Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A Tshegofatso ya ga Jehofa e Tla go Wela?

A Tshegofatso ya ga Jehofa e Tla go Wela?

A Tshegofatso ya ga Jehofa e Tla go Wela?

“Ditshegofatso tseno tsotlhe di tla go tlela di bo di go wela ka tshoganyetso, ka gonne o nna o reetsa lentswe la ga Jehofa Modimo wa gago.”—DUTERONOME 28:2.

1. Ke eng se se neng se tla laola gore a Baiseraele ba amogela ditshegofatso kgotsa diphutso?

FA Baiseraele ba ne ba tloga ba wetsa loeto lwa bone lwa dingwaga di le 40 kwa nageng, ba ne ba thibelela mo Dipoeng Tsa Moabe. Naga e e Solofeditsweng e ne e le fela fa pele ga bone. Moshe jaanong o ne a kwala buka ya Duteronome, e e nang le motseletsele wa ditshegofatso le diphutso. Fa setšhaba sa Iseraele se ne se ka ‘nna se reetsa lentswe la ga Jehofa’ ka go mo utlwa, se ne se tla ‘welwa’ ke ditshegofatso. Jehofa o ne a ba rata jaaka ‘thuo ya gagwe e e kgethegileng’ mme o ne a batla go bontsha nonofo ya gagwe ka go ba thusa. Mme fa ba ne ba sa mo reetse, ruri ba ne ba tla welwa ke diphutso.—Duteronome 8:10-14; 26:18; 28:2, 15.

2. Madiri a Sehebera a a ranotsweng ka gore “nna o reetsa” le “wela” mo go Duteronome 28:2 a rayang?

2 Lediri la Sehebera le le ranotsweng ka gore “nna o reetsa” mo go Duteronome 28:2 le bontsha tiro e e tswelelang pele. Batho ba ga Jehofa ga ba a tshwanela go mo reetsa fela ka dinako dingwe; ba tshwanetse go nna ba mo reetsa ka dinako tsotlhe. Ke fela fa ba dira jalo ba tla welwang ke ditshegofatso tsa Modimo. Lediri la Sehebera le le ranotsweng ka gore “wela” le tlhalosiwa e le lereo la go tsoma leo gantsi le rayang “go tshwara” kgotsa “go fitlhelela.”

3. Re ka tshwana jang le Joshua, mme ke ka ntlha yang fa seno se le botlhokwa thata?

3 Moeteledipele wa Moiseraele e bong Joshua o ne a tlhopha go reetsa Jehofa mme ka go rialo a amogela ditshegofatso. Joshua o ne a bolela jaana: “Itlhopheleng gompieno yo lo tla mo direlang . . . Mme nna le ba ntlo ya me, re tla direla Jehofa.” Fa a rialo batho ba araba ba re: “Go ka se direge gore re tlogele Jehofa re direle medimo e mengwe.” (Joshua 24:15, 16) Ka ntlha ya boikutlo jo bontle jwa ga Joshua, e ne e le mongwe wa ba sekae ba kokomana ya gagwe ba ba neng ba nna le tshiamelo ya go tsena mo Nageng e e Solofeditsweng. Gompieno re tloga re tsena mo Nageng e e Solofeditsweng ya maemo a a kwa godimo fela thata—lefatshe la paradaise le mo go lone botlhe ba ba amogelwang ke Modimo ba tla bonang ditshegofatso tse dintsi thata go feta tsa motlha wa ga Joshua. A ditshegofatso tseo di tla go wela? Di tla go wela fa o nna o reeditse Jehofa. Go go thusa go nonotsha maikemisetso a gago a go dira jalo, akanya ka hisitori ya setšhaba sa Iseraele wa bogologolo le dikao tse di rutang tsa batho bangwe.—Baroma 15:4.

A e Tla Nna Tshegofatso Kgotsa Phutso?

4. Fa Modimo a ne a arabela thapelo ya ga Solomone, o ne a mo naya eng, mme re tshwanetse go ikutlwa jang ka ditshegofatso tseo?

