Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Tshegofatso ya ga Jehofa E a Re Humisa

Tshegofatso ya ga Jehofa E a Re Humisa

Tshegofatso ya ga Jehofa E a Re Humisa

“Tshegofatso ya ga Jehofa—ke yone e e humisang, mme ga a e oketse ka botlhoko.”—DIANE 10:22.

1, 2. Ke ka ntlha yang fa boitumelo bo sa amane le go huma dilo tse di bonalang?

BATHO ba le dimilionemilione gompieno ba laolwa ke go rata go nna le dilo tse di bonalang. Mme a dilo tseno tse di bonalang di dira gore ba itumele? “Ga ke gakologelwe nkile ka bona ka nako epe batho ba sulafaletswe jaaka ba sulafaletswe jaana ka dilo tse ba nang le tsone,” go rialo The Australian Women’s Weekly. E oketsa jaana: “Go a gakgamatsa. Re bolelelwa gore Australia e eme sentle mo go tsa itsholelo, gore botshelo ga bo ise bo ke bo nne botoka go feta jaaka fa bo ntse jaanong. . . . Le fa go ntse jalo, mo nageng yotlhe, batho ba latlhegetswe ke tsholofelo. Banna mmogo le basadi ba kgona go utlwa gore go na le sengwe se se tlhaelang mo matshelong a bone mme ga ba kgone go tlhalosa gore ke eng tota.” A bo Dikwalo di bua boammaaruri jang ne fa di tlhalosa gore boitumelo le botshelo ga di tswe mo dilong tse re nang le tsone!—Moreri 5:10; Luke 12:15.

2 Baebele e ruta gore boitumelo jo bogolo thata bo nna gone ka ntlha ya tshegofatso ya Modimo. Diane 10:22 e bolela jaana malebana le seno: “Tshegofatso ya ga Jehofa—ke yone e e humisang, mme ga a e oketse ka botlhoko.” Gantsi botlhoko bo nna gone fa ka bogagapa re gagamalela go nna le dikhumo tsa dilo tse di bonalang. Go a tshwanela he go bo moaposetoloi Paulo a ile a tlhagisa jaana: “Ba ba ikemiseditseng go huma ba wela mo thaelong le mo serung le mo dikeletsong tse dintsi tsa go tlhoka tlhaloganyo le tse di utlwisang botlhoko, tse di thabuetsang batho mo tshenyegong le mo tshenyong. Gonne lorato lwa madi ke modi wa mefuta yotlhe ya dilo tse di utlwisang botlhoko, mme ka go gagamalela lorato lono bangwe ba fapositswe mo tumelong e bile ba itlhabakakile ka ditlhabi tse dintsi.”—1 Timotheo 6:9, 10.

3. Ke ka ntlha yang fa batlhanka ba Modimo ba nna le diteko?

3 Ka fa letlhakoreng le lengwe, ditshegofatso tse di sa amaneng ka gope le botlhoko di wela botlhe ba ba ‘nnang ba reetsa lentswe la ga Jehofa.’ (Duteronome 28:2) Le fa go ntse jalo, bangwe ba ka nna ba botsa jaana, ‘Fa e le gore tshegofatso ya ga Jehofa ga e okediwe ka botlhoko, ke ka ntlha yang fa batlhanka ba Modimo ba le bantsi ba boga?’ Baebele e bontsha gore Modimo o re letlelela go lekwa mme gone tota diteko di tlisiwa ke Satane, tsamaiso ya gagwe e e boikepo, le bosaitekanelang jwa rona. (Genesise 6:5; Duteronome 32:4, 5; Johane 15:19; Jakobe 1:14, 15) Jehofa ke motswedi wa “mpho nngwe le nngwe e e molemo le neo nngwe le nngwe e e itekanetseng.” (Jakobe 1:17) Ka gone, masego a gagwe ga a ke a re utlwisa botlhoko. Ka gone a re sekaseke dingwe tsa dineo tsa Modimo tse di itekanetseng.

