‘Senka Kagiso Mme o e Latelele’
‘Senka Kagiso Mme o e Latelele’
“Fa go kgonega, kafa go ka kgonegang ka gone mo go lona, agisanang le batho botlhe.”—BAROMA 12:18.
1, 2. Mangwe a mabaka a go bo kagiso e e itlhamelwang ke batho e se kitla e nnela ruri ke afe?
AKANYA ka ntlo ke eno e na le motheo o o sa tiang, ditlhomeso tsa yone di senyegile, le marulelo a yone a lepeletse fela mo a tlogang a wa. A o ne o ka fudugela mo go yone wa e dira legae la gago? Ga go bonale o ka dira jalo. Tota le fa e ne e ka tshasiwa pente e ntšha, seno se ne se se kitla se fetola kgang ya gore ntlo eno ga e a nitama. Go ise go ye kae e ka nna ya phutlhama.
2 Kagiso le fa e le efe e e tswang mo lefatsheng leno e tshwana fela le ntlo eo. E agilwe mo motheong o o sa tiang—ditsholofetso le maano a motho, “yo go se nang poloko epe mo go ene.” (Pesalema 146:3) Hisitori e tletse fela ka dintwa tsa ditšhaba tse di farologaneng, dintwa tsa bomorafe, le tsa ditso. Gone ke boammaaruri gore go nnile le dinako dingwe tsa kagiso, mme e ne e le kagiso ya mofuta mang? Fa dinaga tse pedi di lwa mme go bo go twe go na le kagiso ka gonne naga nngwe e fentswe kgotsa ka gonne dinaga tseno ka bobedi di sa bone go na le mosola ope wa go lwa, ke kagiso ya mofuta ofe eo? Letlhoo, go belaelana le go fufegelana go go bakileng ntwa ele go sa ntse go le teng. Kagiso e e kafa ntle fela, e e leng ‘go fitlha’ fela letlhoo le le kafa teng, ga se kagiso e e nnelang ruri.—Esekiele 13:10.
3. Ke ka ntlha yang fa kagiso ya batho ba Modimo e farologane le kagiso epe e e itlhametsweng ke batho?
3 Le fa go ntse jalo, go sa ntse go na le kagiso ya mmatota mo lefatsheng leno le le kgautlhantsweng ke ntwa. Kae? Mo gare ga batho ba ba tsamayang mo dikgatong tsa ga Jesu Keresete, Bakeresete ba boammaaruri, ba ba tsayang mafoko a ga Jesu tsia mme ba leka go etsa tsela ya gagwe ya botshelo. (1 Bakorintha 11:1; 1 Petere 2:21) Kagiso e e leng teng mo gare ga Bakeresete ba boammaaruri ba ditso tse di sa tshwaneng, ba maemo a a sa tshwaneng mo setšhabeng, le ba ditšhaba tse di sa tshwaneng ke ya mmatota ka gonne e tswa mo kamanong e e kagiso e ba nang le yone le Modimo, e e theilweng mo go dumeleng ga bone mo setlhabelong sa thekololo sa ga Jesu Keresete. Kagiso ya bone ke mpho e e tswang kwa Modimong, ga se selo se se itlhametsweng fela ke motho. (Baroma 15:33; Baefeso 6:23, 24) E nna gone ka gonne ba ineetse go laolwa ke “Kgosana ya Kagiso,” e bong Jesu Keresete, e bile ba obamela Jehofa, “Modimo wa lorato le wa kagiso.”—Isaia 9:6; 2 Bakorintha 13:11.
4. Mokeresete o ‘latelela’ kagiso jang?
4 Kagiso ga e itlele fela mo bathong ba ba sa itekanelang. Ka gone Petere o ne a bolela gore Mokeresete mongwe le mongwe o tshwanetse go ‘senka kagiso me a e latelele.’ (1 Petere 3:11) Re ka dira seo jang? Boporofeti bongwe jwa bogologolo bo re naya karabo. Fa Jehofa a ne a bua a dirisa Isaia o ne a bolela jaana: “Bomorwao botlhe e tla nna batho ba ba rutiwang ke Jehofa, mme kagiso ya bomorwao e tla nna kgolo.” (Isaia 54:13; Bafilipi 4:9) Ee, kagiso ya mmatota e tla mo go ba ba tsayang dithuto tsa ga Jehofa tsia. Mo godimo ga moo, kagiso, mmogo le “lorato, boipelo, . . . bopelotelele, bopelonomi, molemo, tumelo, bonolo, boikgapo,” ke leungo la moya o o boitshepo wa Modimo. (Bagalatia 5:22, 23) Motho yo o se nang lorato, yo o sa itumelang, yo o pelokhutshwane, yo o seng pelonomi, yo o bosula, yo o se nang tumelo, yo o bogale kgotsa yo o se nang boikgapo a ka se nne le yone.