4 Mo karolong e kgolo ya puso ya ga Kgosi Solomone, Baiseraele ba ne ba amogela ditshegofatso tse dintsi tse di sa tlwaelegang mo go Jehofa. Ba ne ba nna ka polokesego e kgolo e bile ba na le dilo tse dintsi thata tse di molemo. (1 Dikgosi 4:25) Solomone o ne a itsege gotlhe ka khumo ya gagwe e ntsi, le mororo a ne a sa kopa Modimo gore a mo neye dikhumo tsa dilo tse di bonalang. Go na le moo, fa a ne a sa ntse a le mmotlana e bile a se na maitemogelo, o ne a rapelela pelo e e utlwang—e leng kopo e Jehofa a neng a mo naya yone ka go mo segofatsa ka botlhale le tlhaloganyo. Seno se ne sa kgontsha Solomone go atlhola batho ka tshwanelo, sa mo thusa go lemoga se se molemo le se se bosula. Le fa gone Modimo a ne a mo naya dikhumo le kgalalelo, fa Solomone a sa ntse a le mmotlana, o ne a anaanela thata botlhokwa jo bogolo jwa dikhumo tsa semoya. (1 Dikgosi 3:9-13) Le fa re ka tswa re na le go le gontsi ga dilo tse di bonalang kgotsa re se na tsone, a bo re ka leboga jang ne fa re na le tshegofatso ya ga Jehofa e bile re humile semoyeng!

5. Go ne ga diregang fa setšhaba sa Iseraele le sa Juda se ne se retelelwa ke go nna se reeditse Jehofa?

5 Baiseraele ba ne ba retelelwa ke go bontsha go anaanela masego a ga Jehofa. Ka gonne ba se kile ba nna ba mo reeditse, diphutso tse di neng di boleletswe pele di ne tsa ba wela. Seno se ne sa felela ka gore ba fenngwe ke baba ba bone, mme baagi ba Iseraele le ba Juda ba thopiwe. (Duteronome 28:36; 2 Dikgosi 17:22, 23; 2 Ditiragalo 36:17-20) A batho ba Modimo ba ne ba ithuta go tswa mo dipogong tseno gore ditshegofatso tsa Modimo di wela fela ba ba nnang ba reetsa Jehofa? Masalela a Bajuda ba ba neng ba boela kwa nagagaeng ya bone ka 537 B.C.E. ba ne ba nna le sebaka sa go bontsha gore a ba ne ba setse ba na le “pelo e e botlhale” e bile ba bona gore go botlhokwa go nna o reetsa Modimo.—Pesalema 90:12.

6. (a) Ke ka ntlha yang fa Jehofa a ne a romela Hagai le Sekarea gore ba ye go porofetela batho ba gagwe? (b) Molaetsa wa Modimo o o neng wa tla ka Hagai o ne o bontsha molaomotheo ofe?

6 Bajuda ba ba boetseng gae ba ne ba tlhoma sebeso mme ba simolola go aga tempele kwa Jerusalema. Mme e ne ya re fa ba ganediwa mo go botlhoko, tlhoafalo ya bone ya simolola go fokotsega mme ba emisa tiro ya kago. (Esera 3:1-3, 10; 4:1-4, 23, 24) Gape ba ne ba simolola go baya tlhokomelo thata mo go direng gore bone ka bobone ba tshele botshelo jo bo manobonobo. Ka gone, Modimo o ne a romela moporofeti Hagai le moporofeti Sekarea gore ba ye go tsosolosa batho ba gagwe gore ba boe ba tlhoafalele kobamelo ya boammaaruri. Jehofa o ne a bua jaana ka Hagai: “A ke nako ya gore lona lo nne mo matlong a lona a a manegilweng dikgong, fa ntlo eno [ya kobamelo] yone e kgakgabetse? . . . Tlhomang pelo ya lona mo ditseleng tsa lona. Lo jadile peo e ntsi thata, mme go tlisiwa go le gonnye. Go a jewa, mme ga go kgorwe. . . . Mme yo o ineelang go thapiwa o ineela go thapelwa kgetsi e e nang le maroba.” (Hagai 1:4-6) Go tlogela dilo tsa semoya gore o bone melemo ya dilo tse di bonalang ga go leretse motho tshegofatso ya ga Jehofa.—Luke 12:15-21.