Lefoko la Modimo—Mpho e e Tlhwatlhwakgolo

4. Batho ba ga Jehofa ba amogetse masego le mpho efe e e tlhwatlhwakgolo mo ‘motlheng ono wa bokhutlo’?

4 Malebana le “motlha wa bokhutlo,” boporofeti jwa ga Daniele bo bolela jaana: “Kitso ya boammaaruri e tla nna ntsi.” Le fa go ntse jalo, o ne a oketsa ka mafoko ano a a reng: “Ga go na bape gotlhelele ba ba boikepo ba ba tla tlhaloganyang; mme ba ba nang le temogo ba tla tlhaloganya.” (Daniele 12:4, 10) Akanya fela ka gone! Lefoko la Modimo—bogolo jang boporofeti—le tlhalosiwa ka botlhale jwa bomodimo mo e leng gore baikepi ga ba kgone go bo tlhaloganya sentle, le fa batho ba ga Jehofa bone ba bo tlhaloganya. “Ke go baka phatlalatsa, Rara, Morena wa legodimo le lefatshe,” go ne ga rapela Morwa Modimo, “ka gonne o fitlhetse ba ba botlhale le ba ba bonokopela dilo tseno ka kelotlhoko, mme o di senoletse masea.” (Luke 10:21) A bo e le lesego jang ne go nna le mpho eno e e tlhwatlhwakgolo ya Lefoko le le kwadilweng la Modimo, e bong Baebele, le go nna gareng ga batho ba Jehofa a ba neileng temogo ya semoya!—1 Bakorintha 1:21, 27, 28; 2:14, 15.

5. Botlhale ke eng, mme re ka bo bona jang?

5 Fa e ne e se ka “botlhale jo bo tswang kwa godimo” re ka bo re se na temogo epe ya semoya. (Jakobe 3:17) Botlhale ke go kgona go dirisa kitso le tlhaloganyo go rarabolola mathata, go tila kgotsa go fema dikotsi, go fitlhelela mekgele, kgotsa go neela kgakololo e e utlwalang. Re ka bona jang botlhale jwa bomodimo? Diane 2:6 e bolela jaana: “Jehofa o naya botlhale; mo molomong wa gagwe go na le kitso le temogo.” Ee, Jehofa o tla re segofatsa ka botlhale fa re bo rapelela ka metlha, fela jaaka fa a ne a naya Kgosi Solomone “pelo e e botlhale le e e tlhaloganyang.” (1 Dikgosi 3:11, 12; Jakobe 1:5-8) Gore re nne le botlhale, gape re tshwanetse go nna re reetsa Jehofa ka go ithuta Lefoko la gagwe ka metlha le go le dirisa.

6. Ke ka ntlha yang fa go le botlhale go dirisa melao le melaometheo ya Modimo mo botshelong jwa rona?

6 Dikao tse dikgolo thata tsa botlhale jwa bomodimo di fitlhelwa mo melaong le mo melaometheong ya Baebele. Yone e re solegela molemo ka ditsela tsotlhe—mo mmeleng, mo mogopolong, mo maikutlong le mo semoyeng. Go a tshwanela go bo mopesalema a ile a opela jaana: “Molao wa ga Jehofa o itekanetse, o rudisa moya. Kgakololo ya ga Jehofa e a ikanyega, e tlhalefisa yo o se nang maitemogelo. Ditaelo tse di tswang kwa go Jehofa di thokgame, di dira gore pelo e ipele; taelo ya ga Jehofa e phepa, e phatsimisa matlho. Go boifa Jehofa go itshekile, go eme ka bosaengkae. Ditshwetso tsa boatlhodi tsa ga Jehofa di boammaaruri; di itshupile di siame thata fela. Di eletsega go gaisa gouta, ee, go gaisa gouta e ntsi e e itshekileng.”—Pesalema 19:7-10; 119:72.

7. Diphelelo tsa go itlhokomolosa ditekanyetso tse di siameng tsa Modimo ke dife?

7 Kafa letlhakoreng le lengwe, ba ba itlhokomolosang ditekanyetso tse di siameng tsa Modimo ga ba bone boitumelo le kgololesego tse ba di batlang. Go ise go ye kae, ba lemoga gore Modimo ga se yo o ka sotliwang, gonne motho o tla roba se a se jalang. (Bagalatia 6:7) Dimilionemilione tsa batho ba ba itlhokomolosang melaometheo ya Baebele ba roba matswela a a utlwisang botlhoko a a tshwanang le go ima mo go sa batlegeng, malwetse a a maswe, kgotsa go tshwakgolwa go go koafatsang. Fa ba sa ikwatlhaye mme ba fetola tsela e ba tshelang ka yone, tselana ya bone kgabagare e tla ba isa kwa losong gongwe le go senngwa ke Modimo.—Mathaio 7:13, 14.

