Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Diabolo—Ga se Tumelabotlhodi Fela

Diabolo—Ga se Tumelabotlhodi Fela

Diabolo—Ga se Tumelabotlhodi Fela

“Gongwe le gongwe mo Tesetamenteng e Ntšha go na le kgotlhang gare ga masomosomo a Modimo le a molemo, kafa letlhakoreng le lengwe go na le masomosomo a bosula a a eteletsweng pele ke Satane. Seno ga se kgopolo ya mokwadi a le mongwe kana ba le mmalwa, go na le moo ke selo se se tlhaloganngwang ke botlhe. . . . Ka gone, bosupi jwa Tesetamente e Ntšha bo tlhamaletse. Satane ke setshedi se se bosula, se ka metlha se leng kgatlhanong le Modimo le batho ba Modimo.”—“The New Bible Dictionary.”

KA GONE, ke ka ntlha yang fa batho ba le bantsi ba ba ipitsang Bakeresete—le ba ba bolelang gore ba dumela mo Baebeleng—ba gana kgopolo ya gore go na le Diabolo wa mmatota? Ka gonne, totatota, ga ba tseye Baebele e le Lefoko la Modimo. (Jeremia 8:9) Ba bolela gore, bakwadi ba Baebele ba ne ba tlhalosa difilosofi tsa ditšhaba tse di neng di ba dikologile mme ga ba ka ba tlhalosa boammaaruri jo bo tswang go Modimo sentle. Ka sekai, moithutabodumedi wa Mokatoliki e bong Hans Küng, o kwala jaana: “Dikinane tse di leng ka ga Satane a na le mephato ya badimona . . . di tswa mo dikinaneng tsa Sebabelona tse di ileng tsa tsenelela mo Bojudeng jwa bogologolo mme go tswa foo tsa tsenelela mo Tesetamenteng e Ntšha.”—On Being a Christian.

Mme Baebele ga se lefoko la batho fela, ke Lefoko la Modimo le le tlhotlheleditsweng. Ka gone, re tla bo re dira sentle fa re ka ela tlhoko thata se e se bolelang ka Diabolo.—2 Timotheo 3:14-17; 2 Petere 1:20, 21.

Jesu O ne A Akanya Eng?

Jesu Keresete o ne a dumela gore Diabolo ke motho wa mmatota. Jesu ga a ka a lekiwa ke bosula bongwe mo teng ga gagwe. O ne a tlhaselwa ke motho wa mmatota yo moragonyana a ileng a mmitsa “mmusi wa lefatshe.” (Johane 14:30; Mathaio 4:1-11) O ne a dumela le gore go na le dibopiwa tse dingwe tsa moya tse di neng di tshegetsa Satane mo maanong a gagwe a a bosula. O ne a fodisa batho ‘ba ba neng ba laolwa ke madimona.’ (Mathaio 12:22-28) Tota le kgatiso ya balatolamodimo ya A Rationalist Encyclopædia e tlhokomela botlhokwa jwa seno fa e bolela jaana: “Lebaka la go bo Jesu wa Diefangele a ne a dumela gore go na le badimona ga le bolo go nna le kgopisa baithutabodumedi.” Fa Jesu a ne a bua ka Diabolo le madimona a gagwe, o ne a sa boeletse fela ditumelabotlhodi tse di neng di tswa mo dikinaneng tsa Sebabelona. O ne a itse gore tota ba teng.

Re ithuta dilo di le dintsi ka Diabolo fa re sekaseka mafoko ano a ga Jesu a a neng a a bolelela barutisi ba bodumedi ba motlha wa gagwe: “Lo tswa mo go rraalona Diabolo, mme lo eletsa go dira dikeletso tsa ga rraalona. Ene yoo e ne e le mmolai fa a ne a simologa, mme o ne a se ka a itsetsepela mo boammaaruring, ka gonne boammaaruri ga bo yo mo go ene. Fa a bua maaka, o bua go ya ka tshekamelo ya gagwe, ka gonne ke moaki le ramaaka.”—Johane 8:44.

Go ya ka seno, Diabolo, yo leina la gagwe le kayang “mosebi,” e ne e le “moaki le ramaaka.” O ile a nna sebopiwa sa ntlha se se ileng sa bua maaka ka Modimo mme o ne a dira jalo bogologolo kwa tshimong ya Edene. Jehofa o ne a bolela gore fa batsadi ba rona ba ntlha ba ka ja ga setlhare sa kitso ya molemo le bosula ‘ruri ba ne ba tla swa.’ Satane o ne a dirisa noga go bolela gore mafoko ao ga a boammaaruri. (Genesise 2:17; 3:4) O bidiwa ka tshwanelo go twe ke “noga ya kwa tshimologong, e e bidiwang Diabolo le Satane.”—Tshenolo 12:9.

