Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Kagiso ya ga Keresete e ka Laola Jang mo Dipelong Tsa Rona?

Kagiso ya ga Keresete e ka Laola Jang mo Dipelong Tsa Rona?

Kagiso ya ga Keresete e ka Laola Jang mo Dipelong Tsa Rona?

“A kagiso ya ga Keresete e laole mo dipelong tsa lona, gonne, tota e bile, lo ne lo bileditswe yone mo mmeleng o le mongwe.”—BAKOLOSA 3:15.

1, 2. “Kagiso ya ga Keresete” e laola jang mo pelong ya Mokeresete?

BATHO ba le bantsi ga ba rate lefoko leno la go laola, ka gonne le dira gore motho a akanye ka go patelediwa le go dirisiwa. Ka gone kgothatso e Paulo a neng a kgothatsa Bakeresete mmogo le ene ba kwa Kolosa ka yone, e e reng “A kagiso ya ga Keresete e laole mo dipelong tsa lona,” e ka nna ya utlwala mo go bangwe e sa utlwale. (Bakolosa 3:15) A ga re na tshwanelo ya go itlhophela se re se batlang? Ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go letla sengwe kgotsa mongwe go laola mo dipelong tsa rona?

2 Paulo o ne a sa bolelele Bakolosa gore ba latlhe tshiamelo ya bone ya go itlhophela. Lefoko la Segerika le le ranotsweng e le “laole” mo go Bakolosa 3:15 le amana le lefoko le le dirisiwang go kaya moatlhodi yo o neng a aba sekgele mo dikgaisanong tsa diatleletiki tsa metlheng eo. Batshameki ba ne ba na le kgololesego e e rileng mo melaong ya motshameko, mme kwa bofelong, moatlhodi e ne e le ene a swetsang gore ke mang yo o latetseng melao mme ka gone a tshwanetse go fenya kgaisano. Ka tsela e e tshwanang, re na le kgololesego ya go itirela ditshwetso di le dintsi mo botshelong, mme fa re ntse re dira jalo, ka metlha kagiso ya ga Keresete e tshwanetse go nna “moatlhodi”—kgotsa, jaaka fa moranodi Edgar J. Goodspeed a e baya, go nna “molaomotheo o o laolang” mo dipelong tsa rona.

3. “Kagiso ya ga Keresete” ke eng?

3 “Kagiso ya ga Keresete” ke eng? Ke thetebalo, go ikutlwa o ritibetse mo teng, go re nnang le gone fa re nna barutwa ba ga Jesu mme re utlwa gore Jehofa Modimo le Morwawe ba a re rata e bile ba a re amogela. Fa Jesu a ne a tloga a tlogela barutwa ba gagwe o ne a ba bolelela jaana: “Ke lo naya kagiso ya me. . . . Lo se ka lwa letla dipelo tsa lona go tshwenyega le fa e le go di letla di boboana ka ntlha ya poifo.” (Johane 14:27) Ka dingwaga di ka nna 2 000 jaanong, kagiso eo e ntse e itumelelwa ke maloko a a tloditsweng a a ikanyegang a mmele wa ga Keresete, mme gompieno ditsala tsa bone, “dinku tse dingwe,” le bone ba na le yone. (Johane 10:16) Kagiso eo e tshwanetse go nna yone e laolang mo dipelong tsa rona. Fa re lekwa mo go botlhoko, e ka re thusa gore re se ka ra ineela ka ntlha ya go boifa kgotsa go tshwenyega ka tsela e e feteletseng. Mma re bone gore seno se direga jang fa re sa tshwarwa sentle, fa re tlhobaela go feta selekanyo, le fa re ikutlwa re sa tshwanelege.

Fa re Sa Tshwarwa Sentle

4. (a) Jesu o ne a itse jang kaga go sa tshwarwe sentle? (b) Bakeresete ba ile ba arabela jang fa ba ne ba sa tshwarwe sentle?

