla fela go se dumela. Porofesa mongwe o bolela gore tota le borasaense “gantsi ba tseela dilo tse ba di tlhamileng kwa godimo thata.” Mme gantsi dilo tse ba di dumelang di dira gore ba se ka ba kgona go bona diphoso. Ba ka nna ba dirisa nako e ntsi ba leka go tshegetsa ditumelo tsa bone tse di phoso.—Jeremia 17:9.

Go diragetse se se tshwanang le ka ditumelo tsa bodumedi—tse go nang le dikganetsano tse dintsi mo go tsone. (1 Timotheo 4:1; 2 Timotheo 4:3, 4) Motho yo mongwe o dumela thata mo Modimong. Yo mongwe ene o dumela gore motho yono “o dumela selo se se se nang tlhaloganyo.” Yo mongwe o dumela gore motho o na le moya o o sa sweng o o tswelelang o tshela morago ga loso. Yo mongwe ene o dumela gore fa motho a swa ga a tlhole a tshela, ga a yo gotlhelele. Ga go na pelaelo gore ditumelo tse di ganetsanang jaana di ka se ka tsa nna boammaaruri tsotlhe. Ka gone, a ga go botlhale go tlhomamisa gore a se o se dumelang se boammaaruri tota mme ga se fela se o batlang go se dumela? (Diane 1:5) O ka dira seo jang? Setlhogo se se latelang se tla sekaseka kgang eno.

[Setshwantsho mo go tsebe 3]

Setlhogo sa 1921 se se senolang maaka a “Protocols of the Learned Elders of Zion”