8. Ke ka ntlha yang fa batho ba ba ratang Lefoko la Modimo ba itumetse?

8 Le fa go ntse jalo, ba ba ratang Lefoko la Modimo ba ba ba le dirisa ba tla welwa ke masego a magolo gone jaanong le mo isagweng. Ba ikutlwa ba golotswe ke molao wa Modimo, ba itumetse eleruri, e bile ba letetse ka tlhoafalo nako ya fa ba tla gololwa mo boleong le mo ditlamoragong tsa jone tse di bolayang. (Baroma 8:20, 21; Jakobe 1:25) Tsholofelo eno ke ya mmatota ka gonne e theilwe mo mphong e e lorato go di gaisa tsotlhe tse Modimo a di neileng motho—setlhabelo sa thekololo sa Morwawe yo o tsetsweng a le esi, Jesu Keresete. (Mathaio 20:28; Johane 3:16; Baroma 6:23) Mpho eo ya maemo a a kwa godimo jaana e bontsha fela kafa Modimo a ratang batho ka teng mme e re tlhomamisetsa gore botlhe ba ba nnang ba reetsa Jehofa ba tla bona masego a a sa feleng.—Baroma 8:32.

Re Leboga Mpho ya Moya o o Boitshepo

9, 10. Re solegelwa molemo jang ke mpho ya ga Jehofa ya moya o o boitshepo? Naya sekai.

9 Mpho e nngwe e e lorato ya Modimo e re tshwanetseng go mo lebogela yone ke moya wa gagwe o o boitshepo. Ka letsatsi la Pentekosete ya 33 C.E., moaposetoloi Petere o ne a kgothaletsa boidiidi jo bo neng bo le teng kwa Jerusalema jaana: “Ikwatlhayeng, mme a mongwe le mongwe wa lona a kolobediwe mo leineng la ga Jesu Keresete gore lo itshwarelwe maleo a lona, mme lo tla amogela mpho ya mahala ya moya o o boitshepo.” (Ditiro 2:38) Gompieno Jehofa o naya batlhanka ba gagwe ba ba ineetseng moya o o boitshepo, ba ba o rapelelang le ba ba batlang go dira thato ya gagwe. (Luke 11:9-13) Mo metlheng ya bogologolo, maatla ano a a nonofileng thata mo lobopong lotlhe—moya o o boitshepo wa Modimo, kgotsa maatla a gagwe a a dirang—a ne a nonotsha banna le basadi ba tumelo, go akaretsa le Bakeresete ba bogologolo. (Sekarea 4:6; Ditiro 4:31) O ka dira se se tshwanang le mo go rona, le fa re ka lebana le dikgoreletsi tse di seng kana ka sepe kgotsa dikgwetlho jaaka batho ba ga Jehofa.—Joele 2:28, 29.

10 Akanya ka sekai sa ga Laurel, yo o neng a tshwarwa ke pholio mme a tshela mo motšhining o o mo thusang go hema ka dingwaga di le 37. * Le fa a ne a le mo maemong a a lekang tota, o ne a direla Modimo ka tlhoafalo go fitlha a swa. Mo dingwageng tseno tsotlhe, masego a magolo a ga Jehofa a ne a wela Laurel. Ka sekai, o ne a kgona go thusa batho ba ka nna 17 go nna le kitso e e tshwanetseng ya boammaaruri jwa Baebele, le mororo a ne a nna fela mo motšhineng wa gagwe motshegare le bosigo! Boemo jwa gagwe bo gakolola motho ka mafoko ano a ga moaposetoloi Paulo: “Fa ke le bokoa, ke gone ke leng maatla.” (2 Bakorintha 12:10) Ee, katlego le fa e le efe fela e re ka nnang le yone mo go rereng dikgang tse di molemo ga e tswe mo bokgoning jwa rona kgotsa mo maatleng a rona, mme e nna gone ka ntlha ya thuso ya Modimo ka moya o o boitshepo, o a o nayang ba ba nnang ba reetsa lentswe la gagwe.—Isaia 40:29-31.

11. Moya wa Modimo o dira gore batho ba ba aparang “botho jo bosha” ba nne le dinonofo dife?

11 Fa re nna kutlo mme re reetsa Modimo, moya wa gagwe o dira gore re nne le dinonofo tsa lorato, boipelo, kagiso, bopelotelele, bopelonomi, molemo, tumelo, bonolo le boikgapo. (Bagalatia 5:22, 23) ‘Maungo ano a moya’ ke karolo ya “botho jo bosha” jo Bakeresete ba bo aparang mo boemong jwa botho jo bo garolakang jwa sephologolo jo ba ka nnang ba bo ba kile ba bo bontsha pele. (Baefeso 4:20-24; Isaia 11:6-9) Le le botlhokwa thata mo maungong ano ke lorato, “sebofo se se itekanetseng sa kutlwano.”—Bakolosa 3:14.