4 Kgosi Solomone o kile a bua jaana: ‘Motho o laotse motho yo mongwe go mo utlwisa botlhoko.’ (Moreri 8:9) Jesu o ne a itse boammaaruri jwa mafoko ao. Fa a le kwa legodimong, o ne a bona ka moo batho ba neng ba siamololela ba bangwe ka tsela e e feteletseng ka teng. Fa a ne a le mo lefatsheng, ene ka boene o ne a tshwarwa ka tsela e e maswe go di gaisa tsotlhe fa, e le motho yo o se nang boleo, a ne a latofadiwa ka gore o tlhapaditse a ba a bolawa ka la gore ke sekebekwa. (Mathaio 26:63-66; Mareko 15:27) Gompieno, tshiamololo e sa ntse e tletsetletse, mme Bakeresete ba boammaaruri ba ile ba boga go feta selekanyo, ba ‘tlhoilwe ke ditšhaba tsotlhe.’ (Mathaio 24:9) Le fa go ntse jalo, le fa ba ne ba diragalelwa ke dilo tse di reregisang jaana mo dikampeng tse ba bolaelwang mo go tsone tsa Bonasi le mo Dikampeng Tsa Soviet Union, le fa ba ne ba tlhaselwa ke digopa, ba latofadiwa ka ditatofatso tsa maaka, ba tlhaselwa ka maaka, kagiso ya ga Keresete e ba bolokile ba ntse ba nonofile. Ba ile ba etsa Jesu, yo re balang jaana ka ene: “E rile a gobololwa, a se ka a gobolola le ene. E rile a boga, a se ka a tshosetsa, mme a nna a ineela mo go ene yo o atlholang ka tshiamo.”—1 Petere 2:23.

5. Fa re utlwela ka sengwe se go bonalang e le go sa tshwara ba bangwe sentle mo phuthegong, ke eng se re tshwanetseng go se akanyetsa pele?

5 Mo letlhakoreng le lengwe, re ka nna ra nna le maikutlo a gore mongwe ga a tshwarwa sentle mo phuthegong ya Bokeresete. Mo seemong se se ntseng jalo re ka nna ra ikutlwa jaaka Paulo a ne a ikutlwa yo o neng a re: “Ke mang yo o kgotšwang, mme nna ke sa tuke bogale?” (2 Bakorintha 11:29) Re ka dirang? Re tshwanetse go ipotsa gore, ‘A ruri o diretswe tshiamololo?’ Gantsi re a bo re sa itse dintlha tsotlhe. Re ka nna ra bo re arabela ka go tseega maikutlo morago ga go reetsa mongwe yo o bolelang gore o itse dintlha tsotlhe. Go a utlwala go bo Baebele e bolela jaana: “Ope fela yo o se nang maitemogelo o dumela lefoko lengwe le lengwe.” (Diane 14:15) Ka jalo re tshwanetse go nna kelotlhoko.

6. Re ka arabela jang fa go nna le sengwe se go bonalang e le go sa tshwara ba bangwe sentle mo phuthegong?

6 Le fa go ntse jalo, a re re gongwe rona ka borona re diretswe se re tsayang gore ke tshiamololo. Motho yo o nang le kagiso ya ga Keresete mo pelong ya gagwe o ne a ka arabela jang? Re ka nna ra bona go tlhokega gore re bue le motho yo re akanyang gore o re diretse phoso. Morago ga moo, go na le go tlotla ka kgang eno le mongwe le mongwe yo o tla re reetsang, ke ka ntlha yang fa re sa tlogele kgang eno mo go Jehofa ka thapelo mme re ikanye ene gore a tlhomamise gore tshiamiso e a dirwa? (Pesalema 9:10; Diane 3:5) Go ka direga thata gore fa re dirile jalo re tla kgotsofalela go rarabolola kgang eno mo pelong ya rona mme re ‘didimale.’ (Pesalema 4:4) Mo mabakeng a le mantsi, kgakololo eno ya ga Paulo e tla dira: “Tswelelang lo itshokelana e bile lo itshwarelana lo gololesegile fa mongwe a na le lebaka la go ngongorega ka yo mongwe. Le eleng jaaka Jehofa a ne a lo itshwarela a gololesegile, jalo le lona dirang jalo.”—Bakolosa 3:13.

