A Tota Go na Le Sengwe Se se Ka Kopanyang Batho?
A Tota Go na Le Sengwe Se se Ka Kopanyang Batho?
GO SA kgathalesege gore o mo tumelong efe, o ka tswa o dumela gore go tshwanetse ga bo go na le batho ba ba ratang boammaaruri mo e ka nnang mo ditumelong tsotlhe. Batho ba ba anaanelang boammaaruri thata le ba ba ikemiseditseng go bo batla ba ka bonwa gare ga Bahindu, Bakatoliki, Bajuda le ba bangwe. Le fa go ntse jalo, go bonala fa bodumedi bo kgaoganya batho. Bangwe ba bile ba dirisa bodumedi go fitlhelela maikaelelo a bone a a bosula. A go tla tsamaya go direga gore batho ba ba tlhoafetseng go tswa mo ditumelong tsotlhe ba ba ratang se se siameng le se se boammaaruri ba nne seoposengwe? A ba ka kgona go phuthwa gore ba dire selo se le sengwe?
A bo go utlwisa botlhoko jang ne go bona gore bodumedi bo ntse bo tswelela pele go baka dikgaogano! Akanya ka dikgotlhang tseno. Bahindu ba lwantsha Babuda kwa Sri Lanka. Baporotesetanta, Bakatoliki le Bajuda ba ile ba tsholola madi mo dintweng tse di farologaneng. “Bakeresete” ba lwantsha Bamoseleme kwa Bosnia, Chechnya, Indonesia le Kosovo. Mme ka March 2000, ntwa ya malatsi a le mabedi e e amanang le bodumedi e ile ya baka loso lwa Ba-Nigeria ba le 300. Ebu, letlhoo la bodumedi ke lone le le tlhotlheleditseng bosetlhogo mo dintweng tseno.
Gantsi batho ba ba tlhoafetseng ba kgobiwa marapo ke bosula jo bo dirwang ka leina la bodumedi. Ka sekai, batsenakereke ba le bantsi ba tshosiwa ke go utlwa gore baruti ba ba ileng ba sotla bana ka go tlhakanela dikobo le bone ba ile ba dumelelwa semolao mo dikerekeng dingwe. Badumedi ba bangwe ba tlhabiwa ke ditlhong fa makoko a mantsi a go tweng ke a Bokeresete a nna le dikgaogano ka ntlha ya dilo tse di jaaka bosodoma le go ntsha mpa. Kwantle ga pelaelo, bodumedi ga bo a dira gore batho ba nne seoposengwe. Le fa go ntse jalo, go na le batho ba tota ba ratang boammaaruri mo ditumelong tse dintsi, jaaka ditiragalo tse di latelang di bontsha.
Ba ne Ba Eletsa go Bona Boammaaruri
Fidelia e ne e le moobamedi yo o tlhoafetseng le yo o ineetseng mo Kerekeng ya Katoliki ya kwa San Francisco kwa La Paz, kwa Bolivia. O ne a inama fa pele ga setshwantsho sa ga Marea mme a baya dikerese tse dintle thata tse a neng a kgona go di reka fa pele ga sefapaano. Beke nngwe le nngwe, o ne a ntsha moneelo wa dijo tse dintsi a di naya moruti gore a di abele bahumanegi. Le fa go ntse jalo, masea a le matlhano a ga Fidelia a ne a swa pele ga a ka kolobediwa. Fa moruti a bolelela Fidelia gore bana botlhe ba gagwe ba boga kwa Limbo e e lefifi, o ne a ipotsa gore, ‘Fa e le gore Modimo o siame, seo se ka diragala jang?’
Tara, yo e leng ngaka ya kalafi, o ne a godisiwa e le Mohindu kwa Kathmandu, kwa Nepal. Go ya ka dingwao tsa bagologolwane ba gagwe tse di ntseng di latelwa ka makgolokgolo a dingwaga, o ne a obamela medimo ya gagwe mo ditempeleng tsa Sehindu mme o ne a na le medingwana mo legaeng la gagwe. Mme le fa go ntse jalo, Tara o ne a tlhakanngwa tlhogo ke dipotso tse di jaaka tseno: Ke ka ntlha yang go na le go boga go gontsi jaana? Ke ka ntlha yang fa batho ba swa? Ga a ka a bona dikarabo tse di kgotsofatsang mo bodumeding jwa gagwe.