7. Ke ka ntlha yang fa Jehofa a ne a raya Bajuda a re: “Tlhomang pelo ya lona mo ditseleng tsa lona”?

7 E re ka Bajuda bano ba ne ba tshwaregile thata ka dilo tsa bone tsa letsatsi le letsatsi, ba ne ba lebetse gore ditshegofatso tsa Modimo tse e neng e tla nna pula le dipaka tsa go roba maungo di ne di tla ba wela fa fela ba ne ba ka itshoka mo tseleng ya go utlwa Modimo, tota le fa ba ne ba ganediwa. (Hagai 1:9-11) Ka jalo, a bo kgothatso eno e ne e tshwanela jang ne: “Tlhomang pelo ya lona mo ditseleng tsa lona”! (Hagai 1:7) Go ne go ntse jaaka e kete Jehofa o ba raya a re: ‘A lo ko lo akanyeng! Bonang gore go dira ga lona ka thata kwa masimong mme lo sa fitlhelele sepe go amana jang le ntlo ya me e e kgakgabetseng ya kobamelo.’ Kgabagare mafoko a a tlhotlheleditsweng a baporofeti ba ga Jehofa a ne a fitlhelela dipelo tsa bareetsi ba bone, ka gonne batho ba ne ba simolola gape go aga tempele, ba e wetsa ka 515 B.C.E.

8. Jehofa o ne a kgothaletsa Bajuda ba motlha wa ga Malaki go dirang, mme ka ntlha yang?

8 Moragonyana, mo metlheng ya ga moporofeti Malaki, Bajuda ba ne ba simolola gape go thetheekela semoyeng, ba ba ba ntshetsa Modimo ditlhabelo tse di sa amogelegeng. (Malaki 1:6-8) Ka gone, Jehofa o ne a ba kgothaletsa gore ba lere sabosome sa dikuno tsa bone mo polokelong ya gagwe mme ba mo leke ba bone gore a ga a na a ba bulela dikgoro tsa morwalela tsa magodimo mme a ba tshololele lesego go fitlha ba sa tlhole ba le tlhoka. (Malaki 3:10) A bo e ne e le boeleele jang ne gore Bajuda ba dire ka thata ba direla tsone dilo tse Modimo a neng a tla ba naya letlotlo la tsone fa fela ba ne ba ka nna ba reeditse lentswe la gagwe!—2 Ditiragalo 31:10.

9. Re tlile go sekaseka matshelo a batho bafe ba bararo ba ba mo Baebeleng?

9 Mo godimo ga go re bolelela ka hisitori ya setšhaba sa Iseraele, Baebele e re bolelela gape ka matshelo a batho ba le bantsi ba ba neng ba amogela ditshegofatso tsa Modimo kgotsa diphutso tsa gagwe, go ikaegile ka gore a ba ne ba nna ba reeditse Jehofa kgotsa nnyaa. Mma re bone gore re ka ithuta eng go tswa mo go ba le bararo ba bone—Boase, Nabale le Hana. Mo ntlheng eno, o ka nna wa rata go bala buka ya Ruthe le ya 1 Samuele 1:1–2:21 le 1 Samuele 25:2-42.

Boase O ne A Reetsa Modimo

10. Boase le Nabale ba ne ba tshwana ka eng?

10 Le mororo Boase le Nabale ba ne ba sa tshele ka nako e le nngwe, ba ne ba na le dilo dingwe tse ba neng ba tshwana ka tsone. Ka sekai, banna bano ka bobedi ba ne ba nna mo nageng ya Juda. E ne e le bahumi, mme boobabedi ba ne ba na le sebaka se sentle sa go bontsha bopelonomi jwa lorato mo go mongwe yo o tlhokang. Mme tseno ke tsone fela dilo tse ba neng ba tshwana ka tsone.

