Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Se Lese go Dira se se Molemo

Se Lese go Dira se se Molemo

Se Lese go Dira se se Molemo

“Jalo a re se leseng go dira se se molemo, gonne re tla roba mo pakeng e e leng yone fa re sa lape.”—BAGALATIA 6:9.

1, 2. (a) Ke eng fa go direla Modimo go tlhoka motho boitshoko? (b) Aborahame o ne a bontsha boitshoko jang mme ke eng se se neng sa mo thusa?

RONA Basupi ba ga Jehofa re itumelela go dira thato ya Modimo. Gape re itumelela go sikara “jokwe” ya go nna barutwa. (Mathaio 11:29) Le fa go ntse jalo, go direla Jehofa le Keresete ga go motlhofo ka metlha. Moaposetoloi Paulo o ile a tlhalosa seno ka tlhamalalo fa a ne a kgothatsa Bakeresete ka ene jaana: “Lo tlhoka boitshoko, gore fa lo sena go dira thato ya Modimo, lo amogele go diragadiwa ga tsholofetso.” (Bahebera 10:36) Boitshoko bo botlhokwa ka gonne go direla Modimo e ka nna kgwetlho.

2 Ruri botshelo jwa ga Aborahame ke bosupi jwa seo. O ile a lebana le maemo a a thata le a a ngomolang pelo. Go laelwa go tlogela botshelo jwa manobonobo jwa Ure e ne e le tshimologo fela. Go ise go ye kae o ne a lebana le leuba, go ilwa ke baagelani, go batla a tseelwa mosadi, go ilwa ke bagaabo bangwe le go lebana le ntwa. O ne a tlile go lebana le diteko tse dikgolo. Mme gone Aborahame o ne a se ka a lesa go dira se se molemo. Seno se a gakgamatsa fa o akanya gore o ne a se na Lefoko la Modimo le le feletseng jaaka rona gompieno. Le fa go ntse jalo, ga go pelaelo gore o ne a itse ka boporofeti jwa ntlhantlha jo mo go jone Modimo a ileng a re: “Ke tla tsenya bobaba fa gare ga gago le mosadi le fa gare ga losika lwa gago le losika lwa gagwe.” (Genesise 3:15) E re ka Aborahame e le ene yo Losika lo neng lo tla tlhaga ka ene, Satane o ne a tla tlhasela ene thata. Ga go pelaelo gore go tlhaloganya kgang eno ke gone go go thusitseng Aborahame go itshokela diteko tsa gagwe ka boipelo.

3. (a) Ke eng fa batho ba ga Jehofa ba tshwanetse go lebelela dipogiso gompieno? (b) Bagalatia 6:9 e re neela kgothatso efe?

3 Batho ba ga Jehofa le bone gompieno ba tshwanetse go lebelela dipogiso. (1 Petere 1:6, 7) Kana e bile, Tshenolo 12:17 e re tlhagisa gore Satane o “tlhabana” le masalela a batlodiwa. Satane o tlhasela le “dinku di sele” ka ntlha ya go bo di tsalana thata le batlodiwa. (Johane 10:16) Kwantle ga kganetso e Bakeresere ba ka lebanang le yone mo bodireding jwa phatlalatsa, gape ba ka tshwanelwa ke go lebana le dikgatelelo mo botshelong jwa bone ka namana. Paulo o re gakolola jaana: “A re se leseng go dira se se molemo, gonne re tla roba mo pakeng e e leng yone fa re sa lape.” (Bagalatia 6:9) Ee, le fa Satane a ikaeletse go senya tumelo ya rona, re tshwanetse go emelana le ene, re nonofile mo tumelong. (1 Petere 5:8, 9) Boikanyegi jwa rona bo ka felela ka eng? Jakobe 1:2, 3 e tlhalosa jaana: “Go tseyeng e le boipelo fela, bakaulengwe ba me, fa lo kopana le diteko tse di farologaneng, lo itse jaaka lo itse gore boleng jono jo bo lekilweng jwa tumelo ya lona bo felela ka boitshoko.”

