Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A go A Kgonega go Nna le Tumelo Ya Boammaaruri?

A go A Kgonega go Nna le Tumelo Ya Boammaaruri?

A go A Kgonega go Nna le Tumelo Ya Boammaaruri?

“Tumelo ke go nna le tsholofelo e e tshelang, ya bopelokgale mo masegong a Modimo, ke selo se se tlhomamisegileng thata jaana mo e leng gore motho yo o dumelang a ka baya botshelo jwa gagwe mo kotsing ka ntlha ya yone ka makgetlho a le sekete.”—MARTIN LUTHER, 1522.

“Kafa ke bonang ka teng re setse re le setšhaba se se sa reng sepe ka dilo tsa bomodimo, se se sa tlholeng se na le tumelo ya Bokeresete e bile se sa dire ditiro tsa jone.”—LUDOVIC KENNEDY, 1999.

DIPONO tsa batho malebana le tumelo di farologane thata. Mo nakong e e fetileng, go dumela mo Modimong e ne e le selo se se tlwaelegileng. Gompieno, mo lefatsheng le le tletseng dipelaelo le go boga, go nna le tumelo ya boammaaruri mo Modimong le mo Baebeleng go ntse go nyelela ka bonako.

Tumelo ya Boammaaruri

Mo bathong ba le bantsi, “tumelo” ke gore fela motho a dumele sengwe sa bodumedi kana a latele tsela nngwe ya kobamelo. Le fa go ntse jalo, “tumelo” jaaka e dirisiwa mo Baebeleng tota e raya go nna le tshepo e e feletseng—e e sa reketleng mo Modimong le mo ditsholofetsong tsa gagwe. Ke nonofo e e supang gore motho ke morutwa wa ga Jesu Keresete.

Ka nako nngwe, Jesu Keresete o ne a bua ka botlhokwa jwa go rapela le go ‘sa lese.’ Fa a dira jalo, o ne a tsosa potso ya gore a tumelo ya boammaaruri e tla nna teng mo motlheng wa rona. O ne a botsa jaana: “Fa Morwa motho a goroga, a tota o tla fitlhela tumelo eno mo lefatsheng?” Ke ka ntlha yang fa a ne a botsa potso e e ntseng jalo?—Luke 18:1, 8, ntlhanyana e e kwa tlase go NW.

Go Felelwa ke Tumelo

Go na le dilo tse dintsi tse di ka dirang gore batho ba felelwe ke tumelo e ba nang nayo. Dingwe tsa dilo tseo ke botlhoko le diteko tsa letsatsi le letsatsi. Ka sekai, porofesa Michael Goulder, e ne e le moruti wa kereke nngwe kwa Manchester, kwa Engelane, ka nako ya masetlapelo a sefofane ka 1958 kwa Munich, moo go ileng ga swa batho ba le bantsi mo setlhopheng sa batshameki ba kgwele ya dinao sa Manchester United. Mo thulaganyong ya thelebishene ya BBC, mogasi e bong Joan Bakewell o ne a tlhalosa gore Goulder “o ne a ikutlwa a feletswe ke maatla fa a bona kafa batho ba bantsintsi ba neng ba hutsafetse ka teng.” Matswela mangwe a seno e ne ya nna gore “o ne a latlhegelwa ke tumelo mo Modimong yo o tshwenyatshwenyanang le diphelelo tse di laoletsweng motho.” Goulder o ne a tlhalosa gore o dumela gore “Baebele ga se . . . lefoko la Modimo le le se nang diphoso,” go na le moo, “ke lefoko la batho le le tletseng diphoso, le gongwe le tlhotlheleditsweng ke Modimo fale le fale.”

Ka dinako tse dingwe motho o felelwa ke tumelo fela. Ke se se ileng sa diragala ka mokwadi le mogasi wa dikgang e bong Ludovic Kennedy. O bolela gore go tswa bongwaneng ‘o ne a ntse a belaela e bile a sa tlhomamisege ka Modimo mme dipelaelo tsa gagwe di ne tsa nna tsa oketsega.’ Go bonala fa go ne go se na ope yo o neng a kgona go araba dipotso tsa gagwe ka tsela e e utlwalang. Fa rraagwe a ne a swela kwa lewatleng seo se ile sa reketlisa tumelo ya gagwe e e neng e setse e koafetse le go feta. Dithapelo tse ba neng ba di rapela Modimo gore “a re sireletse mo dikotsing tsa lewatle le mo thubakanyong ya baba” ga di a ka tsa arabiwa fa sekepe se rraagwe a neng a se palame se ne se tlhaselwa le go senngwa ke dikepe tsa ntwa tsa Jeremane ka Ntwa ya Lefatshe II.—All in the Mind—A Farewell to God.

Dilo tse di ntseng jalo di tlwaelegile. Moaposetoloi Paulo a re: “Tumelo ga se selo se batho botlhe ba nang le sone.” (2 Bathesalonika 3:2) Wena o akanyang? A go sa ntse go ka kgonega go nna le tumelo ya boammaaruri mo Modimong le mo Lefokong la gagwe mo lefatsheng le dipelaelo di ntseng di oketsega jaana mo go lone? Ela tlhoko gore setlhogo se se latelang sa reng ka kgang eno.