11. Boase o ne a bontsha jang gore o ne a nna a reeditse Jehofa?

11 Boase o ne a tshela ka motlha wa baatlhodi ba Iseraele. O ne a tlotla batho ba bangwe, mme le barobi ba gagwe ba ne ba mo tlotla. (Ruthe 2:4) Boase o ne a utlwa Molao, mme o ne a tlhomamisa gore mo tshimong ya gagwe, ba ba patikegileng le batlhoki ba ne ba tlogelelwa sengwenyana go se ronopa. (Lefitiko 19:9, 10) Boase o ne a dirang fa a utlwa ka Ruthe le Naomi mme a bona kafa Ruthe a neng a dira ka natla ka teng go tlhokomela matsalaagwe yo o tsofetseng? O ne a tshwara Ruthe ka tsela e e kgethegileng mme a laela banna ba gagwe gore ba mo tlogele a ronope mo tshimong ya gagwe. Ka mafoko a gagwe le ditiro tsa gagwe tse di lorato, Boase o ne a bontsha gore e ne e le motho wa semoya yo o neng a reetsa Jehofa. Ka gone Modimo o ne a mo amogela a ba a mo segofatsa.—Lefitiko 19:18; Ruthe 2:5-16.

12, 13. (a) Boase o ne a bontsha jang gore o tlotla molao wa ga Jehofa wa thekololo? (b) Boase o ne a welwa ke ditshegofatso dife tsa Modimo?

12 Sengwe se se tlhomologileng thata se se neng se bontsha gore Boase o ne a nna a reeditse Jehofa e ne e le tsela ya bopelotshweu e a neng a dira ka yone tumalanong le molao wa Modimo wa go rekolola. Boase o ne a dira sotlhe se a neng a ka se kgona go tlhomamisa gore boswa jwa wa losika lwa gagwe—monna wa ga Naomi yo o tlhokafetseng, e bong Elimeleke—bo ne bo tla nna bo ntse bo le mo lelapeng la ga Elimeleke. Ka thulaganyo ya ‘lenyalo la seyantlo,’ motlholagadi o ne a tshwanetse go nyala mongwe wa losika yo o gaufi thata le monna wa gagwe yo o tlhokafetseng gore morwa yo ba mo tsholelwang a tsweletse boswa pele. (Duteronome 25:5-10; Lefitiko 25:47-49) Ruthe o ne a ithaopa go nyalwa mo boemong jwa ga Naomi, yo o neng a sa tlhole a kgona go tshola bana. E ne ya re fa wa losika yo o neng a le gaufi thata le Elimeleke a sena go gana go thusa Naomi, Boase a tsaya Ruthe a mo dira mosadi wa gagwe. Morwa wa bone e bong Obede o ne a lejwa e le ngwana wa ga Naomi le mojaboswa yo o kafa molaong wa ga Elimeleke.—Ruthe 2:19, 20; 4:1, 6, 9, 13-16.

13 Boase o ne a welwa ke masego a magolo ka gonne ga a ka a nna bogagapa mme o ne a dira go ya ka fa molaong wa Modimo. Ka morwa wa bone e bong Obede, ene le Ruthe ba ne ba segofadiwa ka tshiamelo ya go nna bagologolwane ba ga Jesu Keresete. (Ruthe 2:12; 4:13, 21, 22; Mathaio 1:1, 5, 6) Go tswa mo ditirong tse Boase a di dirileng ka bopelotshweu, re ithuta gore ditshegofatso di wela bao ba bontshang ba bangwe lorato e bile ba dira tumalanong le ditaelo tsa Modimo.

