Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ba Dirisa Leina la Modimo Kwa Afrika Bogare

Ba Dirisa Leina la Modimo Kwa Afrika Bogare

Ba Dirisa Leina la Modimo Kwa Afrika Bogare

BONTSI jwa batho kwa Afrika Bogare ba dumela mo Modimong. Ga ba belaele gore ke ene Mmopi wa dilo tsotlhe. (Tshenolo 4:11) Le fa go ntse jalo, fela jaaka batho ba le bantsi kwa mafelong a mangwe, ba itlhokomolosa leina la gagwe—Jehofa.

Batho kwa Afrika Bogare le kwa dikarolong tse dingwe tsa lefatshe, ba bua ka leina la Modimo fa ba re, “A go galalediwe leina la gago” mo Thapelong ya Morena. (Mathaio 6:9, King James Version) Mme ka nako e telele, e ne e le ba sekae fela ba ba itseng leina leo. Le fa go ntse jalo, go ralala dingwaga, tiro ya Basupi ba ga Jehofa ya go rera ka tlhoafalo e ile ya fetola boikutlo jwa batho malebana le go dirisiwa ga leina la Modimo. Gompieno, leina la Modimo le itsiwe thata e bile le amogelwa mo dipuong di le dintsi tsa Baafrika, tse di jaaka Sezulu (uJehova), Seyoruba (Jehofah), Sexhosa (uYehova) le ka Seswahili (Yehova). Le fa go ntse jalo, bontsi jwa dithanolo tsa Baebele mo dipuong tseno di sa ntse di sa dirise leina la Modimo.

Thanolo e ntle e e dirisang leina la Modimo ke Baebele ka Se-Zande, puo e e buiwang kwa dikarolong tsa Central African Republic, kwa Sudan le Democratic Republic of Congo. Mo karolong eo ya lefatshe, batho ba dirisa leina la Modimo, ba le kwala e le Yekova ka puo ya bone. Go sa kgathalesege gore leina la Modimo le kwalwa jang ka puo ya lona, go botlhokwa go le dirisa. Ka ntlha yang? Ka gonne “mongwe le mongwe yo o bitsang leina la ga Jehofa o tla bolokwa.”—Baroma 10:13.

[Mmapa/Setshwantsho mo go tsebe 32]

(Go bona mokwalo o o feletseng, leba kgatiso)

SUDAN

CENTRAL AFRICAN REPUBLIC

DEMOCRATIC REPUBLIC OF CONGO

[Motswedi wa Setshwantsho]

The Complete Encyclopedia of Illustration/​J. G. Heck