Go Tlhaselwa ka Tlhamalalo

4. Satane o dirisitse tlhaselo e e tlhamaletseng jang go leka go senya boikanyegi jwa batho ba Modimo?

4 Botshelo jwa ga Aborahame bo bontsha “diteko tse di farologaneng” tse Mokeresete a ka lebanang le tsone gompieno. Ka sekai, o ne a tshwanelwa ke go tsibogela tlhaselo ya batlhasedi ba Shinare. (Genesise 14:11-16) Ga go gakgamatse go bo Satane a tswelela ka go re tlhasela ka tlhamalalo ka go dirisa pogiso. Fa e sa le Ntwa ya Lefatshe II e fela, dinaga tse dintsi di ile tsa thibela tiro ya Bokeresete ya go ruta ya Basupi ba ga Jehofa. Buka ya 2001 Yearbook of Jehovah’s Witnesses e umaka tirisodikgoka e Bakeresete ba Angola ba neng ba e itshokela go tswa mo babeng ba bone. Bakaulengwe ba rona ba dinaga tseo ba ile ba ema ba nonofile ba sa ineele ba dira jalo ba ikaegile ka Jehofa! Ba ne ba se ka ba tsiboga ka go dirisa dikgoka kana go tsuologa, go na le moo, ba ne ba tswelela pele ba rera ba le kelotlhoko.—Mathaio 24:14.

5. Basha ba Bakeresete ba ka bogisiwa jang kwa sekolong?

5 Le fa go ntse jalo, ga se ka metlha pogiso e akaretsang go dirisa dikgoka. Kgabagare Aborahame o ne a segofadiwa ka barwa ba babedi—Ishemaele le Isake. Genesise 21:8-12 e re bolelela gore nako nngwe Ishemaele o ne a “sotla” Isake. Mo lekwalong le Paulo a neng a le kwalela Bagalatia, o ne a bontsha gore seno e ne e se fela go sotla go go sa reng sepe ga fa ngwana a itshamekela, ka gonne o tlhalosa fa Ishemaele a ne a bogisa Isake! (Bagalatia 4:29) Ka gone, go tshegwa ke ba o tsenang sekolo le bone le go tlhaselwa ka mafoko ke baganetsi go ka tsewa ka tshwanelo e le pogiso. Mosha mongwe wa Mokeresete yo leina la gagwe e leng Ryan o gakologelwa kafa ba a tsenang sekolo le bone ba neng ba tlhola ba mo sotla ka teng: “Mosepele wa metsotso e le 15 wa go ya le go boa kwa sekolong o ne o lebega e kete ke diura tse dintsintsi e re ka ke ne ke tlhola ke kgobiwa ka mafoko. Ba ne ba mphisa ka diterata tse di tshwarang madi a pampiri tse ba neng ba di goteditse ka dilo tse ba tshubang disekerete tsa bone ka tsone.” Ke eng se se neng se dira gore a tshwarwe makgwakgwa jaana? Thulaganyo ya puso ya Modimo e ke godisitsweng ka yone e ne e dira gore ke farologane thata le bana ba bangwe kwa sekolong.” Le fa go ntse jalo, Ryan o ne a kgona go itshoka ka boikanyegi ka go engwa nokeng ke batsadi ba gagwe. Basha, a go kgobiwa ke balekane ba lona go dirile gore lo ikutlwe lo kgobegile marapo? Ebu, lo se ka lwa ineela! Fa lo nna lo itshoka ka boikanyegi lo tla bona boammaaruri jwa mafoko ano a ga Jesu: “Go itumela lona fa batho ba lo kgoba ba bo ba lo bogisa e bile ba bua ka lona selo le fa e ka nna sepe fela se se boikepo ka ntlha ya me, e bile ba aka.”—Mathaio 5:11.

