Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Kafa o ka Dirang Ditshwetso Tse di Siameng ka Teng

Kafa o ka Dirang Ditshwetso Tse di Siameng ka Teng

Kafa o ka Dirang Ditshwetso Tse di Siameng ka Teng

GO KGONA go itlhophela ke mpho e e tswang kwa Modimong. Fa re ka bo re sa kgone go itlhophela, re ka bo re tshwana fela le diroboto, re sa kgone go laola se re se dirang. Le fa go ntse jalo, e re ka re kgona go itlhophela, re lebana le dikgwetlho. E re ka re kgona go itlhophela, re tshwanetse go dira ditshwetso mo botshelong.

Gone mme, ditshwetso tse dintsi ke tse di seng dikgolo go le kalo. Tse dingwe, tse di jaaka go tlhopha tiro, kana go tlhopha gore a re tshwanetse go nyala, di ka ama isagwe ya rona yotlhe. Mme tse dingwe di ama batho ba bangwe. Ditshwetso tse dingwe tse batsadi ba di dirang di ama bana ba bone thata. Mo godimo ga moo, re tshwanetse gore re ikarabele mo Modimong ka ditshwetso tse dintsi tse re di dirang.—Baroma 14:12.

Lebaka La go Bo go Tlhokega Thuso

Batho ga ba a itirela leina le lentle fa go tla mo kgannyeng ya go dira ditshwetso. Nngwe ya ditshwetso tsa ntlha tse motho a di dirileng tse go kwadilweng ka tsone e ile ya felela ka masetlapelo. Efa o ne a swetsa go ja leungo le Modimo a ileng a le iletsa ka tlhamalalo. Tshwetso e a neng a e dira, e e neng e theilwe mo keletsong ya gagwe ya bopelotshetlha, e ile ya dira gore monna wa gagwe a kopanele le ene mo go sa utlweng Modimo, mme go ile ga felela ka gore batho ba boge thata. Mo makgetlong a le mantsi, batho ba sa ntse ba dira ditshwetso ba theile thata mo dikeletsong tsa bopelotshetlha go na le gore ba theye mo melaometheong e e siameng. (Genesise 3:6-19; Jeremia 17:9) Mme fa re tshwanetse go dira ditshwetso tse di masisi, gantsi re akanya ka ditlhaelo tsa rona.

Ga go gakgamatse he, gore fa batho ba le bantsi ba dira ditshwetso tse dikgolo, ba batla thuso mo metsweding e e kwa godimo ga batho. Baebele e bega ka nako nngwe ya fa Nebukadenesare, a le mo ntweng, a neng a tshwanelwa ke go dira tshwetso nngwe. Le mororo e ne e le kgosi, o ne a akanya gore o tlhoka gore a “retologele mo boitseanapeng,” a bue le badimo. Ka gone, pego e bolela jaana: “E tshikintse metswi. E boditse e dirisa modingwana wa terafime; e lebile mo sebeteng.” (Esekiele 21:21) Ka mo go tshwanang gompieno, ba le bantsi ba ya kwa bathong ba ba bolelelang pele isagwe le balepadinaledi, mme ba batla thuso ya badimo le ka ditsela tse dingwe. Mme le fa go ntse jalo, ditsela tseno di a tsietsa.—Lefitiko 19:31.

Go na le Mongwe yo o ikanyegang ka botlalo le yo go ralala ditiragalo a ileng a thusa batho go dira ditshwetso tse di botlhale. Yoo ga se ope fela fa e se Jehofa Modimo. Ka sekai, mo metlheng ya bogologolo, Modimo o ne a naya setšhaba sa gagwe sa Iseraele, Urime le Thumime—go bonala e ne e le bola jo bo boitshepo jo bo neng bo latlhelwa fa setšhaba se lebane le maemo a a botlhokwa thata. Ka Urime le Thumime, Jehofa o ne a neela dikarabo tse di tlhamaletseng malebana le dipotso tse di neng di bodiwa mme a thusa bagolwane ba Iseraele gore ba tlhomamisege gore ditshwetso tsa bone di tsamaisana le go rata ga gagwe.—Ekesodo 28:30; Lefitiko 8:8; Dipalo 27:21.

