Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

“Go Diregang Kwa Fora?”

“Go Diregang Kwa Fora?”

“Go Diregang Kwa Fora?”

“Kgololesego, kgololesego e e anaanelwang thata,” ke mafoko a a mo go “La Marseillaise,” pina ya bosetšhaba ya Fora. Ga go na pelaelo gore kgololesego ke selo se se tshwanetseng go anaanelwa thata. Le fa go ntse jalo, dilo dingwe tse di sa tswang go direga bosheng jaana kwa Fora di dira gore motho a tshwenngwe ke ntlha ya gore go bonala go itlhokomolosiwa kgololesego ya konokono. Ke ka ntlha ya moo ka Labotlhano, November 3, 2000, masome a a diketekete tsa Basupi ba ga Jehofa ba neng ba tsamaisa palogotlhe ya dikhopi di le dimilione di le 12 tsa pampitshana e e kgethegileng ya setlhogo se se reng “Go Diregang kwa Fora? A Kgololesego e ka Boa ya Nna Gone Gape?”

KA DINGWAGA di le mmalwa jaanong, Basupi ba ga Jehofa kwa Fora ba ile ba nna ba tlhaselwa ke boradipolotiki ba ba farologaneng le ditlhopha tse dingwe tse di lwantshang makoko. Seno se ile sa bakela Basupi ba ba farologaneng, diphuthego le Basupi botlhe mo nageng mathata. Le fa go ntse jalo, ka June 23, 2000, Conseil d’État, kgotlatshekelo e kgolo thata ya botsamaisi ya kwa Fora, e ne ya dira tshwetso e kgolo thata e e neng e tlhomamisa pono e dikgotlatshekelo tse dingwe tse dinnye mo go yone tse 31 di ntseng di na le yone mo dikgetsing di le 1 100. Kgotlatshekelo e kgolo eno e ne ya tlhomamisa gore tsela e Basupi ba ga Jehofa ba obamelang ka yone e tsamaisana sentle le molao wa Fora le gore Diholo Tsa Bogosi tsa bone ga di a tshwanela go duedisiwa lekgetho fela jaaka fa go dirwa ka mekgatlho e mengwe ya sedumedi.

Le fa go ntse jalo, le fa go setse go dirilwe tshwetso eo, ba Lephata la Itsholelo la Fora ba sa ntse ba gana go rebola Basupi ba ga Jehofa gore ba se ka ba duela lekgetho go ya kafa molao o rebolang mekgatlho ya bodumedi ka gone. Lephata leno le laetse gore go ntshiwe lekgetho la diperesente di le 60 tsa meneelo yotlhe e e dirwang ke Basupi le ke ditsala tsa bone ba ba kopanelang mo diphuthegong di le 1 500 tsa kwa Fora. Kgetsi eno e sa ntse e sekwa kwa kgotla gone jaanong.

Boikaelelo jo bogolo jwa letsholo le go builweng ka lone fa godimo e ne e le go senola selo seno se se bonalang e le go ikganetsa le go bontsha dikotsi tse di bonalang mo go duediseng lekgetho gono go go thulanang le melao ya naga le mo go tlhomeng melao e e kgoreletsang kgololesego ya bodumedi ya botlhe. *

Letsatsi le Leleele

Ka ura ya bobedi mo mosong, Basupi mo diphuthegong dingwe ba simolola go tsamaisa dipampitshana tseno ka kwa ntle ga diteishene tsa diterena le difeketiri mme go tswa foo ba ya kwa boemafofaneng. Ka ura ya borataro, go simolola go tlhanasela mo Paris. Baithaopi ba ka nna 6 000 ba eme mo mafelong a a farologaneng a go rulagantsweng gore ba kopane gone le badirisi ba dipalangwa tsa botlhe ba ba yang tirong. Mosadi mongwe yo mmotlana o akgela jaana: “Se lo se direlang kgololesego ya bodumedi se sentle thata. Ga go amege Basupi ba ga Jehofa fela.” Kwa Marseilles, Basupi ba feta 350 ba tsamaisa dipampitshana tseno kwa diteisheneng tsa diterena tse di tsamayang kafa tlase ga lefatshe le mo mebileng. Mo sebakeng sa ura radio ya setšhaba e itsise ka letsholo leno, e bolelela bareetsi ba yone gore ba se ka ba gakgamala fa ba atamelwa ke Basupi ba ga Jehofa. Kwa Strasbourg, e leng toropo e go nang le diofisi tsa Kgotlatshekelo ya Yuropa ya Ditshwanelo Tsa Batho kwa go yone, batsamai kwa seteisheneng se segolo sa koo ba dira mokoloko o moleele wa go ya go amogela dikhopi tsa bone tsa pampitshana eno. Ramolao mongwe o tlhalosa gore, le fa gone a sa dumele se re se dumelang, o etse kgetsi ya rona tlhoko ka kgatlhego e kgolo, ka gonne se re se kgaratlhelang se botlhokwa e bile se kafa molaong.