Ditlhobaelo Tsa Letsatsi le Letsatsi

6. Ke dilo dife tse di ka bakang dikgotlhang gareng ga Bakeresete gompieno?

6 Bontsi jwa diteko tse re lebanang le tsone gompieno di akaretsa ditlhobaelo tsa letsatsi le letsatsi. Aborahame ka boene o ne a tshwanelwa ke go lepalepana le dikgotlhang tse di neng tsa tlhaga gareng ga badisa ba gagwe le ba ga Lote morwamonnawe. (Genesise 13:5-7) Le gompieno, go se tsamaelane ga botho jwa batho le go fufegelana go go seng masisi go ka baka dikgotlhang mo phuthegong. “Koo lefufa le manganga di leng gone, gone koo go na le go tlhoka thulaganyo le sengwe le sengwe se se bosula.” (Jakobe 3:16) A bo go le botlhokwa jang ne gore re se ineele le gore re se letle boikgogomoso bo senya kagiso ya rona le ba bangwe, go na le moo re beye dikeletso tsa ba bangwe kwa pele ga tsa rona fela jaaka Aborahame!—1 Bakorintha 13:5; Jakobe 3:17.

7. (a) Motho o tshwanetse go dira eng fa e le gore o utlwisitswe botlhoko ke Mokeresete mmogo le ene? (b) Aborahame o ile a tlhoma sekao se se molemo jang ka go nna le kamano e e molemo le batho ba bangwe?

7 Go nna kagiso go ka nna ga se ka ga nna motlhofo fa o ikutlwa gore modumedi ka wena o ile a go tshwara ka tsela e e sa siamang. Diane 12:18 ya re: “Go na le yo o buang a sa akanye jaaka e kete ka ditlhabo tsa tšhaka.” Motho a ka utlwisa ba bangwe botlhoko thata fa a bua fela a sa akanye, tota le fa e se ka maikaelelo ape a a bosula. Go ka nna botlhoko le go feta fa re ikutlwa gore re sentswe leina kana re ile ra sebiwa setlhogo. (Pesalema 6:6, 7) Mme gone Mokeresete a ka se ka a letla gore go kgopisega go mo dire gore a ineele! Fa o le mo seemong se se ntseng jalo, a e nne wena yo o tsayang kgato pele go baakanya dilo ka go bua ka bopelonomi le yo o go kgopisitseng. (Mathaio 5:23, 24; Baefeso 4:26) Itshwarele motho yoo. (Bakolosa 3:13) Fa o sa tshware mokaulengwe wa gago ka pelo, o tla dira gore go nne motlhofo go okobatsa maikutlo a gago le go boloka kamano ya gago le ene. Aborahame ga a ka a nna a tshwere Lote ka pelo. Ebu, Aborahame o ne a itlhaganelela go ya go namola Lote le lelapa la gagwe!—Genesise 14:12-16.

Diteko Tse re di Ipakelang

8. (a) Bakeresete ba ka ‘itlhabaka jang ka ditlhabi di le dintsi’? (b) Ke eng fa Aborahame a ile a kgona go nna le pono e e lekalekaneng ka dikhumo?

8 Ke boammaaruri gore, diteko tse dingwe ke tse re ipakelang tsone. Ka sekai, Jesu o ile a laela balatedi ba gagwe jaana: “Tlogelang go ipolokela matlotlo mo lefatsheng, mo motoutwane le ruse di jang gone, le mo magodu a thubang gone a ba a utswa.” (Mathaio 6:19) Le fa go ntse jalo, bakaulengwe bangwe ba “itlhabakakile ka ditlhabi tse dintsi” ka go dira gore dikhumo e nne tsone tse di botlhokwa go gaisa dilo tsa Bogosi. (1 Timotheo 6:9, 10) Aborahame o ne a iketleeleditse go itima manobonobo a dikhumo e le gore a itumedise Modimo. “Ka tumelo o ne a aga e le moeng mo lefatsheng la tsholofetso jaaka mo lefatsheng la seeng, a ba a nna mo megopeng le Isake le Jakobe, baruaboswa le ene ba yone tsholofetso eo. Gonne o ne a letetse motse o o nang le metheo ya mmatota, motse o moagi le modiri wa one e leng Modimo.” (Bahebera 11:9, 10) Tumelo ya ga Aborahame mo ‘motseng’ o o tlang kana puso ya Modimo e ne ya mo thusa go se ikaege ka dikhumo. A go ne go se kitla go nna botoka fa le rona re dira jalo?

9, 10. (a) Ke eng fa go rata maemo go ka bakela motho teko? (b) Gompieno mokaulengwe a ka itshwara jang jaaka ‘yo mmotlana’?