‘Go Agisana le Batho Botlhe’
5, 6. (a) Go na le pharologanyo efe mo gare ga go nna mo kagisong le go nna kagiso? (b) Bakeresete ba leka go nna kagiso mo go bomang?
5 Kagiso e ile ya tlhalosiwa e le ‘boemo jwa thetebalo kgotsa tshisibalo.’ Tlhaloso e e ntseng jalo e akaretsa maemo a le mantsi a go se nang ntwa mo go one. Ebu, tota le motho yo o tlhokafetseng o mo kagisong! Le fa go ntse jalo, gore motho a nne le kagiso ya boammaaruri, ga a tshwanela gore a bo a le mo kagisong fela. Jesu, mo Therong ya gagwe ya mo Thabeng o ne a bolela jaana: “Go itumela ba ba kagiso, e re ka ba tla bidiwa ‘bomorwa Modimo.’” (Mathaio 5:9) Jesu o ne a bua le batho ba moragonyana ba neng ba tla nna le tshiamelo ya go nna bomorwa Modimo ba semoya le go amogela botshelo jwa bosasweng kwa legodimong. (Johane 1:12; Baroma 8:14-17) Mme kgabagare, batho botlhe ba ba ikanyegang ba ba se nang tsholofelo ya go ya go nna kwa legodimong ba tla nna le “kgololesego e e galalelang ya bana ba Modimo.” (Baroma 8:21) Ke batho ba ba kagiso fela ba ba ka nnang le tsholofelo e e ntseng jalo. Lefoko la Segerika le le ranotsweng ka gore “ba ba kagiso” totatota le raya “ba ba dirang kagiso.” Gantsi go na le pharologanyo mo gare ga go nna mo kagisong, le go nna kagiso. Go nna kagiso ka tsela e go dirisiwang ka teng mo Dikwalong go kaya go tlhagafalela go rotloetsa moya wa kagiso, ka dinako tse dingwe o dira gore go nne le kagiso kwa e neng e se yo teng pele.
6 Re akantse ka seno, akanya ka kgakololo e moaposetoloi Paulo a neng a e naya Baroma: “Fa go kgonega, kafa go ka kgonegang ka gone mo go lona, agisanang le batho botlhe.” (Baroma 12:18) Paulo o ne a sa bolelele Baroma gore ba nne fela le boikutlo jwa go ritibala, le fa gone bo ne bo tla thusa. O ne a ba kgothaletsa gore ba dire kagiso. Le bomang? Le “batho botlhe”—ba lelapa, Bakeresete mmogo le bone, tota le ba ba neng ba sa dumele dilo tse Bakeresete bano ba di dumelang. O ne a kgothaletsa Baroma gore ba dire kagiso le ba bangwe ‘kafa go ka kgonegang ka gone mo go bone.’ Nnyaa, o ne a sa reye gore jaanong ba tlogele se ba se dumelang gore fela ba tshele ka kagiso le ba bangwe. Go na le gore ba rumole ba bangwe go sa tlhokege, ba ne ba tshwanetse ba ya kwa go bone ka boikaelelo jwa go bua le bone ka kagiso. Bakeresete ba ne ba tshwanetse go dira jalo le fa ba ka tswa ba ne ba dirisana le ba ba mo teng ga phuthego kgotsa ba ba kwa ntle. (Bagalatia 6:10) Tumalanong le seno, Paulo o ne a kwala jaana: “Ka metlha lwelang go direlana se se molemo le go direla ba bangwe botlhe se se molemo le bone.”—1 Bathesalonika 5:15.
7, 8. Bakeresete ba kagiso jang mo bathong ba ba sa dumeleng se ba se dumelang, mme gone ka ntlha yang?
