Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

“Boikhutso” jo go buiwang ka jone mo go Bahebera 4:9-11 ke eng, mme motho o ‘tsena jang mo boikhutsong joo’?

Moaposetoloi Paulo o ne a kwalela Bakeresete ba Bahebera ba lekgolo la ntlha la dingwaga jaana: “Go sa ntse go na le boikhutso jwa sabata jwa batho ba Modimo. Gonne motho yo o tseneng mo boikhutsong jwa Modimo le ene ka boene o ikhuditse mo ditirong tsa gagwe, fela jaaka Modimo a ne a ikhutsa mo go tsa gagwe. Jalo a re direng bojotlhe jwa rona gore re tsene mo boikhutsong joo.”—Bahebera 4:9-11.

Fa Paulo a ne a bua ka ga go ikhutsa ga Modimo mo ditirong tsa Gagwe, go bonala a ne a bua ka se se bolelwang mo go Genesise 2:2 mo re balang jaana: “Ka letsatsi la bosupa Modimo a wetsa tiro ya gagwe e a e dirileng, mme a ikhutsa ka letsatsi la bosupa mo tirong yotlhe ya gagwe e a e dirileng.” Ke eng fa Jehofa a ile a “ikhutsa ka letsatsi la bosupa”? Ga go na pelaelo gore o ne a sa tlhoke go ikhutsa gore a nne le maatla a masha ka ntlha ya “[tiro] yotlhe ya gagwe e a e dirileng.” Temana e e latelang e re naya lesedi: “Modimo a segofatsa letsatsi la bosupa a ba a le itshepisa, ka gonne mo go lone o ntse a ikhuditse mo tirong yotlhe ya gagwe e Modimo a e bopileng ka boikaelelo jwa go e dira.”—Genesise 2:3; Isaia 40:26, 28.

“Letsatsi la bosupa” le ne le farologane le malatsi a mangwe a marataro a a fetileng ka gonne e ne e le letsatsi le Modimo a neng a le segofatsa le go le itshepisa, go go rayang gore, o ne a beela letsatsi leo kwa thoko, kana a le kgethela boikaelelo jo bo kgethegileng. Boikaelelo joo e ne e le eng? Pelenyana ga moo, Modimo o ne a senotse maikaelelo a gagwe malebana le batho le lefatshe. Modimo o ne a raya monna wa ntlha le mosadi wa gagwe jaana: “Atang lo ntsifale lo tlatse lefatshe lo bo lo le fenye, mme lo laole ditlhapi tsa lewatle le dibopiwa tse di fofang tsa magodimo le sebopiwa sengwe le sengwe se se tshelang se se tsamayang mo lefatsheng.” (Genesise 1:28) Le fa Modimo a ile a tlhola batho le lefatshe ba itekanetse, go ne go tla tsaya nako gore lefatshe lotlhe le laolwe le go fetolwa go nna paradaise e e tletseng ka batho ba ba itekanetseng, jaaka Modimo a ne a ikaeletse. Ka gone, mo “letsatsing la bosupa,” Modimo o ne a ikhutsa, kana a tlogela go tswelela ka ditiro tse dingwe tsa popo gore a tle a letle dilo tse a di bopilweng di tswelele pele di gola go ya ka tsela e a ratang ka yone. Kwa bofelong jwa “letsatsi” leo dilo tsotlhe tse Modimo a neng a di ikaeletse di ne di tla bo di diragetse. Boikhutso joo bo ne bo tla tsaya lobaka lo lo kana kang?

Fa re boela gape mo go se Paulo a neng a se bolela mo go Bahebera, re tlhokomela gore o ne a tlhalosa gore “go sa ntse go na le boikhutso jwa sabata jwa batho ba Modimo,” mme o ne a kgothaletsa Bakeresete ka ene gore ba dire bojotlhe gore ba “tsene mo boikhutsong joo.” Se se bontsha gore fa Paulo a ne a kwala mafoko ao, ‘letsatsi la bosupa’ la boikhutso jwa Modimo, le le simologileng dingwaga di ka nna 4 000 pelenyana, le ne le sa ntse le tswelela. Le ka se fele go fitlha maikaelelo a Modimo ka batho le lefatshe a diragadiwa ka botlalo kwa bokhutlong jwa Puso ya Dingwaga Tse di Sekete ya ga Jesu Keresete, yo e leng “Morena wa sabata.”—Mathaio 12:8; Tshenolo 20:1-6; 21:1-4.