9 Akanya ka kgang e nngwe. Baebele e re naya taelo eno e e nonofileng: “Fa mongwe a akanya gore o sengwe fa a se sepe, o tsietsa mogopolo wa gagwe.” (Bagalatia 6:3) Mo godimo ga moo, re laelwa gore re se “dire sepe ka ntlha ya manganga kgotsa ka ntlha ya go itseela kwa godimo thata, mme ka mogopolo o o ikokobeditseng.” (Bafilipi 2:3) Batho bangwe ba ipakela diteko ka go se dirise kgakololo eno. Ka ntlha ya go rata maemo e seng go rata go dira “tiro e e molemo,” ba kgobega marapo e bile ba a kgopisega fa ba sa newe ditshiamelo mo phuthegong.—1 Timotheo 3:1.

10 Aborahame o ne a tlhoma sekao se se molemo ka go se ‘ikgopole thata go feta kafa go tlhokegang ka gone.’ (Baroma 12:3) Fa Aborahame a ne a kopana le Melekisedeke ga a ka a dira gore boemo jo bontle jo a neng a na le jone le Modimo bo mo dire gore a itseele kwa godimo. Go na le moo, o ile a tsaya tsia maemo a magolo a Melekisedeke a neng a na le one a go nna moperesiti ka go mo duela sa bosome. (Bahebera 7:4-7) Le gompieno, Bakeresete ba tshwanetse go iketleeletsa go itsaya e le ‘ba babotlana’ mme ba se ka ba batla go tlotlomadiwa. (Luke 9:48) Fa go bonala e kete ba ba eteletseng pele mo phuthegong ba go tima ditshiamelo dingwe, itshekatsheke go bona gore ke diphetogo dife tse o ka tswang o tlhoka go di dira mo bothong jwa gago kana mo tseleng e o dirang dilo ka yone. Go na le gore o kgopisiwe ke go bo o sa abelwe ditshiamelo dingwe, dirisa tshiamelo e o setseng o na le yone ka botlalo—tshiamelo ya go thusa ba bangwe go itse Jehofa. Ee, ‘ikokobetse kafa tlase ga seatla se se thata sa Modimo, gore a tle a go godise mo nakong e e tshwanetseng.’—1 Petere 5:6.

Go Dumela Dilo Tse di sa Bonweng

11, 12. (a) Ke eng se se ka tswang se dira gore bangwe mo phuthegong ba se ka ba tlhole ba tlhagafala? (b) Aborahame o ne a tlhoma sekao se se molemo jang mo go direng gore botshelo jotlhe jwa gagwe bo remelele mo ditsholofetsong tsa Modimo?

11 Teko e nngwe e ka amana le kgang ya go bo go bonala e kete bokhutlo jwa tsamaiso eno e e boikepo ya dilo bo a diega. Go ya ka 2 Petere 3:12, Bakeresete ba tshwanetse go nna ba ‘letetse e bile ba ntse ba akantse thata ka go nna gone ga letsatsi la ga Jehofa.’ Le fa go ntse jalo, bontsi jwa rona ga re bolo go letela ‘letsatsi’ leno ka dingwaga di le dintsi, bangwe ka masomesome a dingwaga. Seno se ka nna sa dira gore bangwe ba kgobege marapo mme ba se tlhole ba tlhagafala.

12 Akanya gape ka sekao sa ga Aborahame. O ne a dira gore botshelo jotlhe jwa gagwe bo ikaege thata ka go bontsha tumelo mo ditsholofetsong tsa Modimo le mororo di ne di se kitla di direga tsotlhe a sa ntse a tshela. Ke boammaaruri gore o ne a tshela nako e telele sentle go fitlha a bona morwawe Isake a gola. Mme gone go ne go tlile go feta makgolokgolo a dingwaga pele ga bana ba ga Aborahame ba ka tshwantshiwa le “dinaledi tsa magodimo” kana “moshawa o o fa losing lwa lewatle.” (Genesise 22:17) Le fa go ntse jalo, seno ga se a ka sa kgopisa Aborahame kana go mo kgoba marapo. Ke gone ka moo moaposetoloi Paulo a ileng a bua jaana ka Aborahame le ditlhogo tse dingwe tsa lotso: “Bano botlhe ba ne ba swa ba na le tumelo, le mororo ba ne ba se ka ba bona go diragadiwa ga ditsholofetso, mme ba ne ba di bona di le kgakala thata ba bo ba di amogela mme ba bolela phatlalatsa gore e ne e le batswakwa le baagi ba nakwana mo lefatsheng leo.”—Bahebera 11:13.