7. Ke eng se re tshwanetseng go se gakologelwa ka metlha fa re dirisana le bakaulengwe ba rona?

7 Le fa go ntse jalo, le fa e le eng se re se dirang, re tshwanetse go gakologelwa gore le fa gone re ka se ka ra kgona go laola se se diragetseng, re ka kgona go laola tsela e re se tsibogelang ka yone. Fa re sa laole tsela e re tsibogelang ka yone boemo jo mo go jone re bonang e kete re diretswe tshiamololo, seo se ka nna sa senya kagiso ya rona go feta tshiamololo eo ka boyone. (Diane 18:14) Re ka nna ra bo ra kgopega mme ra tlogela go kopanela le phuthego go fitlha re bona tshiamiso e dirwa. Mopesalema o ne a kwala gore ba ba ratang melao ya ga Jehofa “ga ba na sekgopi.” (Pesalema 119:165) Boammaaruri ke gore mongwe le mongwe o direlwa tshiamololo nako le nako. O se ka wa letla dilo tse di tshwanang le tseno tse di bosula di go kgoreletsa go direla Jehofa. Go na le moo, a kagiso ya ga Keresete e laole mo pelong ya gago.

Fa re Tshwenngwa ke Tlhobaelo

8. Dingwe tsa dilo tse di bakang go tlhobaela ke dife, mme go tlhobaela go ka felela ka eng?

8 Go tlhobaela ke selo sa mmatota mo ‘metlheng eno ya bofelo.’ (2 Timotheo 3:1) Ke boammaaruri gore Jesu o ne a re: “Tlogelang go tlhobaela ka ga meya ya lona malebana le gore lo tla ja eng kgotsa ka ga mebele ya lona malebana le gore lo tla apara eng.” (Luke 12:22) Mme ga se ka metlha motho a tlhobaelang ka ntlha ya go tshwenyega ka dilo tse di bonalang. Lote o ne a “tshwenyegile thata” ka ntlha ya boitshwaro jo bo repileng jwa kwa Sodoma. (2 Petere 2:7) Paulo o ne a tshwenngwa thata ke ‘go tlhobaela ka diphuthego tsotlhe.’ (2 Bakorintha 11:28) Jesu o ne a utlwile botlhoko jo bo ngomolang pelo jaana bosigo pele ga a swa mo e leng gore “mofufutso wa gagwe [o ne] wa nna jaaka marothodi a madi a wela fa fatshe.” (Luke 22:44) Go a bonala gore ga se ka metlha e reng fa motho a tlhobaela e bo e le ka gonne a le bokoa mo tumelong. Le fa go ntse jalo, le fa go tlhobaela go ka tswa go bakwa ke eng, fa go le gogolo thata e bile go tsaya lobaka lo loleele, go ka re amoga kagiso ya rona. Go tlhobaela go ile ga fekeetsa bangwe, ga dira gore ba ikutlwe ba sa kgone go tswelela ba sikere maikarabelo mangwe a a amanang le go direla Jehofa. Baebele ya re: “Go tshwenyega ka tlhobaelo mo pelong ya motho ke gone go tla e obang.” (Diane 12:25) Ka jalo he, ke eng se re ka se dirang fa re bogisiwa ke go tlhobaela?

9. Dingwe tsa dikgato tse di mosola tse di ka tsewang go fokotsa go tlhobaela ke dife, mme ke dilo dife tse di bakang go tlhobaela tse di ka se kang tsa tlosiwa?

9 Mo maemong mangwe, re ka kgona go dira sengwe ka gone. Fa go tlhobaela ga rona e le bothata jo bo tlhokang kalafi, go ka nna botlhale go dira sengwe ka gone, le mororo motho e le ene a tshwanetseng go itirela ditshwetso mo dilong tse di tshwanang le tseno. * (Mathaio 9:12) Fa re imelwa ke maikarabelo a mantsintsi, go ka nna ga kgonega gore re neele ba bangwe mangwe a maikarabelo ano. (Ekesodo 18:13-23) Le fa go ntse jalo, go tweng ka bao—jaaka batsadi—ba nang le maikarabelo a a boima a a ka se kang a newa mongwe o sele go a tlhokomela? Go tweng ka Mokeresete yo o nnang le molekane yo o ganetsang? Go tweng ka lelapa le le mo mathateng a magolo a madi kgotsa le le nnang mo lefelong le le kgautlhantsweng ke ntwa? Go a bonala sentle gore ga re ka ke ra kgona go tlosa metswedi yotlhe ya go tlhobaela mo tsamaisong eno ya dilo. Le fa go ntse jalo, re ka kgona go boloka kagiso ya ga Keresete mo dipelong tsa rona. Jang?