Diabolo o ne a bua maaka ka setlhare sa kitso ya molemo le bosula. O ne a tlhalosa gore go thibelwa go ja setlhare, ga go a siama; e ne e le go dirisa maatla ka tsela e e sa tshwanelang. O ne a bolela gore Adame le Efa, ba ne ba tla “tshwana le Modimo” ka go itirela tshwetso ka bobone malebana le molemo le bosula. Satane o ne a bolela gore e re ka ba ne ba na le tshwanelo ya go itlhophela, ba tshwanetse go itaola. (Genesise 3:1-5) Go tlhaselwa ga Modimo malebana le tsela e e siameng e a busang ka yone, go ne ga tsosa dikgang tse di botlhokwa. Ka jalo Jehofa o dirile gore go fete nako gore dikgang tseno di rarabololwe. Seno se bolela gore Satane o letlilwe go tswelela a tshela ka nakwana. Nako ya gagwe e e lekanyeditsweng e khutshwafala ka bonako. (Tshenolo 12:12) Le fa go ntse jalo, o tswelela pele ka go dira gore batho ba fularele Modimo ka go bua maaka le ka tsietso, a dirisa batho ba ba tshwanang le bakwadi le Bafarasai ba motlha wa ga Jesu go anamisa dithuto tsa gagwe.—Mathaio 23:13, 15.

Jesu o ne a bolela le gore Diabolo e ne e le “mmolai fa a ne a simologa” le gore “o ne a se ka a itsetsepela mo boammaaruring.” Seno ga se reye gore Jehofa o ile a bopa Diabolo e le “mmolai.” Ga a ka a bopelwa go nna selalome sengwe se se laolang lefelo la molelo le go tlhokofatsa mongwe le mongwe yo o ganetsanang le Modimo. “Dihele” tsa Baebele ga se bonno jwa ga Satane. Ke lebitla le le tlwaelegileng.—Ditiro 2:25-27; Tshenolo 20:13, 14.

Kwa tshimologong Diabolo o ne a le “mo boammaaruring.” O kile a bo a le karolo ya lelapa la selegodimo la ga Jehofa e le morwa wa Modimo yo o itekanetseng wa moya. Mme “ga a ka a itsetsepela mo boammaaruring.” O ne a tlhopha ditsela tsa gagwe le melaometheo ya gagwe ya maaka. Ga a ka a “simologa” fa a ne a bopiwa e le morwa Modimo wa moengele, go na le moo e ne e le fa ka go rata a ne a tsuologela Jehofa a bo a aketsa Adame le Efa. Diabolo o tshwana le batho ba ba ileng ba tsuologela Jehofa mo motlheng wa ga Moshe. Re bala jaana ka bone: “Bone ka bobone ba dirile bosula; ga se bana ba gagwe, bogole ke jwa bone.” (Duteronome 32:5) Go ka bolelwa se se tshwanang ka Satane. O ne a nna “mmolai” fa a ne a tsuologa a baka loso lwa ga Adame le Efa, mme le lwa batho botlhe.—Baroma 5:12.

Baengele ba ba Tlhokang Kutlo

Baengele ba bangwe ba ile ba kopanela le Satane mo botsuoloding jwa gagwe. (Luke 11:14, 15) Mo motlheng wa ga Noa baengele bano, ba ne ba “latlha lefelo la bone le le tshwanetseng la bonno” mme ba ikapesa mebele ya batho gore ba tle ba nne le dikamano tsa tlhakanelodikobo le “bomorwadia batho.” (Jude 6; Genesise 6:1-4; 1 Petere 3:19, 20) “Nngwetharong ya dinaledi tsa legodimo,” kana bontsi jwa dibopiwa tsa moya, di ile tsa latela tsela eno.—Tshenolo 12:4.

Buka ya Tshenolo e e tletseng ka dilo tsa tshwantshetso e tlhalosa Diabolo e le “kgogela e kgolo e khunou.” (Tshenolo 12:3) Ka ntlha yang? E seng ka go bo tota a na le mmele o o maswe o o tshosang. Tota e bile, ga re itse gore dibopiwa tsa moya di na le mofuta ofe wa mmele, mme go ka direga gore Satane ga a farologane le dibopiwa tse dingwe tsa baengele tsa semoya mo kgannyeng eno. Le fa go ntse jalo, “kgogela e kgolo e khunou” ke tlhaloso e e tshwanelang ya go supa boikutlo jwa ga Satane jwa bobatana, jo bo tshosang, jwa go bontsha maatla le jwa go rata go senya.