13. (a) Gompieno Bakeresete ba tshwana jang le “baagi ba nakwana”? (b) Ke eng fa Jehofa a tlile go fedisa tsamaiso eno ya dilo?

13 Fa Aborahame a ile a kgona go dira gore botshelo jwa gagwe jotlhe bo ikaege thata ka ditsholofetso tse di neng di sa ntse “di le kgakala,” a bo rona gompieno re tshwanetse go dira jalo thata jang ne ka jaana go diragadiwa ga tsone go le gaufi thata! Jaaka Aborahame, re tshwanetse go itsaya re le “baagi ba nakwana” mo tsamaisong ya ga Satane, re sa ineelele botshelo jwa yone jwa boitlhapediso. Ke boammaaruri gore re eletsa e kete “bokhutlo jwa dilo tsotlhe” bo ka bo bo gorogile e seng fela go nna gaufi. (1 Petere 4:7) Gongwe re ka tswa re na le mathata a a masisi a botsogo. Kana re ka tswa re imelwa thata ke mathata a tsa itsholelo. Le fa go ntse jalo, re tshwanetse go se lebale gore Jehofa o tlile go lere bokhutlo gore a tle a itshepise leina la gagwe e seng fela gore a re namole mo maemong a a maswe a re leng mo go one. (Esekiele 36:23; Mathaio 6:9, 10) Bokhutlo bo tla tla ka nako e e siametseng maikaelelo a ga Jehofa e seng ka nako e rona re batlang ka yone.

14. Bopelotelele jwa Modimo bo ile jwa solegela Bakeresete molemo jang gompieno?

14 Se lebale le gore “Jehofa ga a bonya mabapi le tsholofetso ya gagwe, jaaka batho bangwe ba tsaya gore ke bonya, mme o pelotelele le lona ka gonne ga a eletse gore ope a senngwe mme o eletsa gore botlhe ba fitlhe mo boikwatlhaong.” (2 Petere 3:9) Ela tlhoko kgang ya gore Modimo o “pelotelele le lona”—lona maloko a phuthego ya Bokeresete. Go ka direga gore bangwe ba rona re tlhoka nako ya go dira diphetogo dingwe e le gore ‘kwa bofelong a re fitlhele re se na selabe re se na molato e bile re le mo kagisong.’ (2 Petere 3:14) Ka gone, a ga re a tshwanela go itumelela go bo Modimo a nnile pelotelele jaana le rona?

Go Bona Boipelo go sa Kgathalesege Dikgoreletsi

15. Jesu o ne a kgona jang go nna a ipela le fa a le mo ditekong, mme Bakeresete ba ka solegelwa molemo jang ke go mo etsa?

15 Botshelo jwa ga Aborahame bo ruta Bakeresete ba gompieno dilo di le dintsi. Ga a ka a bontsha tumelo fela, mme gape o ne a bontsha bopelotelele, botlhale, bopelokgale le lorato lo e seng lwa bogagapa. O ne a dira gore kobamelo ya ga Jehofa e nne yone e tlang pele mo botshelong jwa gagwe. Mme gone, ga re a tshwanela go lebala gore sekao se se di fetang tsotlhe se re tshwanetseng go se etsa ke sa ga Jesu Keresete. Le ene o ile a lebana le diteko tse dintsintsi, mme o ne a di fenya tsotlhe a ntse a itumetse. Ka ntlha yang? Ka gonne o ne a tlhomile mogopolo mo tsholofelong e e neng e sa ntse e le kwa pele. (Bahebera 12:2, 3) Ke gone ka moo Paulo a ileng a rapela jaana: “Jaanong e kete Modimo yo o fang boitshoko le kgomotso a ka dira gore mo gare ga lona lo nne le boikutlo jwa mogopolo jo bo tshwanang le jo Keresete Jesu a neng a na le jone.” (Baroma 15:5) Fa re na le boikutlo jo bo siameng, re ka kgona go nna re ipela le fa Satane a ka re beela dikgoreletsi.