10. Ditsela tse pedi tse Mokeresete a ka lekang go fokotsa tlhobaelo ka tsone ke dife?

10 Tsela e nngwe ke ka go senka kgomotso go tswa mo Lefokong la Modimo. Kgosi Dafide o ne a kwala jaana: “Fa dikakanyo tsa me tse di tlhobaetsang di ne di ntsifala mo teng ga me, dikgomotso tsa gago di ne tsa simolola go tshwara moya wa me ka tlekeetso.” (Pesalema 94:19) “Dikgomotso” tsa ga Jehofa di ka bonwa mo Baebeleng. Go tlhatlhoba Buka eo e e tlhotlheleditsweng ka metlha go tla re thusa go boloka kagiso ya ga Keresete mo dipelong tsa rona. Baebele e bolela jaana: “Latlhela mokgweleo wa gago mo go Jehofa, mme ene o tla go tshegetsa. Ga a kitla a letlelela mosiami go reketla le ka motlha.” (Pesalema 55:22) Ka tsela e e tshwanang, Paulo o ne a kwala jaana: “Lo se ka lwa tlhobaela ka sepe, mme mo go sengwe le sengwe ka thapelo le mokokotlelo mmogo le go ntshiwa ga ditebogo a dikopo tsa lona di itsisiwe Modimo; mme kagiso ya Modimo e e gaisang kakanyo yotlhe e tla disa dipelo tsa lona le maatla a lona a mogopolo ka Keresete Jesu.” (Bafilipi 4:6, 7) Go rapela ka tlhoafalo le ka metlha go tla re thusa go boloka kagiso ya rona.

11. (a) Jesu o ne a re tlhomela sekao se se molemo jang mo kgannyeng ya go rapela? (b) Re tshwanetse go leba jang thapelo?

11 Jesu e ne e le sekao se se molemo tota mo ntlheng eno. O ne a tle a bue le Rraagwe wa selegodimo ka thapelo lobaka lo loleele thata. (Mathaio 14:23; Luke 6:12) Thapelo e ne ya mo thusa go itshokela diteko tse di maswe thata. Mo bosigong jwa pele ga a swa, o ne a tlalelwa ka tsela e e utlwisang botlhoko thata. O ne a dirang ka gone? O ne a rapela “ka tlhoafalo thata.” (Luke 22:44) Ee, Morwa yo o itekanetseng wa Modimo e ne e le motho yo o rapelang ka metlha. A bo balatedi ba gagwe ba ba sa itekanelang ba tshwanetse go tlhagolela mokgwa wa go rapela ka mo go golwanyane jang he! Jesu o ne a ruta barutwa ba gagwe gore ba tshwanetse “go rapela ka metlha le gore ba se ka ba lesa.” (Luke 18:1) Thapelo ke tsela ya mmatota le e e botlhokwa thata ya go buisana le Motho yo o re itseng botoka go feta kafa rona re ikitseng ka gone. (Pesalema 103:14) Fa re batla go boloka kagiso ya ga Keresete mo dipelong tsa rona, re tshwanetse go ‘rapela re sa kgaotse.’—1 Bathesalonika 5:17.