Lorato Lwa Bokeresete—Mpho e re Tshwanetseng go e Rata Thata

12. Tabitha le Bakeresete ba bangwe ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba ne ba bontsha lorato jang?

12 Lorato lwa Bokeresete ke mpho e nngwe e e molemolemo e re e newang ke Jehofa—e re e ratang thata mme e le ka tshwanelo. Lo laolwa ke melaometheo, mme lo logolo thata jaana mo e leng gore lo momaganya badumedi mmogo go feta le tsela e le batho ba ba amanang ka madi ba ka momaganang ka yone. (Johane 15:12, 13; 1 Petere 1:22) Ka sekai, akanya ka Tabitha, mosadi yo o molemo wa Mokeresete wa lekgolo la ntlha la dingwaga. “O ne a tota mo ditirong tse di molemo le dimpho tsa kutlwelobotlhoko,” bogolo jang a direla batlholagadi mo phuthegong. (Ditiro 9:36) Basadi bano ba tshwanetse ba bo ba ne ba na le ba losika ba ba tsalanang le bone, mme Tabitha o ne a batla go dira se a neng a ka se kgona go ba thusa le go ba kgothatsa. (1 Johane 3:18) A bo Tabitha a re tlhometse sekao se se molemo jang ne! Lorato lwa bokaulengwe lo ne lwa tlhotlheletsa Periseka le Akhwila go “baya dithamo tsa bone mo kotsing” ka ntlha ya ga Paulo. Lorato gape lo ne lwa tlhotlheletsa Epaforase, Luke, Onesiforo, le ba bangwe gore ba thuse moaposetoloi yono fa a ne a le kwa kgolegelong kwa Roma. (Baroma 16:3, 4; 2 Timotheo 1:16; 4:11; Filemone 23, 24) Ee, Bakeresete ba ba tshwanang le bano gompieno ‘ba a ratana,’ e leng mpho e kgolo e e tswang kwa Modimong e e ba tlhaolang jaaka barutwa ba boammaaruri ba ga Jesu.—Johane 13:34, 35.

13. Re ka bontsha jang gore re anaanela bokaulengwe jwa rona jwa Bokeresete tota?

13 A o itumelela lorato lo lo bontshiwang mo phuthegong ya Bokeresete? A o lebogela bokaulengwe jwa rona jwa semoya, jo bo anameng le lefatshe lotlhe? Tseno le tsone ke dimpho tse di itumedisang le tse di humisang tse di tswang kwa godimo. Re ka bontsha jang gore re a di anaanela? Ka go direla Modimo tirelo e e boitshepo, ka go nna le seabe mo dipokanong tsa Bokeresete, le ka go bontsha lorato le maungo a mangwe a moya wa Modimo.—Bafilipi 1:9; Bahebera 10:24, 25.

“Dimpho Tse e Leng Banna”

14. Go tlhokegang mo Mokereseteng gore a direle e le mogolwane kgotsa motlhanka wa bodiredi?

14 Banna ba Bakeresete ba ba eletsang go direla baobamedi mmogo le bone e le bagolwane kgotsa batlhanka ba bodiredi ba na le mokgele o o molemo thata. (1 Timotheo 3:1, 8) Gore mokaulengwe a tshwanelegele ditshiamelo tseno, o tshwanetse a bo a le monna wa semoya, a itse Dikwalo sentle e bile a tlhoafetse mo bodireding jwa tshimo. (Ditiro 18:24; 1 Timotheo 4:15; 2 Timotheo 4:5) O tshwanetse a bo a le boikokobetso, a le boingotlo, e bile a le pelotelele, ka gonne masego a Modimo ga a wele batho ba ba ikgodisang, ba ba ikgogomosang, le ba ba ipatlelang maemo. (Diane 11:2; Bahebera 6:15; 3 Johane 9, 10) Fa a nyetse, o tla tshwanelwa ke gore a bo a le tlhogo ya lelapa e e lorato, e e kgonang go okamela sentle ba lelapa lotlhe la gagwe. (1 Timotheo 3:4, 5, 12) Gonne monna yono a rata dikhumo tsa semoya, o tla amogela masego a ga Jehofa.—Mathaio 6:19-21.