7 Re ka nna kagiso jang mo bathong ba ba sa dumeleng dilo tse re di dumelang gongwe e bile ba di ganetsa? Sa ntlha, re dira gore re se ka ra bontsha boikutlo jwa go ipona re le kwa godimo ga ba bangwe. Ka sekai, e tla bo e se go nna kagiso go bua ka batho bangwe re dirisa mafoko a go ba nyatsa. Jehofa o senotse dikatlholo tsa gagwe kgatlhanong le mekgatlho mengwe le ditlhopha dingwe tsa batho, le fa go ntse jalo rona ga re na tshwanelo epe ya go bua ka motho mongwe jaaka e kete o setse a atlhotswe. Ee ruri, ga re atlhole batho ba bangwe, tota le bone baganetsi ba rona. E ne ya re fa Paulo a sena go bolelela Tito gore a gakolole Bakeresete kwa Kereta ka ditirisano tsa bone le babusi ba batho, o ne a mmolelela gore a ba gakolole gore ‘ba se bue ope ka go mo utlwisa botlhoko, ba se rate ntwa, ba nne tekatekano, ba bontsha bonolo jotlhe mo bathong botlhe.’—Tito 3:1, 2.
1 Bakorintha 15:33) Le fa go ntse jalo, re ka dira gore re nne le maitseo, e bile re tshwanetse go tshwara batho botlhe ka seriti le ka bopelonomi. Petere o ne a kwala jaana: “Nnang lo ntse lo na le boitshwaro jo bo molemo mo ditšhabeng, gore, mo selong se ba lo kgalang jaaka badirabosula mo go sone, ba tle ba galaletse Modimo mo letsatsing la go tlhatlhoba ga gagwe ka ntlha ya ditiro tsa lona tse di molemo tse ba leng basupi ba tsone ba ba di boneng ka matlho.”—1 Petere 2:12.
8 Go nna kagiso le batho ba ba sa dumeleng se re se dumelang go thusa thata go dira gore ba amogele boammaaruri. Gone ke boammaaruri gore ga re batle go nna ditsala le batho ba ba tla ‘senyang mekgwa e e molemo.’ (Go Nna Kagiso mo Bodireding
9, 10. Moaposetoloi Paulo o ne a tlhoma sekao sefe sa go dirisana ka kagiso le ba e seng badumedi?
9 Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba ne ba itsiwe ka bopelokgale jwa bone. Ba ne ba sa tshele molaetsa wa bone metsi, mme fa ba ne ba ganediwa, ba ne ba ikemiseditse gore ba tla utlwa Modimo jaaka mmusi go na le go utlwa batho. (Ditiro 4:29; 5:29) Le fa go ntse jalo, ba ne ba kgona go farologanya go nna pelokgale le go tlhoka maitseo. Akanya ka tsela e Paulo a neng a dira dilo ka yone fa a ne a femela tumelo ya gagwe fa pele ga ga Kgosi Herode Ageripa II. Herode Ageripa o ne a robala le kgaitsadie, e bong Berenise. Le fa go ntse jalo, Paulo ga a ka a simolola ka go tlhatlhelela Ageripa ka maitshwaro. Go na le moo o ne a gatelela thata dintlha tse ba neng ba dumalana mo go tsone, a bolelela Ageripa gore ke setswerere mo mekgweng ya Sejuda le gore o dumela mo baporofeting.—Ditiro 26:2, 3, 27.
10 A Paulo o ne a fora monna yono yo o neng a ka mo naya kgololesego? Nnyaa. Paulo o ne a latela kgakololo ya gagwe ka namana mme a bua boammaaruri. Ga go na sepe se a neng a se raya Herode Ageripa se se neng se se boammaaruri. (Baefeso 4:15) Mme Paulo o ne a le modirakagiso e bile o ne a itse gore a ka nna jang “dilo tsotlhe mo bathong ba mefuta yotlhe.” (1 Bakorintha 9:22) Boikaelelo jwa gagwe jo bogolo e ne e le go sireletsa tshwanelo ya gagwe ya go rera ka Jesu. Jaaka morutisi yo o setswerere, o ne a simolola pele ka go umaka sengwe se ene le Ageripa ba neng ba dumalana mo go sone. Ka tsela eno Paulo o ne a kgona go thusa kgosi eo e e neng e sa itshware sentle gore e kgone go bona Bokeresete ka tsela e e molemonyana.—Ditiro 26:28-31.