Akanya ka sekai se sengwe. Fa Gidione a ne a kopiwa gore a etelele masole a Iseraele pele kgatlhanong le Midiana, o ne a tshwanelwa ke gore a dire tshwetso ya gore a o tla amogela tshiamelo eno ya maemo a a kwa godimo. E re ka Gidione a ne a batla go tlhomamisega gore Jehofa o tla mo tshegetsa, o ne a kopa sesupo sa kgakgamatso. O ne a rapela gore boboa jo bo tlogetsweng kwa ntle bosigo bo kolobe ka monyo mme mmu o nne o omile. Bosigo jo bo latelang, o ne a kopa gore boboa bo nne bo omile mme mmu o kolobe ka monyo. Jehofa ka bopelonomi o ne a naya Gidione ditshupo tse a neng a di kopa. Ka ntlha ya seo, Gidione o ne a dira tshwetso e e siameng mme ka tshegetso ya Modimo, o ne a fenya baba ba Iseraele ka mo go feletseng.—Baatlhodi 6:33-40; 7:21, 22.

Go Tweng ka Gompieno?

Gompieno, Jehofa o sa ntse a thusa batlhanka ba gagwe fa ba lebane le go dira ditshwetso tse di botlhokwa. Jang? A le rona jaaka Gidione, re tshwanetse go kopa ditshupo tsa ‘diteko tsa boboa’ mo go Jehofa gore di re bontshe se se siameng? Banyalani bangwe ba ne ba ipotsa gore a ba tshwanetse go fuduga go ya go direla kwa go nang le tlhokego e kgolwane ya baboledi ba Bogosi gone. Go ba thusa gore ba dire tshwetso, ba ne ba rulaganya teko. Ba ne ba rekisa ntlo ya bone ka tlhwatlhwa e e rileng. Fa ntlo e ka rekiwa ka letlha le le rileng ka tlhwatlhwa e e beilweng kana e e kwa godimonyana, ba ne ba tla tsaya gore ke sesupo sa gore Modimo o batla gore ba fuduge. Fa ntlo e sa rekwe, ba ne ba tla tsaya gore Modimo o ne a sa batle gore ba fuduge.

Ntlo ga ya ka ya rekwa. A seo e ne e le sesupo sa gore Jehofa o ne a sa batle gore banyalani bano ba ye go direla kwa go nang le tlhokego e kgolwane gone? Gone ke boammaaruri gore go tla bo go le phoso go bolela ka tlhamalalo gore Jehofa o direla batlhanka ba gagwe eng le gore ke eng se a sa se ba direleng. Re ka se ka ra re gompieno Jehofa ga a ke a tsaya kgato go re bontsha go rata ga gagwe. (Isaia 59:1) Le fa go ntse jalo, ga re na tshwanelo ya go lebelela gore a tseye kgato e e ntseng jalo fa re dira ditshwetso tse dikgolo, ka mantswe a mangwe re tlogelela Modimo gore e nne ene a re direlang tshwetso. Ebu, tota le Gidione mo botshelong jwa gagwe jotlhe, o ne a tshwanelwa ke gore a dire ditshwetso kwantle ga ditshupo tsa kgakgamatso tse di tswang kwa go Jehofa!

Le fa go ntse jalo, Baebele e bolela gore Modimo o a re kaela. E bolelela pele jaana ka motlha wa rona: “Ditsebe tsa lona di tla utlwa lefoko kwa morago ga lona le re: ‘Tsela ke e. Tsamayang ka yone,’ fa go direga gore lo ye kafa mojeng kgotsa go direga gore lo ye kafa molemeng.” (Isaia 30:21) Fa re lebane le kgang ya go dira ditshwetso tse di botlhokwa, go siame gore re batle go tlhomamisa gore ditshwetso tsa rona di tsamaisana le go rata ga Modimo le gore di supa botlhale jwa gagwe jo bo sa lekaneng le sepe. Jang? Ka go bala Lefoko la gagwe le go le letla gore e nne ‘lobone lwa dinao tsa rona, le lesedi la tsela ya rona.’ (Pesalema 119:105; Diane 2:1-6) Go dira seno, re tshwanetse go tlhagolela mokgwa wa go monya kitso ya boammaaruri go tswa mo Baebeleng. (Bakolosa 1:9, 10) Mme fa re tlhoka go dira tshwetso, re tshwanetse go dira patlisiso ka kelotlhoko ka melaometheo yotlhe e e malebana le kgang eo. Patlisiso eo e tla re thusa gore re “tlhomamise dilo tse di botlhokwa thata.”—Bafilipi 1:9, 10.