Go Fenya Makoa a Rona

12. Ke mabaka afe a a ka dirang gore bangwe ba nne le maikutlo a gore tirelo ya bone ga e a lekana?

12 Jehofa o leba mongwe le mongwe wa batlhanka ba gagwe a le botlhokwa thata. (Hagai 2:7, ntlhanyana e e kwa tlase go NW) Le fa go ntse jalo, ba le bantsi ba go fitlhela go le thata go amogela seno. Bangwe ba ka nna ba kgobiwa marapo ke go tsofala, maikarabelo a a ntseng a oketsega a lelapa, kgotsa botsogo jo bo ntseng bo koafalela pele. Ba bangwe ba ka nna ba nna le maikutlo a gore ba bolawa ke tsela e e utlwisang botlhoko e ba godisitsweng ka yone. Ba bangwe bone ba ka nna ba bo ba tlhorontshiwa ke diphoso tse ba di dirileng mo nakong e e fetileng, ba sa bone gore a Jehofa o tla ke a ba itshwarele. (Pesalema 51:3) Ke eng se se ka dirwang ka maikutlo a a tshwanang le ano?

13. Mo go ba ba ikutlwang ba sa tshwanelege, Dikwalo di naya kgomotso efe?

13 Kagiso ya ga Keresete e tla re tlhomamisetsa gore Jehofa o a re rata. Re ka dira gore re boe re nne le kagiso eo mo dipelong tsa rona ka go gakologelwa gore Jesu ga a ise a ko a bue gore boleng jwa rona bo lekanngwa ka go bapisa se re se dirang le se ba bangwe ba se dirang. (Mathaio 25:14, 15; Mareko 12:41-44) Sengwe se a neng a se gatelela e ne e le boikanyegi. O ne a bolelela barutwa ba gagwe jaana: “Yo o itshokileng go ya bokhutlong ke ene yo o tla bolokwang.” (Mathaio 24:13) Jesu ka boene o ne a “nyadiwa” ke batho, le fa go ntse jalo o ne a sa belaele gore Rraagwe o ne a mo rata. (Isaia 53:3; Johane 10:17) O ne a ba a bolelela le barutwa ba gagwe gore le bone ba ne ba ratiwa. (Johane 14:21) Go gatelela ntlha eno, Jesu o ne a re: “A dithaga tse pedi ga di rekisiwe ka ledi la tshipi la tlhwatlhwa e e kwa tlase? Le fa go ntse jalo ga go le fa e le nngwe ya tsone e e tla welang fa fatshe kwantle ga kitso ya ga Rraalona. Mme meriri ya ditlhogo tsa lona e badilwe yotlhe. Jalo se boifeng: lo botlhokwa go feta dithaga tse dintsi.” (Mathaio 10:29-31) A bo seno se re tlhomamisetsa sentle jang ne gore Jehofa o a re rata!

14. Ke eng se se re tlhomamisetsang gore Jehofa o rata mongwe le mongwe wa rona?

14 Jesu o ne a boa gape a re: “Ga go na motho ope yo o ka tlang mo go nna fa Rara, yo o nthomileng, a sa mo goge.” (Johane 6:44) E re ka Jehofa a re gogetse gore re latele Jesu, go raya gore O batla gore re bolokwe. Jesu o ne a bolelela barutwa ba gagwe jaana: “Ga se selo se se eletsegang mo go Rre yo o kwa legodimong gore mongwe wa ba bannye bano a nyelele.” (Mathaio 18:14) Ka gone, fa o direla ka pelo e e feletseng, o ka itumelela ditiro tsa gago tse di molemo. (Bagalatia 6:4) Fa o tlhorontshiwa ke diphoso dingwe tse o di dirileng mo nakong e e fetileng, tlhomamisega gore Jehofa o tla itshwarela “ka tsela e kgolo” ba ruri ba ikwatlhayang. (Isaia 43:25; 55:7) Fa ka lebaka lepe fela o utlwa o kgobegile marapo, gakologelwa gore “Jehofa o gaufi le ba ba pelo e phatlogileng; mme o boloka ba ba moya o pitlaganeng.”—Pesalema 34:18.

15. (a) Satane o leka jang go re amoga kagiso ya rona? (b) Re ka nna le tshepo efe mo go Jehofa?