Nabale Ga a Ka a Reetsa

14. Nabale e ne e le motho wa mofuta mang?

14 Phapaanong le Boase, Nabale ga a ka a reetsa Jehofa. O ne a tlola molao wa Modimo o o reng: “O rate mongwe ka wena jaaka o ithata.” (Lefitiko 19:18) Nabale e ne e se motho wa semoya; o ne a le “bogale e bile a le bosula mo ditirong tsa gagwe.” Tota le banna ba gagwe ba ne ba mo leba e le “motho yo o se nang molemo wa sepe.” Go a tshwanela he go bo leina la gagwe, Nabale, le bolela “seeleele,” kgotsa “yo o sa akanyeng.” (1 Samuele 25:3, 17, 25) Ka jalo Nabale o ne a tla arabela jang fa a bona sebaka sa go bontsha bopelonomi mo mothong yo o tlhokang—Dafide, motlodiwa wa ga Jehofa?—1 Samuele 16:13.

15. Nabale o ne a tshwara Dafide jang, mme Abigaile o ne a farologana jang le monna wa gagwe mo ntlheng eno?

15 Fa Dafide le banna ba gagwe ba ne ba thibeletse gaufi le matsomane a ga Nabale, ba ne ba a sireletsa mo mophatong mongwe wa batho ba ba neng ba batla go a tlhasela, mme ba se ka ba kopa tuelo. “Ba ne ba nna lobota go re dikologa bosigo le motshegare,” go ne ga rialo mongwe wa badisa ba ga Nabale. Le fa go ntse jalo, e ne ya re fa barongwa ba ga Dafide ba kopa dijonyana, Nabale “a ba kgalema a goa” mme a ba busa ba iphotlhere. (1 Samuele 25:2-16) Mosadi wa ga Nabale, e bong Abigaile, o ne a tsaya dijo ka bonako a di isa kwa go Dafide. Ka Dafide a ne a galefile thata, o ne a setse a tloga a ya go nyeletsa Nabale le banna ba gagwe. Ka gone, go tsaya kgato ka bonako ga ga Abigaile go ne ga boloka matshelo a ba le bantsi ga ba ga thibela Dafide go nna le molato wa madi. Mme bopelotshetlha jwa ga Nabale le go tshwara ga gagwe batho makgwakgwa go ne go feteletse jaanong. Mo e ka nnang malatsi a le lesome moragonyana ga moo, “Jehofa a itaya Nabale, mme a swa.”—1 Samuele 25:18-38.

16. Re ka etsa Boase jang le go gana ditsela tsa ga Nabale?

16 A bo Boase le Nabale ba ne ba farologane thata jang ne! Le fa re tshwanetse go latlha ditsela tsa ga Nabale tsa go tshwara ba bangwe makgwakgwa le go nna pelotshetlha, a re etseng bopelonomi le bopelotshweu jwa ga Boase. (Bahebera 13:16) Re ka dira seo ka go dirisa kgakololo ya ga moaposetoloi Paulo: “Fa fela re sa ntse re na le nako e e go dumelelang, a re direng se se molemo mo go botlhe, mme segolobogolo mo go ba ba amanang le rona mo tumelong.” (Bagalatia 6:10) Gompieno, “dinku tse dingwe” tsa ga Jesu, Bakeresete ba ba nang le tsholofelo ya go tshela mo lefatsheng, ba na le tshiamelo ya go direla batlodiwa ba ga Jehofa molemo, masalela a ba ba 144 000, ba ba tla newang bosasweng kwa legodimong. (Johane 10:16; 1 Bakorintha 15:50-53; Tshenolo 14:1, 4) Jesu o leba ditiro tseo tsa lorato jaaka e kete di direlwa ene ka boene, mme go dira dilo tseno tse di molemo go felela ka gore Jehofa a ba segofatse fela thata.—Mathaio 25:34-40; 1 Johane 3:18.