Mme gape re tshwanetse go bua le Jehofa ka thapelo, re itse gore o tla re reetsa. A bo go gomotsa jang go tlhalosetsa Modimo wa rona yo o lorato ka tshwetso e re tshwanetseng go e dira le dilo tse dingwe tse re di akanyetsang! Go tswa foo re ka mo kopa kaelo ya go dira tshwetso e e siameng re itse gore o tla re utlwa. Gantsi, moya o o boitshepo o tla re gakolola ka melaometheo ya Baebele e e tshwanelang kana o ka nna wa re thusa go tlhaloganya sentle lekwalo lengwe le le amanang le boemo jwa rona.—Jakobe 1:5, 6.

Jehofa o re naya gape ba ba godileng mo phuthegong ba re ka tlotlang le bone ka ditshwetso tsa rona. (Baefeso 4:11, 12) Le fa go ntse jalo, fa re kopa thuso ya ba bangwe, ga re a tshwanela go tshwana le batho ba ba botsang mongwe ba bo ba fetela kwa go yo mongwe go fitlha ba bona mongwe yo o tla ba bolelelang se ba batlang go se utlwa. Go tswa foo ba bo ba latela kgakololo ya gagwe. Re tshwanetse gape ra gakologelwa sekao sa ga Rehoboame se e leng tlhagiso. Fa a ne a tshwanelwa ke go dira tshwetso e e masisi, o ne a bona kgakololo e e molemo mo bannabagolong ba ba neng ba direla le rraagwe. Le fa go ntse jalo, go na le gore a latele kgakololo ya bone, o ne a ya go botsa le makawana a a neng a godile le bone. E re ka a ile a latela kgakololo ya bone, o ne a dira tshwetso e e sa siamang mme go ne ga felela ka gore a latlhegelwe ke karolo e kgolo ya bogosi jwa gagwe.—1 Dikgosi 12:1-17.

Fa o batla kgakololo, e batle mo bathong ba ba nang le boitemogelo mo botshelong mme ba na le kitso e e siameng ya Dikwalo e bile ba tlotla melaometheo ya se se siameng. (Diane 1:5; 11:14; 13:20) Fa go kgonega, iphe nako ya go tlhatlhanya ka melaometheo e e amanang le kgang ya gago le ka tshedimosetso yotlhe e o e kgobokantseng. Fa o simolola go bona dilo kafa di ntseng ka teng go ya ka Lefoko la ga Jehofa, go ka direga gore o kgone go bona tshwetso e e siameng e o tshwanetseng go e tsaya.—Bafilipi 4:6, 7.

Ditshwetso Tse re di Dirang

Ditshwetso dingwe di dirwa motlhofo. Fa baaposetoloi ba ne ba laelwa gore ba tlogele go neela bosupi, ba ne ba itse gore ba tshwanetse go tswelela ba rera ka Jesu, mme ka bonako fela ba ne ba bolelela Sanehederine ka tshwetso ya bone ya go batla go ikobela Modimo go na le batho. (Ditiro 5:28, 29) Ditshwetso tse dingwe di ka nna tsa tlhoka gore di akanyediwe thata ka gonne go se na polelo e e tlhamaletseng mo Baebeleng e e buang ka kgang eo. Le fa go ntse jalo, gantsi melaometheo ya Baebele e neela lesedi la gore ke tshwetso efe e go leng molemo go e dira. Ka sekai, le mororo mefuta e mentsi ya boitlosobodutu e e leng teng gompieno e ne e seyo mo motlheng wa ga Jesu, go na le dipolelo tse di tlhamaletseng mo Baebeleng tse di bolelang gore ke eng se se itumedisang Jehofa le gore ke eng se se sa mo itumediseng. Ka gone, Mokeresete ope fela yo o nang le seabe mo boitlosobodutung jo bo rotloetsang thubakanyo, boitsholo jo bo sa siamang kana botsuolodi o dirile tshwetso e e sa siamang.—Pesalema 97:10; Johane 3:19-21; Bagalatia 5:19-23; Baefeso 5:3-5.

Ka dinako tse dingwe ditshwetso tse pedi di ka nna tsa bo di siame tsoopedi. Go direla kwa go nang le tlhokego e kgolwane gone e ka nna tshiamelo e e itumedisang e bile go ka dira gore motho a nne le masego a magolo. Mme fa ka mabaka a a rileng motho a swetsa gore a se ka a dira jalo, o sa ntse a ka kgona go dira tiro e ntle mo phuthegong e a leng mo go yone. Gangwe le gape re tshwanelwa ke go dira tshwetso e e tla re nayang tshono ya go supa gore re ineetse mo go Jehofa go le kana kang, kana gore ke eng se se botlhokwa thata mo botshelong jwa rona. Ka gone, Jehofa o re letla gore re dirise tshwanelo ya rona ya go ka itlhophela gore re bontshe gore ke eng se tota se leng mo dipelong tsa rona.