15 Satane o eletsa thata go go amoga kagiso ya gago. Ke ene a tlileng le boleo jo re bo ruileng jo rotlhe re kgaratlhang jaana go lwa le jone. (Baroma 7:21-24) Ga go na pelaelo gore a ka rata go dira gore o nne le maikutlo a gore go sa itekanelang ga gago go dira gore Modimo a se ka a amogela tirelo ya gago. Le ka motlha o se ka wa letla Diabolo a go kgoba marapo! Dira gore o itse ka maano a gagwe, mme o dire gore kitso e o nang le yone e go thuse go ikemisetsa go itshoka. (2 Bakorintha 2:11; Baefeso 6:11-13) Gakologelwa gore “Modimo o mogolo go feta dipelo tsa rona e bile o itse dilo tsotlhe.” (1 Johane 3:20) Jehofa ga a bone diphoso tsa rona fela. Gape o bona maitlhomo a rona le maikaelelo a rona. Ka jalo he o ka kgothatswa ke mafoko ano a ga mopesalema: “Jehofa ga a kitla a latlha batho ba gagwe, le fa e le go tlogela boswa jwa gagwe.”—Pesalema 94:14.

Go Nna Seoposengwe mo Kagisong ya ga Keresete

16. Ke ka tsela efe re seng rosi fa re ntse re leka go itshoka?

16 Paulo o ne a kwala gore re tshwanetse go letla kagiso ya ga Keresete e laola mo dipelong tsa rona ka gonne re ne ra ‘bilediwa yone mo mmeleng o le mongwe.’ Bakeresete ba ba tloditsweng ba Paulo a neng a ba kwalela ba ne ba bilediwa go tla go nna karolo ya mmele wa ga Keresete, fela jaaka fa go ntse ka ba ba setseng ba batlodiwa gompieno. Ditsala tsa bone tsa “dinku tse dingwe” di seoposengwe le bone jaaka “letsomane le le lengwe” tlase ga “modisa a le mongwe,” e bong Jesu Keresete. (Johane 10:16) Ba le mmogo, “letsomane” leno la lefatshe ka bophara la dimilionemilione tsa batho le letla kagiso ya ga Keresete e laola mo dipelong tsa bone. Go itse gore ga re rosi go re thusa go itshoka. Petere o ne a kwala jaana: “Ganetsanang le [Satane], lo nonofile mo tumelong, lo itse gore tsone dilo tseo tse di leng malebana le dipogo di diragalela bakaulengwe botlhe ba lona mo lefatsheng.”—1 Petere 5:9.

17. Re na le eng se se re tlhotlheletsang go letla kagiso ya ga Keresete e laola mo dipelong tsa rona?

17 Ka jalo he, e kete rotlhe re ka tswelela pele re tlhagolela kagiso, leungo leo le le botlhokwa thata la moya o o boitshepo wa Modimo. (Bagalatia 5:22, 23) Ba ba tla fitlhelwang ke Jehofa ba se na selabe, ba se na molato, e bile ba le mo kagisong kgabagare ba tla segofadiwa ka botshelo jo bo nnetseng ruri mo lefatsheng la paradaise, koo go tla agang tshiamo gone. (2 Petere 3:13, 14) Re na le mabaka a a utlwalang a go letla kagiso ya ga Keresete e laola mo dipelong tsa rona.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 9 Mo mabakeng mangwe, go tlhobaela go ka nna ga bo go bakwa kgotsa go gakatswa ke maemo mangwe a kalafi, a a tshwanang le go tshwenyega thata mo maikutlong go go tlhokang go alafiwa ke ngaka.

A o A Gakologelwa?

• Kagiso ya ga Keresete ke eng?

• Kagiso ya ga Keresete e ka laola jang mo dipelong tsa rona fa re sa tshwarwa sentle?

• Kagiso ya ga Keresete e re thusa jang go itshokela tlhobaelo?

• Kagiso ya ga Keresete e re gomotsa jang fa re ikutlwa re sa tshwanelege?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Setshwantsho mo go tsebe 15]

Fa Jesu a ne a le fa pele ga balatofatsi ba gagwe, o ne a ipeile mo tlhokomelong ya ga Jehofa

[Setshwantsho mo go tsebe 16]

Fela jaaka katlo e e lorato e e tswang mo go rre yo o lorato, dikgomotso tsa ga Jehofa di kgona go okobatsa tlhobaelo ya rona

[Setshwantsho mo go tsebe 18]

Modimo o leba boitshoko bo le botlhokwa thata