Gone jaanong Satane le badimona ba na le dithibelo tse dikgolo. Ga ba tlhole ba kgona go iphetola mebele jaaka ba kile ba kgona go dira. Ka bonako morago ga gore Bogosi jwa Modimo bo tlhomiwe mo maatleng a ga Keresete ka 1914, ba ne ba latlhelwa mo lefatsheng.—Tshenolo 12:7-9.

Diabolo ke Mmaba yo o Nonofileng

Le fa go ntse jalo, Diabolo e sa ntse e le mmaba yo o nonofileng. O “tsamayatsamaya jaaka tau e e kurutlang, e e batlang go kometsa mongwe.” (1 Petere 5:8) Ga se fela bosula jo bo sa bonaleng jo bo mo nameng ya rona e e sa itekanelang. Gone ke boammaaruri gore re tshwanetse go lwa le keletso ya rona ya boleo. (Baroma 7:18-20) Mme ntwa ya mmatota ke ya go lwa le “babusi ba lefatshe ba lefifi leno, le mephato ya meya e e boikepo mo mafelong a selegodimo.”—Baefeso 6:12.

Tlhotlheletso ya ga Diabolo e aname go le kana kang? Moaposetoloi Johane a re “lefatshe lotlhe le namaletse mo maatleng a yo o boikepo.” (1 Johane 5:19) Mme gone, ga re batle go tshwenyega thata ka Diabolo kana ra itetla go nna le poifo ka tumelobotlhodi e e malebana le ene e e tla re koafatsang. Le fa go ntse jalo, re tla bo re le botlhale fa re ka nna re ntshitse matlho dinameng malebana le maiteko a gagwe a go batla go re foufaletsa boammaaruri le go batla go fedisa bothokgami jwa rona go Modimo.—Jobe 2:3-5; 2 Bakorintha 4:3, 4.

Ga se ka metlha Diabolo a dirisang ditsela tse di setlhogo go tlhasela batho ba ba batlang go dira go rata ga Modimo. Ka dinako tse dingwe, o dira gore a bonale e kete ke “moengele wa lesedi.” Moaposetoloi Paulo o ne a tlhagisa Bakeresete ka kotsi eno fa a ne a kwala jaana: “Ke boifa gore ka tsela nngwe, jaaka noga e ne ya faposa Efa ka boferefere jwa yone, megopolo ya lona e ka nna ya senngwa ya tswa mo bopeloephepeng le mo boitshekong tse di tshwanetseng Keresete.”—2 Bakorintha 11:3, 14.

Ka gone re tshwanetse go nna re ‘thantse mo ditlhaloganyong, re disitse mme re ganetsane le ene, re nonofile mo tumelong.’ (1 Petere 5:8, 9; 2 Bakorintha 2:11) Tila go ipaya mo kotsing ya go tsiediwa ke Satane ka go se lekeletse sepe fela se se amanang le masaitseweng. (Duteronome 18:10-12) Nna moithuti yo o molemo wa Lefoko la Modimo, o gakologelwe gore Jesu Keresete gangwe le gape o ne a nopola mo Lefokong la Modimo fa a ne a raelwa ke Diabolo. (Mathaio 4:4, 7, 10) Rapelela moya wa Modimo. Maungo a one a ka go thusa go tila ditiro tsa nama, tse Satane a di rotloetsang ka katlego. (Bagalatia 5:16-24) Mo godimo ga moo, rapela Jehofa ka tlhoafalo fa o ikutlwa o gatelelwa ka tsela nngwe ke Diabolo le madimona a gagwe.—Bafilipi 4:6, 7.

Ga re tlhoke go boifa Diabolo. Jehofa o solofetsa go re sireletsa kgatlhanong le sengwe le sengwe se Satane a ka se dirang. (Pesalema 91:1-4; Diane 18:10; Jakobe 4:7, 8) Moaposetoloi Paulo o bolela jaana: “Tswelelang lo bona maatla mo Moreneng le mo thateng ya nonofo ya gagwe.” Mme fa re dira jalo re tla ‘kgona go ema re nitame kgatlhanong le maano a boferefere a ga Diabolo.’—Baefeso 6:10, 11.

[Setshwantsho mo go tsebe 5]

Jesu o ne a itse gore Diabolo ke motho wa mmatota

[Setshwantsho mo go tsebe 6]

“Lefatshe lotlhe le namaletse mo maatleng a yo o boikepo”

[Motswedi wa Setshwantsho]

NASA photo

[Ditshwantsho mo go tsebe 7]

Ganetsa Diabolo ka go ithuta Lefoko la Modimo le ka go rapela ka metlha