Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

Bakolosa 1:16 e bua ka Morwa Modimo ya re “dilo tsotlhe tse dingwe di bopilwe ka ene e bile di bopetswe ene.” Dilo tsotlhe di “bopetswe” Morwa Modimo e bong Jesu ka tsela efe?

Jehofa o ne a dirisa Morwawe yo o tsetsweng a le esi go nna modiri yo o setswerere go bopa dilo tsotlhe tse dingwe, e leng, dilo tsotlhe kwantle ga Jesu ka boene. (Diane 8:27-30; Johane 1:3) Ka mo go utlwalang, Morwa o itumelela ditiro tseno, mme ka tsela eno di “bopetswe” ene.

Re a itse gore batsadi ba e leng batho ba lebeletse e bile gantsi ba bona boitumelo mo go se ba nang naso—barwa le barwadi ba bone. Ka gone, seane sa Baebele se bua ka ‘morwa yo rraagwe a mo ipelelang.’ (Diane 3:12; 29:17) Ka mo go tshwanang, Jehofa Modimo o ne a ipela ka Iseraele fa batho ba gagwe ba ne ba ikanyega. (Pesalema 44:3; 119:108; 147:11) Mme o ipela gape ka ntlha ya boikanyegi jwa baitshepi ba gagwe go fitlha mo motlheng wa rona.—Diane 12:22; Bahebera 10:38.

Ka gone, go ne go tshwanetse gore Modimo a dire gore modirikaene Jesu, a ipelele se a se dirileng. Tota e bile, Diane 8:31 ya re Morwa ‘o ne a itumelela naga e e ungwang ya lefatshe la gagwe, mme dilo tse a neng a di rata di ne di na le bomorwa batho.’ Ke ka tsela eno Bakolosa 1:16 e bolelang jaana: “Dilo tsotlhe tse dingwe di bopilwe ka ene e bile di bopetswe ene.”