E re ka Paulo a ne a akantse ka tebelelo e ntle eo, o ne a tlhalosa kafa motho a ka tsenang mo boikhutsong jwa Modimo ka teng. O ne a kwala jaana: “Motho yo o tseneng mo boikhutsong jwa Modimo le ene ka boene o ikhuditse mo ditirong tsa gagwe.” Se se re bolelela gore le fa batho ba simologile ba itekanetse, ka kakaretso ga ba ise ba tsene mo boikhutsong jwa Modimo. Go ntse jalo ka gonne Adame le Efa ga ba ka ba boloka boikhutso jwa Modimo jwa ‘letsatsi la bosupa’ ka nako e telele ka go amogela dithulaganyo tsa gagwe tse a ba diretseng tsone. Go na le moo, ba ile ba tsuologa mme ba sa batle go laolwa ke Modimo. Tota e bile, ba ne ba dumelana le maano a ga Satane go na le gore ba amogele kaelo e e lorato ya Modimo. (Genesise 2:15-17) Ka ntlha ya seo, ba ne ba latlhegelwa ke tsholofelo ya go tshelela ruri mo lefatsheng la paradaise. Go tloga ka nako eo, batho botlhe ba ne ba nna mo bokgobeng jwa boleo le loso.—Baroma 5:12, 14.

Go tsuologa ga batho ga go a ka ga senya maikaelelo a Modimo. Letsatsi la gagwe la boikhutso le sa ntse le tswelela. Le fa go ntse jalo, Jehofa o ile a dira thulaganyo e e lorato—thekololo—ka Morwawe, Jesu Keresete, gore botlhe ba ba e amogelang ka tumelo ba nne le tsholofelo ya go ka gololwa le go ikhutsa mo mokgweleong wa boleo le loso. (Baroma 6:23) Ke ka lebaka leo Paulo a ileng a kgothaletsa Bakeresete ka ene gore ba ‘ikhutse mo ditirong tsa bone.’ Ba ne ba tshwanetse go amogela thulaganyo ya Modimo ya poloko le gore ba se ka ba leka go itirela isagwe ka tsela ya bone, jaaka Adame le Efa. Gape ba ne ba tshwanetse go tila go latela ditiro tsa bone tsa go ipeela diipato.

Fa motho a itlhokomolosa dikeletso tsa bopelotshetlha le dilo tse di seng botlhokwa gore a dire go rata ga Modimo tota go tla mo lapolosa le go dira gore a bone boikhutso. Jesu o ne a ntsha taletso eno: “Tlang mo go nna, lona lotlhe ba lo dirang ka natla le ba lo imelwang, mme ke tla lo lapolosa. Rwalang jokwe ya me mme lo ithute mo go nna, gonne ke bonolo e bile ke boikokobetso mo pelong, mme lo tla bonela meya ya lona tapologo. Gonne jokwe ya me e bopelonomi le morwalo wa me o motlhofo.”—Mathaio 11:28-30.

Motlotlo wa ga Paulo ka boikhutso jwa Modimo le kafa motho a ka tsenang mo go jone ka teng tota o ile wa kgothatsa Bakeresete ba Bahebera ba kwa Jerusalema, ba ba neng ba itshokela pogiso e kgolo le go kgalwa ka ntlha ya tumelo ya bone. (Ditiro 8:1; 12:1-5) Mafoko a ga Paulo le gompieno e ka nna kgothatso mo Bakereseteng. E re ka re lemoga gore tsholofetso ya Modimo ya go tlisa lefatshe la paradaise mo Bogosing jwa gagwe jwa tshiamo e tla tloga e diragadiwa, le rona re tshwanetse go ikhutsa mo ditirong tsa rona mme re dire bojotlhe jwa rona gore re tsene mo boikhutsong joo.—Mathaio 6:10, 33; 2 Petere 3:13.

[Ditshwantsho mo go tsebe 31]

Tsholofetso ya Modimo ya lefatshe la paradaise e tla diragadiwa kwa bokhutlong jwa letsatsi la gagwe la boikhutso