11. Re ka nna jang badirakagiso mo bodireding jwa rona?
11 Re ka nna jang badirakagiso mo bodireding jwa rona? Jaaka Paulo, ga re a tshwanela go ganetsana le batho. Ke boammaaruri gore ka dinako dingwe re tshwanetse go “bua lefoko la Modimo ka go tlhoka poifo,” re femele tumelo ya rona ka bopelokgale. (Bafilipi 1:14) Mme mo mabakeng a le mantsi boikaelelo jwa rona jo bogolo ke go rera dikgang tse di molemo. (Mathaio 24:14) Fa motho a bona boammaaruri ka maikaelelo a Modimo, a ka simolola go latlha dikgopolo tse di seng boammaaruri tsa bodumedi le go tlogela ditlwaelo tsotlhe tse di seng phepa. Ka gone, go molemo gore re gatelele thata kafa re ka kgonang ka teng dilo tse di tla ikuelang mo bareetsing ba rona, re simolola ka dilo tse re dumalanang le bone mo go tsone. Ga go na go thusa sepe go tlhasela motho yo, fa go ne go buiwa le ene ka botlhale, a neng a ka reetsa molaetsa wa rona.—2 Bakorintha 6:3.
Badirakagiso mo Lelapeng
12. Re ka nna badirakagiso ka ditsela dife mo lelapeng?
12 Paulo o ne a bolela gore ba ba nyalang “ba tla nna le pitlagano mo nameng ya bone.” (1 Bakorintha 7:28) Go tla nna le mathata a a farologaneng. Gareng ga tse dingwe, banyalani bangwe ba tla nna le mo ba sa utlwaneng teng gangwe le gape. Go sa utlwaneng goo go tshwanetse ga rarabololwa jang? Ka kagiso. Motho yo o dirang kagiso o tla leka go emisa kgotlhang pele ga e nna maswe thata. Jang? Sa ntlha, ka go tlhokomela leleme. Fa le dirisiwa go sotla ba bangwe le go ba tlhapaola, leloko le lennye leno ruri le ka nna ‘selo se se sa laolesegeng se se utlwisang botlhoko, se se tletseng botlhole jo bo bolayang.’ (Jakobe 3:8) Motho yo o dirang kagiso o dirisa leleme la gagwe go aga e seng go thuba.—Diane 12:18.
13, 14. Re ka boloka jang kagiso fa re dira phoso mo go bueng ga rona kgotsa fa re utlwa re galefa thata?
13 Jaaka batho ba ba sa itekanelang, rotlhe re a tle re bue dilo dingwe tse re di ikwatlhaelang moragonyana. Fa seno se direga, nna bonako go baakanya dilo—go dira kagiso. (Diane 19:11; Bakolosa 3:13) Tlogelang go kgakgauthana ka “dikganetsano tsa mafoko” le “dikganetsano tsa bogale ka dilo tse e seng tsa sepe.” (1 Timotheo 6:4, 5) Go na le moo, leba se tota e leng bothata mme o leke go tlhaloganya tsela e tota molekane wa gago a ikutlwang ka yone. Fa go buiwa le wena ka mafoko a a bogale, o se ka wa ipusolosetsa ka mafoko a a bogale le wena. Gakologelwa gore “karabo fa e le bonolo e faposa bogale.”—Diane 15:1.
14 Ka dinako tse dingwe, o ka nna wa tshwanelwa ke go akanyetsa kgakololo e e mo go Diane 17:14: “Pele ga komano e tsoga, tswa o tsamaye.” Tswaa mo seemong se se ka nnang maswe nako nngwe le nngwe. Moragonyana, fa dilo di boetse meriting, gongwe lo tla kgona go rarabolola bothata ka kagiso. Mo maemong mangwe, go ka nna ga nna botlhale go bitsa molebedi yo o godileng wa Mokeresete gore a tle go lo thusa. Banna bano ba ba nang le maitemogelo le ba ba kutlwelobotlhoko ba ka nna ba re thusa ka tsela e e lapolosang fa kagiso ya lenyalo e tloga e senyega.—Isaia 32:1, 2.
Badirakagiso mo Phuthegong
15. Go ya ka Jakobe, go ne go simolotse go nna le moya ofe o o maswe mo gare ga Bakeresete bangwe, mme ke ka ntlha yang fa moya oo e le wa “selefatshe,” wa “bophologolo,” le wa “bodimona”?