15, 16. Ke bomang ba ba itshupang e le “dimpho tse e leng banna”? Naya dikai.

15 Fa ba ba direlang jaaka bagolwane mo phuthegong ba iteka ka natla go nna bareri, badisa le barutisi, ba re naya mabaka a a utlwalang a go anaanela ‘dimpho tseno tse e leng banna.’ (Baefeso 4:8, 11) Ba ba direlwang tirelo eno e e lorato ba ka nna ba se ka ba bontsha ka metlha gore ba a e anaanela, mme Jehofa o bona sotlhe se bagolwane ba ba ikanyegang ba se dirang. Ga a kitla a lebala lorato lo ba lo bontshitseng leina la gagwe ka go direla batho ba gagwe.—1 Timotheo 5:17; Bahebera 6:10.

16 Akanya ka kgang ya mogolwane mongwe yo o dirang ka natla yo o neng a etela mosetsana mongwe wa Mokeresete yo o neng a tlile go arwa mo bobokong. Tsala nngwe ya lelapa leno e ne ya kwala gore “o ne a le pelonomi tota, a kgothatsa e bile a bontsha go amega. O ne a kopa tetla ya go rapela Jehofa le rona. Fa a ntse a rapela, rre wa mo lapeng [yo e neng e se Mosupi wa ga Jehofa] o ne a sisa pelo, mme mongwe le mongwe yo o neng a le mo kamotshaneng ya sepatela o ne a ntse a putsaputsa dikeledi. A bo thapelo ya mogolwane yole e ne e le ya kutlwelobotlhoko jang ne, mme a bo Jehofa a ne a nnile lorato jang ne ka go mo romela ka yone nako eo!” Molwetse yo mongwe wa Mosupi o ne a bua jaana ka bagolwane ba ba neng ba mo etela: “E ne ya re fa ba tla mo beteng ya me kwa karolong ya bookelo ya balwetse ba ba lwalang thata, ke ne ka itse gore le fa go ka diregang go tloga ka nako eo, ke ne ke tla se itshokela. Ke ne ka nonofa le go ritibala.” A motho a ka reka kamego e e ntseng jalo e e lorato? Legoka! Ke mpho e e tswang kwa Modimong, e re e newang ka phuthego ya Bokeresete.—Isaia 32:1, 2.

Mpho ya Bodiredi Jwa Tshimo

17, 18. (a) Jehofa o neile batho botlhe ba gagwe mpho efe ya tirelo? (b) Modimo o re neile thuso efe go re kgontsha go swetsa bodiredi jwa rona?

17 Ga go na tlotla epe e e ka newang motho ope e e gaisang ya go direla Jehofa, Mogodimodimo. (Isaia 43:10; 2 Bakorintha 4:7; 1 Petere 2:9) Le fa go ntse jalo, tshiamelo ya go nna le seabe mo bodireding jwa phatlalatsa e bulegetse botlhe—ba bannye le ba bagolo, banna le basadi—ba ba eletsang ka pelo yotlhe go direla Modimo. A o dirisa mpho eno e e tlhwatlhwakgolo ka tsela e e molemo? Bangwe ba ka nna ba ikgogona ka gonne ba na le maikutlo a gore ga ba tshwanelege, mme gakologelwa gore Jehofa o naya ba ba mo direlang moya o o boitshepo, mme o re thusa le fa e le kae fela mo re tlhaelang teng.—Jeremia 1:6-8; 20:11.

18 Jehofa o neile batlhanka ba gagwe ba ba ikokobeditseng boikarabelo jwa tiro eno ya go rera ka Bogosi, ga a bo naya batho ba ba ikgogomosang le ba ba ikaegang ka maatla a bone ka bobone. (1 Bakorintha 1:20, 26-29) Batho ba ba boikokobetso, ba ba boingotlo, ba lemoga ditlhaelo tsa bone mme ba ikaega ka thuso ya Modimo fa ba ntse ba nna le seabe mo bodireding jwa tshimo. Gape ba anaanela thuso ya semoya e a ba neelang yone ka “molebedi yo o boikanyego.”—Luke 12:42-44; Diane 22:4.

