Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Phenyo Kwa Kgotlatshekelong ya Molaotheo

Phenyo Kwa Kgotlatshekelong ya Molaotheo

Phenyo Kwa Kgotlatshekelong ya Molaotheo

BASUPI BA GA JEHOFA kwa Jeremane ba ne ba bona phenyo e kgolo kwa Kgotlatshekelong ya Molaotheo kwa Karlsruhe. Ka gone ba ne ba tsaya kgato e e botlhokwa e e neng ya dira gore ba tsewe tsia semolao.

Basupi ba ga Jehofa ba na le dingwaga tse di fetang 100 ba dira tiro ya bone mo Jeremane. Ba ile ba falola go bogisiwa setlhogo ke bakgokgontshi ba babedi ba lekgolo la bo20 la dingwaga—Puso ya Bonasi le ya Bokomonisi. Go tloga ka 1990 Basupi ba ntse ba kopa gore ba tsewe e le mokgatlho wa bodumedi semolao. Morago ga ditsheko tse pedi tse Basupi ba neng ba di fenya le e le nngwe e ba neng ba fenngwa mo go yone, ba ne ba dira boikuelo kwa Kgotlatshekelong ya Molaotheo, e e neng ya itsise tshwetso ya yone ka December 19, 2000.

Tshwetso e e Emang Basupi ba ga Jehofa Nokeng

Baatlhodi botlhe ba le supa ba kgotlatshekelo ba ne ba tsaya tshwetso e e emang Basupi nokeng. Baatlhodi bano ba ne ba fetola tshwetso e e neng ya dirwa ka 1997 ke Kgotlatshekelo ya Botsamaisi mme ba laela kgotlatshekelo eo go sekaseka kopo ya Basupi sesha.

Kgotlatshekelo ya Molaotheo e ne ya dirisa tshono eo go bua ka kamano e e leng teng gareng ga Puso le ditlhopha tsa bodumedi. Totatota, maemo a bodumedi jo bo rileng a “bewa go ya ka boitshwaro jwa jone e seng go ya ka se bo se dumelang.”

Kgotlatshekelo e ne ya bolela le gore fa Basupi ba dirisa “boitlhaodi jwa Bokeresete,” ga se gore “ba tlhasela molaomotheo wa temokerasi” e bile “ya bo e se gore ba batla go fetola maemo a temokerasi ka go tlhoma mokgwa o mosha wa go busa.” Ka gone, fa Basupi ba sa nne le seabe mo ditlhophong tsa dipolotiki seo ga se a tshwanela go tsewa e le bosupi jo bo ka dirisiwang go gana kopo ya bone ya gore ba tsewe tsia semolao.—Johane 18:36; Baroma 13:1.

Kgotlatshekelo e ne ya tswelela e bolela gore modumedi ope fela—e ka ne e le Mosupi kana wa bodumedi bo sele—a ka iphitlhela ka dinako tse dingwe a le mo seemong se mo go sone Puso e mmatlang dilo tse di sa dumalaneng le melao ya bodumedi jwa gagwe. Fa motho yoo a ka tlhopha go reetsa segakolodi sa gagwe ka go “ikobela ditumelo tsa bodumedi jwa gagwe go na le go ikobela molao,” Puso e ka tsaya seo e le lebaka le le utlwalang e bile e le le le tsamaisanang le kgololesego ya bodumedi.—Ditiro 5:29.

Go ile ga buiwa thata ka tshwetso eno ya kgotlatshekelo mo dikgannyeng. Go ne go se na lekwalodikgang lepe la Jeremane le le se nang pego ya tsheko eno. Diteishene tsotlhe tse dikgolo tsa thelebishene le radio di ne tsa gasa dipego kana dipotsolotso ka yone. Ga go ise go ke go nne le nako e go neng ga buiwa thata jalo ka leina Jehofa mo Jeremane.

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 8]

AP Photo/Daniel Maurer