15 Ka maswabi, Bakeresete bangwe ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba ne ba bontsha gore ba na le moya wa lefufa le manganga—one moya o o thulanang le wa kagiso. Jakobe o ne a bua jaana: “Jono ga se botlhale jo bo fologang bo tswa kwa godimo, mme ke jwa selefatshe, jwa bophologolo, jwa bodimona. Gonne koo lefufa le manganga di leng gone, Jakobe 3:14-16) Bangwe ba dumela gore lefoko la Segerika le le ranotsweng ka gore “manganga” le amana le boikgodiso jwa bopelotshetlha, go gwalalela maemo. Go a utlwala go bo Jakobe a ne a re “ke jwa selefatshe, jwa bophologolo, jwa bodimona.” Go ralala hisitori yotlhe, babusi ba lefatshe ba ile ba nna manganga, fela jaaka diphologolo tse di tlhaga di nnela go lwantshana. Ee ruri, manganga ke selo sa “selefatshe,” le sa “bophologolo.” Gape ke selo sa “bodimona.” Mokgwa ono o o sa iponatsheng motlhofo o ne wa bontshiwa lantlha ke moengele mongwe yo o neng a eletsa go nna le nonofo yo o neng a ikemiseditse go emelana le Jehofa Modimo mme a nna Satane, mmusi wa badimona.
gone koo go na le go tlhoka thulaganyo le sengwe le sengwe se se bosula.” (16. Bakeresete bangwe ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba ne ba bontsha jang moya o o tshwanang le wa ga Satane?
16 Jakobe o ne a kgothaletsa Bakeresete gore ba se ka ba nna le moya wa manganga, ka gonne ga o lere kagiso. O ne a kwala jaana: “Ke go tswa motsweding ofe go nang le dintwa gape ke go tswa motsweding ofe go nang le ditlhabano gareng ga lona? A ga di tswe motsweding ono, e leng, mo go nyorelweng ga lona go ja monate wa senama mo go tswelelang go tlhabana mo ditokololong tsa lona?” (Jakobe 4:1) Fano, ‘go nyorelwa go ja monate wa senama’ go ka tswa go raya go nyorelwa go nna le dilo tse di bonalang ka bopelotshetlha kgotsa gongwe go raya go eletsa go nna le maemo a a kwa godimo, go laola, kgotsa go tlhotlheletsa ba bangwe. Jaaka Satane, go bonala bangwe mo phuthegong ba ne ba batla go phatsima go na le go nna ‘ba babotlana,’ jaaka fa Jesu a ne a tlhalosa gore balatedi ba gagwe ba boammaaruri ba tshwanetse go nna jalo. (Luke 9:48) Moya o o ntseng jalo o ka dira gore go se ka ga nna le kagiso mo phuthegong.
17. Bakeresete gompieno ba ka nna jang badirakagiso mo phuthegong?
17 Gompieno le rona re tshwanetse go lwantshana le tshekamelo ya go rata dilo tse di bonalang, lefufa, kgotsa go ikgodisa go go sa thuseng sepe. Fa re le badirakagiso ba mmatota, ga re ne re tsaya re lebetswe kwa tlase fa bangwe mo phuthegong ba kgona go dira dilo dingwe botoka go re gaisa, e bile ga re ne re dira gore ba bangwe ba ba nyatse ka go belaela maitlhomo a bone a go dira dilo dingwe. Fa re na le bokgoni bongwe jo bo lemogiwang ke batho, ga re kitla re bo dirisa go dira gore re bonale re le botoka go feta ba bangwe, jaaka e kete re leka go bontsha gore phuthego e tla atlega fela ka bokgoni le kitso ya rona. Moya o o ntseng jalo o tla baka dikgaogano; o ka se tlise kagiso. Badirakagiso ga ba ikgantshe ka bokgoni jwa bone, mme ba bo dirisa ka boingotlo go direla bakaulengwe ba bone le go tlisetsa Jehofa tlotlo. Ba lemoga gore kgabagare, ke lorato—e seng bokgoni—lo lo tlhaolang Mokeresete wa boammaaruri.—Johane 13:35; 1 Bakorintha 13:1-3.