16. Re ka dirang fa go bonala mathata a re fekeetsa?

16 Fa go bonala mathata a go fekeetsa, ikgopotse gore fela jaaka Jehofa a ile a rata Aborahame le wena o go rata fela jalo. O batla gore o atlege. (Bafilipi 1:6) Ikaege ka Jehofa ka botlalo, o dumela o sa belaele gore ‘ga a na a go lesa o raelwa go feta se o ka se itshokelang, mme mmogo le thaelo gape o tla dira tsela ya go tswa gore o kgone go e itshokela.’ (1 Bakorintha 10:13) Itlwaetse go bala Lefoko la Modimo letsatsi le letsatsi. (Pesalema 1:2) Rapela ka bopelotelele, o kopa Jehofa go go thusa go itshoka. (Bafilipi 4:6) O tla “naya moya o o boitshepo ba ba mo kopang.” (Luke 11:13) Dirisa ka botlalo dithulaganyo tse Jehofa a go diretseng tsone go go nonotsha semoyeng, tse di jaaka dikgatiso tse di thailweng mo Baebeleng. Gape, ikaege ka bakaulengwe. (1 Petere 2:17) Nna gone ka metlha mo dipokanong tsa Bokeresete ka gonne di tla go naya kgothatso e e tla go thusang go itshoka. (Bahebera 10:24, 25) Itumelele gore boitshoko jwa gago bo tla feleletsa bo dirile gore Modimo a go amogele le gore boikanyegi jwa gago bo tla dira gore a itumele!—Diane 27:11; Baroma 5:3-5.

17. Ke eng fa Bakeresete ba sa ineelele go kgobega marapo?

17 Modimo o ne a rata Aborahame a mmitsa “tsala” ya gagwe. (Jakobe 2:23) Le fa go le jalo, botshelo jwa ga Aborahame bo ne bo tletse ka diteko le dipogiso tse di ngomolang pelo. Ka gone Bakeresete ba tshwanetse go lebelela go diragalelwa ke se se tshwanang mo ‘metlheng eno ya bofelo’ e e bosula. Tota e bile, Baebele e re tlhagisa gore “batho ba ba boikepo le maferefere ba tla tswelela ba sulafalela pele, ba tsietsa e bile ba tsiediwa.” (2 Timotheo 3:1, 13) Go na le gore o ineelele go kgobega marapo, se lebale gore mathata a re lebanang le one ke bosupi jwa gore bokhutlo jwa tsamaiso e e boikepo ya ga Satane bo gaufi. Mme Jesu o re gopotsa gore “yo o itshokileng go ya bokhutlong ke ene yo o tla bolokwang.” (Mathaio 24:13) Ka gone, ‘se lese go dira se se molemo!’ Etsa Aborahame, mme o nne mongwe wa “ba ka tumelo le bopelotelele ba ruang ditsholofetso.”—Bahebera 6:12.

A o Etse Tlhoko?

• Ke eng fa gompieno batho ba ga Jehofa ba tshwanetse go lebelela diteko le dipogiso?

• Satane a ka re tlhasela ka tlhamalalo ka ditsela dife?

• Bakeresete ba ka rarabolola dikgotlhang jang gareng ga bone?

• Boikgogomoso le go itseela kwa godimo go ka baka diteko jang?

• Aborahame o ile a tlhoma sekao se se molemo jang ka go letela go diragadiwa ga ditsholofetso tsa Modimo?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Setshwantsho mo go tsebe 26]

Basha ba le bantsi ba Bakeresete ba bogisiwa ka go kgobiwa ke balekane ba bone

[Setshwantsho mo go tsebe 29]

Mo motlheng wa ga Aborahame go diragadiwa ga ditsholofetso tsa Modimo go ne go sa ntse go le “kgakala” mme gone o ne a dira gore botshelo jwa gagwe bo ikaege thata ka tsone