Ka ura ya borobedi, le fa pula e na matsorotsoro, Basupi ba le 507 mo motseng wa Grenoble wa Alpine ba tsamaya mmila le mmila ba tsamaisa pampitshana eno kgotsa ba tsenya pampitshana eno mo mabokoseng a makwalo. Bakgweetsi ba dikoloi, fa ba bona gore go na le sengwe se se diregang, ba emisa dikoloi tsa bone mme ba kopa pampitshana eno. Kwa toropong e e kwa bophirima ya Poitiers, batsamai ba ba gorogang ka terena ka ura ya borobongwe ba setse ba amogetse pampitshana fa ba ne ba tloga kwa mafelong a ba tswang kwa go one. Kwa Mulhouse, gaufi le molelwane wa Jeremane, go setse go ntshitswe dikhopi di le 40 000.

Ka ura ya bolesome, diphuthego di le dintsi di tsamaisitse mo e ka fetang halofo ya dipampitshana tsa tsone. Jaaka fa letsatsi le ntse le tsweletse, ke batho ba sekae fela ba ba ganang go amogela pampitshana eno, mme go ile ga tshwarwa metlotlo e e kgatlhang le ba le mmalwa thata ba bone. Kwa Besançon, sekgala se se batlang se feta dikilometara di le 80 go sekae fela go tswa kwa molelwaneng wa Switzerland, lekawana lengwe le kgatlhegela Baebele mme le botsa gore ke ka ntlha yang fa Modimo a letlile pogo. Mosupi o mo laletsa gore ba ye go tsweletsa motlotlo ono kwa Holong ya Bogosi e e gaufi le bone, koo go simololwang thuto ya Baebele gone fela foo ka boroutšhara jwa Modimo o Batla Gore re Direng?

Ka sethoboloko Basupi ba le bantsi ba dirisa nako ya bone ya dijo tsa motshegare go rera sebaka sa ura kgotsa di le pedi. Thapama yotlhe dipampitshana di sa ntse di tsamaisiwa, mme diphuthego di le mmalwa di wetsa ka ura ya boraro kgotsa ya bonè mo thapameng eo. Mo toropong e e itsegeng ka bojalwa jwa champagne ya Reims, batho bangwe ba ba kileng ba bo ba ithuta kana ba kopanela le Basupi ba ga Jehofa mo nakong e e fetileng, ba bolela gore ba batla go boa ba kopanela gape le phuthego. Kwa Bordeaux go simololwa dithuto di le tharo tsa legae tsa Baebele. Mo go yone toropo eo, Mosupi mongwe o tsena mo lebenkeleng go ya go reka lekwalodikgang mme o bona mokoa wa dipampitshana mo khaontareng. Mong wa lebenkele leno, yo e kileng ya bo e le Mosupi, o ne a amogetse pampitshana eno mme, e rile a lemoga gore e botlhokwa go le kana kang, a dira difotokhopi tsa yone mme a di tsamaisa ka boene.

Kwa Le Havre, Normandy, mosadi mongwe wa Moporotesetanta yo o neng a utlwa mo seyalemoweng gore Basupi ba ga Jehofa ba duedisiwa lekgetho la meneelo ya bone o a gakgamala. O amogela pampitshana ka tlhagafalo mme o akgola Basupi go bo ba le pelokgale go bua kgatlhanong le tshiamololo e kana kana. Ka 7:20 p.m., dikgang tsa thelebishene kwa Lyons di akgela ka go tsamaisiwa ga pampitshana eno, di re: “Mo mosong ono o ne o ka kgona go tila marothodi a pula mme o ne o ka se kgone go tila dipampitshana tsa Basupi ba ga Jehofa.” Basupi ba babedi ba a botsolodiwa mme ba tlhalosa lebaka la letsholo leno.