“Kagiso go Nna Balebedi ba Gago”
18. Bagolwane ba rotloetsa moya wa kagiso jang mo gare ga bone?
18 Bagolwane ba phuthego ba di goga kwa pele mo go nneng badirakagiso. Jehofa o ne a bolelela pele jaana malebana le batho ba gagwe: “Ke tla tlhoma kagiso go nna balebedi ba gago le tshiamo go nna baabi ba gago ba tiro.” (Isaia 60:17) Tumalanong le mafoko ano a boporofeti, ba ba direlang jaaka badisa ba Bakeresete ba dira ka natla go dira gore go nne le kagiso mo gare ga bone le mo letsomaneng. Bagolwane ba ka boloka kagiso mo gare ga bone ka go bontsha “botlhale jo bo tswang kwa godimo” jo bo kagiso le jo bo tekatekano. (Jakobe 3:17) E re ka bagolwane ba phuthego ba godile ka ditsela tse di sa tshwaneng e bile ba nnile le maitemogelo a a sa tshwaneng, ka dinako dingwe ba tla leba dilo ka ditsela tse di sa tshwaneng. A seno se raya gore ga ba na kagiso? E seng fa boemo jo bo ntseng jalo bo rarabololwa ka tsela e e tshwanetseng. Batho ba ba dirang kagiso ba tlhalosa megopolo ya bone ka boingotlo mme go tswa foo ba bo ba reetsa ya ba bangwe ka tlotlo. Mo boemong jwa go gatelela gore dilo di dirwe ka tsela ya gagwe fela, motho yo o dirang kagiso o tla akanyetsa pono ya mokaulengwe wa gagwe ka thapelo. Fa go sa tlolwe molaomotheo ope wa Baebele, gantsi go ka kgonega gore go amogelwe dipono tse di farologaneng. Fa ba bangwe ba sa dumalane le ene, motho yo o dirang kagiso o tla ineela a bo a tshegetsa tshwetso ya ba bantsi. Ka go dira jalo o tla bo a bontsha gore o tekatekano. (1 Timotheo 3:2, 3) Balebedi ba ba nang le maitemogelo ba a itse gore go boloka kagiso go botlhokwa go feta go dira dilo ka tsela e wena o batlang ka yone.
19. Bagolwane ba dira jang jaaka badirakagiso mo phuthegong?
19 Bagolwane ba rotloetsa moya wa kagiso mo malokong a letsomane ka go ba thusa mme e seng ka go nyatsanyatsa maiteko a bone ka tsela e e sa tshwanelang. Gone ke boammaaruri gore ka dinako dingwe bangwe ba ka nna ba tlhoka go lolamisiwa. (Bagalatia 6:1) Mme tiro e kgolo ya molebedi wa Mokeresete ga se go otlhaya. Gantsi o naya kgothatso. Bagolwane ba ba lorato ba leka go bona se se molemo mo go ba bangwe. Balebedi ba itumelela tiro e e dirilweng ka bonatla ya Bakeresete mmogo le bone, e bile ba dumela gore badumedi mmogo le bone ba dira bojotlhe jwa bone.—2 Bakorintha 2:3, 4.
20. Phuthego e solegelwa molemo ka tsela efe fa botlhe e le badirakagiso?
20 Ka gone, mo lelapeng, mo phuthegong le mo ditirisanong tsa rona le ba ba sa dumeleng se re se dumelang, re leka go nna kagiso, go dira gore go nne le kagiso mo gare ga rona. Fa re tlhagolela kagiso ka tlhoafalo, re tla dira gore go nne le boitumelo mo phuthegong. Kafa letlhakoreng le lengwe, re tla sirelediwa le go nonotshiwa ka ditsela di le dintsi, jaaka fa re tla bona mo setlhogong se se latelang.
A o A Gakologelwa?
• Go nna kagiso go kayang?
• Re ka nna kagiso jang fa re dirisana le batho ba e seng Basupi?
• Ditsela dingwe tsa go tlhagolela kagiso mo lelapeng ke dife?
• Bagolwane ba ka rotloetsa moya wa kagiso jang mo phuthegong?
[Dipotso Tsa Thuto]
[Setshwantsho mo go tsebe 9]
Ba ba dirang kagiso ga ba nne le boikutlo jwa gore ba feta ba bangwe
[Ditshwantsho mo go tsebe 10]
Bakeresete ke badirakagiso mo bodireding, kwa gae le mo phuthegong