Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A go Na le Diabolo?

A go Na le Diabolo?

A go Na le Diabolo?

“Go ne go na le nako nngwe mo hisitoring ya Kereke ya Bokeresete e mo go yone diabolo, Belesebube kana Satane, kgosi ya bosula, a neng a tsewa e le setshedi sa mmatota le se se maatla fela jaaka ‘Modimo’ a sa ntse a tsewa jalo gompieno ke batho ba palo ya bone e ntseng e fokotsega; o ne a itlhametswe ke Bajuda le Bakeresete ba bogologolo gore ba amanye boikepo jo bo neng bo ba dikologile le setshedi se e leng motho e bile e le sebatana. Moragonyana Bakeresete ba ne ba lemoga gore seno e ne e le tlhamane fela e e se nang motheo wa mmatota mme ba mo tlosa mo kgopolong ya bone ka tidimalo.”—“All in the Mind—A Farewell to God,” e e kwadilweng ke Ludovic Kennedy.

LUDOVIC KENNEDY yo e leng mokwadi le mogasadikgang o bolela gore, go ralala makgolo a dingwaga go ne go se na ope mo go Labokeresete yo o neng a belaela gore tota Diabolo o teng. Go na le moo, jaaka Porofesa Norman Cohn a tlhalosa, ka dinako dingwe Bakeresete ba ne ba “amegile thata ka maatla a ga Satane le badimona ba gagwe.” (Europe’s Inner Demons) E ne e se batho ba ba tlwaelegileng ba maemo a a kwa tlase fela ba ba sa rutegang ba ba neng ba amegile ka tsela eno. Ka sekai, Porofesa Cohn o bolela gore, kgopolo ya gore Diabolo o ne a nna le sebopego sa phologolo go laola bosula le meetlo e e maswe “e ne ya se ka ya tlhaga ka bontsi jwa batho ba ba sa rutegang, go na le moo, e ne e dumelwa ke batlhalefi ba maemo a a kwa godimo. “Batlhalefi bano ba maemo a a kwa godimo”—go akaretsa le baruti ba ba rutegileng—e ne e le bone ba ba neng ba eteletse pele matsholo a go bogisa baloi a a ileng a anama le Yuropa go tloga ka lekgolo la bo15 go ya go la bo17 la dingwaga a go bolelwang gore mo go one kereke le balaodi ba ne ba tlhokofatsa le go bolaya batho ba le 50 000 ba go neng go dumelwa gore ke baloi.

Ga go gakgamatse go bo ba le bantsi ba ile ba gana se ba reng ke dikgopolo tse di sa laolesegeng tsa tumelobotlhodi kaga Diabolo. Tota le bogologolo ka 1726, Daniel Dofoe, o ne a kgala tumelo ya batho ya gore Diabolo ke selalome se se tshosang “se se nang le diphuka tsa mmamathwane, dinaka le tlhako e e patologaneng, mogatla o moleele, loleme lo lo kgaogantsweng jaaka foroko, le dilo tse di ntseng jalo.” O ne a bolela gore dikgopolo tse di ntseng jalo, e ne e le “megopolonyana e e se nang tlhaloganyo e e ikakanyeditsweng” e e tlhamilweng ke “batho ba ba rotloetsang kgopolo ya diabolo le ba ba itlhamelang diabolo” ba ba ileng ba “tsietsa batho ba ba sa itseng sepe ka kgopolo ya diabolo yo bone ba mo itlhametseng.”

A ke tsela e o lebang dilo ka yone? A o dumela gore “tota diabolo ke setshedi se se itlhametseng ke motho gore go twe ke ene a mo dirisang boleo”? Mafoko ao a tlhaga mo go The Zondervan Pictorial Encyclopedia of the Bible, mme batho ba le bantsi ba ba ipitsang Bakeresete ba akanya ka tsela eo. Jeffrey Burton Russell a re baithutabodumedi ba Labokeresete ka kakaretso “ba ile ba gana go dumela gore go na le Diabolo le badimona ba re ke ditumelobotlhodi tsa bogologolo.”

Le fa go ntse jalo, mo bathong ba bangwe, Diabolo ke motho wa mmatota. Ba akanya gore go tshwanetse ga bo go na le setshedi sengwe se se fetang motho ka maatla, se se nang le maatla a a boitshegang a a tlhotlheletsang bosula jo bo sa feleng jo bo ileng jwa direga go ralala hisitori ya batho. Russell a re “masetlapelo a lekgolo la bo20 la dingwaga” a re naya lebaka lengwe la go bo “tumelo ya gore Diabolo o teng, e bo e boa gape ka bonako, morago ga gore go nne le nako e telele go sa tlhole go dumelwa gore o teng.” Go ya ka Don Lewis yo e leng mokwadi, bontsi jwa batho ba gompieno ba ba rutegileng ba ba “gakgamadiwang” ke dilo tsa tumelobotlhodi le dipoifo tsa “bagologolwane ba bone ba ba sa rutegang” ba “boetse gape ba kgatlhwa ke maatla a bosula a dibopiwa tse di nang le maatla a a fetang a batho.”—Religious Superstition Through the Ages.

Gone mme, boammaaruri jwa kgang eno ke eng? A Diabolo ke tlhamane fela ya tumelobotlhodi? Kana a ke mongwe yo o tshwanetseng go tsewa masisi tota le mo lekgolong leno la bo21 la dingwaga?

[Setshwantsho mo go tsebe 4]

Jaaka go bontshitswe mo mokwalong ono wa ga Gustave Doré, ditumelobotlhodi tsa bogologolo di ne di tlhalosa Diabolo e le setshedi se e leng motho e bile e le sebatana