Basupi ba ba neng ba batla go nna le seabe morago ga tiro ya bone ya boitshediso ba tsamaisa dipampitshana tseno ba di tsamaisetsa batho ba ba boelang gae ba tswa ditirong tsa bone mme ba baya tse dingwe mo mabokoseng a makwalo. Mo ditoropong tse di tshwanang le Brest le Limoges—tse di itsegeng ka letsopa la tsone—batho ba ba tswang baesekopong ka 11:00 p.m. ke bangwe ba ba bofelo mo letsatsing leo go amogela pampitshana eno. Dipampitshana tse dingwe tse di setseng di a phuthiwa di bo di tsamaisiwa gape mo letsatsing le le latelang.

Matswela

Mosupi mongwe o ne a kwala jaana: “Baba ba rona ba ithaya ba re ba a re koafatsa. Tota e bile, go direga se se fapaaneng le se ba neng ba se batla.” Mo diphuthegong di le dintsi, diperesente di feta di le 75 tsa Basupi ba ne ba nna le seabe mo letsatsing leo, bangwe ba dirisa diura di le 10, 12, kgotsa 14 mo tirong eno. Kwa Hem, ka kwa bokone jwa Fora, e ne ya re fa Mosupi mongwe a sena go bereka bosigo kwa tirong ya gagwe ya boitshediso o ne a tsamaisa dipampitshana tseno go tloga ka ura ya botlhano mo mosong go fitlha ka ura ya boraro thapama. Kwa Denain, motse o o gautshwane le teng, koo go nnileng le phuthego gone fa e sa le go tloga ka 1906, Basupi ba le 75 ba ne ba dirisa diura di le 200 ba tsamaisa dipampitshana tseno ka Labotlhano. Ba bangwe, le fa ba tsofetse, ba le dikoa, e bile go na le maemo a a sa itumediseng a bosa, le bone ba ne ba ikemiseditse gore ba tla nna le seabe. Ka sekai, kwa Le Mans, bokgaitsadi bangwe ba bararo ba ba mo dingwageng tsa bo80 ba ne ba fetsa diura di le pedi ba tsenya dipampitshana tseno mo mabokoseng a makwalo, mme Mosupi mongwe yo o neng a le mo setulong sa maotwana o ne a aba dipampitshana tseno mo pele ga seteishene sa terena. Mme a bo go ne go kgothatsa jang go bona Basupi ba le mmalwa ba ba neng ba tsidifetse ba nna le seabe mo tirong eno e e kgethegileng!

Kwantle ga pelaelo, go tsamaisiwa ga pampitshana eno go ne ga felela ka gore go neelwe bosupi jo bogolo. Batho ba mefuta yotlhe, bao bontsi jwa bone ba sa bonweng motlhofo kwa gae, ba ne ba amogela khopi ya pampitshana eno. Batho ba le bantsi ba ne ba akanya gore tiro eno e fitlheletse mo gontsi go na le fela go sireletsa ditshwanelo tsa Basupi. Ba le bantsi ba ne ba e leba e le go sireletsa kgololesego ya segakolodi le kobamelo ya Bafora botlhe. Go bontsha seno, batho ba ne ba kopa dikhopi tse dingwe tsa pampitshana eno gore ba di neye ditsala tsa bone, badirimmogo le bone kgotsa ba losika.

Ee, Basupi ba ga Jehofa kwa Fora ba motlotlo go itsise leina la ga Jehofa le go femela dilo tse di direlwang Bogosi. (1 Petere 3:15) Ba eletsa thata go ‘tswelela ba tshela botshelo jo bo sisibetseng le jo bo didimetseng ka boineelo jo bo tletseng jwa bomodimo le bomasisi’ le gore ba bangwe ba le diketekete ba kopanele le bone mo go bakeng Rraabone wa selegodimo, e bong Jehofa.—1 Timotheo 2:2.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 5 Go ne ga simololwa letsholo le le tshwanang ka January 1999 kgatlhanong le go tlhaolwa ka bodumedi. Bona Tora ya Tebelo ya August 1, 1999, tsebe 9, le 2000 Yearbook of Jehovah’s Witnesses, ditsebe 24-6.