Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Re Kile Ra bo Re le Diphiri—Mme Jaanong re Dinku!

Re Kile Ra bo Re le Diphiri—Mme Jaanong re Dinku!

Re Kile Ra bo Re le Diphiri—Mme Jaanong re Dinku!

Fa nna le Sakina re ne re sa ntse re le basetsanyana, re ne re le baagelani. Sakina o ne a le mogolo e bile e le serintlha sa motho, mme nna ke ne ke na le mmele o monnye e bile ke le mosesane. Re ne re tle re ngangisane thata, mme letsatsi lengwe re ne ra lwa thata fela. Go simolola ka letsatsi leo, re ne ra se ka ra tlhola re buisana, le fa e le go dumedisana. Fa nako e ntse e ya re ne ra fuduga mo re neng re nna gone le bone ba fuduga mo ba neng ba nna gone mme ra se ka ra tlhola re bonana.

Ka 1994, ke ne ka simolola go ithuta Baebele le Basupi ba ga Jehofa, mme ka iketlo botho jwa me jwa fetoga. Dingwaga di le nnè moragonyana fa ke ne ke le kwa kopanong e e kgethegileng ya letsatsi le le lengwe kwa Bujumbura, Burundi, ke ne ka gakgamala fa ke kopana le Sakina. Ke ne ke itumeletse gore o ne a le gone, mme re ne ra dumedisana fela ra kgaogana. Moragonyana mo go lone letsatsi leo, ke ne ke sa dumele se ke se bonang fa ke tlhokomela gore o ne a le mo gare ga batho ba ba yang kolobetsong! Le ene o ne a fetogile thata fela. E ne e sa tlhole e le motho yo o ratang ntwa yole yo re neng re tlhola re nganga le ene. A bo go ne go itumedisa jang ne go mmona a neela bosupi phatlalatsa jwa gore o ineetse mo Modimong ka go kolobediwa mo metsing!

E ne ya re fa a tswa mo metsing, ke ne ka itlhaganelela go mo atla mme ka mo sebela mo tsebeng ka re: “A o a gakologelwa gore re ne re tle re lwe jang?” Mme a re: “Ee, ke a gakologelwa, mme tseo ke dilo tsa nako e e fetileng. Ke motho yo mosha jaanong.”

Ka bobedi jwa rona re itumelela go bo re bone boammaaruri jwa Baebele jo bo kopanyang batho le go bo re fetotse botho jwa rona jwa sekaphiri mme ra dira gore bo tshwane le jwa dinku tsa Modisa yo Mogolo, e bong Jehofa Modimo. Ee ruri, boammaaruri jwa Baebele bo fetola matshelo a batho.