Gantsi, ba bangwe ba amiwa ke ditshwetso tse re di dirang. Ka sekai, Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba ne ba ipelela go gololwa mo dithibelong di le dintsi tsa Molao. Ka sekai, go ne go raya gore ba ne ba ka kgona go amogela kana ba gana dijo tse di neng di itshekologile go ya ka Molao. Le fa go ntse jalo, ba ne ba kgothalediwa gore ba akanyetse digakolodi tsa ba bangwe fa ba dira tshwetso ya gore a ba tla dirisa kgololesego eno kgotsa nnyaa. Mafoko ano a ga Paulo a a amanang le kgang eo a ka dira le mo ditshwetsong di le dintsi tse re di dirang: “Ithibeng mo go nneng ba ba kgopisang.” (1 Bakorintha 10:32) Go eletsa gore re se ka ra kgopisa ba bangwe go ka re thusa go sekaseka ditshwetso tse dintsi tse re di dirang. Gone mme, go rata baagelani ke taolo ya bobedi e kgolo.—Mathaio 22:36, 39.

Matswela a Ditshwetso Tsa Rona

Ditshwetso tse di dirwang ka segakolodi se se siameng le tse di theilweng mo melaometheong ya Baebele gantsi kgabagare di nna le matswela a a siameng. Gone ke boammaaruri gore ka nako ya fa di dirwa, di ka nna tsa tlhoka gore motho a itime dilo dingwe. Fa baaposetoloi ba ne ba bolelela Sanehederine ka tshwetso ya bone ya go tswelela ba rera ka Jesu, ba ne ba kgwathisiwa pele ga ba gololwa. (Ditiro 5:40) Fa Bahebera ba bararo—Shaderake, Meshake le Abedenego—ba ne ba swetsa gore ba ka se ka ba khubamela setshwantsho sa gouta sa ga Nebukadenesare, ba ne ba tsenya matshelo a bone mo kotsing. Ba ne ba ikemiseditse go lebana le kgang ya gore go ka nna ga direga gore tshwetso e ba e dirileng e felele ka go re ba swe. Mme le fa go ntse jalo, ba ne ba itse gore ba tla amogelwa le go segofadiwa ke Modimo.—Daniele 3:16-19.

Fa re nna le mathata fa re sena go dira tshwetso e re e akanyeditseng ka kelotlhoko, ga go reye gore tshwetso eo ga e a siama. “Motlha le tiragalo e e sa bonelwang pele” di ka dira gore le e leng ditshwetso tse di neng di dirwa ka maikaelelo a a siameng di felele ka tsela e e sa itumediseng. (Moreri 9:11) Mo godimo ga moo, ka dinako tse dingwe Jehofa o letla bomadimabe bo re leka go bona gore re ineetse go le kana kang. Jakobe o ne a tshwanelwa ke gore a mekamekane le moengele bosigo jotlhe pele ga a amogela masego. (Genesise 32:24-26) Le rona re ka nna ra tshwanelwa gore re mekamekane le bomadimabe, tota le fa re dira se se siameng. Le fa go ntse jalo, fa ditshwetso tsa rona di le tumalanong le go rata ga Modimo, re ka tlhatswega pelo gore o tla re thusa go itshoka le gore kgabagare o tla re segofatsa.—2 Bakorintha 4:7.

Ka jalo, fa o dira tshwetso e e botlhokwa, o se ka wa ikaega ka botlhale jwa gago. Batla melaometheo ya Baebele e e ka thusang mo kgannyeng eo. Bua le Jehofa ka gone. Fa go kgonega, bua le Bakeresete ka wena ba ba godileng. Nna pelokgale. Dirisa tshwanelo ya gago ya go itlhophela e o e filweng ke Modimo ka tsela e e botlhale. Dira tshwetso e e siameng mme o bontshe Jehofa gore pelo ya gago e a ikanyega mo go ene.

[Setshwantsho mo go tsebe 28]

Sekaseka Lefoko la Modimo pele ga o dira ditshwetso tse di botlhokwa

[Ditshwantsho mo go tsebe 29]

Bua le Jehofa ka ditshwetso tse o tshwanelwang ke go di dira

[Setshwantsho mo go tsebe 30]

O ka tlotla le Bakeresete ba ba godileng ka ditshwetso tsa gago tse dikgolo