Diteko Tsa ga Hana le Ditshegofatso Tsa Gagwe

17. Ke diteko dife tse di neng di tlela Hana, mme o ne a bontsha boikutlo bofe?

17 Ditshegofatso tsa ga Jehofa di ne tsa wela le mosadi yo o boifang Modimo e bong Hana. O ne a nna kwa karolong e e dithaba ya Eferaime le monna wa gagwe wa Molefi, e bong Elekana. Jaaka fa Molao o ne o letla, e bile o kaela thulaganyo eno, o ne a na le mosadi yo mongwe gape—Penina. Hana o ne a le moopa, selo se e leng kgobo mo mosading wa Moiseraele, mme Penina ene o ne a na le bana ba le mmalwa. (1 Samuele 1:1-3; 1 Ditiragalo 6:16, 33, 34) Le fa go ntse jalo, mo boemong jwa gore Penina a gomotse Hana, o ne a dira ka go tlhoka lorato ka tsela e e neng e utlwisa Hana botlhoko go ya ntlheng ya gore a lele, a bo a latlhegelwe ke keletso ya dijo. Se se maswe le go feta, selo seno se ne se direga “ngwaga le ngwaga,” nako le nako fa lelapa le ne le ya kwa ntlong ya ga Jehofa kwa Shilo. (1 Samuele 1:4-8) Nnyaa, Penina o ne a le pelo e maswe ruri, mme seno se tshwanetse sa bo se ne se leka Hana tota! Le fa go ntse jalo, le ka motlha Hana ga a ise a ko a bone Jehofa molato ka seno; e bile o ne a sa innele kwa gae fa monna wa gagwe a ne a ya kwa Shilo. Ka gone, kgabagare o ne a tlile go welwa ke masego a magolo.

18. Hana o ne a tlhoma sekao sefe?

18 Hana o ne a tlhomela batho ba ga Jehofa sekao se se molemo gompieno, bogolo jang ba ba ka tswang ba utlwisitswe botlhoko ke dipuo tsa go sa akanyetse tsa batho ba bangwe. Mo maemong a a tshwanang le ano, go itlhaola ga go thuse. (Diane 18:1) Hana ga a ka a letla diteko tsa gagwe di fedisa keletso ya gagwe ya gore a nne kwa Lefoko la Modimo le neng le rutwa teng le kwa batho ba gagwe ba neng ba phuthega mmogo teng go obamela. Ka gone o ne a nna a nonofile semoyeng. O kgona go bona gore e ne e le motho wa semoya go le kana kang fa o leba thapelo ya gagwe e ntlentle e e kwadilweng mo go 1 Samuele 2:1-10. *

19. Re ka bontsha jang gore re anaanela dilo tsa semoya?

19 Rona batlhanka ba ga Jehofa ba motlha wa gompieno, ga re obamele kwa motlaaganeng. Le fa go ntse jalo, re ka kgona go bontsha gore re anaanela dilo tsa semoya, fela jaaka Hana a ne a dira. Ka sekai, re ka bontsha gore re anaanela thata dikhumo tsa semoya ka go nna teng ka metlha mo dipokanong tsa Bokeresete, kwa dikopanong tse dinnye le tse dikgolo. A re diriseng dinako tseno go kgothatsana mo kobamelong ya boammaaruri ya ga Jehofa, yo o re neileng “tshiamelo ya go mo direla tirelo e e boitshepo ka go tlhoka poifo ka boikanyegi le ka tshiamo.”—Luke 1:74, 75; Bahebera 10:24, 25.

20, 21. Hana o ne a duelwa jang ka ntlha ya boineelo jwa gagwe jwa bomodimo?