Panya, kafa letlhakoreng le lengwe, o ne a godisiwa e le Mobuda mo ntlong e e mo moseleng kwa Bangkok, kwa Thailand. O ne a rutiwa gore go boga go nna teng ka ntlha ya dilo tse di dirilweng
mo botshelong jo bo fetileng le gore motho a ka gololesega mo pogong fa o sa tlhole o na le dikeletso dipe. Jaaka Babuda ba bangwe ba ba tlhoafetseng, o ne a rutilwe gore a tlotle botlhale jwa baitlami ba ba aparang diaparo tse di telele tse ditshetlha ba ba neng ba tla kwa ntlong maitseboa mangwe le mangwe go tla go tsaya dikatso. O ne a tlhatlhanya e bile a kgobokanya ditshwantsho tsa ga Buda a dumela gore di tla mo sireletsa. Fa a sena go nna le kotsi e e masisi e e neng ya dira gore a swe ditokololo go tswa mo lethekeng go ya kwa tlase, Panya o ne a etela matlo a baitlami a Babuda, a solofetse tota gore o tla fodisiwa ka tsela ya kgakgamatso. Ga a ka a fodisiwa kana go sedifatswa mo semoyeng. Go na le moo, o ne a golaganngwa le tirisabadimo mme a simolola go e lekeletsa.Virgil o ne a tsholelwa kwa United States mme a ikgolaganya le Bamoseleme ba Batho Bantsho kwa kholetšheng. O ne a anamisa dikgatiso tsa bone ka tlhoafalo tse di neng di bolela gore motho yo mosweu ke Diabolo. Ba ne ba akanya gore ke ka lebaka leo batho ba basweu ba ileng ba sotla batho ba bantsho ka bosetlhogo jaana. Le fa gone Virgil a ne a tlhoafetse mo go se a neng a se dumela, o ne a tshwenngwa ke dipotso tseno: Go tla jang gore basweu botlhe ba bo ba le bosula? Le gone ke ka ntlha yang fa go ne go rerwa thata jaana ka go nna le madi?
Le mororo Charo a ne a golela kwa Amerika Borwa e e tletseng Bokatoliki thata, e ne e le moporotesetanta yo o tlhoafetseng. O ne a itumelela go se nne karolo ya kobamelo ya medingwana e e neng e mo dikologile. Charo o ne a itumelela go ya kerekeng Sontaga mongwe le mongwe go nna teng kwa tirelong e e amang maikutlo, koo a neng a goeletsa “Haleluja!” a bo a kopanela mo dipineng le mminong wa bodumedi o o neng o latela morago ga foo. Charo o ne a dumela ka tlhoafalo gore o bolokilwe le gore o tshotswe sesha. O ne a duela sabosome sa madi a a neng a a amogela mo kerekeng, mme fa moefangedi wa gagwe yo o rategang wa thelebishene a ne a kopa meneelo, o ne a mo romelela madi a a tla romelelwang bana ba mo Afrika. Le fa go ntse jalo, fa a ne a botsa moruti gore ke ka ntlha yang fa Modimo yo o lorato a tlhokofatsa meya kwa diheleng, o ne a lemoga gore moruti yono ga a na karabo e e utlwalang. Moragonyana, o ne a lemoga gape gore meneelo ya gagwe e ne e sa dirisediwe go thusa bana mo Afrika.
Le mororo batho ba batlhano bano ba ne ba godile ka ditsela tse di farologaneng, go ne go na le sengwe se ba tshwanang ka sone: Ba ne ba rata boammaaruri mme ba ne ba tlhoafaletse go bona dikarabo tse di boammaaruri tsa dipotso tsa bone. A mme tota ba ne ba ka kgona go nna seoposengwe mo kobamelong ya boammaaruri? Setlhogo se se latelang se tla araba potso eo.
[Setshwantsho mo go tsebe 4]
A go ka kgonega gore batho ba ba godileng ka ditsela tse di farologaneng ba kopane tota?
[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 3]
G.P.O., Jerusalem