Botshelo jo bo Itumetseng Jwa Lelapa—Mpho e e Molemolemo

19. Ke dilo dife tse di dirang gore motho a atlege fa a godisa bana?

19 Lenyalo le botshelo jo bo itumetseng jwa lelapa ke dimpho tse di tswang kwa Modimong. (Ruthe 1:9; Baefeso 3:14, 15) Bana le bone ke ‘boswa jo bo tlhwatlhwakgolo jo bo tswang kwa go Jehofa,’ mme ba itumedisa batsadi ba bone ba ba atlegang go tsenya dinonofo tsa bomodimo mo go bone. (Pesalema 127:3) Fa o le motsadi, nna o reetse lentswe la ga Jehofa ka go thapisa bana ba gago go ya ka Lefoko la gagwe. Ba ba dirang jalo ba ka tlhomamisega gore Jehofa o tla ba ema nokeng e bile o tla ba segofatsa fela thata.—Diane 3:5, 6; 22:6; Baefeso 6:1-4.

20. Ke eng se se ka thusang batsadi ba bana ba bone ba hularelang kobamelo ya boammaaruri?

20 Le fa batsadi ba ba boifang Modimo ba dira maiteko a a kana kang, go ka direga gore bangwe ba bana ba bone ba tlhophe go hularela kobamelo ya boammaaruri fa ba gola. (Genesise 26:34, 35) Seno se ka utlwisa batsadi botlhoko fela thata. (Diane 17:21, 25) Le fa go ntse jalo, go na le gore ba itlhoboge, go ka ba thusa go gakologelwa setshwantsho sa ga Jesu sa morwa sesinyi. Le mororo morwa yono a ne a tswa mo gae mme a nna seganana, moragonyana o ne a boela kwa ntlong ya ga rraagwe, yo o neng a mo amogela ka boitumelo le ka lorato. (Luke 15:11-32) Le fa go ka diregang, batsadi ba ba ikanyegang ba Bakeresete ba ka tlhomamisega gore Jehofa o a tlhaloganya, o amegile ka bone ka lorato, e bile o tla nna a ba tshegetsa.—Pesalema 145:14.

21. Re tshwanetse go reetsa mang, mme ka ntlha yang?

21 Ka jalo he, a mongwe le mongwe wa rona a tlhomamise se se botlhokwa tota mo botshelong jwa rona. A ka bogagapa re lwela go nna le dikhumo tsa dilo tse di bonalang, tse di ka nnang tsa utlwisa rona le ba malapa a rona botlhoko? Kgotsa a re gagamalela go bona ‘dimpho tse di molemo le dineo tse di itekanetseng’ tse di tswang kwa go “Rara wa masedi a selegodimo”? (Jakobe 1:17) Satane, “ramaaka,” o batla gore re dire ka thata re direla dikhumo tsa dilo tse di bonalang mme re latlhegelwe ke boitumelo le botshelo. (Johane 8:44; Luke 12:15) Mme Jehofa ene, o re batlela tse di molemolemo. (Isaia 48:17, 18) Ka gone he, a re nneng re reetse Rraarona yo o lorato wa selegodimo mme ka metlha re mo ‘itumelele thata.’ (Pesalema 37:4) Fa re lwela go dira jalo, dimpho tse di tlhwatlhwakgolo tsa ga Jehofa le masego a gagwe a magolo a tla re humisa—mme ga re kitla re nna le botlhoko bope fela.

[Dintlha tse di kwa tlase]

^ ser. 10 Bona Tsogang! ya January 22, 1993, ditsebe 18-21, (ka Seesemane).

A o A Gakologelwa?

• Boitumelo jo bogolo go gaisa jotlhe bo ka bonwa kae?

• Dingwe tsa dimpho tse Jehofa a di nayang batho ba gagwe ke dife?

• Ke ka ntlha yang fa bodiredi jwa tshimo e le mpho?

• Batsadi ba ka dirang go bona tshegofatso ya Modimo fa ba ntse ba godisa bana ba bone?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Setshwantsho mo go tsebe 16]

A o bontsha gore o anaanela mpho ya Modimo ya Lefoko la gagwe le le kwadilweng?

[Setshwantsho mo go tsebe 17]

Le fa a ne a le mo maemong a a boima thata, Laurel Nisbet o ne a direla Modimo ka tlhoafalo

[Ditshwantsho mo go tsebe 18]

Fela jaaka Tabitha, Bakeresete ba motlha wa gompieno ba itsege ka ditiro tsa bone tsa lorato

[Setshwantsho mo go tsebe 19]

Bagolwane ba Bakeresete ba na le kamego e e lorato ka badumedi mmogo le bone