20 Jehofa o ne a ela tlhoko boineelo jwa bomodimo jwa ga Hana a ba a mo duela ka tsela e kgolo. Mo go lengwe la maeto a lelapa leno le neng le a tsaya ngwaga le ngwaga go ya kwa Shilo, Hana yo o neng a lela o ne a rapela Modimo ka tlhoafalo a ba a ikana: “Ao Jehofa wa masomosomo, fa ruri o ka leba pogisego ya lelata la gago mme wa nkgakologelwa ruri, mme wa se ka wa lebala lelata la gago mme ruri wa naya lelata la gago ngwana wa mosimane, ke tla mo naya Jehofa ka malatsi otlhe a botshelo jwa gagwe.” (1 Samuele 1:9-11) Modimo o ne a utlwa mokokotlelo wa ga Hana mme a mo segofatsa ka ngwana wa mosimane, yo a neng a mmitsa Samuele. E ne ya re fa a sena go kgwesiwa, mmaagwe a mo isa kwa Shilo gore a direle kwa motlaaganeng.—1 Samuele 1:20, 24-28.

21 Hana o ne a bontsha gore o rata Modimo mme a diragatsa maikano a a neng a mo ikanetse one ka Samuele. Mme akanya fela ka masego a magolo a ene le Elekana ba neng ba nna le one ka gonne morwa wa bone yo o rategang a direla kwa motlaaganeng wa ga Jehofa! Batsadi ba le bantsi ba Bakeresete ba na le boitumelo jo bo tshwanang le masego a a tshwanang ka gonne barwa le barwadi ba bone ke badiredi ba babulatsela ba nako e e tletseng, maloko a lelapa la Bethele, kgotsa ba direla ka ditsela tse dingwe tse di tlotlang Jehofa.

Nna o Reeditse Jehofa!

22, 23. (a) Re ka tlhomamisega ka eng fa re nna re reeditse lentswe la ga Jehofa? (b) Go tlile go sekasekwang mo setlhogong se se latelang?

22 Re ka tlhomamisega gore go tla diregang fa re nna re reeditse Jehofa? Re tla nna re humile semoyeng fa re bontsha gore re rata Modimo ka moya otlhe mme re diragatsa boineelo jwa rona mo go ene. Tota le fa go latelela tsela eno ya botshelo go raya gore re tshwanelwa ke go itshokela diteko tse di botlhoko, ruri masego a ga Jehofa a tla re wela—gantsi e le ka ditsela tse dikgolwane go feta tse re ka akanyang ka tsone.—Pesalema 37:4; Bahebera 6:10.

23 Batho ba Modimo ba tla nna le masego a le mantsi tota mo isagweng. Ka gonne “boidiidi jo bogolo” bo nnile boikobo mme jwa reetsa Jehofa, bo tla bolokiwa mme bo kgone go falola ‘pitlagano e kgolo’ mme bo tla itumelela botshelo mo lefatsheng le lesha la Modimo. (Tshenolo 7:9-14; 2 Petere 3:13) Moo Jehofa o tla kgotsofatsa dikeletso tse di siameng tsa batho ba gagwe botlhe. (Pesalema 145:16) Le fa go ntse jalo, jaaka fa setlhogo se se latelang se tla bontsha, tota le e leng gompieno ba ba nnang ba reeditse lentswe la ga Jehofa ba segofadiwa ka ‘dimpho tse di molemo le dineo tse di itekanetseng go tswa kwa godimo.’—Jakobe 1:17.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 18 Mafoko a ga Hana a batlile a tshwana le a lekgarebane Marea, a a neng a a bua nakonyana fela morago ga gore a utlwe gore o ne a tlile go nna mmaagwe Mesia.—Luke 1:46-55.

A o A Gakologelwa?

• Hisitori ya Iseraele e ka re rutang ka ditshegofatso tsa Modimo?

• Boase le Nabale ba ne ba farologana ka eng?

• Re ka etsa Hana jang?

• Ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go nna re reeditse lentswe la ga Jehofa?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Setshwantsho mo go tsebe 10]

Kgosi Solomone o ne a rapelela pelo e e utlwang, mme Jehofa o ne a mo segofatsa ka botlhale

[Setshwantsho mo go tsebe 12]

Boase o ne a tlotla batho ba bangwe le go ba direla bopelonomi

[Setshwantsho mo go tsebe 15]

Hana o ne a segofatswa thata ka gonne a ne a ikaegile ka Jehofa